1 Peter 2 (BOTLNT)

1 Ke gone tlogelang maikutlo a lona a kilo. Se itirengjaaka e ka re lo siame! Latlhang go tlontlololana le mafufa le ditshebo. 2 2-3 Fa lo ikutlwetse bomolemo jwa Modimo le tshiamo ya One, lelelang gore lo okelediwe, jaaka losea lo lelela mashi. Jang lefoko la Modimo le baleng, akanyang kaga lone mme lo gole ka nonofo mo Moreneng lo bo lo bolokwe. 4 Tlang mo go Keresete, yo e leng ene motheo wa Lefika le le tshedileng le Modimo o agang mo go lone le fa batho ba mo ganne o botlhokwa thata mo Modimong o o mo tlhophileng mo godimo ga botlhe. 5 Mme jaanong lo fetogile maje a kago aa tshelang go dirisiwa ke Modimo mo go ageng ntlo ya One. Se sengwe se segolo, lo baperesiti ba One ba ba boitshepo; jalo tlang kwa go One. (Lona ba lo amogelesegang mo go One ka ntlha ya ga Jesu Keresete), mme lo abele Modimo dilo tse di O itumedisang. 6 Jaaka Dikwalo di gatelela di re, “Bonang ke romela Keresete go nna mokgethegi yo o tlhophilweng ka kelotlhoko, Lentswe la botlhokwa la kgokgotsho la phuthego ya me, ebile ga ke kitla ke tlhabisa bape ditlhong ba ba mo ikanyang.” 7 Ee, o botlhokwa thata mo go lona ba lo dumelang; le mo go ba ba mo ganang, ee, “Lone lentswe la kgokotsho, le le gannweng ke baagi ke lone le e leng lentswe la kgokgotsho, le le tlotlwang thata ebile e le bontlha bongwe jwa kago.” 8 Gape Dikwalo tsa re, “Ke lentswe le bangwe ba tlaa kgotswang mo go lone, ebile ke le le tlaa ba digang.” 9 Mme ga lo a nna jalo, gonne lo tlhophilwe ke Modimo ka bo One, lo baperesiti ba Kgosi, lo boitshepo ebile lo a galalela, lo ba Modimo tota, tse tsotlhe e le gore lo tle lo supegetse ba bangwe ka fa Modimo o lo biditseng ka teng go lo ntsha mo lefifing go tsena mo leseding la one le le ntle. 10 Lo kile lwa bo lo se ba sepe; mme jaanong lo ba Modimo. Lo kile lwa bo lo itse go le gonnye ka tshiamo ya Modimo; mme jaanong matshelo a lona a fetotswe ke gone. 11 Bakaulengwe ba ba rategang, lo baeti fela mono. E re ka legae la lona tota le le kwa legodimong ke lo kopa gore lo ikgaphe mo ditlhapelong tse di bosula tsa lefatshe leno; ga se tsa lona, gonne di tlhabana le mewa ya lona. 12 Nnang kelotlhoko ka fa lo itshwarang ka teng mo go bangwe ka lona ba ba sa bolokwang; gonne le fa ba lo belaela ba bua kaga lona ba tlaa fetsa ba baka Modimo ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo fa Keresete a bowa. 13 Ka ntlha ya Morena, utlwang molao mongwe le mongwe wa puso ya lona: molao wa kgosi jaaka e le tlhogo ya morafe, 14 le ya bagolwane ba kgosi, gonne o ba rometse go otlhaya ba ba dirang molato, le go tlotla ba ba dirang tshiamo. 15 Ke go rata ga Modimo gore matshelo a lona a a siameng a didimatse dieleele tse di nyatsang Efangele ba sena kitso ya gore e ka ba direla eng, ba ise ba ke ba lemoge nonofo ya yone. 16 Lo golotswe mo molaong, mme mo ga go reye gore lo gololesegile go dira molato. Tshelang jaaka ba ba golotsweng go dira go rata ga Modimo fela ka nako tsotlhe. 17 Tlotlang mongwe le mongwe. Ratang Bakeresete gongwe le gongwe. Boifang Modimo lo tlotle puso. 18 Batlhanka, lo tshwanetse go tlotla beng ba lona lo bo lo dire sengwe le sengwe se ba reng lo se dire, e seng fela fa ba siame ebile ba le bonolo, mme le fa ba le ditlhogo-di-thata ebile ba le setlhogo. 19 Bakang Morena fa lo otlhaelwa go dira tshiamo! 20 Le fa go ntse jalo, ga lo newe tlotlo epe ka go nna pelotelele fa lo iteelwa melato ya lona; mme fa lo dira tshiamo lo bo lo e bogela, ebile lo le pelotelele mo dititeong, Modimo o itumela segolo bogolo. 21 Dipogo tse ke bontlha bongwe jwa tiro e Modimo o e lo neetseng. Keresete yo o lo bogetseng, ke sekao sa lona. Latelang dikgato tsa gagwe: 22 ga a ise a ke a leofe, ga a ise a ke a bue maaka, 23 ga a ise a ke a busolose fa a tlhapadiwa; erile fa a boga ga a ise a ke a leke go ipusolosetsa; o ne a tlogela tsheko ya gagwe mo mabogong a Modimo o o atlholang ka tshiamo ka nako tsotlhe 24 O tshotse morwalo wa maleo a rona ka mmele wa gagwe fa a a swa mo mokgorong, gore re tle re fetse le sebe mme re tshele botshelo jo bo siameng go tloga gompieno. Gonne dintho tsa gagwe di fodisitse tsa rona! 25 Jaaka dinku lo ne lo dule mo Modimong, mme jaanong lo boetse mo modiseng wa lona, motlhokomedi wa mewa ya lona yo o lo babalelang mo ditlhaselong tsotlhe.

In Other Versions

1 Peter 2 in the ANGEFD

1 Peter 2 in the ANTPNG2D

1 Peter 2 in the AS21

1 Peter 2 in the BAGH

1 Peter 2 in the BBPNG

1 Peter 2 in the BBT1E

1 Peter 2 in the BDS

1 Peter 2 in the BEV

1 Peter 2 in the BHAD

1 Peter 2 in the BIB

1 Peter 2 in the BLPT

1 Peter 2 in the BNT

1 Peter 2 in the BNTABOOT

1 Peter 2 in the BNTLV

1 Peter 2 in the BOATCB

1 Peter 2 in the BOATCB2

1 Peter 2 in the BOBCV

1 Peter 2 in the BOCNT

1 Peter 2 in the BOECS

1 Peter 2 in the BOGWICC

1 Peter 2 in the BOHCB

1 Peter 2 in the BOHCV

1 Peter 2 in the BOHLNT

1 Peter 2 in the BOHNTLTAL

1 Peter 2 in the BOICB

1 Peter 2 in the BOILNTAP

1 Peter 2 in the BOITCV

1 Peter 2 in the BOKCV

1 Peter 2 in the BOKCV2

1 Peter 2 in the BOKHWOG

1 Peter 2 in the BOKSSV

1 Peter 2 in the BOLCB

1 Peter 2 in the BOLCB2

1 Peter 2 in the BOMCV

1 Peter 2 in the BONAV

1 Peter 2 in the BONCB

1 Peter 2 in the BONLT

1 Peter 2 in the BONUT2

1 Peter 2 in the BOPLNT

1 Peter 2 in the BOSCB

1 Peter 2 in the BOSNC

1 Peter 2 in the BOVCB

1 Peter 2 in the BOYCB

1 Peter 2 in the BPBB

1 Peter 2 in the BPH

1 Peter 2 in the BSB

1 Peter 2 in the CCB

1 Peter 2 in the CUV

1 Peter 2 in the CUVS

1 Peter 2 in the DBT

1 Peter 2 in the DGDNT

1 Peter 2 in the DHNT

1 Peter 2 in the DNT

1 Peter 2 in the ELBE

1 Peter 2 in the EMTV

1 Peter 2 in the ESV

1 Peter 2 in the FBV

1 Peter 2 in the FEB

1 Peter 2 in the GGMNT

1 Peter 2 in the GNT

1 Peter 2 in the HARY

1 Peter 2 in the HNT

1 Peter 2 in the IRVA

1 Peter 2 in the IRVB

1 Peter 2 in the IRVG

1 Peter 2 in the IRVH

1 Peter 2 in the IRVK

1 Peter 2 in the IRVM

1 Peter 2 in the IRVM2

1 Peter 2 in the IRVO

1 Peter 2 in the IRVP

1 Peter 2 in the IRVT

1 Peter 2 in the IRVT2

1 Peter 2 in the IRVU

1 Peter 2 in the ISVN

1 Peter 2 in the JSNT

1 Peter 2 in the KAPI

1 Peter 2 in the KBT1ETNIK

1 Peter 2 in the KBV

1 Peter 2 in the KJV

1 Peter 2 in the KNFD

1 Peter 2 in the LBA

1 Peter 2 in the LBLA

1 Peter 2 in the LNT

1 Peter 2 in the LSV

1 Peter 2 in the MAAL

1 Peter 2 in the MBV

1 Peter 2 in the MBV2

1 Peter 2 in the MHNT

1 Peter 2 in the MKNFD

1 Peter 2 in the MNG

1 Peter 2 in the MNT

1 Peter 2 in the MNT2

1 Peter 2 in the MRS1T

1 Peter 2 in the NAA

1 Peter 2 in the NASB

1 Peter 2 in the NBLA

1 Peter 2 in the NBS

1 Peter 2 in the NBVTP

1 Peter 2 in the NET2

1 Peter 2 in the NIV11

1 Peter 2 in the NNT

1 Peter 2 in the NNT2

1 Peter 2 in the NNT3

1 Peter 2 in the PDDPT

1 Peter 2 in the PFNT

1 Peter 2 in the RMNT

1 Peter 2 in the SBIAS

1 Peter 2 in the SBIBS

1 Peter 2 in the SBIBS2

1 Peter 2 in the SBICS

1 Peter 2 in the SBIDS

1 Peter 2 in the SBIGS

1 Peter 2 in the SBIHS

1 Peter 2 in the SBIIS

1 Peter 2 in the SBIIS2

1 Peter 2 in the SBIIS3

1 Peter 2 in the SBIKS

1 Peter 2 in the SBIKS2

1 Peter 2 in the SBIMS

1 Peter 2 in the SBIOS

1 Peter 2 in the SBIPS

1 Peter 2 in the SBISS

1 Peter 2 in the SBITS

1 Peter 2 in the SBITS2

1 Peter 2 in the SBITS3

1 Peter 2 in the SBITS4

1 Peter 2 in the SBIUS

1 Peter 2 in the SBIVS

1 Peter 2 in the SBT

1 Peter 2 in the SBT1E

1 Peter 2 in the SCHL

1 Peter 2 in the SNT

1 Peter 2 in the SUSU

1 Peter 2 in the SUSU2

1 Peter 2 in the SYNO

1 Peter 2 in the TBIAOTANT

1 Peter 2 in the TBT1E

1 Peter 2 in the TBT1E2

1 Peter 2 in the TFTIP

1 Peter 2 in the TFTU

1 Peter 2 in the TGNTATF3T

1 Peter 2 in the THAI

1 Peter 2 in the TNFD

1 Peter 2 in the TNT

1 Peter 2 in the TNTIK

1 Peter 2 in the TNTIL

1 Peter 2 in the TNTIN

1 Peter 2 in the TNTIP

1 Peter 2 in the TNTIZ

1 Peter 2 in the TOMA

1 Peter 2 in the TTENT

1 Peter 2 in the UBG

1 Peter 2 in the UGV

1 Peter 2 in the UGV2

1 Peter 2 in the UGV3

1 Peter 2 in the VBL

1 Peter 2 in the VDCC

1 Peter 2 in the YALU

1 Peter 2 in the YAPE

1 Peter 2 in the YBVTP

1 Peter 2 in the ZBP