1 Timothy 5 (BOTLNT)

1 O se ka wa gakalela motho yo o godileng, mme o mo kope ka maitseo fela jaaka fa e ka bo e le rrago. Buisa makau fela jaaka bo mogoloo ba o ba ratang thata. 2 O tseye basadi ba ba godileng jaaka bommago, le basetsana jaaka bokgaitsadiyo, o akanye megopolo e e itshekileng fela ka bone. 3 Phuthego e tshwanetse go tlhokomela ka lorato basadi ba batlholagadi fa ba sena ope yo o ka ba thusang. 4 Mme fa ba na le bana kgotsa ditlogolwana, ba ke bone ba ba tshwanetseng go ba tlhokomela, gonne tshiamo e tshwanetse go simologa kwa lwapeng, go thusa batsadi ba ba tlhokang. Se ke selo se se itumedisang Modimo thata. 5 Phuthego e tshwanetse go tlhokomela batlholagadi ba ba humanegileng ba bile ba le bosi mo lefatsheng, fa ba lebeletse thuso mo Modimong, ba bile ba senya nako e ntsi mo thapelong; 6 mme e seng fa ba senya nako ya bone mo ditshebong, ba batla dikgatlhego tsa senama, ba onatsa mewa ya bone. 7 Se e tshwanetse go nna molao wa phuthego ya gago gore Bakeresete ba tle ba itse ba bo ba dire se se molemo. 8 Mme mongwe le mongwe yo o se kitlang a tlhokomela ba gagabo fa ba tlhoka thuso, bogolo thata ba ntlo ya gagwe, ga a na tshwanelo ya go ipitsa Mokeresete. Motho yo o ntseng jalo o maswe go feta moheitane. 9 Motlholagadi yo o batlang go nna mongwe wa badiri ba phuthego ba ba faphegileng o tshwanetse bogolo a bo a na le dingwaga di le masome a marataro mme a kile a nyalwa gangwe fela. 10 O tshwanetse go kaiwa ka tshiamo ke mongwe le mongwe ka ntlha ya tshiamo e o e dirileng. A o goditsitse bana ba gagwe sentle? A o ne a le tshiamo mo baeting le mo Bakereseteng ba bangwe? A o ipaakanyeditse go supa tshiamo ya gagwe nako tsotlhe? 11 Mme batlholagadi ba basha ga ba a tshwanela go nna maloko a setlhopha se se faphegileng se, ka gore, morago ga lobakanyana ba ka tlhokomologa maikano a bone mo go Keresete mme ba nyalwa gape. 12 Mme ba tlaa bonwa molato ka ntlha ya go senya maikano a bone a ntlha. 13 Gape, ba ka nna ba nna ditshwakga ba senya nako ya bone mo go tsamayeng ba seba mo malwapeng ka go tlhatlologana, ba tsena mo ditirong tsa batho ba bangwe. 14 Jalo ke bona go le botoka gore batlholagadi ba basha ba, ba nyalwe gape ba nne le bana, ba tlhokomele malwapa a bone; mme ga go ope yo o ka ba rayang sepe. 15 Gonne ke boifa gore bangwe ba bone ba setse ba kgelogile mo phuthegong mme ba timeditswe ke Satane. 16 Mmang ke lo gakolole gape gore ba ga gabo motlholagadi ba tshwanetse go mo tlhokomela, a se ka a nna morwalo wa phuthego. Mme phuthego e ka dirisa madi a yone go tlhokomela batlholagadi ba ba bosi ba ba senang kwa ba yang teng. 17 Baruti ba ba dirang tiro ya bone sentle ba tshwanetse go duelwa sentle ebile ba tshwanetse go itumelelwa thata, bogolo thata ba ba dirang thata mo therong le mo thutong. 18 Gonne Dikwalo tsa re, “O se bofe kgomo molomo fa e photha mabele, e lese e je fa entse e tsamaya!” Mme mo gongwe tsa re, “Ba ba dirang ba tshwanelwa ke tuelo ya bone!” 19 O se reetse dingongorego kgatlhanong le moruti fa e se go na le basupi ba le babedi kgotsa ba le bararo go mo sekisa. 20 Fa tota a leofile, ke gone o tshwanetseng go kgalemelwa fa pele ga phuthego yotlhe gore ope a seka a dira jaaka ene. 21 Ke go laya ka tlhoafalo fa pele ga Modimo le Morena Jesu Keresete le baengele ba ba boitshepo gore o dire se le fa moruti e ka bo e le tsala ya gago e e faphegileng kgotsa nnyaa. Botlhe ba tshwanetse go tsholwa ka tekatekanyo. 22 O se ka wa itlhaganelela go tlhopha moruti; e ka re kgotsa wa tlodisa dibe tsa gagwe matlho mme ga lebega e ka re o a di dumelela. Tlhomamisa gore wena ka bowena o kgaogane le dibe. 23 (Mme mo ga go reye gore o tlogele go nwa mofine gotlhelele. O tshwanetse go nwa go le gonnye e le molemo wa mala a gago gonne o aga o lwala). 24 Mme gakologelwa gore banna bangwe, le e leng baruti tota, ba tshela botshelo jo bo leswe ebile mongwe le mongwe o itse ka gona. Mo mabakeng a a ntseng jaana o ka dira sengwe ka gone. Mme mo mabakeng a mangwe ke letsatsi la katlholo fela le le tlaa senolang boammaaruri jo bo boitshegang. 25 Fela jalo, batho ba itse gore baruti bangwe ba dira bomolemo go le kae, mme nako nngwe ditiro tsa bone tse dintle ga di itsiwe go fitlhelela morago ga lobaka lo lo leele.

In Other Versions

1 Timothy 5 in the ANGEFD

1 Timothy 5 in the ANTPNG2D

1 Timothy 5 in the AS21

1 Timothy 5 in the BAGH

1 Timothy 5 in the BBPNG

1 Timothy 5 in the BBT1E

1 Timothy 5 in the BDS

1 Timothy 5 in the BEV

1 Timothy 5 in the BHAD

1 Timothy 5 in the BIB

1 Timothy 5 in the BLPT

1 Timothy 5 in the BNT

1 Timothy 5 in the BNTABOOT

1 Timothy 5 in the BNTLV

1 Timothy 5 in the BOATCB

1 Timothy 5 in the BOATCB2

1 Timothy 5 in the BOBCV

1 Timothy 5 in the BOCNT

1 Timothy 5 in the BOECS

1 Timothy 5 in the BOGWICC

1 Timothy 5 in the BOHCB

1 Timothy 5 in the BOHCV

1 Timothy 5 in the BOHLNT

1 Timothy 5 in the BOHNTLTAL

1 Timothy 5 in the BOICB

1 Timothy 5 in the BOILNTAP

1 Timothy 5 in the BOITCV

1 Timothy 5 in the BOKCV

1 Timothy 5 in the BOKCV2

1 Timothy 5 in the BOKHWOG

1 Timothy 5 in the BOKSSV

1 Timothy 5 in the BOLCB

1 Timothy 5 in the BOLCB2

1 Timothy 5 in the BOMCV

1 Timothy 5 in the BONAV

1 Timothy 5 in the BONCB

1 Timothy 5 in the BONLT

1 Timothy 5 in the BONUT2

1 Timothy 5 in the BOPLNT

1 Timothy 5 in the BOSCB

1 Timothy 5 in the BOSNC

1 Timothy 5 in the BOVCB

1 Timothy 5 in the BOYCB

1 Timothy 5 in the BPBB

1 Timothy 5 in the BPH

1 Timothy 5 in the BSB

1 Timothy 5 in the CCB

1 Timothy 5 in the CUV

1 Timothy 5 in the CUVS

1 Timothy 5 in the DBT

1 Timothy 5 in the DGDNT

1 Timothy 5 in the DHNT

1 Timothy 5 in the DNT

1 Timothy 5 in the ELBE

1 Timothy 5 in the EMTV

1 Timothy 5 in the ESV

1 Timothy 5 in the FBV

1 Timothy 5 in the FEB

1 Timothy 5 in the GGMNT

1 Timothy 5 in the GNT

1 Timothy 5 in the HARY

1 Timothy 5 in the HNT

1 Timothy 5 in the IRVA

1 Timothy 5 in the IRVB

1 Timothy 5 in the IRVG

1 Timothy 5 in the IRVH

1 Timothy 5 in the IRVK

1 Timothy 5 in the IRVM

1 Timothy 5 in the IRVM2

1 Timothy 5 in the IRVO

1 Timothy 5 in the IRVP

1 Timothy 5 in the IRVT

1 Timothy 5 in the IRVT2

1 Timothy 5 in the IRVU

1 Timothy 5 in the ISVN

1 Timothy 5 in the JSNT

1 Timothy 5 in the KAPI

1 Timothy 5 in the KBT1ETNIK

1 Timothy 5 in the KBV

1 Timothy 5 in the KJV

1 Timothy 5 in the KNFD

1 Timothy 5 in the LBA

1 Timothy 5 in the LBLA

1 Timothy 5 in the LNT

1 Timothy 5 in the LSV

1 Timothy 5 in the MAAL

1 Timothy 5 in the MBV

1 Timothy 5 in the MBV2

1 Timothy 5 in the MHNT

1 Timothy 5 in the MKNFD

1 Timothy 5 in the MNG

1 Timothy 5 in the MNT

1 Timothy 5 in the MNT2

1 Timothy 5 in the MRS1T

1 Timothy 5 in the NAA

1 Timothy 5 in the NASB

1 Timothy 5 in the NBLA

1 Timothy 5 in the NBS

1 Timothy 5 in the NBVTP

1 Timothy 5 in the NET2

1 Timothy 5 in the NIV11

1 Timothy 5 in the NNT

1 Timothy 5 in the NNT2

1 Timothy 5 in the NNT3

1 Timothy 5 in the PDDPT

1 Timothy 5 in the PFNT

1 Timothy 5 in the RMNT

1 Timothy 5 in the SBIAS

1 Timothy 5 in the SBIBS

1 Timothy 5 in the SBIBS2

1 Timothy 5 in the SBICS

1 Timothy 5 in the SBIDS

1 Timothy 5 in the SBIGS

1 Timothy 5 in the SBIHS

1 Timothy 5 in the SBIIS

1 Timothy 5 in the SBIIS2

1 Timothy 5 in the SBIIS3

1 Timothy 5 in the SBIKS

1 Timothy 5 in the SBIKS2

1 Timothy 5 in the SBIMS

1 Timothy 5 in the SBIOS

1 Timothy 5 in the SBIPS

1 Timothy 5 in the SBISS

1 Timothy 5 in the SBITS

1 Timothy 5 in the SBITS2

1 Timothy 5 in the SBITS3

1 Timothy 5 in the SBITS4

1 Timothy 5 in the SBIUS

1 Timothy 5 in the SBIVS

1 Timothy 5 in the SBT

1 Timothy 5 in the SBT1E

1 Timothy 5 in the SCHL

1 Timothy 5 in the SNT

1 Timothy 5 in the SUSU

1 Timothy 5 in the SUSU2

1 Timothy 5 in the SYNO

1 Timothy 5 in the TBIAOTANT

1 Timothy 5 in the TBT1E

1 Timothy 5 in the TBT1E2

1 Timothy 5 in the TFTIP

1 Timothy 5 in the TFTU

1 Timothy 5 in the TGNTATF3T

1 Timothy 5 in the THAI

1 Timothy 5 in the TNFD

1 Timothy 5 in the TNT

1 Timothy 5 in the TNTIK

1 Timothy 5 in the TNTIL

1 Timothy 5 in the TNTIN

1 Timothy 5 in the TNTIP

1 Timothy 5 in the TNTIZ

1 Timothy 5 in the TOMA

1 Timothy 5 in the TTENT

1 Timothy 5 in the UBG

1 Timothy 5 in the UGV

1 Timothy 5 in the UGV2

1 Timothy 5 in the UGV3

1 Timothy 5 in the VBL

1 Timothy 5 in the VDCC

1 Timothy 5 in the YALU

1 Timothy 5 in the YAPE

1 Timothy 5 in the YBVTP

1 Timothy 5 in the ZBP