Colossians 2 (BOTLNT)

1 Ke eletsa fa lo ne lo ka itse ka fa ke lo kgaratlhetseng ka teng mo thapelong ke rapelela lona le phuthego e e kwa Laodikea, ebile ke rapelela le ditsala tsa me tse dingwe tse dintsi tse di iseng di ke di nkitse sefatlhogo. 2 Se ke se lo kope-tseng mo Modimong ke se: gore lo kgothadiwe lo bo lo lomaganngwe mmogo ka ditlamo tse di thata tsa lorato, le gore lo nne le boitemogelo jo bo tletseng le tlhaloganyo ya go itse Keresete ka botlalo. Gonne leano le la Modimo le le neng le sa itsiwe, jaanong le senotswe, ke lone Keresete ka sebele. 3 Mo go ene go na le mahumo otlhe a magolo a a fitlhegileng a a senang bolekanngo a botlhale le kitso. 4 Ke bua jaana ka gore ke tshaba gore motho mongwe o ka lo fora ka puo ya gagwe e e borethe. 5 Gonne le fa ke le kgakala le lona, pelo ya me yone e na le lona, ke a itumela gonne lo tsweletse sentle thata, ke a itumela ka ntlha ya tumelo ya lona e e nonofileng mo go Keresete. 6 Mme jaanong fela jaaka lo ne lwa ikanya Keresete go lo boloka, mo ikanyeng, le mo matshwenyegong a letsatsi lengwe le lengwe; nnang mo kgolaganong ya botlhokwa nae. 7 A medi ya lona e melele thata kwa teng ga gagwe mme e gope dikotla mo go ene. Elang tlhoko gore lo tswelele go gola mo Moreneng, le gore lo a nonofa ebile lo tlhomama mo boammaaruring jo lo bo rutilweng. A matshelo a lona a penologe ka boitumelo le malebogo mo go tsotlhe tse a di dirileng. 8 Se letleleleng ba bangwe go senya tumelo ya lona le boitumelo ka botlhalenyana jwa bone; le dikarabo tsa bone tse di sa tlalang tse di tswang mo megopolong le mo ditlhaloganyong tsa batho, mo boemong jwa go dumela mo go se Keresete o se buileng. 9 Gonne mo go Keresete go na le BoModimo jotlhe mo mmeleng wa setho; 10 jalo lo na le sengwe le sengwe fa lo na le Keresete, gape lo tladiwa ka Modimo ka ntlha ya kgolagano ya lona le Keresete. Keresete ke Mmusi yo mogolo, o na le taolo mo nonofong e nngwe le e nngwe. 11 Erile fa lo tla kwa go Keresete, a lo golola mo dikeletsong tsa lona tse di bosula, eseng ka thupiso ya mmele e e dirwang ka diatla mme e leng ka thupiso ya semowa, kolobetso ya mewa ya lona. 12 Gonne mo kolobetsong lo bona ka fa tlholego ya lona e kgologolo e e bosula e suleng nae ka teng le ka fa e neng ya fitlhwa nae ka teng; mme jalo lo ne lwa tsoga mo losong nae lwa tsogela mo botshelong jo bosha gonne lo ne lo ikanya Lefoko la Modimo o mogolo o o tsositseng Keresete mo baswing. 13 Lo ne lo sule mo dibeng, mme dikeletso tsa lona tsa boleo di ne di ise di kgaolwe. Mme wa lo naya seabe mo go jone botshelo jwa ga Keresete, gonne o ne wa lo itshwarela dibe tsotlhe. 14 Wa bo wa phimola bosupi jwa melato yotlhe ya lona, jo bo mo lokwalong lwa melao ya one e lo sa e obamelang. O ne wa tsaya lokwalo lwa melato mme wa lo senya ka go lo kokotela mo sefapaanong sa ga Keresete. 15 Ka tsela e, Modimo o ne wa tlosa nonofo ya ga Satane ya go lo bona molato wa boleo, Modimo wa bo wa supa mo pepeneneng mo lefatsheng lotlhe phenyo ya ga Keresete mo mokgorong kwa dibe tsa lona di neng tsa tlosiwa tsotlhe teng. 16 Jalo se letleleleng ope go lo bona molato kaga se lo se jang kgotsa se lo se nwang, kgotsa ka go tlhoka go tshegetsa malatsi a boikhutso a Sejuta le mediro kgotsa meletlo ya kgwedi e e rogwang kgotsa bo-Sabata. 17 Gonne se e ne e le melao fela ya lobakanyana e e neng ya khutla fa Keresete a tla. E ne e le meriti fela ya selo sa boammaaruri, ebong Keresete ka sebele. 18 Se letleleleng ope go lo raya a re lo latlhegile fa lo gana go obamela baengele, jaaka ba re lo tlamega go ba obamela. Ba re ba bonye ponatshegelo, mme ba itse gore lo tshwanetse. Batho ba ba ikgogomosang ba, ba na le kakanyo ya botlhale jo bogolo. 19 Mme ga ba a lomagana le Keresete, tlhogo e rotlhe ba re leng mmele wa gagwe re lomagantsweng mo go yone; gonne re lomagantswe nae ka mesifa ya gagwe e e nonofileng mme re gola fela fa re tsaya kotla le nonofo ya rona mo Modimong. 20 Mme e re ka o ka re lo sule le Keresete, ebile go swa mo go lo golotse mo go saleng morago ditlhaloganyo tsa lefatshe tsa ka fa lo ka bolokwang ka teng, ka go dira molemo le go obamela melao e mentsi e e farologanyeng, ke eng fa lo tswelela lo e sala morago ka tsela nngwe, lo santse lo bofilwe ke melao e e reng, 21 lo se ka lwa leka sepe ka legano, kgotsa le fa e le go ama dijo dingwe? 22 Melao e e ntseng jaana ke dithuto tsa batho fela, gonne dijo di diretswe go jewa le go dirisiwa. 23 Melao e, e ka ne e bonala e siame, gonne melao ya mofuta o, e batla boineelo jo bo nonofileng mme e kgobalatsa mmele ebile e imela mmele, mme ga e na thuso epe fa go tliwa mo go fenyeng megopolo e e bosula le dikeletso tse di bosula tsa motho. E mo dira boikgodiso fela.

In Other Versions

Colossians 2 in the ANGEFD

Colossians 2 in the ANTPNG2D

Colossians 2 in the AS21

Colossians 2 in the BAGH

Colossians 2 in the BBPNG

Colossians 2 in the BBT1E

Colossians 2 in the BDS

Colossians 2 in the BEV

Colossians 2 in the BHAD

Colossians 2 in the BIB

Colossians 2 in the BLPT

Colossians 2 in the BNT

Colossians 2 in the BNTABOOT

Colossians 2 in the BNTLV

Colossians 2 in the BOATCB

Colossians 2 in the BOATCB2

Colossians 2 in the BOBCV

Colossians 2 in the BOCNT

Colossians 2 in the BOECS

Colossians 2 in the BOGWICC

Colossians 2 in the BOHCB

Colossians 2 in the BOHCV

Colossians 2 in the BOHLNT

Colossians 2 in the BOHNTLTAL

Colossians 2 in the BOICB

Colossians 2 in the BOILNTAP

Colossians 2 in the BOITCV

Colossians 2 in the BOKCV

Colossians 2 in the BOKCV2

Colossians 2 in the BOKHWOG

Colossians 2 in the BOKSSV

Colossians 2 in the BOLCB

Colossians 2 in the BOLCB2

Colossians 2 in the BOMCV

Colossians 2 in the BONAV

Colossians 2 in the BONCB

Colossians 2 in the BONLT

Colossians 2 in the BONUT2

Colossians 2 in the BOPLNT

Colossians 2 in the BOSCB

Colossians 2 in the BOSNC

Colossians 2 in the BOVCB

Colossians 2 in the BOYCB

Colossians 2 in the BPBB

Colossians 2 in the BPH

Colossians 2 in the BSB

Colossians 2 in the CCB

Colossians 2 in the CUV

Colossians 2 in the CUVS

Colossians 2 in the DBT

Colossians 2 in the DGDNT

Colossians 2 in the DHNT

Colossians 2 in the DNT

Colossians 2 in the ELBE

Colossians 2 in the EMTV

Colossians 2 in the ESV

Colossians 2 in the FBV

Colossians 2 in the FEB

Colossians 2 in the GGMNT

Colossians 2 in the GNT

Colossians 2 in the HARY

Colossians 2 in the HNT

Colossians 2 in the IRVA

Colossians 2 in the IRVB

Colossians 2 in the IRVG

Colossians 2 in the IRVH

Colossians 2 in the IRVK

Colossians 2 in the IRVM

Colossians 2 in the IRVM2

Colossians 2 in the IRVO

Colossians 2 in the IRVP

Colossians 2 in the IRVT

Colossians 2 in the IRVT2

Colossians 2 in the IRVU

Colossians 2 in the ISVN

Colossians 2 in the JSNT

Colossians 2 in the KAPI

Colossians 2 in the KBT1ETNIK

Colossians 2 in the KBV

Colossians 2 in the KJV

Colossians 2 in the KNFD

Colossians 2 in the LBA

Colossians 2 in the LBLA

Colossians 2 in the LNT

Colossians 2 in the LSV

Colossians 2 in the MAAL

Colossians 2 in the MBV

Colossians 2 in the MBV2

Colossians 2 in the MHNT

Colossians 2 in the MKNFD

Colossians 2 in the MNG

Colossians 2 in the MNT

Colossians 2 in the MNT2

Colossians 2 in the MRS1T

Colossians 2 in the NAA

Colossians 2 in the NASB

Colossians 2 in the NBLA

Colossians 2 in the NBS

Colossians 2 in the NBVTP

Colossians 2 in the NET2

Colossians 2 in the NIV11

Colossians 2 in the NNT

Colossians 2 in the NNT2

Colossians 2 in the NNT3

Colossians 2 in the PDDPT

Colossians 2 in the PFNT

Colossians 2 in the RMNT

Colossians 2 in the SBIAS

Colossians 2 in the SBIBS

Colossians 2 in the SBIBS2

Colossians 2 in the SBICS

Colossians 2 in the SBIDS

Colossians 2 in the SBIGS

Colossians 2 in the SBIHS

Colossians 2 in the SBIIS

Colossians 2 in the SBIIS2

Colossians 2 in the SBIIS3

Colossians 2 in the SBIKS

Colossians 2 in the SBIKS2

Colossians 2 in the SBIMS

Colossians 2 in the SBIOS

Colossians 2 in the SBIPS

Colossians 2 in the SBISS

Colossians 2 in the SBITS

Colossians 2 in the SBITS2

Colossians 2 in the SBITS3

Colossians 2 in the SBITS4

Colossians 2 in the SBIUS

Colossians 2 in the SBIVS

Colossians 2 in the SBT

Colossians 2 in the SBT1E

Colossians 2 in the SCHL

Colossians 2 in the SNT

Colossians 2 in the SUSU

Colossians 2 in the SUSU2

Colossians 2 in the SYNO

Colossians 2 in the TBIAOTANT

Colossians 2 in the TBT1E

Colossians 2 in the TBT1E2

Colossians 2 in the TFTIP

Colossians 2 in the TFTU

Colossians 2 in the TGNTATF3T

Colossians 2 in the THAI

Colossians 2 in the TNFD

Colossians 2 in the TNT

Colossians 2 in the TNTIK

Colossians 2 in the TNTIL

Colossians 2 in the TNTIN

Colossians 2 in the TNTIP

Colossians 2 in the TNTIZ

Colossians 2 in the TOMA

Colossians 2 in the TTENT

Colossians 2 in the UBG

Colossians 2 in the UGV

Colossians 2 in the UGV2

Colossians 2 in the UGV3

Colossians 2 in the VBL

Colossians 2 in the VDCC

Colossians 2 in the YALU

Colossians 2 in the YAPE

Colossians 2 in the YBVTP

Colossians 2 in the ZBP