Matthew 23 (BOTLNT)

1 Mme Jesu a raya bontsintsi le barutwa ba gagwe a re, 2 “Lo ne lo ka gopola gore baeteledipele ba ba Sejuda le Bafarasai ba, ke BoMoshe, ka tsela e ba e tshegeditseng go dira melao e mentsi! 3 Mme go ntse fela jalo lo tshwanetse go reetsa sengwe le sengwe se ba se buang! Go ka ne go siame go dira se ba se buang, mme mo godimo ga tsotlhe fela, se nneng jaaka bone. Gonne ga ba dire se ba lo rayang ba re lo se dire. 4 Ba lo imetsa ka dilo tse di sa kgonegeng tse bone ba sa lekeng le fa e le go di tshegetsa. 5 “Sengwe le sengwe se ba se dirang ba se direla go bonwa. Ba dira boitshepo ka go apara diaparo tse di maburabura di kwadilwe ditemana tsa dikwalo tsa Modimo ka fa teng, le ka go lelefatsa makgabe a diaparo tsa bone tsa segopotso. 6 Gape ba rata thata jang go nna kwa pele fa lomating lwa bojelo lwa tlotlo e kgolo mo medirong, le mo ditilong tse di faphegileng tsa phuthego mo tlong ya thuto! 7 Ba itumelela jang tlotlo e ba e newang mo mebileng, le go bidiwa ‘Rabi’ le ‘Morena’. 8 Lo se ka lwa ba lwa letla le fa e le mang go lo bitsa jalo. Gonne ke Modimo o o leng Rabi wa lona, mme lotlhe lo mo selekanyong se se tshwanang, jaaka bakaulengwe. 9 Mme lo seka lwa bitsa ope fano mo lefatshing ‘Rara,’ ka gore Modimo fela, kwa legodimong ke one o tshwanetseng go bidiwa jalo. 10 Le gone lo seka lwa bidiwa ‘Morena’, ka gore a le nosi fela ke Morena wa lona, ebong Mesia. 11 “Fela ka go direla ba bangwe ka boingotlo ga lona, lo tlaa nna bagolo. Gore o nne yo mogolo thata, nna modiredi wa ba bangwe. 12 Mme ba ba ikgopolang ba le bagolo ba tlaa tlhabisiwa ditlhong ba bo ba ngotlafadiwa; mme ba ba ingotlafatsang ba tlaa godisiwa. 13 13-14 “A bo go latlhega lona Bafarasai le baeteledipele ba tumelo. Baitimokanyi! Gonne ga lo letle ba bangwe gore ba tsene mo Bogosing jwa Legodimo, gonne lona ka bolona ga lo tsene. Mme lo ipaya jaaka ekete lo boitshepo ka dithapelo tsa lona tse di telele tsa go itshupa fa pele ga batho mo mebileng, etswa lo leleka batlholagadi mo matlong a bone. Baitimokanyi ke lona! 15 Ee, a bo go latlhega baitimokanyi. Gonne lo tsamaya sekgala se se telele gore lo sokolole motho a le mongwe, mme lo bo lo mo fetola gore a nne ngwana wa molete go menaganye go lo gaisa. 16 A bo go latlhega lona! Bagogi ba lo foufetseng! Molao wa lona wa re go ikana ka ‘Tempele,’ ga go reye gore, lo ka roba ikano eo, mme go ikana ka ‘Gouta e e mo Tempeleng’ go a golega. 17 Dieleele ke lona tsa difofu! Go go golo eng, gouta kgotsa Tempele e e itshepisang gouta?! 18 Gape lwa re go ikana ‘Ka Sebeso’ go ka dirololwa, mme go ikana ‘Ka dimpho mo sebesong,’ go a golega. 19 Difofu ke lona! Go go golo eng, mpho mo sebesong, kgotsa sebeso ka bosone se se itshepisang? 20 Fa o ikana ‘Ka sebeso,’ o ikana ka sone le sengwe le sengwe se se mo go sone, 21 gape fa o ikana ‘Ka Tempele’ o ikana ka yone, le ka Modimo o o nnang mo go yone. 22 Gape fa o ikana ‘Ka magodimo’ o ikana ka Setilo sa Modimo le Modimo ka sebele. 23 “Ee, a bo go latlhega lona Bafarasai, le lona bangwe ba baeteledipele ba tumelo, baitimokanyi ke lona! Gonne lo ntsha ditsabolesome mo lo e tleng lo bo lo ntshe letlhare la bofelo la menta mo tshimong ya lona, mme lo tlhokomologe dilo tsa botlhokwa ebong, tshiamo le kutlhwelobotlhoko le tumelo. Ee, lo tshwanetse go ntsha ditsabolesome, mme lo seka lwa tlogela dilo tsa botlhokwa di sa dirwa. 24 “Bagogi ba lo foufetseng! Lo ntshetsa montsana kwa ntle mme lo metsa kammela. 25 “A bo go latlhega Bafarasai le lona baeteledipele ba tumelo, baitimokanyi! Lo kelotlhoko mo go ntlafatseng bokafantle jwa senwelo, mme bokafateng jwa sone bo le leswe la patiko le bohula! 26 Bafarasai ke lona ba difofu! Pele tlhatswang bo ka-fa-teng jwa senwelo, hong ke gone senwelo sotlhe se nnang phepa. 27 “A bo go latlhega lona Bafarasai le baeteledipele ba tumelo! Lo tshwana le mabitla a mantle a a tletseng marapo a baswi le boitshekologo le makgapha. 28 Lo leka go nna jaaka ba ba itshepileng mme ka fa teng ga diaparo tseo tsa lona tsa kobamelo Modimo, go dipelo tse di marilweng ka mofuta mongwe le mongwe wa boitimokanyi le dibe. 29 29-30 “Ee, a bo go latlhega lona baeteledipele ba tumelo le baitimokanyi! Gonne lo agela baporofiti ba ba bolailweng ke borraeno dihikantswe, lo bo lo baya dithunya mo mabitleng a batho ba ba boifang Modimo ba ba bolailweng, mme lo re ‘Ruri re ka bo re sa dira jaaka bo rraetsho ba dirile.’ 31 “Ka go bua jalo, lo ipaya molato wa go nna bomorwa batho ba ba maswe. 32 Mme lo tsamaya mo dikgatong tsa bone lo tlatsa dikgato tse di tletseng bosula jwa bone. 33 Dinoga ke lona! Bomorwa shaushawane! Lo tlaa falola jang katlholo ya molete? 34 Ke tlaa lo romelela baporofiti, le banna ba ba botlhale, le batho ba ba tletseng mowa, le bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng ka mowa o o galalelang, mme lo tlaa bolaya bangwe ka go ba bapola lo tlaa ba fatola mekwatla ka go ba kgwathisa mo matlong a thuto a lona, lo bo lo ba leleka mo motsing mongwe le mongwe. 35 Gore lo tle lo nne molato wa go tsholola madi a batho ba ba boifang Modimo ba ba bolailweng go simologa ka mosiami Abele go fitlhelela ka Sakaria (morwa Barakia), yo o bolailweng ke lona mo Tempeleng fa gare ga sebeso le felo ga boitshepo Ee, Katlholo yotlhe e e kgobokantsweng mo makgolong a dingwaga e tlaa wela mo ditlhogong tsa losika. 36 Jerusalema wee Jerusalema wee! Motse o o bolayang baporofiti, e bile o kgobotletsa ka maje ba Modimo o ba romang kwa go wena! Ga ke bolo go rata jang go phutha bana ba gago jaaka koko e phuthela bana ba yone ka fa tlase ga diphuka tsa yone, mme o ganne. 37 Mme jaanong ntlo ya gago o e tlogeletswe e sena le fa e le sepe. 38 Gonne ke go boleletse se gore, ga o kitla o tlhola o mpona go fitlhelela o ipaakanyetsa go amogela yo o romilweng kwa go wena a tswa kwa Modimong.” 39 “Gonne ke go boleletse se gore ga o kitla o tlhola o mpona go fitlhelela o ipaakanyetsa go amogela yo o romilweng kwa go wena a tsa Modimong.”

In Other Versions

Matthew 23 in the ANGEFD

Matthew 23 in the ANTPNG2D

Matthew 23 in the AS21

Matthew 23 in the BAGH

Matthew 23 in the BBPNG

Matthew 23 in the BBT1E

Matthew 23 in the BDS

Matthew 23 in the BEV

Matthew 23 in the BHAD

Matthew 23 in the BIB

Matthew 23 in the BLPT

Matthew 23 in the BNT

Matthew 23 in the BNTABOOT

Matthew 23 in the BNTLV

Matthew 23 in the BOATCB

Matthew 23 in the BOATCB2

Matthew 23 in the BOBCV

Matthew 23 in the BOCNT

Matthew 23 in the BOECS

Matthew 23 in the BOGWICC

Matthew 23 in the BOHCB

Matthew 23 in the BOHCV

Matthew 23 in the BOHLNT

Matthew 23 in the BOHNTLTAL

Matthew 23 in the BOICB

Matthew 23 in the BOILNTAP

Matthew 23 in the BOITCV

Matthew 23 in the BOKCV

Matthew 23 in the BOKCV2

Matthew 23 in the BOKHWOG

Matthew 23 in the BOKSSV

Matthew 23 in the BOLCB

Matthew 23 in the BOLCB2

Matthew 23 in the BOMCV

Matthew 23 in the BONAV

Matthew 23 in the BONCB

Matthew 23 in the BONLT

Matthew 23 in the BONUT2

Matthew 23 in the BOPLNT

Matthew 23 in the BOSCB

Matthew 23 in the BOSNC

Matthew 23 in the BOVCB

Matthew 23 in the BOYCB

Matthew 23 in the BPBB

Matthew 23 in the BPH

Matthew 23 in the BSB

Matthew 23 in the CCB

Matthew 23 in the CUV

Matthew 23 in the CUVS

Matthew 23 in the DBT

Matthew 23 in the DGDNT

Matthew 23 in the DHNT

Matthew 23 in the DNT

Matthew 23 in the ELBE

Matthew 23 in the EMTV

Matthew 23 in the ESV

Matthew 23 in the FBV

Matthew 23 in the FEB

Matthew 23 in the GGMNT

Matthew 23 in the GNT

Matthew 23 in the HARY

Matthew 23 in the HNT

Matthew 23 in the IRVA

Matthew 23 in the IRVB

Matthew 23 in the IRVG

Matthew 23 in the IRVH

Matthew 23 in the IRVK

Matthew 23 in the IRVM

Matthew 23 in the IRVM2

Matthew 23 in the IRVO

Matthew 23 in the IRVP

Matthew 23 in the IRVT

Matthew 23 in the IRVT2

Matthew 23 in the IRVU

Matthew 23 in the ISVN

Matthew 23 in the JSNT

Matthew 23 in the KAPI

Matthew 23 in the KBT1ETNIK

Matthew 23 in the KBV

Matthew 23 in the KJV

Matthew 23 in the KNFD

Matthew 23 in the LBA

Matthew 23 in the LBLA

Matthew 23 in the LNT

Matthew 23 in the LSV

Matthew 23 in the MAAL

Matthew 23 in the MBV

Matthew 23 in the MBV2

Matthew 23 in the MHNT

Matthew 23 in the MKNFD

Matthew 23 in the MNG

Matthew 23 in the MNT

Matthew 23 in the MNT2

Matthew 23 in the MRS1T

Matthew 23 in the NAA

Matthew 23 in the NASB

Matthew 23 in the NBLA

Matthew 23 in the NBS

Matthew 23 in the NBVTP

Matthew 23 in the NET2

Matthew 23 in the NIV11

Matthew 23 in the NNT

Matthew 23 in the NNT2

Matthew 23 in the NNT3

Matthew 23 in the PDDPT

Matthew 23 in the PFNT

Matthew 23 in the RMNT

Matthew 23 in the SBIAS

Matthew 23 in the SBIBS

Matthew 23 in the SBIBS2

Matthew 23 in the SBICS

Matthew 23 in the SBIDS

Matthew 23 in the SBIGS

Matthew 23 in the SBIHS

Matthew 23 in the SBIIS

Matthew 23 in the SBIIS2

Matthew 23 in the SBIIS3

Matthew 23 in the SBIKS

Matthew 23 in the SBIKS2

Matthew 23 in the SBIMS

Matthew 23 in the SBIOS

Matthew 23 in the SBIPS

Matthew 23 in the SBISS

Matthew 23 in the SBITS

Matthew 23 in the SBITS2

Matthew 23 in the SBITS3

Matthew 23 in the SBITS4

Matthew 23 in the SBIUS

Matthew 23 in the SBIVS

Matthew 23 in the SBT

Matthew 23 in the SBT1E

Matthew 23 in the SCHL

Matthew 23 in the SNT

Matthew 23 in the SUSU

Matthew 23 in the SUSU2

Matthew 23 in the SYNO

Matthew 23 in the TBIAOTANT

Matthew 23 in the TBT1E

Matthew 23 in the TBT1E2

Matthew 23 in the TFTIP

Matthew 23 in the TFTU

Matthew 23 in the TGNTATF3T

Matthew 23 in the THAI

Matthew 23 in the TNFD

Matthew 23 in the TNT

Matthew 23 in the TNTIK

Matthew 23 in the TNTIL

Matthew 23 in the TNTIN

Matthew 23 in the TNTIP

Matthew 23 in the TNTIZ

Matthew 23 in the TOMA

Matthew 23 in the TTENT

Matthew 23 in the UBG

Matthew 23 in the UGV

Matthew 23 in the UGV2

Matthew 23 in the UGV3

Matthew 23 in the VBL

Matthew 23 in the VDCC

Matthew 23 in the YALU

Matthew 23 in the YAPE

Matthew 23 in the YBVTP

Matthew 23 in the ZBP