Luke 17 (BOTLNT)

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu raya barutwa ba gagwe a re, “Go tlaa aga go le dithaelo tsa go leofa, mme a bo go latlhega motho yo o raelang. 2 2-3 Fa a ne a latlhetswe mo lewatleng ka lentswe le legolo le fapeletswe mo molaleng wa gagwe, o ne a ka bo a le botoka thata go na le go otlhaelwa go tlhokofatsa mewa ya ba bannye ba. Ke a lo tlhagisa! Kgalemela morwa-rrago fa a leofa mme o mo itshwarele fa a ipona molato. 4 Le fa a go leofela ga supa ka letsatsi mme nako nngwe le nngwe a boela go wena a kopa maitshwarelo, mo itshwarele.” 5 Ka letsatsi lengwe Baaposetoloi ba raya Morena ba re, “Re tlhoka tumelo e kgolo; re ka e bona jang?” 6 Jesu a ba araba a re, “Fa tumelo ya lona e le selekanyo sa peo ya mosetara, e tlaa bo e le kgolo thata go kumula setlhare se se kwa sele sa mosikamine le go se tlhoma mo teng ga lewatle! Taolo ya lona e ne e ka diragala ka bofefo! 7 7-9 Fa motlhanka a tswa go lema kgotsa a tswa go disa dinku, ga a nne fela fa fatshe a a ja, mme pele o baakanyetsa mong wa gagwe dijo tsa maitseboa pele ga a a ja tsa gagwe. Mme ga a lebogwe, gonne o dira se a tshwanetseng go se dira. 10 Fela jalo, fa lo nkutlwa, ga lo a tshwanela go galalediwa. Gonne lo dirile tiro ya lona!” 11 E rile ba ntse ba tsweletse mo loetong lwa go ya Jerusalema, ba tsena fa molelwaneng o o fa gare ga Galalea le Samarea, 12 mme ya re ba tsena mo motsaneng oo, baleperwa ba le some ba bo ba emetse kwa kgakajana, 13 ba goa ba re, “Jesu, Morena, re utlwele botlhoko!” 14 Mme a ba leba a re, “Tsamayang lo ye kwa moperesiting wa Sejuta lo mo supegetse gore lo fodisitswe!” Mme ya re ba tsamaya, boleperwa jwa bone jwa nyelela! 15 Mme mongwe wa bone a boela kwa go Jesu a goa a re, “A go galalediwe Modimo, ke fodisitswe!” 16 A wela fa fatshe fa pele ga dinao tsa ga Jesu, a lebile fa fatshe mo loroleng a lebogela se a se dirileng. Monna yo e ne e le Mosamarea yo o nyatsegileng. 17 Mme Jesu a botsa a re, “A ga ke a fodisa banna ba le lesome? Ba ba ferang bongwe ba kae? 18 A ke Modichaba yo fela yo o boileng go tla go galaletsa Modimo?” 19 Mme Jesu a mo raya a re, “Ema o tsamaye tumelo ya gago e go fodisitse.” 20 Mme ya re ka letsatsi lengwe Bafarasai ba botsa Jesu ba re, “Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa leng? Jesu a ba fetola a re, Bogosi jwa Modimo ga bo tle ka ditshupo tse di bonalang. 21 Ga lo ka ke lwa kgona gore lo re, ‘Bo simologile fano mo lefelong le kgotsa kwa ntlheng ele ya lefatshe’. Gonne Bogosi jwa Modimo bo mo go lona.” 22 Mme morago a bua gape kaga selo se le barutwa ba gagwe. A ba raya a re, “Lobaka lo e tla lo lo tlaa ntlhoafalelang ka lone go nna le lona le fa e le letsatsi le le lengwe fela mme ke tlaa bo ke seyo fa.” 23 “Dipolelo di tlaa tla mo go lona tsa gore ke boile le gore ke mo lefelong le kgotsa le; mme lo se ka lwa di dumela kgotsa lwa ya go mpatla. 24 Gonne e tlaa re fa ke boa, lo tlaa itse kwa ntle ga pelaelo epe. Ke tlaa bo ke tshwana le logadima lo lo phatsimang go kgabaganya loapi. 25 Mme pele ke tshwanetse go sotlega thata le go ganwa ke sechaba se sotlhe. 26 “[E tlaa re fa ke boa] lefatshe le tlaa [tlhokomologa dilo tsa Modimo] jaaka batho ba lobaka lwa ga Noa. 27 Ba ne ba a ja, ba a nwa, ba nyala, sengwe le sengwe se siame go fitlhelela letsatsi le Noa o neng a tsena mo tlung e e kokobalang ka lone mme morwalela wa tla wa senya botlhe. 28 “Mme lefatshe le tlaa nna jaaka mo metlheng ya ga Lote: Batho ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi, ba a nwa ba a ja, ba reka ba rekisa, ba tlhoma ditlhare ba aga, 29 go fitlhelela mo mosong o Lote o neng a tswa mo Sodoma. Hong molelo le sebabole tse di neng di tswa kwa legodimong tsa ba nyeletsa botlhe. 30 Ee, go tlaa ‘bo go berekwa’ jaaka gale go fitlhelela lobaka lwa go boa ga me. 31 “Ba ba tlaa bong ba se mo lwapeng ka letsatsi leo ba seka ba ya go phutha; ba ba mo nageng ba se ka ba boela kwa motsing. 32 Gakologelwang se se neng sa diragalela mosadi wa ga Lote! 33 Le fa e le mang yo o ngaparetseng botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe o tlaa bo boloka. 34 Mo bosigong joo banna ba le babedi ba tlaa bo ba robetse mo tlung e le nngwe mme mongwe o tlaa tsewa yo mongwe a tlogelwe. 35 35-36 Basadi ba le babedi ba tlaa bo ba dira botlhe mo tlung; yo mongwe o tlaa tsewa, yo mongwe o tlaa tlogelwa; mme go tlaa nna fela jalo mo banneng ba ba dirang ba bapile mo tshimong.” 37 Mme barutwa ba botsa ba re, “Morena, ba tlaa bo ba isiwa kae?” Jesu a fetola a re, “Kwa setoto se leng gone, manong a phuthegela gone!”

In Other Versions

Luke 17 in the ANGEFD

Luke 17 in the ANTPNG2D

Luke 17 in the AS21

Luke 17 in the BAGH

Luke 17 in the BBPNG

Luke 17 in the BBT1E

Luke 17 in the BDS

Luke 17 in the BEV

Luke 17 in the BHAD

Luke 17 in the BIB

Luke 17 in the BLPT

Luke 17 in the BNT

Luke 17 in the BNTABOOT

Luke 17 in the BNTLV

Luke 17 in the BOATCB

Luke 17 in the BOATCB2

Luke 17 in the BOBCV

Luke 17 in the BOCNT

Luke 17 in the BOECS

Luke 17 in the BOGWICC

Luke 17 in the BOHCB

Luke 17 in the BOHCV

Luke 17 in the BOHLNT

Luke 17 in the BOHNTLTAL

Luke 17 in the BOICB

Luke 17 in the BOILNTAP

Luke 17 in the BOITCV

Luke 17 in the BOKCV

Luke 17 in the BOKCV2

Luke 17 in the BOKHWOG

Luke 17 in the BOKSSV

Luke 17 in the BOLCB

Luke 17 in the BOLCB2

Luke 17 in the BOMCV

Luke 17 in the BONAV

Luke 17 in the BONCB

Luke 17 in the BONLT

Luke 17 in the BONUT2

Luke 17 in the BOPLNT

Luke 17 in the BOSCB

Luke 17 in the BOSNC

Luke 17 in the BOVCB

Luke 17 in the BOYCB

Luke 17 in the BPBB

Luke 17 in the BPH

Luke 17 in the BSB

Luke 17 in the CCB

Luke 17 in the CUV

Luke 17 in the CUVS

Luke 17 in the DBT

Luke 17 in the DGDNT

Luke 17 in the DHNT

Luke 17 in the DNT

Luke 17 in the ELBE

Luke 17 in the EMTV

Luke 17 in the ESV

Luke 17 in the FBV

Luke 17 in the FEB

Luke 17 in the GGMNT

Luke 17 in the GNT

Luke 17 in the HARY

Luke 17 in the HNT

Luke 17 in the IRVA

Luke 17 in the IRVB

Luke 17 in the IRVG

Luke 17 in the IRVH

Luke 17 in the IRVK

Luke 17 in the IRVM

Luke 17 in the IRVM2

Luke 17 in the IRVO

Luke 17 in the IRVP

Luke 17 in the IRVT

Luke 17 in the IRVT2

Luke 17 in the IRVU

Luke 17 in the ISVN

Luke 17 in the JSNT

Luke 17 in the KAPI

Luke 17 in the KBT1ETNIK

Luke 17 in the KBV

Luke 17 in the KJV

Luke 17 in the KNFD

Luke 17 in the LBA

Luke 17 in the LBLA

Luke 17 in the LNT

Luke 17 in the LSV

Luke 17 in the MAAL

Luke 17 in the MBV

Luke 17 in the MBV2

Luke 17 in the MHNT

Luke 17 in the MKNFD

Luke 17 in the MNG

Luke 17 in the MNT

Luke 17 in the MNT2

Luke 17 in the MRS1T

Luke 17 in the NAA

Luke 17 in the NASB

Luke 17 in the NBLA

Luke 17 in the NBS

Luke 17 in the NBVTP

Luke 17 in the NET2

Luke 17 in the NIV11

Luke 17 in the NNT

Luke 17 in the NNT2

Luke 17 in the NNT3

Luke 17 in the PDDPT

Luke 17 in the PFNT

Luke 17 in the RMNT

Luke 17 in the SBIAS

Luke 17 in the SBIBS

Luke 17 in the SBIBS2

Luke 17 in the SBICS

Luke 17 in the SBIDS

Luke 17 in the SBIGS

Luke 17 in the SBIHS

Luke 17 in the SBIIS

Luke 17 in the SBIIS2

Luke 17 in the SBIIS3

Luke 17 in the SBIKS

Luke 17 in the SBIKS2

Luke 17 in the SBIMS

Luke 17 in the SBIOS

Luke 17 in the SBIPS

Luke 17 in the SBISS

Luke 17 in the SBITS

Luke 17 in the SBITS2

Luke 17 in the SBITS3

Luke 17 in the SBITS4

Luke 17 in the SBIUS

Luke 17 in the SBIVS

Luke 17 in the SBT

Luke 17 in the SBT1E

Luke 17 in the SCHL

Luke 17 in the SNT

Luke 17 in the SUSU

Luke 17 in the SUSU2

Luke 17 in the SYNO

Luke 17 in the TBIAOTANT

Luke 17 in the TBT1E

Luke 17 in the TBT1E2

Luke 17 in the TFTIP

Luke 17 in the TFTU

Luke 17 in the TGNTATF3T

Luke 17 in the THAI

Luke 17 in the TNFD

Luke 17 in the TNT

Luke 17 in the TNTIK

Luke 17 in the TNTIL

Luke 17 in the TNTIN

Luke 17 in the TNTIP

Luke 17 in the TNTIZ

Luke 17 in the TOMA

Luke 17 in the TTENT

Luke 17 in the UBG

Luke 17 in the UGV

Luke 17 in the UGV2

Luke 17 in the UGV3

Luke 17 in the VBL

Luke 17 in the VDCC

Luke 17 in the YALU

Luke 17 in the YAPE

Luke 17 in the YBVTP

Luke 17 in the ZBP