Mark 13 (BOTLNT)

1 Mme ya re a tswa mo Tempeleng ka letsatsi leo, mongwe wa barutwa ba gagwe a re, “Moruti, dikago tse di dintle jang! Bona mekgabisa ya maje a a mo lokotswaneng jaaka e ntse.” 2 Jesu a araba a re, “Ee, bona! gonne ga go na leje lepe le le tlaa tlogelwang le tlhatlaganye le le lengwe, otlhe a tlaa fetoga matlotla.” 3 3-4 Mme ya re a ntse mo dithoteng tsa thaba ya Lotlhware go kgabaganya molatswana o o tswang Jerusalema, Petere le Jakobe le Anterea le Johane ba bo ba na nae mme ba mmotsa ba re, “Dilo tse tsotlhe di tlaa diragalela Tempele leng? A go tlaa nna le tlhagiso pele ga nako?” 5 Hong Jesu a dirisa nako e ntsi ya go ba tlhalosetsa a re, “Lo se letle ope go lo timetsa, 6 gonne ba le bantsi ba tlaa tla ba ikaya fa e le Mesia wa lona, mme ba tlaa timetsa ba le bantsi. 7 Mme go tlaa tsoga dintwa gongwe le gongwe mme mo ga se sesupo sa bokhutlo. 8 “Gonne dichaba le mebuso di tlaa tsogologelana, mme go tlaa nna dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a le mantsi le mauba. Mme dilo tse e tlaa bo e le dikai tsa ntlha tsa dipogisego tse di tlang. 9 Mme fa dilo tse di simolola go diragala, lo tlhokomele! Gonne lo tlaa bo lo le mo diphatseng tse dikgolo. Lo tlaa gogelwa fa pele ga basekisi, mme lo tlaa itewa mo ditempeleng, lo tlaa ema fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya go nna balatedi ba me. Se e tlaa bo e le nako ya lona ya go ba bolelela Mafoko a a Molemo. 10 Gonne Mafoko a a Molemo a tshwanetse go itsiwe mo merafeng yotlhe pele ga bokhutlo bo tla. 11 Mme fa lo tshwarwa lo bo lo sekisiwa, lo se ka lwa tshwenyega kaga se lo tlaa se buang go iphemela. Buang se Modimo o lo bolelelang gore lo se bue. Gonne e tlaa bo e se lona lo buang mme e le Mowa o o Boitshepo. 12 Mme morwa rraa motho o tlaa neela morwa rraagwe go bolawa, borrabana ba tlaa neela bana ba bone, le bana ba tlaa neela batsadi ba bone gore ba bolawe. 13 Mme lo tlaa ilwa ke mongwe le mongwe ka ntlha ya gore lo ba me. Mme botlhe ba ba tlaa itshokang go ya bokhutlong ba sa intatole ba tlaa bolokwa. 14 “Mme fa lo bona selo se se makgapha se eme mo Tempeleng, mmadi, ela tlhoko! Tshaba, o tshabele kwa dithabeng tsa Judea fa go kgonega. 15 15-16 Akofa! Fa o le mo setlhoeng fa godimo ga ntlo, o se ka wa boela mo tlung. Fa o le kwa masimo, o se ka wa boela kwa gae go ya go tsaya madi kgotsa diaparo. 17 “A bo go latlhega basadi ba baimana mo malatsing ao, le basadi ba ba amusang. 18 Mme lo rapele gore go sia ga lona go se ka ga nna go le mariga. 19 Gonne malatsi ao e tlaa bo e le metlha ya pitlagano e e iseng e ke e nne teng fa e sa le kwa tlholegong ya lefatshe, mme ga go kitla go nna gape jalo. 20 Kwa ntle ga gore Morena a khutshwafatse nako eo ya kutlobotlhoko, ga go na le fa e le mowa ope mo lefatsheng o o tlaa bolokesegang, mme ka ntlha ya ba o ba ikgethetseng o tlaa khutshwafatsa malatsi ao. 21 “Mme fa mongwe a lo raya a re, ‘Yo ke Mesia’, kgotsa ‘ke yole’, lo se ka lwa mo ela tlhoko. 22 Gonne go tlaa nna bo-Mesia ba le bantsi ba tsietso le baporofiti ba tsietso ba ba tlaa dirang dikgakgamatso tse dintsi tse di tlaa timetsang ba le bantsi, le e leng bone bana ba Modimo tota. 23 Elang tlhoko! Ke lo tlhagisitse! 24 “Morago ga pitlagano eo, letsatsi le tlaa fifala mme ngwedi ga a kitla a phatsima. 25 Dinaledi di tlaa wa, magodimo a tlaa reketlisiwa. 26 “Hong batho botlhe ba tlaa mpona, Nna Morwa Motho ke tla ke le mo marung ka nonofo e kgolo le kgalalelo. 27 Mme ke tlaa romela baengele ba me go tla go phutha botlhe baitshenkedwi ba me go tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe le legodimo. 28 “Jaanong, thuto ke e ka setlhare sa mofeige. Fa dikala tsa one di simolola go kukunya le makakaba a simolola go tlhoga, lo itse sentle fela gore selemo se setse se gorogile. 29 “Mme fa lo bona dilo tse di diragala tse ke setseng ke tswa go di tlhalosa, lo ka tlhomamisa gore go tla ga me go setse go le gaufi, le gore ke setse ke le mo kgorong. 30 “Ee, tse ke ditiragalo tse di kayang nako ya bokhutlo. 31 Legodimo le lefatshe di tlaa nyelela, mme Lefoko la me le emetse ruri. 32 “Le fa go ntse jalo, ga go na ope, le fa e le baengele mo legodimong, le fa e le nna, ga ke itse letsatsi le fa e le nako e dilo tse di tlaa diragalang ka yone; fa e se Rara fela yo o itseng. 33 Mme ere ka lo sa itse gore go tlaa diragala leng, nnang lo itisitse. Nnang ka kelotlhoko kaga go boa ga me. 34 “Go tla ga me go ka tshwantshiwa ka monna yo o neng a tsamaya a ya kwa lefatsheng le sele, yo o neng a baya tiro yotlhe ya gagwe mo batlhankeng ba gagwe go e dira fa a sa ntse a seyo a tsamaile, mme a raya motlhokomedi wa kgoro a re, a lebelele go boa ga gagwe. 35 35-37 “Nnang lo lebeletse thata! Gonne ga lo itse gore a go tla ga me go tlaa bo go le maitseboa, bosigo, phakela kgotsa motshegare. Lo se ka lwa letla gore ke lo fitlhele lo robetse. Disang go bowa ga me! se ke molaetsa wa me mo go lona le mo go botlhe ba bangwe.”

In Other Versions

Mark 13 in the ANGEFD

Mark 13 in the ANTPNG2D

Mark 13 in the AS21

Mark 13 in the BAGH

Mark 13 in the BBPNG

Mark 13 in the BBT1E

Mark 13 in the BDS

Mark 13 in the BEV

Mark 13 in the BHAD

Mark 13 in the BIB

Mark 13 in the BLPT

Mark 13 in the BNT

Mark 13 in the BNTABOOT

Mark 13 in the BNTLV

Mark 13 in the BOATCB

Mark 13 in the BOATCB2

Mark 13 in the BOBCV

Mark 13 in the BOCNT

Mark 13 in the BOECS

Mark 13 in the BOGWICC

Mark 13 in the BOHCB

Mark 13 in the BOHCV

Mark 13 in the BOHLNT

Mark 13 in the BOHNTLTAL

Mark 13 in the BOICB

Mark 13 in the BOILNTAP

Mark 13 in the BOITCV

Mark 13 in the BOKCV

Mark 13 in the BOKCV2

Mark 13 in the BOKHWOG

Mark 13 in the BOKSSV

Mark 13 in the BOLCB

Mark 13 in the BOLCB2

Mark 13 in the BOMCV

Mark 13 in the BONAV

Mark 13 in the BONCB

Mark 13 in the BONLT

Mark 13 in the BONUT2

Mark 13 in the BOPLNT

Mark 13 in the BOSCB

Mark 13 in the BOSNC

Mark 13 in the BOVCB

Mark 13 in the BOYCB

Mark 13 in the BPBB

Mark 13 in the BPH

Mark 13 in the BSB

Mark 13 in the CCB

Mark 13 in the CUV

Mark 13 in the CUVS

Mark 13 in the DBT

Mark 13 in the DGDNT

Mark 13 in the DHNT

Mark 13 in the DNT

Mark 13 in the ELBE

Mark 13 in the EMTV

Mark 13 in the ESV

Mark 13 in the FBV

Mark 13 in the FEB

Mark 13 in the GGMNT

Mark 13 in the GNT

Mark 13 in the HARY

Mark 13 in the HNT

Mark 13 in the IRVA

Mark 13 in the IRVB

Mark 13 in the IRVG

Mark 13 in the IRVH

Mark 13 in the IRVK

Mark 13 in the IRVM

Mark 13 in the IRVM2

Mark 13 in the IRVO

Mark 13 in the IRVP

Mark 13 in the IRVT

Mark 13 in the IRVT2

Mark 13 in the IRVU

Mark 13 in the ISVN

Mark 13 in the JSNT

Mark 13 in the KAPI

Mark 13 in the KBT1ETNIK

Mark 13 in the KBV

Mark 13 in the KJV

Mark 13 in the KNFD

Mark 13 in the LBA

Mark 13 in the LBLA

Mark 13 in the LNT

Mark 13 in the LSV

Mark 13 in the MAAL

Mark 13 in the MBV

Mark 13 in the MBV2

Mark 13 in the MHNT

Mark 13 in the MKNFD

Mark 13 in the MNG

Mark 13 in the MNT

Mark 13 in the MNT2

Mark 13 in the MRS1T

Mark 13 in the NAA

Mark 13 in the NASB

Mark 13 in the NBLA

Mark 13 in the NBS

Mark 13 in the NBVTP

Mark 13 in the NET2

Mark 13 in the NIV11

Mark 13 in the NNT

Mark 13 in the NNT2

Mark 13 in the NNT3

Mark 13 in the PDDPT

Mark 13 in the PFNT

Mark 13 in the RMNT

Mark 13 in the SBIAS

Mark 13 in the SBIBS

Mark 13 in the SBIBS2

Mark 13 in the SBICS

Mark 13 in the SBIDS

Mark 13 in the SBIGS

Mark 13 in the SBIHS

Mark 13 in the SBIIS

Mark 13 in the SBIIS2

Mark 13 in the SBIIS3

Mark 13 in the SBIKS

Mark 13 in the SBIKS2

Mark 13 in the SBIMS

Mark 13 in the SBIOS

Mark 13 in the SBIPS

Mark 13 in the SBISS

Mark 13 in the SBITS

Mark 13 in the SBITS2

Mark 13 in the SBITS3

Mark 13 in the SBITS4

Mark 13 in the SBIUS

Mark 13 in the SBIVS

Mark 13 in the SBT

Mark 13 in the SBT1E

Mark 13 in the SCHL

Mark 13 in the SNT

Mark 13 in the SUSU

Mark 13 in the SUSU2

Mark 13 in the SYNO

Mark 13 in the TBIAOTANT

Mark 13 in the TBT1E

Mark 13 in the TBT1E2

Mark 13 in the TFTIP

Mark 13 in the TFTU

Mark 13 in the TGNTATF3T

Mark 13 in the THAI

Mark 13 in the TNFD

Mark 13 in the TNT

Mark 13 in the TNTIK

Mark 13 in the TNTIL

Mark 13 in the TNTIN

Mark 13 in the TNTIP

Mark 13 in the TNTIZ

Mark 13 in the TOMA

Mark 13 in the TTENT

Mark 13 in the UBG

Mark 13 in the UGV

Mark 13 in the UGV2

Mark 13 in the UGV3

Mark 13 in the VBL

Mark 13 in the VDCC

Mark 13 in the YALU

Mark 13 in the YAPE

Mark 13 in the YBVTP

Mark 13 in the ZBP