Matthew 11 (BOTLNT)

1 Mme e rile fa Jesu a sena go fetsa go nee-la barutwa ba gagwe ba ba lesome le metso e le mebedi ditaelo tse, a tsamaya mo metseng e ba neng ba tshwanetse go rera mo go yone. 2 Johane wa Mokolobetsi yo o neng jaanong a le mo kgolegelong, a utlwa kaga dikgakgamatso tsotlhe tse Mesia o neng a di dira, jalo a roma barutwa ba gagwe go botsa Jesu gore, 3 “A o ene tota yo re mo lebeletseng, kgotsa re nne re lebeletse?” 4 Jesu a ba raya a re, “Boelang kwa go Johane lo mmolelele kaga dikgakgamatso tse lo mponyeng ke di dira 5 difofu tse ke di foufolotseng, le digole tse jaanong di tsamayang kwa ntle ga thuso le balepero ba ba fodisitsweng, le bosusu ba ba utlwang, le baswi ba ba rudisitsweng; lo bo lo mmolelele gore ke rerela bahumanegi mafoko a a molemo. 6 Jaanong lo bo lo mo neela molaetsa o, ‘Go sego ba ba sa mpelaeleng.’ ” 7 Erile barutwa ba ga Johane ba sena go tsamaya, Jesu a simolola go bua le bontsintsi jwa batho ka ga gagwe a re, “Erile lo tswela mo sekakeng se se senang sepe go bona Johane, lo no lo solofetse gore lo tlaa mmona a ntse jang? A tshwana le tlhaga e e fokang mo phefong? 8 Kgotsa a lo no lo solofetse go bona monna yo o apereng jaaka kgosana mo maphatsipatsing a bogosi? 9 Kgotsa moporofiti wa Modimo? Ee, mme o mogolo go na le moporofiti fela. 10 Gonne Johane ke ene yo o umakilweng mo dikwalong; morongwa yo o neng a tshwanetse go tla pele game, go anamisa go tla game, le go baakanya batho go nkamogela. 11 Ammaaruri, mo go botlhe ba ba kileng ba tsalwa, ga go na yo o galalelang thata go gaisa Johane wa Mokolobetsi. Mme le fa go ntse jalo, le masedi a mabotlana mo Bogosing jwa legodimo a tlaa nna a magolo go na nae! 12 “Mme go simolola nako e Johane wa Mokolobetsi o neng a simolola go rera ka yone a kolobetsa go fitlhelela jaanong jaana, matshwititshwiti a a matlhagatlhaga a ntse a kgobokanela Bogosi jwa Legodimo, 13 Gonne melao yotlhe le baporofiti ba ne ba solofetse Mesia. Mme Johane a bonala, 14 mme fa lo batla go tlhaloganya se ke se rayang, ke Elija; ene yo baporofiti ba rileng o tlaa tla ka nako e Bogosi bo simololang ka yone. 15 “Fa e le gore lo kile lwa rata go reetsa, reetsang jaanong. 16 “Ke tlaa reng ka ga chaba e? Batho ba, ba tshwana le bana ba tshameka, ba ba rayang balekane ba bone ba re, 17 ‘Re tshamekile lenyalo mme lwa seka lwa itumela, ra tshameka phitlho mme lwa seka lwa utlwa botlhoko’. 18 Gonne Johane wa Mokolobetsi ga a nwe le fa e le mofine, gape o itima dijo gantsi, mme lwa re, ‘O a tsenwa’. 19 Mme nna, Morwa Motho, ke a ja e bile ke a nwa, mme lo ngongoregela gore ke ‘sejabobe, ke senwi, e bile ke dirisanya le mofuta o o maswe wa baleofi!’ Mme batho ba ba botlhale jaaka lona ba ka bona seipato mo go sengwe le sengwe se ba se dirang!” 20 Mme a simolola go kgoba metse e a neng a dirile bogolo jwa dikgakgamatso dingwe tsa gagwe mo go yone ka gore e ne e sa boela mo Modimong. 21 A re, “A bo go latlhega wena Korasina, a bo go latlhega wena Bethesaida! Gonne fa dikgakgamatso tse ke di dirileng mo mebileng ya lona di ne di dirilwe mo Ture le Sidona ba ba kgopo, batho ba teng ba ka bo ba sa bolo go sokologa ka ditlhong le boingotlo. 22 “Ammaaruri Ture le Sidona ba tlaa bo ba le botoka go na le lona ka Letsatsi la Katlholo! 23 Mme Kaperanama, lefa a tlotlwa thata, o tlaa fologela mo diheleng! Gonne fa dikgakgamatso tse dintle tse di dirilweng mo go wena di ka bo di dirilwe mo Sodoma, o ka bo a sa ntse a le teng le gompieno. 24 Ammaaruri, Sodoma, o tlaa bo a le botoka go na le wena ka Letsatsi la Katlholo.” 25 Mme Jesu a rapela thapelo e, “Rara, Morena wa legodimo le lefatshe, ke lebogela gore o fitlhetse ba ba ikgopolang ba le botlhale boammaaruri, mme wa bo senolela banyana! 26 Ee, Rara, gonne go go kgatlhile go go dira ka tsela e!” 27 “Boammaaruri jotlhe ke bo neetswe ke Rre. Rara fela ke ene a itseng Morwa, le Rara o itsiwe ke Morwa fela le ba Morwa o ba mo senolelang. 28 Tlang kwano go nna mme ke tla lo lapolosa, lotlhe ba lo dirang thata ka fa tlase ga jokwe e e bokete. 29 29-30 Sikarang jokwe ya me, gonne e lo lekana sentle mmang ke lo rute; gonne ke bonolo le boingotlo, jalo lo tlaa bonela mewa ya lona tapologo, gonne ke lo naya merwalo e e motlhofo fela.”

In Other Versions

Matthew 11 in the ANGEFD

Matthew 11 in the ANTPNG2D

Matthew 11 in the AS21

Matthew 11 in the BAGH

Matthew 11 in the BBPNG

Matthew 11 in the BBT1E

Matthew 11 in the BDS

Matthew 11 in the BEV

Matthew 11 in the BHAD

Matthew 11 in the BIB

Matthew 11 in the BLPT

Matthew 11 in the BNT

Matthew 11 in the BNTABOOT

Matthew 11 in the BNTLV

Matthew 11 in the BOATCB

Matthew 11 in the BOATCB2

Matthew 11 in the BOBCV

Matthew 11 in the BOCNT

Matthew 11 in the BOECS

Matthew 11 in the BOGWICC

Matthew 11 in the BOHCB

Matthew 11 in the BOHCV

Matthew 11 in the BOHLNT

Matthew 11 in the BOHNTLTAL

Matthew 11 in the BOICB

Matthew 11 in the BOILNTAP

Matthew 11 in the BOITCV

Matthew 11 in the BOKCV

Matthew 11 in the BOKCV2

Matthew 11 in the BOKHWOG

Matthew 11 in the BOKSSV

Matthew 11 in the BOLCB

Matthew 11 in the BOLCB2

Matthew 11 in the BOMCV

Matthew 11 in the BONAV

Matthew 11 in the BONCB

Matthew 11 in the BONLT

Matthew 11 in the BONUT2

Matthew 11 in the BOPLNT

Matthew 11 in the BOSCB

Matthew 11 in the BOSNC

Matthew 11 in the BOVCB

Matthew 11 in the BOYCB

Matthew 11 in the BPBB

Matthew 11 in the BPH

Matthew 11 in the BSB

Matthew 11 in the CCB

Matthew 11 in the CUV

Matthew 11 in the CUVS

Matthew 11 in the DBT

Matthew 11 in the DGDNT

Matthew 11 in the DHNT

Matthew 11 in the DNT

Matthew 11 in the ELBE

Matthew 11 in the EMTV

Matthew 11 in the ESV

Matthew 11 in the FBV

Matthew 11 in the FEB

Matthew 11 in the GGMNT

Matthew 11 in the GNT

Matthew 11 in the HARY

Matthew 11 in the HNT

Matthew 11 in the IRVA

Matthew 11 in the IRVB

Matthew 11 in the IRVG

Matthew 11 in the IRVH

Matthew 11 in the IRVK

Matthew 11 in the IRVM

Matthew 11 in the IRVM2

Matthew 11 in the IRVO

Matthew 11 in the IRVP

Matthew 11 in the IRVT

Matthew 11 in the IRVT2

Matthew 11 in the IRVU

Matthew 11 in the ISVN

Matthew 11 in the JSNT

Matthew 11 in the KAPI

Matthew 11 in the KBT1ETNIK

Matthew 11 in the KBV

Matthew 11 in the KJV

Matthew 11 in the KNFD

Matthew 11 in the LBA

Matthew 11 in the LBLA

Matthew 11 in the LNT

Matthew 11 in the LSV

Matthew 11 in the MAAL

Matthew 11 in the MBV

Matthew 11 in the MBV2

Matthew 11 in the MHNT

Matthew 11 in the MKNFD

Matthew 11 in the MNG

Matthew 11 in the MNT

Matthew 11 in the MNT2

Matthew 11 in the MRS1T

Matthew 11 in the NAA

Matthew 11 in the NASB

Matthew 11 in the NBLA

Matthew 11 in the NBS

Matthew 11 in the NBVTP

Matthew 11 in the NET2

Matthew 11 in the NIV11

Matthew 11 in the NNT

Matthew 11 in the NNT2

Matthew 11 in the NNT3

Matthew 11 in the PDDPT

Matthew 11 in the PFNT

Matthew 11 in the RMNT

Matthew 11 in the SBIAS

Matthew 11 in the SBIBS

Matthew 11 in the SBIBS2

Matthew 11 in the SBICS

Matthew 11 in the SBIDS

Matthew 11 in the SBIGS

Matthew 11 in the SBIHS

Matthew 11 in the SBIIS

Matthew 11 in the SBIIS2

Matthew 11 in the SBIIS3

Matthew 11 in the SBIKS

Matthew 11 in the SBIKS2

Matthew 11 in the SBIMS

Matthew 11 in the SBIOS

Matthew 11 in the SBIPS

Matthew 11 in the SBISS

Matthew 11 in the SBITS

Matthew 11 in the SBITS2

Matthew 11 in the SBITS3

Matthew 11 in the SBITS4

Matthew 11 in the SBIUS

Matthew 11 in the SBIVS

Matthew 11 in the SBT

Matthew 11 in the SBT1E

Matthew 11 in the SCHL

Matthew 11 in the SNT

Matthew 11 in the SUSU

Matthew 11 in the SUSU2

Matthew 11 in the SYNO

Matthew 11 in the TBIAOTANT

Matthew 11 in the TBT1E

Matthew 11 in the TBT1E2

Matthew 11 in the TFTIP

Matthew 11 in the TFTU

Matthew 11 in the TGNTATF3T

Matthew 11 in the THAI

Matthew 11 in the TNFD

Matthew 11 in the TNT

Matthew 11 in the TNTIK

Matthew 11 in the TNTIL

Matthew 11 in the TNTIN

Matthew 11 in the TNTIP

Matthew 11 in the TNTIZ

Matthew 11 in the TOMA

Matthew 11 in the TTENT

Matthew 11 in the UBG

Matthew 11 in the UGV

Matthew 11 in the UGV2

Matthew 11 in the UGV3

Matthew 11 in the VBL

Matthew 11 in the VDCC

Matthew 11 in the YALU

Matthew 11 in the YAPE

Matthew 11 in the YBVTP

Matthew 11 in the ZBP