John 14 (BOTLNT)

1 “A dipelo tsa lona di se fuduege. Lo ikanya Modimo, jaanong inkanyeng le nna. 2 2-3 Go na le malapa a le mantsi kwa godimo kwa Rara o nnang teng, mme ke ya go a baakanyetsa go tla ga lona. Fa go setse go siame gotlhe, mme ke tlaa tla go lo tsaya, gore lo nne le nna ka metlha yotlhe kwa ke teng. Fa go ne go sa nna jalo nkabo ke lo boleletse sentle fela. 4 Mme lo itse kwa ke yang teng le tsela e e yang teng lo a e itse.” 5 Thomase a mo raya a re, “Nnyaa, ga re itse, ga re na kitso epe ya kwa o yang teng, jaanong re ka itse tsela jang?” 6 Mme Jesu a mo raya a re, “Ke nna Tsela, ee, le Boammaaruri le Botshelo. Ga go na ope yo o ka tlang kwa go Rara fa e se ka nna. 7 Fa lo ne lo itsile gore ke mang, hong lo ka bo lo itsile gore Rre ke mang. Go tloga fano lo a mo itse, ebile lo mmonye!” 8 Filipo a mo raya a re, “Morena, re supegetse Rara mme go tlaa bo go re lekanye.” 9 Jesu a fetola a re, “A ga o ise o nkitse Filipo, le fa ke sa bolo go nna le wena ka lobaka lo lo kana? Le fa e le mang yo o mponyeng o bonye Rre! Jaanong ke eng fa o kopa go mmona? 10 A ga o dumele gore ke mo go Rara yo o agileng mo go nna. Ebile o dira tiro ya gagwe ka nna. 11 Dumela fela gore ke mo go Rara ebile le Rara o mo go nna. E seng jalo dumela ka ntlha ya dikgakgamatso tse dikgolo tse o mponyeng ke di dira. 12 12-13 “Ka boammaaruri jo bo feletseng ke lo bolelela gore, le fa e le mang yo o dumelang mo go nna o tlaa dira dikgakgamatso tse ke di dirileng, gonne ke ya go nna le Rara. Lo ka mo kopa sengwe le sengwe lo dirisa leina la me, mme ke tlaa se dira, gonne mo go tlaa lere kgalaletso kwa go Rara ka ntlha ya se nna, Morwa, ke tlaa se lo direlang. 14 Ee, lopang le fa e le eng lo dirisa leina la me mme ke tlaa se dira!” 15 15-16 “Fa e le gore lo a nthata, inkokobeletseng; mme ke tlaa kopa Rara mme o tlaa lo naya Mogomotsi yo mongwe, mme ga a kitla a lo tlogela. 17 Mogomotsi yoo ke Mowa O O Boitshepo, Mowa o o gogelang mo boammaaruring jotlhe. Lefatshe ka bophara ga le ka ke la o amogela, gonne ga le o batle ebile ga le o itse. Mme lona lo a mo itse gonne o nna le lona gompieno, mme mo malatsinyaneng a a latelang o tlaa bo o le mo go lona. 18 Nnyaa, ga ke na go lo latlha kgotsa go lo tlogela lo le masiela mo setsuatsueng, ke tlaa tla kwa go lona. 19 Mo lobakanyaneng ke tlaa bo ke tsamaile ke dule mo lefatsheng, mme ke tlaa bo ke sa ntse ke na le lona. Gonne ke tlaa tshela gape, mme le lona lo tlaa tshela. 20 E tlaa re fa ke boela mo botshelong gape, lo tlaa itse gore ke mo go Rre, mme lona lo mo go nna le nna ke mo go lona. 21 Ene yo o inkobelang ke ene yo o nthatang; mme ka ntlha ya gore o a nthata, Rara o tlaa mo rata; mme le nna ke tlaa mo rata, ke tlaa mo itshenolela.” 22 Judase, (eseng Judase Isekariota, mme e leng morutwa yo mongwe wa gagwe yo o bidiwang ka leina leo le ene) a mo raya a re, “Morena, ke eng fa e le gore o tlaa itshenolela rona barutwa fela e seng lefatshe ka bophara?” 23 Jesu a fetola a re, “Gonne ke tlaa itshenolela ba ba nthatang le ba ba inkobelang. Rara le ene o tlaa ba rata, mme re tlaa tla kwa go bone go nna nabo. 24 Le fa e le mang yo o sa inkobelang ga a nthate. Mme gakologelwang, ga se nna ke arabang potso ya lona ka go bua jaana! Ke karabo e e tswang mo go Rara yo o nthomileng. 25 Ke lo bolelela dilo tse gompieno ke sa ntse ke na le lona. 26 Mme fa Rara a roma Mogomotsi mo boemong jwa me, mme ka Mogomotsi ke raya Mowa O O Boitshepo, o tlaa lo ruta go le go ntsi thata, le go lo gakolola sengwe le sengwe se nna ke se lo boleletseng. 27 “Ke lo tlogela ka mpho, ebong, kagiso ya pelo le mogopolo. Mme kagiso e ke e lo nayang ga e senyege jaaka kagiso e lo e newang ke lefatshe. Mme ke gona se tshwenyegeng kgotsa lwa boifa. 28 Gakologelwang se ke se lo boleletseng, ke a tsamaya, le gale ke tlaa boela kwa go lona gape. Fa e le gore lo a nthata, lo tlaa intumelela, gonne jaanong nka ya kwa go Rara, yo o leng mogolo mo go nna. 29 Ke lo boleletse dilo tse pele ga di diragala gore ere di diragala, lo tle lo ntumele. 30 “Ga ke nako e ntsi ya go bua le lona, gonne Kgosana e e bosula ya lefatshe leno e a atamela. Ga e na nonofo epe mo go nna, 31 mme ke tlaa dira ka kgololesego se Rara o se batlang mo go nna gore lefatshe le tle le itse fa ke rata Rara. Tlang, a re tsamayeng.”

In Other Versions

John 14 in the ANGEFD

John 14 in the ANTPNG2D

John 14 in the AS21

John 14 in the BAGH

John 14 in the BBPNG

John 14 in the BBT1E

John 14 in the BDS

John 14 in the BEV

John 14 in the BHAD

John 14 in the BIB

John 14 in the BLPT

John 14 in the BNT

John 14 in the BNTABOOT

John 14 in the BNTLV

John 14 in the BOATCB

John 14 in the BOATCB2

John 14 in the BOBCV

John 14 in the BOCNT

John 14 in the BOECS

John 14 in the BOGWICC

John 14 in the BOHCB

John 14 in the BOHCV

John 14 in the BOHLNT

John 14 in the BOHNTLTAL

John 14 in the BOICB

John 14 in the BOILNTAP

John 14 in the BOITCV

John 14 in the BOKCV

John 14 in the BOKCV2

John 14 in the BOKHWOG

John 14 in the BOKSSV

John 14 in the BOLCB

John 14 in the BOLCB2

John 14 in the BOMCV

John 14 in the BONAV

John 14 in the BONCB

John 14 in the BONLT

John 14 in the BONUT2

John 14 in the BOPLNT

John 14 in the BOSCB

John 14 in the BOSNC

John 14 in the BOVCB

John 14 in the BOYCB

John 14 in the BPBB

John 14 in the BPH

John 14 in the BSB

John 14 in the CCB

John 14 in the CUV

John 14 in the CUVS

John 14 in the DBT

John 14 in the DGDNT

John 14 in the DHNT

John 14 in the DNT

John 14 in the ELBE

John 14 in the EMTV

John 14 in the ESV

John 14 in the FBV

John 14 in the FEB

John 14 in the GGMNT

John 14 in the GNT

John 14 in the HARY

John 14 in the HNT

John 14 in the IRVA

John 14 in the IRVB

John 14 in the IRVG

John 14 in the IRVH

John 14 in the IRVK

John 14 in the IRVM

John 14 in the IRVM2

John 14 in the IRVO

John 14 in the IRVP

John 14 in the IRVT

John 14 in the IRVT2

John 14 in the IRVU

John 14 in the ISVN

John 14 in the JSNT

John 14 in the KAPI

John 14 in the KBT1ETNIK

John 14 in the KBV

John 14 in the KJV

John 14 in the KNFD

John 14 in the LBA

John 14 in the LBLA

John 14 in the LNT

John 14 in the LSV

John 14 in the MAAL

John 14 in the MBV

John 14 in the MBV2

John 14 in the MHNT

John 14 in the MKNFD

John 14 in the MNG

John 14 in the MNT

John 14 in the MNT2

John 14 in the MRS1T

John 14 in the NAA

John 14 in the NASB

John 14 in the NBLA

John 14 in the NBS

John 14 in the NBVTP

John 14 in the NET2

John 14 in the NIV11

John 14 in the NNT

John 14 in the NNT2

John 14 in the NNT3

John 14 in the PDDPT

John 14 in the PFNT

John 14 in the RMNT

John 14 in the SBIAS

John 14 in the SBIBS

John 14 in the SBIBS2

John 14 in the SBICS

John 14 in the SBIDS

John 14 in the SBIGS

John 14 in the SBIHS

John 14 in the SBIIS

John 14 in the SBIIS2

John 14 in the SBIIS3

John 14 in the SBIKS

John 14 in the SBIKS2

John 14 in the SBIMS

John 14 in the SBIOS

John 14 in the SBIPS

John 14 in the SBISS

John 14 in the SBITS

John 14 in the SBITS2

John 14 in the SBITS3

John 14 in the SBITS4

John 14 in the SBIUS

John 14 in the SBIVS

John 14 in the SBT

John 14 in the SBT1E

John 14 in the SCHL

John 14 in the SNT

John 14 in the SUSU

John 14 in the SUSU2

John 14 in the SYNO

John 14 in the TBIAOTANT

John 14 in the TBT1E

John 14 in the TBT1E2

John 14 in the TFTIP

John 14 in the TFTU

John 14 in the TGNTATF3T

John 14 in the THAI

John 14 in the TNFD

John 14 in the TNT

John 14 in the TNTIK

John 14 in the TNTIL

John 14 in the TNTIN

John 14 in the TNTIP

John 14 in the TNTIZ

John 14 in the TOMA

John 14 in the TTENT

John 14 in the UBG

John 14 in the UGV

John 14 in the UGV2

John 14 in the UGV3

John 14 in the VBL

John 14 in the VDCC

John 14 in the YALU

John 14 in the YAPE

John 14 in the YBVTP

John 14 in the ZBP