Luke 18 (BOTLNT)

1 Mme ya re ka letsatsi lengwe Jesu a bolelela barutwa ba gagwe polelo ya go ba supegetsa ka fa go tlhokegang ka teng gore ba rapele ka metlha yotlhe le go ba bontsha gore ba tshwanetse go tswelela ba rapela go fitlhelela ba bona karabo. 2 A ba raya a re, “Go kile ga bo go na le moatlhodi mo motsing, monna yo o ne a sa boife Modimo a le lonyatso lo logolo mo go botlhe. 3 Mme motlholagadi mongwe wa motse oo o ne a tla kwa go ene nako le nako go ikopela tsheko kgatlhanong le monna yo o neng a mo utlwisitse botlhoko. 4 4-5 “Moatlhodi o ne a mo tlhokomologa ka lobakanyana mme ya re morago a mo lapisa. A ithaya a re, ‘Ga ke boife Modimo le fa e le motho, mme mosadi yo o a ntshwenya. Ke tlaa mo atlhola gonne o ntapisa ka go boaboa ga gagwe.’ ” 6 Hong Morena a ba raya a re, “Fa e le gore moatlhodi yo o bosula o ka dira jalo, 7 a ga lo akanye gore Modimo o tlaa atlholela batho ba one ka tshiamo ba ba o lopang bosigo le motshegare? 8 Ee! O tlaa ba araba ka bonako! Mme potso ke gore: Fa nna Morwa motho, ke boa, ke tlaa fitlhela ba le kae ba ba nang le tumelo [ebile ba rapela]?” 9 Hong a ba bolelela polelo ya bangwe ba ba kileng ba ikgantsha ka tshiamo ya bone ba nyatsa ba bangwe. 10 “Banna ba babedi ba kile ba ya kwa Tempeleng go ya go rapela. Mongwe e ne e le moikgantshi wa Mofarasai, yo o iponang tshiamo yo mongwe e le mokgethisi wa motsietsi. 11 Mme moikgantshi wa Mofarasai a ‘rapela’ thapelo e: ‘Ke a leboga Mo-dimo, ga ke moleofi jaaka ba bangwe, bogolo jang jaaka mokgethisi yole! Gonne ga ke tsietse, ga ke dire boaka, 12 Ke itima dijo gabedi mo bekeng, mme ke naya Modimo di tsa bosome jwa dilo tsotlhe tse ke di bapalang.’ 13 “Mme mokgethisi yo o bosula a emetse kwa kgakala a sa batle go lelala kwa legodimong fa a rapela, a ititaya sefuba ka kutlobotlhoko, a goa a re, ‘Modimo nkutlwela botlhoko nna moleofi!’ 14 Ke a lo bolelela, moleofi yo, e seng Mofarasai, o ne a boela gae a itshwaretswe! Gonne baikgantshi ba tlaa ngotlafadiwa mme ba ba ingotlang ba tlaa godisiwa.” 15 Ka letsatsi lengwe basadi bangwe ba tlisa masea a bone kwa go ene go ba ama le go ba segofatsa. Mme barutwa ba ba raya ba re ba tsamaya. 16 16-17 Hong Jesu a ipiletsa bananyana mme a raya barutwa a re, “Lesang bananyana ba tle kwa go nna! Lo se ka lwa ba kganela! Gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa batho ba dipelo tsa bone di nang le tumelo jaaka tsa bananyana. Mme le fa e le mang yo o senang tumelo e e tshwanang le ya bone, ga a kitla a tsena ka dikgoro tsa Bogosi!” 18 Ka bofefo Moeteledipele wa tumelo ya Sejuta a mmotsa potso e: “Morena yo o molemo ke ka dira jang go tsena mo legodimong?” 19 Mme Jesu a mo raya a re, “A o lemoga se o se buang fa o mpitsa ‘molemo’? Ke Modimo fela ke one o molemo, e seng ope gape. 20 Mme ka fa potsong ya gago, o itse gore melao e e lesome ya re, o seka wa dira boaka, o seka wa bolaya, o seka wa utswa, o se ka wa aka, tlotla batsadi ba gago, le e mengwe jalo.” 21 Mme monna a fetola a re, “Ke tlhokometse mongwe le mongwe wa melao eo go tswa bonnyeng jwa me.” 22 Hong Jesu a mo raya a re, “Go santse go na le sengwe se o se tlhokang, rekisa tsotlhe tse o nang natso o abele bahumanegi madi, e tlaa nna yone khumo ya gago kwa legodimong, mme o tle, o ntshale morago.” 23 Mme e rile fa monna a utlwa se, a tsamaya ka kutlo botlhoko, ka a ne a humile thata. 24 Jesu a mo lebelela a tsamaya mme a raya barutwa ba gagwe a re, “Go thata jang gore mohumi a tsene mo bogosing jwa Modimo! 25 Go bonolo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale bogolo go mohumi go tsena mo Bogosing jwa Modimo!” 26 Mme ba ba mo utlwileng jaana ba gakgamala ba re, “Fa go le thata jalo, batho ba ka bolokesega jang?” 27 A ba fetola a re, “Modimo o ka dira se batho ba se ka keng ba se dira!” 28 Mme Petere a re, “Re tlogetse malwapa a rona ra go sala morago.” 29 Jesu a fetola a re, “E, mme botlhe ba ba dirileng jaaka lona, ba tlogetse lolwapa, mosadi, bomorwarraagwe, batsadi kgotsa bana ka ntlha ya Bogosi jwa Modimo, 30 ba tlaa duelwa gantsintsi ka lobaka lo, le go amogela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le le tlang.” 31 Hong a phutha ba ba Lesome le Bobedi a ba raya a re, “Jaaka lo itse, re ya Jerusalema. Mme fa re tsena koo dipolelelo-pelo tsa baporofiti ba bogologolo ka ga me di tlaa diragala. 32 Ke tlaa neelwa Badichaba go sotlwa le go kgwelwa mathe le go gagautlhwa mo go tlhabisang ditlhong, 33 ke tlaa itewa ke bo ke bolawa. Mme ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga gape.” 34 Mme ba seka ba tlhaloganya selo se o neng a se bua. O ne a bonala ekete o bua dinaane fela. 35 Mme ya re ba atamela Jeriko, ga bo go le monna mongwe wa sefofu a ntse fa thoko ga tsela, a kopa mo bafeting. 36 E rile a utlwa modumo wa bontsintsi bo feta a botsa gore go diragalang? 37 A bolelelwa gore Jesu wa Nasaretha o a feta. 38 Hong a simolola go goa a re, “Jesu, Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!” 39 Mme bontsintsi jwa batho jo bo neng bo eteletse Jesu pele jwa leka go didimatsa monna yo, mme a goela kwa godimo a re, “Morwa Dafide nkutlwela botlhoko!” 40 E rile Jesu a goroga fa lefelong leo a ema a re, “Lereng monna yoo wa sefofu kwano.” 41 Hong Jesu a botsa monna a re, “O batlang”? A kopa a re, “Morena ke batla go bona!” 42 Jesu a mo raya a re, “Go siame, bona! Tumelo ya gago e go fodisitse!” 43 Mme ka bofefo monna a kgona go bona, a latela Jesu, a baka Modimo. Mme botlhe ba ba neng ba go bona go direga le bone ba baka Modimo.

In Other Versions

Luke 18 in the ANGEFD

Luke 18 in the ANTPNG2D

Luke 18 in the AS21

Luke 18 in the BAGH

Luke 18 in the BBPNG

Luke 18 in the BBT1E

Luke 18 in the BDS

Luke 18 in the BEV

Luke 18 in the BHAD

Luke 18 in the BIB

Luke 18 in the BLPT

Luke 18 in the BNT

Luke 18 in the BNTABOOT

Luke 18 in the BNTLV

Luke 18 in the BOATCB

Luke 18 in the BOATCB2

Luke 18 in the BOBCV

Luke 18 in the BOCNT

Luke 18 in the BOECS

Luke 18 in the BOGWICC

Luke 18 in the BOHCB

Luke 18 in the BOHCV

Luke 18 in the BOHLNT

Luke 18 in the BOHNTLTAL

Luke 18 in the BOICB

Luke 18 in the BOILNTAP

Luke 18 in the BOITCV

Luke 18 in the BOKCV

Luke 18 in the BOKCV2

Luke 18 in the BOKHWOG

Luke 18 in the BOKSSV

Luke 18 in the BOLCB

Luke 18 in the BOLCB2

Luke 18 in the BOMCV

Luke 18 in the BONAV

Luke 18 in the BONCB

Luke 18 in the BONLT

Luke 18 in the BONUT2

Luke 18 in the BOPLNT

Luke 18 in the BOSCB

Luke 18 in the BOSNC

Luke 18 in the BOVCB

Luke 18 in the BOYCB

Luke 18 in the BPBB

Luke 18 in the BPH

Luke 18 in the BSB

Luke 18 in the CCB

Luke 18 in the CUV

Luke 18 in the CUVS

Luke 18 in the DBT

Luke 18 in the DGDNT

Luke 18 in the DHNT

Luke 18 in the DNT

Luke 18 in the ELBE

Luke 18 in the EMTV

Luke 18 in the ESV

Luke 18 in the FBV

Luke 18 in the FEB

Luke 18 in the GGMNT

Luke 18 in the GNT

Luke 18 in the HARY

Luke 18 in the HNT

Luke 18 in the IRVA

Luke 18 in the IRVB

Luke 18 in the IRVG

Luke 18 in the IRVH

Luke 18 in the IRVK

Luke 18 in the IRVM

Luke 18 in the IRVM2

Luke 18 in the IRVO

Luke 18 in the IRVP

Luke 18 in the IRVT

Luke 18 in the IRVT2

Luke 18 in the IRVU

Luke 18 in the ISVN

Luke 18 in the JSNT

Luke 18 in the KAPI

Luke 18 in the KBT1ETNIK

Luke 18 in the KBV

Luke 18 in the KJV

Luke 18 in the KNFD

Luke 18 in the LBA

Luke 18 in the LBLA

Luke 18 in the LNT

Luke 18 in the LSV

Luke 18 in the MAAL

Luke 18 in the MBV

Luke 18 in the MBV2

Luke 18 in the MHNT

Luke 18 in the MKNFD

Luke 18 in the MNG

Luke 18 in the MNT

Luke 18 in the MNT2

Luke 18 in the MRS1T

Luke 18 in the NAA

Luke 18 in the NASB

Luke 18 in the NBLA

Luke 18 in the NBS

Luke 18 in the NBVTP

Luke 18 in the NET2

Luke 18 in the NIV11

Luke 18 in the NNT

Luke 18 in the NNT2

Luke 18 in the NNT3

Luke 18 in the PDDPT

Luke 18 in the PFNT

Luke 18 in the RMNT

Luke 18 in the SBIAS

Luke 18 in the SBIBS

Luke 18 in the SBIBS2

Luke 18 in the SBICS

Luke 18 in the SBIDS

Luke 18 in the SBIGS

Luke 18 in the SBIHS

Luke 18 in the SBIIS

Luke 18 in the SBIIS2

Luke 18 in the SBIIS3

Luke 18 in the SBIKS

Luke 18 in the SBIKS2

Luke 18 in the SBIMS

Luke 18 in the SBIOS

Luke 18 in the SBIPS

Luke 18 in the SBISS

Luke 18 in the SBITS

Luke 18 in the SBITS2

Luke 18 in the SBITS3

Luke 18 in the SBITS4

Luke 18 in the SBIUS

Luke 18 in the SBIVS

Luke 18 in the SBT

Luke 18 in the SBT1E

Luke 18 in the SCHL

Luke 18 in the SNT

Luke 18 in the SUSU

Luke 18 in the SUSU2

Luke 18 in the SYNO

Luke 18 in the TBIAOTANT

Luke 18 in the TBT1E

Luke 18 in the TBT1E2

Luke 18 in the TFTIP

Luke 18 in the TFTU

Luke 18 in the TGNTATF3T

Luke 18 in the THAI

Luke 18 in the TNFD

Luke 18 in the TNT

Luke 18 in the TNTIK

Luke 18 in the TNTIL

Luke 18 in the TNTIN

Luke 18 in the TNTIP

Luke 18 in the TNTIZ

Luke 18 in the TOMA

Luke 18 in the TTENT

Luke 18 in the UBG

Luke 18 in the UGV

Luke 18 in the UGV2

Luke 18 in the UGV3

Luke 18 in the VBL

Luke 18 in the VDCC

Luke 18 in the YALU

Luke 18 in the YAPE

Luke 18 in the YBVTP

Luke 18 in the ZBP