Luke 8 (BOTLNT)

1 Mme ka bofefo morago ga moo a etela metse le metsana ya Galalea go bolela go tla ga Bogosi jwa Modimo, mme a tsamaya le barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi. 2 Basadi bangwe ba tsamaya nae, ba o ntshitseng mewa e e maswe mo go bone kgotsa ba o ba fodisitseng; mo go bone go ne go le Marea Magatalena (Jesu o ne a ntshitse mewa e e maswe ele supa mo go ene). 3 Joana mosadi wa ga Chusa (Chusa e ne e le molaodi wa papadi ya ga Kgosi Herode a bile a le motlhokomedi wa ntlo ya segosi le dilwana tsa yone). Susana, le ba bangwe ba ba neng ba ntsha dikatso go otla Jesu le barutwa ba gagwe. 4 Ka letsatsi lengwe a neela boidiidi jwa batho ba ba neng ba phuthegile go tla go mo utlwa, setshwantsho se, fa ba bangwe ba bantsi ba sa ntse ba le mo tseleng ba tswa mo metseng e mengwe. 5 “Molemi o kile a tswela kwa tshimong ya gagwe go ya go jala peo. Ya re a gasa peo fa fatshe, nngwe ya yone ya wela mo tseleng mme ya gatakwa; mme dinonyane tsa e e ja ka e ne e le mo lobaleng. 6 Peo e nngwe ya wela mo mmunyaneng o go neng go ikadile letlapa ka fa tlase ga one. Peo ya simolola go gola, mme ka bonako ya swaba ya a swa ka ntlha ya go tlhoka longola. 7 Peo e nngwe ya wela mo gare ga masitlwana, mme medi e mennye ya akofa ya hupela. 8 E nngwe ya wela mo mmung o o molemo; peo e ya gola ya ungwa thobo ya selekanyo sa lekgolo go menagane go gaisa ka fa a neng a jetse ka teng.” (Ya re a a fa setshwantsho se a re, “Yo o nang le ditsebe a a utlwe.”) 9 Baapostoloi ba gagwe ba mmotsa gore polelo e e rayang. 10 Mme a fetola a re, “Modimo o lo letleletse go itse tlhaloso ya ditshwantsho tse, gonne di bolela tiro e kgolo ya Bogosi jwa Modimo. Mme bontsintsi jo jwa batho bo utlwa mafoko mme ga ba tlhaloganye, fela jaaka baporofiti ba boletse. 11 “Tlhaloso ya sone ke e: Peo ke molaetsa wa Modimo mo bathong. 12 Tsela e e kwakwaletseng e peo nngwe e wetseng mo go yone e tshwantshiwa le dipelo tse di thata tsa batho ba ba utlwang mafoko a Modimo, mme diabolo a tle a utswe mafoko a kganele batho go dumela le go bolokwa. 13 Lefatshe le le maje le tshwantshiwa le ba ba itumelelang go reetsa dithero, mme ka mokgwa mongwe molaetsa tota o sa tsene mo go bone le gone ga o mele ebile ga o gole. Ba a itse gore molaetsa o o boammaaruri mme ba dumela ka lobakanyana fela; ere fa dipogiso di tla ba felelwe, ke kgatlhego. 14 Peo e e mo gare ga mitlwa e tshwantshiwa le batho ba ba dumelang mafoko a Modimo mme ba e reng morago tumelo ya bone e hupediwe ke matshwenyego le dikhumo le ditiro le maitumelo a botshelo. Mme jalo ga ba na nonofo ya go thusa ope go dumela Mafoko a a Molemo. 15 “Mme mmu o o molemo o tshwantshiwa le batho ba ba ikanyegang ba ba pelo di siameng. Ba reetsa mafoko a Modimo ba a tshegetse mme ba a anamise ka bonya mo go ba bangwe.” 16 [Ka nako e nngwe a botsa a re,] “E mang yo o kileng a utlwalela mongwe yo e a reng a sena go tshuba lobone a lo khurumetse gore lo se ka lwa bonesa? Nnyaa! Dipone di bewa mo di ka bonwang teng. 17 Se se supa gore ka letsatsi leo sengwe le sengwe [mo dipelong tsa batho] se tlaa leriwe mo leseding mme se supegediwe botlhe. 18 Jalo itlhokomeleng ka fa lo reetsang ka gone, gonne yo o nang le gone, o tlaa newa mo go tona; mme le fa e le mang yo o senang sepe, le e leng se o nang naso tota o tlaa se tseelwa.” 19 Mme ya re ka nako nngwe fa mmaagwe le bomonnawe ba tsile go mmona, ba seka ba tsena mo tlung e o neng a ruta mo go yone ka ntlha ya bontsintsi jwa batho. 20 E rile Jesu a utlwa fa ba eme kwa ntle ba batla go mmona, 21 a re, “Mme le bonnake ke botlhe ba ba utlwang molaetsa wa Modimo ba bo ba o tshegetsa.” 22 Ka letsatsi lengwe mo lobakeng loo, fa ene le barutwa ba gagwe ba le kwa ntle mo mokorong, a ntsha mogopolo wa gore ba kgabaganyetse ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha. 23 Mme ya re ba kgabaganya a rapama a thulamela, mme ya re a sa ntse a robetse ga tsoga matsubutsubu a phefo a a boitshegang a leka go kgaphela mokoro mo lewatleng. Mme ba ne ba le mo diphatseng tse di kgolo. 24 Mme ba taboga ba mo tsosa ba goa ba re, “Morena, Morena re a nwela!” Hong a bua le phefo a re, “Kgaotsa,” mme diphefo le makhubu a metse tsa khutla, gotlhe ga nna tidimalo. 25 Mme a ba botsa a re, “Tumelo ya lona e kae?” Mme ba bo ba tletse therego le go mmoifa ba raana ba re, “Monna yo ke mang, yo le e leng diphefo le makhubu a metse a mo utlwang?” 26 Mme ba goroga ka fa ntlheng e nngwe, mo lefatsheng la Bagerasena go lebagana le lecha la Galalea. 27 Ya re a fologa mo mokorong monna yo o tswang mo motseng wa Gatara a tla go mo kgatlhantsha, monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe ka lobaka lo lo leele. A se na legae a bile a sa ikatega, a nna mo mabitleng mo gare ga diphupu. 28 Ya re ka bonako fa a bona Jesu a gala a wela fa fatshe fa pele ga ga Jesu, a goa, a re, “O batla go dirang ka nna, Jesu, Morwa Modimo o o tlotlegang? Tsweetswee, ke a go rapela, o se ka wa ntlhokofatsa!” 29 Gonne Jesu o ne a setse a laola mowa o o maswe gore o tswe mo go ene. Mowa o o maswe o ne o tle o laole monna yo mo e leng gore e ne e tle e re le fa a bofilwe ka dikeetane a kgaole mme a siele mo nageng, a laolwa ke mowa o o maswe gotlhelele. 30 Mme Jesu a botsa mowa oo maswe a re, “Leina la gago ke mang?” Mme wa fetola wa re, “Diketekete,” gonne o ne a tletse diketekete tsa mowa o o maswe! 31 Mme ya mo kopa gore a se ka a e laolela go tsena mo lehuting le le senang bolekanngo. 32 Serapa sa dikolobe sa bo se fula gautshwane mo mhapheng wa thaba mme mewa e e maswe ya mo kopa gore a e letle go tsena mo dikolobeng. Mme Jesu a e letla. 33 Mme ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme ka bonako serapa sotlhe sa kgokologa thaba sa wela mo teng ga lecha kwa tlase, mo di neng tsa nwela teng tsotlhe. 34 Hong badisa ba dikolobe ba sianela kwa motsing o o gaufi, ba gasa mafoko fa ba ntse ba siana. 35 Ka bofefo bontsintsi jwa batho jwa tla go iponela ka bobone se se diragetseng mme ba bona monna yo o neng a tsenwe ke mowa o o maswe a ntse ka tidimalo fa dinaong tsa ga Jesu, a apere a bile a ikutlwa sentle. Mme bontsintsi jwa batho botlhe ba tshoga thata. 36 Hong ba ba neng ba bone selo se se diragala ba bolela ka fa monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a fodisitsweng ka teng. 37 Mme batho botlhe ba kopa Jesu gore a tsamaye a ba tlogele (gonne therego e kgolo ya letshogo e ne ya ba wela). Mme a boela kwa mokorong a tsamaya, a kgabaganyetsa gape ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha. 38 Monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa go tsamaya le ene, mme Jesu a gana. 39 A mo raya a re, “Boela kwa go ba ntlo ya gago, o ba bolelele selo se sentle se Modimo o se go diretseng.” O ne a tsamaya le motse otlhe a bolelela mongwe le mongwe kaga kgakgamatso e kgolo ya ga Jesu. 40 Ka fa ntlheng e nngwe ya lecha bontsintsi jwa batho jwa mo amogela ka botlalo, gonne ba ne ba ntse ba mo lebeletse. 41 Mme jaanong monna yo o neng a bidiwa Jairo, moeteledipele wa ntlo ya thuto ya Sejuta, a tla a wela fa dinaong tsa ga Jesu a mo kopa gore a ye nae kwa ga gagwe, 42 gonne ngwana wa gagwe yo o esi o ne a swa, morweetsana wa dingwaga tse di lesome le bobedi. Mme Jesu a tsamaya nae, ba sutlhelela ka bothata mo gare ga batho. 43 43-44 Ya re ba ntse ba tsamaya mosadi yo o neng a batla phodiso a tla kwa morago a ama Jesu, gonne o ne a dutlile madi ka bonya selekanyo sa dingwaga di le lesome le bobedi, mme a sa bone kalafi (ntswa a sentse sengwe le sengwe se a neng a na naso mo dingakeng), mme nako e o neng a ama ntlha ya seaparo sa ga Jesu, madi a ema. 45 Mme Jesu a botsa a re, “Ke mang yo o nkamileng?” Mme mongwe le mongwe a itatola, mme Petere a re, “Morena, bontsintsi bo go dikaganyeditse…” 46 Mme Jesu a mo raya a re, “Nnyaa, e ne e le mongwe fela yo o nkamileng ka bomo, gonne ke utlwile nonofo ya phodiso e tswa mo go nna.” 47 Mme ya re mosadi a lemoga gore Jesu o a itse, a simolola go roroma a wela fa fatshe ka mangole fa pele ga gagwe a mmolelela go re o ne a mo amelang le gore jaanong o fodile. 48 Hong Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse. Tsamaya ka kagiso.” 49 E rile a sa ntse a bua le ene, morongwa a goroga a tswa kwa lapeng la ga Jairo ka mafoko a a reng ngwanyana o sule. A raya rraagwe ngwana a re, “O sule, ga go thuse go tshwenya Moruti jaanong.” 50 Mme e rile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a raya rraagwe ngwana a re, “Se boife! Ikanye nna fela, ngwana o tla siama.” 51 Ya re ba goroga kwa tlung Jesu a se ka a letla ope go tsena mo tlung fa e se Petere, Jakobe le Johane le batsadi ba morweetsana. 52 Lelapa le ne le tletse batho ba ba hutsafetseng, mme a re, “Lesang go lela! Ga a a swa; o robetse fela!” 53 Se sa tlisa tshotlo le setshego, gonne ba ne ba itse botlhe gore o sule. 54 Hong a mo tshwara ka seatla a mmitsa a re, “Tsoga morweetsana.” 55 Mme ka yone nako eo a rula a nanoga! A ba raya a re, “Mo neeng sengwe a je!” 56 Batsadi ba gagwe ba ne ba itumela thata. Mme Jesu a ba laya gore ba seka ba bolelela ope kaga se se diragetseng.

In Other Versions

Luke 8 in the ANGEFD

Luke 8 in the ANTPNG2D

Luke 8 in the AS21

Luke 8 in the BAGH

Luke 8 in the BBPNG

Luke 8 in the BBT1E

Luke 8 in the BDS

Luke 8 in the BEV

Luke 8 in the BHAD

Luke 8 in the BIB

Luke 8 in the BLPT

Luke 8 in the BNT

Luke 8 in the BNTABOOT

Luke 8 in the BNTLV

Luke 8 in the BOATCB

Luke 8 in the BOATCB2

Luke 8 in the BOBCV

Luke 8 in the BOCNT

Luke 8 in the BOECS

Luke 8 in the BOGWICC

Luke 8 in the BOHCB

Luke 8 in the BOHCV

Luke 8 in the BOHLNT

Luke 8 in the BOHNTLTAL

Luke 8 in the BOICB

Luke 8 in the BOILNTAP

Luke 8 in the BOITCV

Luke 8 in the BOKCV

Luke 8 in the BOKCV2

Luke 8 in the BOKHWOG

Luke 8 in the BOKSSV

Luke 8 in the BOLCB

Luke 8 in the BOLCB2

Luke 8 in the BOMCV

Luke 8 in the BONAV

Luke 8 in the BONCB

Luke 8 in the BONLT

Luke 8 in the BONUT2

Luke 8 in the BOPLNT

Luke 8 in the BOSCB

Luke 8 in the BOSNC

Luke 8 in the BOVCB

Luke 8 in the BOYCB

Luke 8 in the BPBB

Luke 8 in the BPH

Luke 8 in the BSB

Luke 8 in the CCB

Luke 8 in the CUV

Luke 8 in the CUVS

Luke 8 in the DBT

Luke 8 in the DGDNT

Luke 8 in the DHNT

Luke 8 in the DNT

Luke 8 in the ELBE

Luke 8 in the EMTV

Luke 8 in the ESV

Luke 8 in the FBV

Luke 8 in the FEB

Luke 8 in the GGMNT

Luke 8 in the GNT

Luke 8 in the HARY

Luke 8 in the HNT

Luke 8 in the IRVA

Luke 8 in the IRVB

Luke 8 in the IRVG

Luke 8 in the IRVH

Luke 8 in the IRVK

Luke 8 in the IRVM

Luke 8 in the IRVM2

Luke 8 in the IRVO

Luke 8 in the IRVP

Luke 8 in the IRVT

Luke 8 in the IRVT2

Luke 8 in the IRVU

Luke 8 in the ISVN

Luke 8 in the JSNT

Luke 8 in the KAPI

Luke 8 in the KBT1ETNIK

Luke 8 in the KBV

Luke 8 in the KJV

Luke 8 in the KNFD

Luke 8 in the LBA

Luke 8 in the LBLA

Luke 8 in the LNT

Luke 8 in the LSV

Luke 8 in the MAAL

Luke 8 in the MBV

Luke 8 in the MBV2

Luke 8 in the MHNT

Luke 8 in the MKNFD

Luke 8 in the MNG

Luke 8 in the MNT

Luke 8 in the MNT2

Luke 8 in the MRS1T

Luke 8 in the NAA

Luke 8 in the NASB

Luke 8 in the NBLA

Luke 8 in the NBS

Luke 8 in the NBVTP

Luke 8 in the NET2

Luke 8 in the NIV11

Luke 8 in the NNT

Luke 8 in the NNT2

Luke 8 in the NNT3

Luke 8 in the PDDPT

Luke 8 in the PFNT

Luke 8 in the RMNT

Luke 8 in the SBIAS

Luke 8 in the SBIBS

Luke 8 in the SBIBS2

Luke 8 in the SBICS

Luke 8 in the SBIDS

Luke 8 in the SBIGS

Luke 8 in the SBIHS

Luke 8 in the SBIIS

Luke 8 in the SBIIS2

Luke 8 in the SBIIS3

Luke 8 in the SBIKS

Luke 8 in the SBIKS2

Luke 8 in the SBIMS

Luke 8 in the SBIOS

Luke 8 in the SBIPS

Luke 8 in the SBISS

Luke 8 in the SBITS

Luke 8 in the SBITS2

Luke 8 in the SBITS3

Luke 8 in the SBITS4

Luke 8 in the SBIUS

Luke 8 in the SBIVS

Luke 8 in the SBT

Luke 8 in the SBT1E

Luke 8 in the SCHL

Luke 8 in the SNT

Luke 8 in the SUSU

Luke 8 in the SUSU2

Luke 8 in the SYNO

Luke 8 in the TBIAOTANT

Luke 8 in the TBT1E

Luke 8 in the TBT1E2

Luke 8 in the TFTIP

Luke 8 in the TFTU

Luke 8 in the TGNTATF3T

Luke 8 in the THAI

Luke 8 in the TNFD

Luke 8 in the TNT

Luke 8 in the TNTIK

Luke 8 in the TNTIL

Luke 8 in the TNTIN

Luke 8 in the TNTIP

Luke 8 in the TNTIZ

Luke 8 in the TOMA

Luke 8 in the TTENT

Luke 8 in the UBG

Luke 8 in the UGV

Luke 8 in the UGV2

Luke 8 in the UGV3

Luke 8 in the VBL

Luke 8 in the VDCC

Luke 8 in the YALU

Luke 8 in the YAPE

Luke 8 in the YBVTP

Luke 8 in the ZBP