1 Timothy 6 (BOTLNT)

1 Batlhanka ba e leng Bakeresete ba tshwanetse go direla beng ba bone thata ba bo ba ba tlotla; se direng gore gotwe batho ba ga Keresete ke badiri ba ba ditshwakga. Se letleng gore leina la Modimo kgotsa thuto ya One e nyadiwe ka ntlha ya se. 2 Fa mong-wa bone e le Mokeresete, moo ga go reye gore ba itepeletse; bogolo ba tshwanetse go dira thata ka gore mokaulengwe mo tumelong o thusiwa ke maiteko a bone. O rute boammaaruri jo, mme o kgothatse botlhe go bo tshegetsa. 3 Mme bangwe ba ka gana dilo tse, mme ke dithuto tse di nonofileng tse di tshedileng tsa Morena Jesu Keresete ebile ke motheo wa botshelo jwa Semodimo. 4 Le fa e le mang yo o buang sengwe se sele se se farologanyeng le se, o a ikgantsha ebile o seeleele. O tila se mafoko a ga Keresete a se rayang le dikganetsanyo tse di felelang mo mafufeng le mo bosilong, tse di isang fela mo go bidiweng ka maina a e seng one, dipateletso le dipelaelo tse di bosula. 5 Baganetsi ba, ba ditlhaloganyo tsa bone di bo filweng ke sebe, ga ba itse go bolela boammaruri; mo go bone go bolela Mafoko a a Molemo ke leano la go dira madi fela. Ikgapheng mo go bone. 6 A o batla go huma? O setse o humile fa o itumela ebile o siame. 7 Le gone ebile ga re a ka ra tla le madi fa re tla mo lefatsheng leno gape ga re kake ra tsaya le fa e le ledinyana le le lengwe fa ree swa. 8 Jalo re tshwanetse go itumela fela kwa ntle ga madi fa re na le dijo le diaparo tse di lekanyeng. 9 Mme batho ba ba eletsang go huma ka bonako ba simolola go dira mefuta yotlhe ya dilo tse di sa siamang gore ba bone madi, dilo tse di ba utlwisang botlhoko di bile di sulafatsa ditlhaloganyo tsa bone mme kwa bofelong di ba ise kwa moleting. 10 Gonne go rata madi ke yone kgato ya ntlha e e yang kwa mefuteng yotlhe ya boleo. Batho bangwe ebile ba setse ba kgelogile mo Modimong ka ntlha ya go a rata, mme ka go dira jalo ba itsentse mo mathateng a mantsi. 11 Oo, Timotheo, o monna wa Modimo. Tshaba dilo tse tsotlhe tse di bosula mme mo boemong jwa mo, o dire se se molemo le se se siameng, o ithuta go mo ikanya le go rata ba bangwe, le go nna pelotelele le tshiamo. 12 Tlhabanela Modimo thata. Tshwara thata botshelo jo bo sa khutleng jo Modimo o bo go neileng, jo o bo ipoleletseng ka boipolelo jo bogolo mo ponong ya basupi ba le bantsi. 13 Ke go laya fa pele ga Modimo o o nayang botlhe botshelo, le fa pele ga ga Ponto Pilatwe, 14 gore o diragatse tsotlhe tse o di go boleletseng gore o di dire, gore ope a se ka a go bona molato go tloga fano go fitlhelela Morena wa rona Jesu Keresete a boa. 15 Gonne mo lobakeng lo lo tshwanetseng, Keresete o tlaa senolwa mo legodimong ke Modimo Mothatayotlhe, Kgosi ya dikgosi le Morena wa Barena, 16 yo ka esi a se ka keng a swa, yo o nnang mo leseding le legolo le go senang ope yo o ka mo atamelang. Ga go na ope yo o kileng a mmona, kgotsa yo o tlaa mmonang. Mo go ene a go nne tlotlo le nonofo e e sa feleng le puso ka metlha le metlha. Amen. 17 Bolelela ba ba humileng gore ba se ka ba ikgantsha le go ikanya madi a bone, a a tlogang a nyelela ka bonako, mme boikgantsho jwa bone le boikanyo bo tshwanetse go nna mo Modimong o o tshelang o o re nayang tsotlhe tse re di tlhokang ka metlha yotlhe go di itumelela. 18 Ba bolelele gore ba dirise madi a bone go dira tshiamo. Ba tshwanetse go huma mo ditirong tse di molemo mme ba naya ka boitumelo ba ba tlhokang, ba aga ba ipaakanyeditse go abalana le ba bangwe sengwe le sengwe se Modimo o se ba neileng. 19 Ka go dira jalo ba tlaa bo ba ipolokela dikhumo kwa legodimong, ke yone fela polokelo ya bosakhutleng! Mme ba tlaa tshela botshelo jwa Sekeresete jo bo nang le maungo mono lefatsheng le kwa legodimong. 20 Oo, Timotheo, o se ka wa tlhoka go dira dilo tse, tse Modimo o di go neetseng. Ikgaphe mo dikganetsanyong tsa boeleele le mo go ba ba ipelafatsang ka “kitso” ya bone mme seo se supa fa ba sena nayo. 21 Bangwe ba batho ba, ba latlhegetswe ke selo sa botlhokwa mo botshelong, ga ba itse Modimo. A kutlwelo botlhoko ya Modimo e nne mo go wena.

In Other Versions

1 Timothy 6 in the ANGEFD

1 Timothy 6 in the ANTPNG2D

1 Timothy 6 in the AS21

1 Timothy 6 in the BAGH

1 Timothy 6 in the BBPNG

1 Timothy 6 in the BBT1E

1 Timothy 6 in the BDS

1 Timothy 6 in the BEV

1 Timothy 6 in the BHAD

1 Timothy 6 in the BIB

1 Timothy 6 in the BLPT

1 Timothy 6 in the BNT

1 Timothy 6 in the BNTABOOT

1 Timothy 6 in the BNTLV

1 Timothy 6 in the BOATCB

1 Timothy 6 in the BOATCB2

1 Timothy 6 in the BOBCV

1 Timothy 6 in the BOCNT

1 Timothy 6 in the BOECS

1 Timothy 6 in the BOGWICC

1 Timothy 6 in the BOHCB

1 Timothy 6 in the BOHCV

1 Timothy 6 in the BOHLNT

1 Timothy 6 in the BOHNTLTAL

1 Timothy 6 in the BOICB

1 Timothy 6 in the BOILNTAP

1 Timothy 6 in the BOITCV

1 Timothy 6 in the BOKCV

1 Timothy 6 in the BOKCV2

1 Timothy 6 in the BOKHWOG

1 Timothy 6 in the BOKSSV

1 Timothy 6 in the BOLCB

1 Timothy 6 in the BOLCB2

1 Timothy 6 in the BOMCV

1 Timothy 6 in the BONAV

1 Timothy 6 in the BONCB

1 Timothy 6 in the BONLT

1 Timothy 6 in the BONUT2

1 Timothy 6 in the BOPLNT

1 Timothy 6 in the BOSCB

1 Timothy 6 in the BOSNC

1 Timothy 6 in the BOVCB

1 Timothy 6 in the BOYCB

1 Timothy 6 in the BPBB

1 Timothy 6 in the BPH

1 Timothy 6 in the BSB

1 Timothy 6 in the CCB

1 Timothy 6 in the CUV

1 Timothy 6 in the CUVS

1 Timothy 6 in the DBT

1 Timothy 6 in the DGDNT

1 Timothy 6 in the DHNT

1 Timothy 6 in the DNT

1 Timothy 6 in the ELBE

1 Timothy 6 in the EMTV

1 Timothy 6 in the ESV

1 Timothy 6 in the FBV

1 Timothy 6 in the FEB

1 Timothy 6 in the GGMNT

1 Timothy 6 in the GNT

1 Timothy 6 in the HARY

1 Timothy 6 in the HNT

1 Timothy 6 in the IRVA

1 Timothy 6 in the IRVB

1 Timothy 6 in the IRVG

1 Timothy 6 in the IRVH

1 Timothy 6 in the IRVK

1 Timothy 6 in the IRVM

1 Timothy 6 in the IRVM2

1 Timothy 6 in the IRVO

1 Timothy 6 in the IRVP

1 Timothy 6 in the IRVT

1 Timothy 6 in the IRVT2

1 Timothy 6 in the IRVU

1 Timothy 6 in the ISVN

1 Timothy 6 in the JSNT

1 Timothy 6 in the KAPI

1 Timothy 6 in the KBT1ETNIK

1 Timothy 6 in the KBV

1 Timothy 6 in the KJV

1 Timothy 6 in the KNFD

1 Timothy 6 in the LBA

1 Timothy 6 in the LBLA

1 Timothy 6 in the LNT

1 Timothy 6 in the LSV

1 Timothy 6 in the MAAL

1 Timothy 6 in the MBV

1 Timothy 6 in the MBV2

1 Timothy 6 in the MHNT

1 Timothy 6 in the MKNFD

1 Timothy 6 in the MNG

1 Timothy 6 in the MNT

1 Timothy 6 in the MNT2

1 Timothy 6 in the MRS1T

1 Timothy 6 in the NAA

1 Timothy 6 in the NASB

1 Timothy 6 in the NBLA

1 Timothy 6 in the NBS

1 Timothy 6 in the NBVTP

1 Timothy 6 in the NET2

1 Timothy 6 in the NIV11

1 Timothy 6 in the NNT

1 Timothy 6 in the NNT2

1 Timothy 6 in the NNT3

1 Timothy 6 in the PDDPT

1 Timothy 6 in the PFNT

1 Timothy 6 in the RMNT

1 Timothy 6 in the SBIAS

1 Timothy 6 in the SBIBS

1 Timothy 6 in the SBIBS2

1 Timothy 6 in the SBICS

1 Timothy 6 in the SBIDS

1 Timothy 6 in the SBIGS

1 Timothy 6 in the SBIHS

1 Timothy 6 in the SBIIS

1 Timothy 6 in the SBIIS2

1 Timothy 6 in the SBIIS3

1 Timothy 6 in the SBIKS

1 Timothy 6 in the SBIKS2

1 Timothy 6 in the SBIMS

1 Timothy 6 in the SBIOS

1 Timothy 6 in the SBIPS

1 Timothy 6 in the SBISS

1 Timothy 6 in the SBITS

1 Timothy 6 in the SBITS2

1 Timothy 6 in the SBITS3

1 Timothy 6 in the SBITS4

1 Timothy 6 in the SBIUS

1 Timothy 6 in the SBIVS

1 Timothy 6 in the SBT

1 Timothy 6 in the SBT1E

1 Timothy 6 in the SCHL

1 Timothy 6 in the SNT

1 Timothy 6 in the SUSU

1 Timothy 6 in the SUSU2

1 Timothy 6 in the SYNO

1 Timothy 6 in the TBIAOTANT

1 Timothy 6 in the TBT1E

1 Timothy 6 in the TBT1E2

1 Timothy 6 in the TFTIP

1 Timothy 6 in the TFTU

1 Timothy 6 in the TGNTATF3T

1 Timothy 6 in the THAI

1 Timothy 6 in the TNFD

1 Timothy 6 in the TNT

1 Timothy 6 in the TNTIK

1 Timothy 6 in the TNTIL

1 Timothy 6 in the TNTIN

1 Timothy 6 in the TNTIP

1 Timothy 6 in the TNTIZ

1 Timothy 6 in the TOMA

1 Timothy 6 in the TTENT

1 Timothy 6 in the UBG

1 Timothy 6 in the UGV

1 Timothy 6 in the UGV2

1 Timothy 6 in the UGV3

1 Timothy 6 in the VBL

1 Timothy 6 in the VDCC

1 Timothy 6 in the YALU

1 Timothy 6 in the YAPE

1 Timothy 6 in the YBVTP

1 Timothy 6 in the ZBP