Luke 24 (BOTLNT)

1 Erile go sa le mo mosong ka Tshipi ba tseela ditlolo tsa bone kwa phupung, 2 mme ba fitlhela lentswe le legolo le le neng le khurumeditse phupu le hidikolotswe. 3 Jalo ba tsena mo teng, mme setopo sa ga Jesu sa bo se seyo. 4 Ba ema foo ba reregile ba akanya gore se ka bo se diragaletswe ke eng? Ka tshoganetso banna ba babedi ba iponatsa mo go bone, ba apere diaparo tse di tshweu di lakasela mo e leng gore matlho a bone a ne a kaloga. 5 Basadi ba bo ba tshogile thata mme ba obama fa pele ga bone. Mme banna ba ba botsa ba re, “Ke eng fa lo batla motshedi mo diphupung? 6 6-7 Ga a yo fa! O rudile! A ga lo gakologelwe se o neng a se lo bolelela kwa Galalea gore Mesia o tshwanetse go okelwa mo nonofong ya batho ba ba bosula a bo a bapolwa mme a tsoge ka letsatsi la boraro?” 8 Mme ba gakologelwa, 9 ba sianela kwa Jerusalema go ya go bolelela barutwa ba gagwe ba ba lesome le bongwe le mongwe le mongwe se se diragetseng. 10 (Basadi ba ba neng ba ya kwa phupung e ne e le Marea Magatalena, Joana le Marea mmagwe Jakobe le ba bangwe ba le bantsinyana). 11 Mme polelo e ya utlwala ekete dinaane fela mo bathong, ba se ka ba e dumela. 12 Le fa go ntse jalo, Petere a sianela kwa phupung go ya go bona. A obama a okomela mme a bona diphutho tse di senang sepe; a boela gae, a gakgamaletse se se diragetseng. 13 Ka lone letsatsi leo, balatedi bangwe ba ga Jesu ba le babedi ba bo ba ya kwa motsaneng wa Emau; bokgakala jwa dimmaele di supa go tswa kwa Jerusalema. 14 Ya re ba ntse ba tsamaya ba bo ba bua; kaga loso lwa ga Jesu, 15 mme ka tshoganetso Jesu ka sebele a tla a tseisanya nabo tsela! 16 Mme ba se ka ba mo lemoga, gonne Modimo o ne wa dira gore ba seka ba lemoga. 17 A ba raya a re, “Lo lebega o ka re lo tshotse kgang e tona ka ga sengwe. Lo tshotse kgang ka ga eng?” Ba ema go se kae ba tlhontse difatlhogo. 18 Mme mongwe wa bone, ebong Keleopase a fetola a re, “E tshwanetse ya bo e le wena fela mo Jerusalema yo o iseng o utlwalele dilo tse di gakgamatsang tse di diragetseng mo bekeng e e fetileng.” 19 Jesu a botsa a re, “Dilo di fe?” Ba re, “Dilo tse di dirageletseng Jesu, wa Monasara. E ne e le Moporofiti yo o neng a dira dikgakgamatso tse di leng thata go dumelwa ebile e le Moruti yo mogolo yo o neng a tlotlwa thata ke Modimo le batho. 20 Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ya rona ba mo tshwara ba mo neela mmuso wa Se-Roma go atlholelwa loso, ba bo ba mmapola. 21 Re ne re solofetse gore e ne e le Mesia yo o galalelang yo o tsileng go golola Iseraele. Mme jaanong, mo godimo ga mo gotlhe mo go diragetseng mo malatsing a mararo a a fetileng, 22 22-23 basadi bangwe ba setlhopha sa rona sa balatedi ba gagwe ba ne ba le kwa phupung phakela thata mme ba boa ka polelo e e hakgamatsang e e reng setopo sa gagwe ga seyo, le gore ba bonye baengele gone ba ba ba boleletseng gore Jesu o a tshela! 24 Bangwe ba rona ba ne ba sianela teng go ya go bona, mme ka boammaaruri jo bo tletseng setopo sa ga Jesu sa bo se seyo, fela jaaka basadi ba boletse.” 25 Mme Jesu a ba raya a re, “Lo dieleele go le kae? A batho ba ba dieleele! Lo palelwa ke go dumela se baporofiti ba se kwadileng mo dikwalong! 26 A ga go a tlhalosiwa pele ke baporofiti gore Mesia o tlaa bogela dilo tse tsotlhe pele ga a tsena mo kgalalelong ya Gagwe!” 27 Mme a ba phuthololela mafoko ka go latelana ga one mo dikwalong tsa baporofiti, a simolola ka lokwalo lwa Genesese mme a tsamaya le dikwalo tse dingwe, a tlhalosa gore mafoko a ne a raya eng le gore a ne a bua kaga gagwe. 28 Ka nako e ba ne ba atamela Emau kwa ba neng ba ya teng. Jesu a dira jaaka o ka re o santse a fetela kwa pele, 29 mme ba mo kopa go lala nabo, ka nako e ne e setse e fetile. Jalo a ya lwapeng nabo. 30 Mme ya re ba nna fa fatshe ba a ja, a kopela dijo tshegofatso mo Modimong mme a tsaya senkgwe se sennye a se ngathoganya a se ba naya, 31 ka bonako matlho a bone a bulega mme ba mo lemoga! mme ka sone sebaka se a nyelela. 32 Ba simolola go bolelelana ka fa dipelo tsa bone di tlhotlhelesegileng ka teng fa a bua le bone a tlhalosa dikwalo fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng. 33 33-34 Fela ka yone nako eo ba nanoga ba boela kwa Jerusalema, kwa barutwa ba ba lesome le motso le balatedi ba bangwe ba ga Jesu ba neng ba ba dumedisa ka mafoko a, “Ruri Morena o tsogile. O iponaditse mo go Petere!” 35 Mme ba babedi ba ba tswang Emau ba bolela ka fa Jesu a iponaditseng mo go bone ka teng fa a ngathoganya senkgwe. 36 Mme ya re ba sa ntse ba bua ka gone, ka tshoganetso Jesu a bo a setse a eme foo mo gare ga bone, a ba dumedisa! 37 Mme botlhe ba bo ba tshogile thata, ba gopola gore ba bona sepoko. 38 A ba botsa a re, “Lo tshositswe ke eng? Ke eng fa lo belaela gore a ruri ke Nna? 39 “Lebelelang dinao tsa me! Lo ka bona gore ke nna ka sebele. Nkamang gore lo tlhomamise sentle gore ga ke sepoko! Gonne dipoko ga di na mebele, jaaka lo bona nna ke na le one.” 40 Mme ya re a bua jaana, a tsholetsa diatla gore ba bone [dipadi tsa dipekere] mo diatleng tsa gagwe, a ba a ba kaela dintho mo dinaong tsa gagwe. 41 Le fa go ntse jalo ba nna foo ba sa itse gore ba ka reng, ba tletse boitumelo le pelaelo. Mme a ba botsa a re, “A lo na le sengwe se se jewang fano?” 42 Ba mo naya setoki sa tlhapi e e besitsweng. 43 Mme a e ja ba mo lebeletse. 44 Mme a ba raya a re, “Mafoko a, ke ona a ke kileng ka a bua le lona ke santse ke na le lona fa dilo tsotlhe di na le go diragala, ebong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, le mo baporofiting le mo dipesalemeng, kaga me.” 45 Hong a rarabolola tlhaloganyo ya bone, gore ba tlhaloganye dikwalo. 46 Mme a ba raya a re, “Go kwadilwe jaana, fa ene Keresete a tla swa jalo, mme a ba a tsoga mo losong ka letsatsi la boraro; 47 le gore go rerelwe merafe yotlhe boikotlhao jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema. 48 “Lona lo basupi ba dilo tse. 49 Mme, bonang, ke tlisa polelo ya tsholofetso ya ga Rre mo go lona: mme lo name lo sa diegile mo motseng wa Jerusalema, go tlo go tsamaye lo amogele nonofo e e tswang kwa godimo.” 50 Mme a ba etelela pele ba ya go fitlha go lebagana le Bethania; mme a choletsa mabogo a gagwe, a ba segofatsa. 51 Mme ga diragala ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, mme a tsholelediwa kwa legodimong. 52 Mme ba mo obamela; mme ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo, 53 mme ba tlhola ba ntse ba le mo tempeleng ka gale, ba baka Modimo.

In Other Versions

Luke 24 in the ANGEFD

Luke 24 in the ANTPNG2D

Luke 24 in the AS21

Luke 24 in the BAGH

Luke 24 in the BBPNG

Luke 24 in the BBT1E

Luke 24 in the BDS

Luke 24 in the BEV

Luke 24 in the BHAD

Luke 24 in the BIB

Luke 24 in the BLPT

Luke 24 in the BNT

Luke 24 in the BNTABOOT

Luke 24 in the BNTLV

Luke 24 in the BOATCB

Luke 24 in the BOATCB2

Luke 24 in the BOBCV

Luke 24 in the BOCNT

Luke 24 in the BOECS

Luke 24 in the BOGWICC

Luke 24 in the BOHCB

Luke 24 in the BOHCV

Luke 24 in the BOHLNT

Luke 24 in the BOHNTLTAL

Luke 24 in the BOICB

Luke 24 in the BOILNTAP

Luke 24 in the BOITCV

Luke 24 in the BOKCV

Luke 24 in the BOKCV2

Luke 24 in the BOKHWOG

Luke 24 in the BOKSSV

Luke 24 in the BOLCB

Luke 24 in the BOLCB2

Luke 24 in the BOMCV

Luke 24 in the BONAV

Luke 24 in the BONCB

Luke 24 in the BONLT

Luke 24 in the BONUT2

Luke 24 in the BOPLNT

Luke 24 in the BOSCB

Luke 24 in the BOSNC

Luke 24 in the BOVCB

Luke 24 in the BOYCB

Luke 24 in the BPBB

Luke 24 in the BPH

Luke 24 in the BSB

Luke 24 in the CCB

Luke 24 in the CUV

Luke 24 in the CUVS

Luke 24 in the DBT

Luke 24 in the DGDNT

Luke 24 in the DHNT

Luke 24 in the DNT

Luke 24 in the ELBE

Luke 24 in the EMTV

Luke 24 in the ESV

Luke 24 in the FBV

Luke 24 in the FEB

Luke 24 in the GGMNT

Luke 24 in the GNT

Luke 24 in the HARY

Luke 24 in the HNT

Luke 24 in the IRVA

Luke 24 in the IRVB

Luke 24 in the IRVG

Luke 24 in the IRVH

Luke 24 in the IRVK

Luke 24 in the IRVM

Luke 24 in the IRVM2

Luke 24 in the IRVO

Luke 24 in the IRVP

Luke 24 in the IRVT

Luke 24 in the IRVT2

Luke 24 in the IRVU

Luke 24 in the ISVN

Luke 24 in the JSNT

Luke 24 in the KAPI

Luke 24 in the KBT1ETNIK

Luke 24 in the KBV

Luke 24 in the KJV

Luke 24 in the KNFD

Luke 24 in the LBA

Luke 24 in the LBLA

Luke 24 in the LNT

Luke 24 in the LSV

Luke 24 in the MAAL

Luke 24 in the MBV

Luke 24 in the MBV2

Luke 24 in the MHNT

Luke 24 in the MKNFD

Luke 24 in the MNG

Luke 24 in the MNT

Luke 24 in the MNT2

Luke 24 in the MRS1T

Luke 24 in the NAA

Luke 24 in the NASB

Luke 24 in the NBLA

Luke 24 in the NBS

Luke 24 in the NBVTP

Luke 24 in the NET2

Luke 24 in the NIV11

Luke 24 in the NNT

Luke 24 in the NNT2

Luke 24 in the NNT3

Luke 24 in the PDDPT

Luke 24 in the PFNT

Luke 24 in the RMNT

Luke 24 in the SBIAS

Luke 24 in the SBIBS

Luke 24 in the SBIBS2

Luke 24 in the SBICS

Luke 24 in the SBIDS

Luke 24 in the SBIGS

Luke 24 in the SBIHS

Luke 24 in the SBIIS

Luke 24 in the SBIIS2

Luke 24 in the SBIIS3

Luke 24 in the SBIKS

Luke 24 in the SBIKS2

Luke 24 in the SBIMS

Luke 24 in the SBIOS

Luke 24 in the SBIPS

Luke 24 in the SBISS

Luke 24 in the SBITS

Luke 24 in the SBITS2

Luke 24 in the SBITS3

Luke 24 in the SBITS4

Luke 24 in the SBIUS

Luke 24 in the SBIVS

Luke 24 in the SBT

Luke 24 in the SBT1E

Luke 24 in the SCHL

Luke 24 in the SNT

Luke 24 in the SUSU

Luke 24 in the SUSU2

Luke 24 in the SYNO

Luke 24 in the TBIAOTANT

Luke 24 in the TBT1E

Luke 24 in the TBT1E2

Luke 24 in the TFTIP

Luke 24 in the TFTU

Luke 24 in the TGNTATF3T

Luke 24 in the THAI

Luke 24 in the TNFD

Luke 24 in the TNT

Luke 24 in the TNTIK

Luke 24 in the TNTIL

Luke 24 in the TNTIN

Luke 24 in the TNTIP

Luke 24 in the TNTIZ

Luke 24 in the TOMA

Luke 24 in the TTENT

Luke 24 in the UBG

Luke 24 in the UGV

Luke 24 in the UGV2

Luke 24 in the UGV3

Luke 24 in the VBL

Luke 24 in the VDCC

Luke 24 in the YALU

Luke 24 in the YAPE

Luke 24 in the YBVTP

Luke 24 in the ZBP