John 9 (BOTLNT)

1 Mme ya re a santse a tsamaya, a bona monna yo o saleng a tsalwa a foufetse. 2 Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, “Morena, ke eng fa monna yo a tsetswe e le sefofu? A ke ka ntlha ya dibe tsa gagwe kgotsa dibe tsa batsadi ba gagwe?” 3 Mme Jesu a araba a re, “Ga se ka ntlha ya dibe dipe. Go ne go direlwa gore nonofo ya Modimo e supiwe. 4 Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla. 5 Mme fa ke santse ke le fano mo lefatsheng, ke naya lefatshe lesedi la me.” 6 Mme a kgwela mathe mo mmung a duba seretse ka mathe mme a se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng, 7 mme a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tlhapa mo lekadibeng la Siloame” (lefoko le le reng ‘Siloame’ le raya gore ‘Romilwe’) jalo monna a ya kwa a romilweng teng, mme a feta a tlhapa a boela kwa morago a bona! 8 Mme ba ga gabo le batho ba bangwe ba ba mo itseng e le sefofu sa mokopi ba botsanya ba re, “A yo ke ene tota, mokopi yo re mo itseng?” 9 Bangwe ba re, ee, mme ba bangwe ba re nnyaa. Jalo ba akanyetsa ba re, “Ga e ka ke ya nna ene, mme o lebega jaaka ene!” Mme mokopi a ba raya a re, “Ke nna yo lo nkitseng!” 10 Mme ba mmotsa gore go diragetse jang gore a foufologe. Tota-tota go tsamaile jang! 11 Mme a ba raya a re, “Monna yo ba mmitsang Jesu o ne a duba seretse a se tshasa mo matlhong a me mme a nthaya a re ke ye kwa lekadibeng la Siloame ke ye go tlhapa seretse. Mme ke ne ka dira jalo, jaanong ke a bona!” 12 Mme ba mmotsa ba re, “O kae jaanong?” Mme a araba a re, “Ga ke itse.” 13 Mme ba tsaya monna ba mo isa kwa Bafarasaing. 14 Mme ya re mo go diragala ga bo go le letsatsi la Sabata. 15 Mme Bafarasai ba mmotsa gotlhe ka ga tiragalo eo. Jalo a ba bolelela ka fa Jesu a neng a dira seretse ka teng a se tshasa mo matlhong a gagwe, mme ya re a sena go tlhapa a bona! 16 Bangwe ba bone ba re, “Motho yo Jesu ga a tswe kwa Modimong gonne o dira go le Sabata.” Ba bangwe ba re, “Mme motho fela wa modira dibe ao ka dira dikgakgamatso tse jang?” Mme ga nna kgaogano e tona ya megopolo mo go bone. 17 Mme Bafarasai ba retologela kwa monneng yo a neng a foufetse ba mmotsa ba re, “Wa re monna yo o go foufolotseng ke mang?” Mme monna a re, “Ke bona gore e tshwanetse ya bo e le moporofiti a romilwe ke Modimo.” 18 Mme Baeteledipele ba Sejuta ba seka ba dumela gore o ne a foufetse, go fitlhelela ba botsa batsadi ba gagwe. 19 Erile ba sena go ba bitsa ba ba botsa ba re, “A motho yo ke morwaa lona? A o-tsetswe a foufetse? Fa go ntse jalo, ke eng fa a bona?” 20 Batsadi ba gagwe ba fetola ba re, “e itse gore motho yo ke ngwana wa rona le gore o tsetswe e le sefofu, 21 mme ga re itse gore go diragetse jang gore a foufologe, kgotsa gore o foufolotswe ke mang. O setse a godile o lekanye go ikarabela. Mmotseng.” 22 22-23 Ba ne ba bua jaana ka ba boifa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba setse ba anamisitse gore mongwe fela yo o reng Jesu ke Mesia o tlaa kgaolwa mo phuthegong. 24 Mme lwa bobedi ba bitsa monna yo o foufolotsweng ba mo raya ba re, “Galaletsa Modimo e seng Jesu, gonne re itse gore Jesu ke motho yo o bosula.” 25 Mme monna a fetola a re, “Ga ke itse gore a o siame kgotsa o bosula, mme nna ke itse fela gore, ke ne ke le sefofu mme jaanong ke a bona!” 26 Ba mmotsa ba re, “O ne a dira eng? O ne a go fodisa jang”? 27 Mme monna a ba botsa a re, “Bonang! Ke lo boleletse gagwe fela, a lo ne lo sa reetsa? Ke eng fa lo mpotsa gape? A le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?” 28 Mme ba mo hutsa ba mo raya ba re, “Morutwa wa gagwe, mme rona re barutwa ba ga Moshe. 29 Re itse gore Modimo o buile le Moshe, mme fa e le yo ene ga re itse sepe ka ga gagwe.” 30 Mme a fetola a re, “Ka ntlha yang, go a hakgamatsa! 31 O foufolola difofu, mme o na le ditsebe tse di bulegetseng ba ba o obamelang ba dirago rata ga one. 32 Fa e sale lefatshe le simologa ga go ise go ke go nne le ope yo a neng a ka foufola matlho a mongwe yo o tsetsweng a le sefofu. 33 Fa monna yo a ne a sa tswe kwa Modimong, o ka bo a sa kgona go foufolola difofu.” 34 Mme ba goa ba re, “Ngwana wa mpa ya dikgora ke wena! A o leka go re ruta?” Mme ba mo kgoromeletsa kwa ntle. 35 Erile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a bona monna yo mme a mo raya a re, “A o dumela mo go Mesis?” 36 Mme monna a araba a re, “E mang, rra, gonne ke a batla.” 37 Mme Jesu a re, “O mmonye, ebile ke ene yo o buang le wena!” 38 Monna a re, “Ee, Morena, Ke a dumela!” mme a obamela Jesu. 39 Mme Jesu a mo raya a re, “E tletse mo lefatsheng go naya ba ba foufetseng mo moweng pono le go kaela ba ba ithayang ba re ba a bona gore ba foufetse.” 40 Bafarasai ba ba neng eme foo ba botsa ba re, “A wa re re foufetse?” 41 Mme Jesu a ba raya a re, “Fa lo ne lo foufetse, lo ka bo lo se molato! Mme lo molato gonne lo ipona gore lo itse se lo se dirang.”

In Other Versions

John 9 in the ANGEFD

John 9 in the ANTPNG2D

John 9 in the AS21

John 9 in the BAGH

John 9 in the BBPNG

John 9 in the BBT1E

John 9 in the BDS

John 9 in the BEV

John 9 in the BHAD

John 9 in the BIB

John 9 in the BLPT

John 9 in the BNT

John 9 in the BNTABOOT

John 9 in the BNTLV

John 9 in the BOATCB

John 9 in the BOATCB2

John 9 in the BOBCV

John 9 in the BOCNT

John 9 in the BOECS

John 9 in the BOGWICC

John 9 in the BOHCB

John 9 in the BOHCV

John 9 in the BOHLNT

John 9 in the BOHNTLTAL

John 9 in the BOICB

John 9 in the BOILNTAP

John 9 in the BOITCV

John 9 in the BOKCV

John 9 in the BOKCV2

John 9 in the BOKHWOG

John 9 in the BOKSSV

John 9 in the BOLCB

John 9 in the BOLCB2

John 9 in the BOMCV

John 9 in the BONAV

John 9 in the BONCB

John 9 in the BONLT

John 9 in the BONUT2

John 9 in the BOPLNT

John 9 in the BOSCB

John 9 in the BOSNC

John 9 in the BOVCB

John 9 in the BOYCB

John 9 in the BPBB

John 9 in the BPH

John 9 in the BSB

John 9 in the CCB

John 9 in the CUV

John 9 in the CUVS

John 9 in the DBT

John 9 in the DGDNT

John 9 in the DHNT

John 9 in the DNT

John 9 in the ELBE

John 9 in the EMTV

John 9 in the ESV

John 9 in the FBV

John 9 in the FEB

John 9 in the GGMNT

John 9 in the GNT

John 9 in the HARY

John 9 in the HNT

John 9 in the IRVA

John 9 in the IRVB

John 9 in the IRVG

John 9 in the IRVH

John 9 in the IRVK

John 9 in the IRVM

John 9 in the IRVM2

John 9 in the IRVO

John 9 in the IRVP

John 9 in the IRVT

John 9 in the IRVT2

John 9 in the IRVU

John 9 in the ISVN

John 9 in the JSNT

John 9 in the KAPI

John 9 in the KBT1ETNIK

John 9 in the KBV

John 9 in the KJV

John 9 in the KNFD

John 9 in the LBA

John 9 in the LBLA

John 9 in the LNT

John 9 in the LSV

John 9 in the MAAL

John 9 in the MBV

John 9 in the MBV2

John 9 in the MHNT

John 9 in the MKNFD

John 9 in the MNG

John 9 in the MNT

John 9 in the MNT2

John 9 in the MRS1T

John 9 in the NAA

John 9 in the NASB

John 9 in the NBLA

John 9 in the NBS

John 9 in the NBVTP

John 9 in the NET2

John 9 in the NIV11

John 9 in the NNT

John 9 in the NNT2

John 9 in the NNT3

John 9 in the PDDPT

John 9 in the PFNT

John 9 in the RMNT

John 9 in the SBIAS

John 9 in the SBIBS

John 9 in the SBIBS2

John 9 in the SBICS

John 9 in the SBIDS

John 9 in the SBIGS

John 9 in the SBIHS

John 9 in the SBIIS

John 9 in the SBIIS2

John 9 in the SBIIS3

John 9 in the SBIKS

John 9 in the SBIKS2

John 9 in the SBIMS

John 9 in the SBIOS

John 9 in the SBIPS

John 9 in the SBISS

John 9 in the SBITS

John 9 in the SBITS2

John 9 in the SBITS3

John 9 in the SBITS4

John 9 in the SBIUS

John 9 in the SBIVS

John 9 in the SBT

John 9 in the SBT1E

John 9 in the SCHL

John 9 in the SNT

John 9 in the SUSU

John 9 in the SUSU2

John 9 in the SYNO

John 9 in the TBIAOTANT

John 9 in the TBT1E

John 9 in the TBT1E2

John 9 in the TFTIP

John 9 in the TFTU

John 9 in the TGNTATF3T

John 9 in the THAI

John 9 in the TNFD

John 9 in the TNT

John 9 in the TNTIK

John 9 in the TNTIL

John 9 in the TNTIN

John 9 in the TNTIP

John 9 in the TNTIZ

John 9 in the TOMA

John 9 in the TTENT

John 9 in the UBG

John 9 in the UGV

John 9 in the UGV2

John 9 in the UGV3

John 9 in the VBL

John 9 in the VDCC

John 9 in the YALU

John 9 in the YAPE

John 9 in the YBVTP

John 9 in the ZBP