Matthew 6 (BOTLNT)

1 “Mme elang tlhoko! Se direng tshiamo ya lona fa pele ga batho gore ba lo tlotle, fa lo dira jalo ga lona go bona tuelo e e tswang kwa go Rraeno yo o kwa legodimong. 2 Fa o naya mokopi mpho, se bue kaga yone mo mpepeneneng jaaka baitimokanyi ba dira: ba letsa ditorompeta mo dikerekeng le mo mebileng ya motse gore ditiro tsa bone tsa lorato di tle di bonwe! Ke a lo bolelela ka pelo yotlhe, ba setse ba amogetse tuelo yotlhe, e ba neng ba tlaa e bona. 3 Mme fa o direla mongwe tshiamo, ka sephiri, se bolelele lebogo la gago la molema se se dirwang ke lebogo la moja. 4 Mme Rraeno yo o itseng diphiri tsotlhe o tla go duela. 5 “Mme jaanong kaga thapelo. Fa lo rapela, lo se ka lwa nna jaaka baitimokanyi ba ba ipaang jaaka o ka re ke ba ba obamelang Modimo ka go rapela mo ponong ya mongwe le mongwe mo makopanelong a mebila le mo dikerekeng mo ba ka bonwang ke mongwe le mongwe teng. Ammaaruri ke yone tuelo yotlhe e ba tlaa lalang ba e bonye. 6 Mme fa o rapela, tsamaya o le nosi, o itswalele mo tlung mme o rapele Rraeno ka sephiri, mme Rraeno yo o itseng diphiri tsa gago, o tlaa go duela. 7 7-8 “Se, boaboele thapelo ya gago jaaka baheitane ba dira, ba ba gopolang gore dithapelo di arabiwa fela ka go boaboelwa. Gakologelwa gore Rrago o itse se tota o se tlhokang pele ga o mo kopa! 9 Rapelang jaana: ‘Rraetsho yo o kwa legodimong re tlotla leina la gago le le itshephileng. 10 Re kopa gore bogosi jwa gago bo tle ka bofefo. A go rata ga gago go dirwe mono lefatshing jaaka go dirwa kwa legodimong. 11 Re neele dijo tsa rona gape gompieno jaaka malatsi otlhe. 12 Mme o re itshwarele dibe tsa rona, jaaka re itshwaretse ba ba re leofetseng. 13 Se re ise mo thaelong, mme o re golole mo go yo o bosula. Amen.’ 14 14-15 Rraeno wa Legodimo o tlaa go itshwarela, fa o itshwarela ba ba go leofelang, mme fa o gana go ba itshwarela ga a kitla a go itshwarela. 16 “Jaanong ka ga go ikitsa dijo; fa o ikitsa dijo, o tlogela dijo ka maikaelelo a semowa, se dire jalo mo mpepeneneng, jaaka baitimokanyi ba dira ba leka go itlhontsha difatlhogo le go tlhoka go apara sentle gore batho ba ba utlwele botlhoko. Ammaaruri, ke yone tuelo e ba tlaa lalang ba e bonye. 17 “Mme fa o ikitsa dijo, apara sentle, 18 Gore le fa e le ope a seka a belaela gore o bolailwe ke tlala, fa e se Rraeno fela yo o itseng sephiri sengwe le sengwe. Mme o tlaa go duela. 19 “Se boloke dikhumo tsa gago fano mo lefatshing mo di ka senyegang kgotsa tsa utswiwa. 20 Di boloke kwa legodimong kwa di se kitlang di latlhegelwa ke tlhwatlhwa teng, di bolokesegile mo magodung! 21 “Fa dikhumo tsa gago di le kwa legodimong le pelo ya gago e tlaa nna teng. 22 “Fa leitlho la gago le itshekile go tlaa nna lesedi mo pelong ya gago. 23 Mme fa leitlho la gago le sirilwe ke dikgopolo tse di bosula le dikeletso, o mo botennye jwa lefifi la semowa. Ao, kana lefifi leo le ka nna legolo thata jang! 24 “Ga o ka ke wa direla barena ba le babedi: Modimo le madi. Ka o tla ila yo mongwe o rate yo mongwe, kgotsa go nne ka tsela e sele. 25 “Jalo he, tlhagiso ya me ke e: se tshwenyegeng ka ga dilo-ebong dijo, dino, madi le diaparo. Ka gore o setse o na le botshelo le mmele-mme di botlhokwa go na le se se tshwanetseng go jewa le se se tshwanetseng go aparwa. 26 Bonang dinonyane! Ga di tshwenyege kaga se se jewang ga di tlhoke go jala kgotsa go roba kgotsa go boloka dijo ka gore Rraalona wa Legodimo o a di otla. Mme lona lo tlhwatlhwa kgolo mo go ene go na le tsone. 27 A ditlhobaelo tsa lona tsotlhe di ka oketsa botshelo jwa lona ka motsotso o le mongwe? 28 “Mme ke eng fa o tlhobaela kaga diaparo tsa gago. Lebang dithunya tsa naga! Ga di tlhobaele kaga diaparo tsa tsone. 29 Le fa go ntse jalo, Kgosi Solomone mo kgalalelong ya gagwe o na a sa apesiwa bontle jaaka di ntse. 30 Mme fa Modimo o tlhokomela dithunya tse di fano gompieno ka tlhokomelo e kgolo, mme ka moso di be di seyo, a tota ga o na go lo tlhokomela, lona batho ba tumelo e potlana? 31 31-32 “Jalo he, se tlhobaeleng gotlhelele kaga go nna le dijo tse di lekanyeng le diaparo. Ke eng fa lo nna jaaka baheitane ka gore ba nna le boikgantsho mo dilong tse tsotlhe, gape ba amega thata kaga tsone, mme Rraeno wa legodimo o setse a itse sentle gore lo a di tlhoka. 33 “Mme ka boitumelo o tlaa di lo naya fa lo mo naya tlotlo e kgolo mo botshelong jwa lona. 34 “Jalo he, se tlhobaeleleng bokamoso, Modimo o tlaa tlhokomela bokamoso jwa lona. Lebogelang tlhabo ya letsatsi e lo e boneng.

In Other Versions

Matthew 6 in the ANGEFD

Matthew 6 in the ANTPNG2D

Matthew 6 in the AS21

Matthew 6 in the BAGH

Matthew 6 in the BBPNG

Matthew 6 in the BBT1E

Matthew 6 in the BDS

Matthew 6 in the BEV

Matthew 6 in the BHAD

Matthew 6 in the BIB

Matthew 6 in the BLPT

Matthew 6 in the BNT

Matthew 6 in the BNTABOOT

Matthew 6 in the BNTLV

Matthew 6 in the BOATCB

Matthew 6 in the BOATCB2

Matthew 6 in the BOBCV

Matthew 6 in the BOCNT

Matthew 6 in the BOECS

Matthew 6 in the BOGWICC

Matthew 6 in the BOHCB

Matthew 6 in the BOHCV

Matthew 6 in the BOHLNT

Matthew 6 in the BOHNTLTAL

Matthew 6 in the BOICB

Matthew 6 in the BOILNTAP

Matthew 6 in the BOITCV

Matthew 6 in the BOKCV

Matthew 6 in the BOKCV2

Matthew 6 in the BOKHWOG

Matthew 6 in the BOKSSV

Matthew 6 in the BOLCB

Matthew 6 in the BOLCB2

Matthew 6 in the BOMCV

Matthew 6 in the BONAV

Matthew 6 in the BONCB

Matthew 6 in the BONLT

Matthew 6 in the BONUT2

Matthew 6 in the BOPLNT

Matthew 6 in the BOSCB

Matthew 6 in the BOSNC

Matthew 6 in the BOVCB

Matthew 6 in the BOYCB

Matthew 6 in the BPBB

Matthew 6 in the BPH

Matthew 6 in the BSB

Matthew 6 in the CCB

Matthew 6 in the CUV

Matthew 6 in the CUVS

Matthew 6 in the DBT

Matthew 6 in the DGDNT

Matthew 6 in the DHNT

Matthew 6 in the DNT

Matthew 6 in the ELBE

Matthew 6 in the EMTV

Matthew 6 in the ESV

Matthew 6 in the FBV

Matthew 6 in the FEB

Matthew 6 in the GGMNT

Matthew 6 in the GNT

Matthew 6 in the HARY

Matthew 6 in the HNT

Matthew 6 in the IRVA

Matthew 6 in the IRVB

Matthew 6 in the IRVG

Matthew 6 in the IRVH

Matthew 6 in the IRVK

Matthew 6 in the IRVM

Matthew 6 in the IRVM2

Matthew 6 in the IRVO

Matthew 6 in the IRVP

Matthew 6 in the IRVT

Matthew 6 in the IRVT2

Matthew 6 in the IRVU

Matthew 6 in the ISVN

Matthew 6 in the JSNT

Matthew 6 in the KAPI

Matthew 6 in the KBT1ETNIK

Matthew 6 in the KBV

Matthew 6 in the KJV

Matthew 6 in the KNFD

Matthew 6 in the LBA

Matthew 6 in the LBLA

Matthew 6 in the LNT

Matthew 6 in the LSV

Matthew 6 in the MAAL

Matthew 6 in the MBV

Matthew 6 in the MBV2

Matthew 6 in the MHNT

Matthew 6 in the MKNFD

Matthew 6 in the MNG

Matthew 6 in the MNT

Matthew 6 in the MNT2

Matthew 6 in the MRS1T

Matthew 6 in the NAA

Matthew 6 in the NASB

Matthew 6 in the NBLA

Matthew 6 in the NBS

Matthew 6 in the NBVTP

Matthew 6 in the NET2

Matthew 6 in the NIV11

Matthew 6 in the NNT

Matthew 6 in the NNT2

Matthew 6 in the NNT3

Matthew 6 in the PDDPT

Matthew 6 in the PFNT

Matthew 6 in the RMNT

Matthew 6 in the SBIAS

Matthew 6 in the SBIBS

Matthew 6 in the SBIBS2

Matthew 6 in the SBICS

Matthew 6 in the SBIDS

Matthew 6 in the SBIGS

Matthew 6 in the SBIHS

Matthew 6 in the SBIIS

Matthew 6 in the SBIIS2

Matthew 6 in the SBIIS3

Matthew 6 in the SBIKS

Matthew 6 in the SBIKS2

Matthew 6 in the SBIMS

Matthew 6 in the SBIOS

Matthew 6 in the SBIPS

Matthew 6 in the SBISS

Matthew 6 in the SBITS

Matthew 6 in the SBITS2

Matthew 6 in the SBITS3

Matthew 6 in the SBITS4

Matthew 6 in the SBIUS

Matthew 6 in the SBIVS

Matthew 6 in the SBT

Matthew 6 in the SBT1E

Matthew 6 in the SCHL

Matthew 6 in the SNT

Matthew 6 in the SUSU

Matthew 6 in the SUSU2

Matthew 6 in the SYNO

Matthew 6 in the TBIAOTANT

Matthew 6 in the TBT1E

Matthew 6 in the TBT1E2

Matthew 6 in the TFTIP

Matthew 6 in the TFTU

Matthew 6 in the TGNTATF3T

Matthew 6 in the THAI

Matthew 6 in the TNFD

Matthew 6 in the TNT

Matthew 6 in the TNTIK

Matthew 6 in the TNTIL

Matthew 6 in the TNTIN

Matthew 6 in the TNTIP

Matthew 6 in the TNTIZ

Matthew 6 in the TOMA

Matthew 6 in the TTENT

Matthew 6 in the UBG

Matthew 6 in the UGV

Matthew 6 in the UGV2

Matthew 6 in the UGV3

Matthew 6 in the VBL

Matthew 6 in the VDCC

Matthew 6 in the YALU

Matthew 6 in the YAPE

Matthew 6 in the YBVTP

Matthew 6 in the ZBP