Romans 1 (BOTLNT)

1 Ditsala tse di rategang mo Roma, Lokwalo lo lo tswa kwa go Paulo, motlhanka wa ga Jesu Keresete, yo o tlhophilweng go nna morongwa, ebile a romilwe go rera Mafoko a Modimo a a Molemo. 2 Mafoko a a Molemo a, a ne a sa bolo go solofediwa batho bogologolo ke baporofiti ba Modimo mo Kgolaganong e kgologolo. 3 Ke Mafoko a a Molemo kaga Morwaa one, Jesu Keresete Morena wa rona, yo o tsileng e le ngwana mo setshwanong sa motho, a tsalelwa mo losikeng lwa bogosi lwa ga Kgosi Dafide, 4 mme ka go tsosiwa mo baswing o ne a supiwa e le Morwa Modimo yo o senatla, ka tlholego e e boitshepo ya Modimo ka sebele. 5 Mme jaanong, ka Keresete, tshiamo yotlhe ya Modimo e goromeleditswe mo go rona baleofi ba e neng e sa re tshwanela; mme jaanong o re roma mo tikologong ya lefatshe go bolelela batho botlhe gongwe le gongwe kaga dilo tse dikgolo tse Mo-dimo o di ba diretseng, gore le bone ba tle ba dumele ba o obamele. 6 6-7 Mme lona, ditsala tse di rategang mo Roma, le lona lo bangwe ba o ba ratang thata, le lona lo lalediwa ke Jesu Keresete go nna ba Modimo tota, ee batho ba one ba ba boitshepo. A masego otlhe a Modimo le kagiso e e tswang kwa Modimong Rara wa rona, le Jesu Keresete Morena wa rona a nne le lona. 8 Mmang ke simololeng ka go re, gongwe le gongwe kwa ke yang teng ke utlwa go buiwa kaga lona! Gonne tumelo ya lona mo Modimong e simolola go itsege mo tikologong ya lefatshe. Ke leboga Modimo thata jang ka Jesu Keresete ka pego e e molemo, le ka mongwe le mongwe wa lona. 9 Modimo o itse gore ke lo rapelela gangwe le gape jang. Bosigo le motshegare ke lo baya le tse lo di tlhokang ka thapelo mo go yo ke mo direlang ka thata yotlhe, ke bolelela ba bangwe Mafoko a a molemo kaga Morwaa one. 10 Mme sengwe sa dilo tse ke di rapelelang gangwe le gape ke lobaka lo lo atlegileng lwa gore, fa Modimo o rata, ke tle go lo bona, le gore fa go kgonega ke tle ke nne le mosepele o o babalesegileng. 11 11-12 Gonne ke tlhologeletswe go lo etela gore ke tle ke kgone go lo naya tumelo e e tlaa thusang phuthego ya lona go nitama mo Moreneng. Fela jalo le nna, ke tlhoka thuso ya lona, gonne ga ke batle fela go abalana tumelo ya me le lona le nna ke tlhoka go kgothadiwa ke tumelo ya lona. Mongwe le mongwe wa rona o tlaa nna tshegofatso mo go yo mongwe. 13 Ke batla gore lo itse, bakaulengwe ba ba rategang, gore ke gantsi ke ikaelela go tla kwa go lona (mme go sa kgonege) gore ke tle go dira le lona ke bo ke bone maungo a a molemo, fela jaaka ke dirile mo diphuthegong tse dingwe tsa Badichaba. 14 Gonne ke molato o mogolo mo go lona le mo go mongwe le mongwe, le mo bathong ba ba tlhabologileng le dichaba tsa baheitane; ee, mo go ba ba rutegileng le mo go ba ba sa rutegang fela ka go tshwana. 15 Jalo he, ka fa selekanyong sa nonofo ya me e e tletseng, ke setse ke siame go tla le kwa go lona mo Roma go rera Mafoko a a Molemo a Modimo. 16 Gonne ga ke tlhabisiwe ditlhong ke Mafoko a a Molemo a, kaga Keresete. Ke leano la Modimo le le nonofileng la go gapela kwa legodimong botlhe ba ba dumelang. Molaetsa o, o ne wa rerelwa Bajuta pele ba le bosi, mme jaanong mongwe le mongwe o lalediwa go tla mo Modimong ka yone tsela e. 17 Mafoko a a Molemo a, a re bolelela gore Modimo o re baakanyetsa gore re ye legodimong, a re siamisa mo ponong ya Modimo fa re baya tumelo ya rona le boikanyo mo go Keresete go re boloka. Mo go bonwa ka tumelo go tswa tshimologong go ya bokhutlong. Jaaka lokwalo lo bua lo re, “Motho yo o bonang botshelo o tlaa bo bona ka go ikanya Modimo.” 18 Mme Modimo o supa bogale jwa one jo bo tswang legodimong mo baleofing, batho ba ba bosula ba ba tlosang boammaaruri mo go bone. 19 Gonne ba itse boammaaruri kaga Modimo sentle thata; Modimo o tsentse kitso e mo dipelong tsa bone. 20 Go simolola mo dinakong tsa pele batho ba bonye lefatshe le loapi le gotlhe mo Modimo o go dirileng, ebile ba itsile ka go tshela ga one le nonofo e kgolo ya bosakhutleng. Jalo ga ba kitla ba nna le seipato (fa ba ema fa pele ga Modimo ka letsatsi la katlholo). 21 Ee, ba itsile kaga one sentle thata, mme ga ba a ka ba dumela gore ba a o itse kgotsa ba o obamela le fa e le go o leboga ka fa o ba tlhokomelang ka teng malatsi otlhe. Mme morago ga lobakanyana ba simolola go akanya dikakanyo tsa boeleele tsa gore Modimo o ntse jang le gore o batla gore ba dire eng. Jalo ga diragala gore megopolo ya bone ya boeleele e fifale e bo e tlhakatlhakane. 22 Ba ikaya fa ba le botlhale kwa ntle ga Modimo, mme ba fetoga dieleele tse di feteletseng ka ntlha ya go tlhoka go ikanya Modimo. 23 Mme hong mo boemong jwa go obamela Modimo o o galalelang o o tshelang ka bosakhutleng, ba ne ba tsaya dikgong le maje mme ba itirela medimo ya disetwa go e obamela, ba e betla go nna jaaka dinonyane le diphologolo le dinoga le batho ba e seng ba sepe ba ba nyatsegang. 24 Jalo Modimo wa ba lesa go tswelela pele mo mofuteng mongwe le mongwe wa boaka, le go dira sengwe le sengwe se ba se batlang ee, ba tlontlolo-lana mebele ka boatla. 25 Mo boemong jwa gore ba dumele se ba itseng e le boammaaruri kaga Mo-dimo, ba dumela ka bomo mo maakeng. Jalo ba obamela dilo tse Modimo o di dirileng, ba gana go obamela one Modimo o o dirileng dilo tse. 26 Ke sone se Modimo o ba leseleditseng go dira tsotlhe tse di bosula tse, le gore le basadi ba bone ba furalele leano la Modimo la tlholego mme ba simolola go tlontlololana mebele. 27 Mme banna, mo boemong jwa go tlhakanela dikobo le basadi ka fa tlholegong, ba simolola go gakalelana, banna ba dira dilo tse di tlhabisang ditlhong le banna ba bangwe, mme ka ntlha ya moo ba bona tuelo e e ba tshwanetseng. 28 Jalo ke sone se e rileng fa ba latlha Modimo ebile ba sa batle go o itse, Modimo wa ba tlhokomologa gore ba dire sengwe le sengwe se megopolo ya bone e e bosula e neng e ka se akanya. 29 Matshelo a bone a tlala mofuta mongwe le mongwe wa boikepo le sebe, wa bogagapa le kilo, keletso ya senama, polao, ntwa, maaka, bogalaka le ditshebo. 30 E ne e le basebi, ba ba ilang Modimo, ba le makgakga, e le baikgantshi, ba aga ba akanya ditsela tse dintsha tsa go leofa ebile ba tswelela pele ba sa reetse batsadi ba bone. 31 Ba leka go itira ba ba sa tlhaloganyeng, ba senya ditsholofetso tsa bone, ba le setlhogo, ba se pelotlhomogi. 32 Ba ne ba itse sentle thata gore Modimo o atlholela loso ka ntlha ya melato e, le fa go ntse jalo ba tswelela pele mme ba e dira ka methale yotlhe, ba kgothatsa ba bangwe gore le bone ba e dire.

In Other Versions

Romans 1 in the ANGEFD

Romans 1 in the ANTPNG2D

Romans 1 in the AS21

Romans 1 in the BAGH

Romans 1 in the BBPNG

Romans 1 in the BBT1E

Romans 1 in the BDS

Romans 1 in the BEV

Romans 1 in the BHAD

Romans 1 in the BIB

Romans 1 in the BLPT

Romans 1 in the BNT

Romans 1 in the BNTABOOT

Romans 1 in the BNTLV

Romans 1 in the BOATCB

Romans 1 in the BOATCB2

Romans 1 in the BOBCV

Romans 1 in the BOCNT

Romans 1 in the BOECS

Romans 1 in the BOGWICC

Romans 1 in the BOHCB

Romans 1 in the BOHCV

Romans 1 in the BOHLNT

Romans 1 in the BOHNTLTAL

Romans 1 in the BOICB

Romans 1 in the BOILNTAP

Romans 1 in the BOITCV

Romans 1 in the BOKCV

Romans 1 in the BOKCV2

Romans 1 in the BOKHWOG

Romans 1 in the BOKSSV

Romans 1 in the BOLCB

Romans 1 in the BOLCB2

Romans 1 in the BOMCV

Romans 1 in the BONAV

Romans 1 in the BONCB

Romans 1 in the BONLT

Romans 1 in the BONUT2

Romans 1 in the BOPLNT

Romans 1 in the BOSCB

Romans 1 in the BOSNC

Romans 1 in the BOVCB

Romans 1 in the BOYCB

Romans 1 in the BPBB

Romans 1 in the BPH

Romans 1 in the BSB

Romans 1 in the CCB

Romans 1 in the CUV

Romans 1 in the CUVS

Romans 1 in the DBT

Romans 1 in the DGDNT

Romans 1 in the DHNT

Romans 1 in the DNT

Romans 1 in the ELBE

Romans 1 in the EMTV

Romans 1 in the ESV

Romans 1 in the FBV

Romans 1 in the FEB

Romans 1 in the GGMNT

Romans 1 in the GNT

Romans 1 in the HARY

Romans 1 in the HNT

Romans 1 in the IRVA

Romans 1 in the IRVB

Romans 1 in the IRVG

Romans 1 in the IRVH

Romans 1 in the IRVK

Romans 1 in the IRVM

Romans 1 in the IRVM2

Romans 1 in the IRVO

Romans 1 in the IRVP

Romans 1 in the IRVT

Romans 1 in the IRVT2

Romans 1 in the IRVU

Romans 1 in the ISVN

Romans 1 in the JSNT

Romans 1 in the KAPI

Romans 1 in the KBT1ETNIK

Romans 1 in the KBV

Romans 1 in the KJV

Romans 1 in the KNFD

Romans 1 in the LBA

Romans 1 in the LBLA

Romans 1 in the LNT

Romans 1 in the LSV

Romans 1 in the MAAL

Romans 1 in the MBV

Romans 1 in the MBV2

Romans 1 in the MHNT

Romans 1 in the MKNFD

Romans 1 in the MNG

Romans 1 in the MNT

Romans 1 in the MNT2

Romans 1 in the MRS1T

Romans 1 in the NAA

Romans 1 in the NASB

Romans 1 in the NBLA

Romans 1 in the NBS

Romans 1 in the NBVTP

Romans 1 in the NET2

Romans 1 in the NIV11

Romans 1 in the NNT

Romans 1 in the NNT2

Romans 1 in the NNT3

Romans 1 in the PDDPT

Romans 1 in the PFNT

Romans 1 in the RMNT

Romans 1 in the SBIAS

Romans 1 in the SBIBS

Romans 1 in the SBIBS2

Romans 1 in the SBICS

Romans 1 in the SBIDS

Romans 1 in the SBIGS

Romans 1 in the SBIHS

Romans 1 in the SBIIS

Romans 1 in the SBIIS2

Romans 1 in the SBIIS3

Romans 1 in the SBIKS

Romans 1 in the SBIKS2

Romans 1 in the SBIMS

Romans 1 in the SBIOS

Romans 1 in the SBIPS

Romans 1 in the SBISS

Romans 1 in the SBITS

Romans 1 in the SBITS2

Romans 1 in the SBITS3

Romans 1 in the SBITS4

Romans 1 in the SBIUS

Romans 1 in the SBIVS

Romans 1 in the SBT

Romans 1 in the SBT1E

Romans 1 in the SCHL

Romans 1 in the SNT

Romans 1 in the SUSU

Romans 1 in the SUSU2

Romans 1 in the SYNO

Romans 1 in the TBIAOTANT

Romans 1 in the TBT1E

Romans 1 in the TBT1E2

Romans 1 in the TFTIP

Romans 1 in the TFTU

Romans 1 in the TGNTATF3T

Romans 1 in the THAI

Romans 1 in the TNFD

Romans 1 in the TNT

Romans 1 in the TNTIK

Romans 1 in the TNTIL

Romans 1 in the TNTIN

Romans 1 in the TNTIP

Romans 1 in the TNTIZ

Romans 1 in the TOMA

Romans 1 in the TTENT

Romans 1 in the UBG

Romans 1 in the UGV

Romans 1 in the UGV2

Romans 1 in the UGV3

Romans 1 in the VBL

Romans 1 in the VDCC

Romans 1 in the YALU

Romans 1 in the YAPE

Romans 1 in the YBVTP

Romans 1 in the ZBP