Matthew 9 (BOTLNT)

1 Mme Jesu a palama mokoro a kgabaganya lecha a ya Kaperanama, motse wa ga gabo. 2 Ka bofefo banna bangwe ba lere kwa go ene mosimane yo o teteselang a le mo phateng. Erile fa Jesu a bona tumelo ya bone a raya mosimane yo o teteselang a re, “Nametsega ngwana, gonne ke go itshwaretse dibe!” 3 Mme bangwe ba baeteledipele ba tumelo ba gowa ba re, “O a tlhapatsa, Monna yo a re ke Modimo!” 4 Jesu o ne a itse se ba neng ba se akanya mme a re, “Ke eng fa lo akanya megopolo e e maswe jaana? 5 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa? 6 Mme jalo he, go supa gore ke na le thata fano mo lefatshing go itshwarela dibe.” Jalo a retologela kwa mosimaneng yo o teteselang a mo raya a re, “Tsoga o phuthe phate ya gago o ye lwapeng.” 7 Mme mosimane a nanoga a tsamaya! 8 Poifo e kgolo ya wela bontsintsi jwa batho fa ba bona se se diragala fa pele ga matlho a bone. Ba galaletsa Modimo thata ka go naya motho thata e e ntseng jalo. 9 Fa Jesu a tsamaya mo phologelong ya tsela, a bona mokgethisi Mathaio, a ntse fa go kgethisediwang teng, mme Jesu a mo raya a re, “Tla o nne morutwa wa me.” 10 Morago, fa Jesu le barutwa ba gagwe ba a ja dijo kwa tlung ya ga Mathaio, ga bo go le batsietsi ba le bantsi e le balalediwa ba ba itsegeng ka mekgwa e e maswe. 11 Mme Bafarasai ba kgotswa ba re, “Ke eng fa moruti wa lona a dirisanya le batho ba ba ntseng jaana.” 12 Mme Jesu a ba raya a re, “Ka gore ba ba itekanetseng ga ba tlhoke ngaka, ba ke ba ba e tlhokang!” 13 Mme a oketsa a re, “Tsamayang lo ithute tlhaloso ya temana ya Lokwalo, ‘Ga se ditlhabelo tsa lona le dimpho tsa lona tse ke tshwenyegang ka tsone, ke batla gore lo nne le kutlwelobotlhoko’. Tiro ya me fano mo lefatshing ke go busetsa badiradibe mo Modimong e seng go tshwenyega ka batho ba ba siameng.” 14 Letsatsi lengwe barutwa ba ga Johane wa Mokolobetsi ba tla kwa go Jesu ba mmotsa ba re, “Ke eng fa barutwa ba gago ba sa ikitse go ja dijo jaaka rona le Bafarasai re dira?” 15 Mme Jesu a botsa a re, “A ditsala tsa monyadi di tshwanetse go hutsafala, di ikitsa dijo fa a sa ntse a na le tsone? Mme nako e tlaa tla fa ke tlaa tlosiwang mo go tsone. Mme ke gone ba tlaa nnang le nako e ntsi go ikitsa dijo. 16 “Mme ke mang yo o ka bitiyang seaparo se segologolo ka letsela le lesha? Ka gore sebata se ka gagola sa dira leroba le legolo go gaisa pele. 17 “Mme emang yo o ka dirisang makuka a magologolo a mofine go tshela mofine o mosha? Gonne a magologolo a ka phanngwa ke go hupela, mme mofine, o tshologe, makuka a senyege. Ke makuka a masha fela a a dirisiwang go tshela mofine o mosha.” 18 Ya re a sa ntse a bua jaana, moruti wa ntlo ya thuto a tla a mo obamela a re, “Morwadiake yo mmotlana o sule, mme o ka mo rudisa fa o ka tla wa mo ama.” 19 Ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba sa ntse ba ya kwa lwapeng lwa moruti 20 mosadi yo o sa bolong go lwala bolwetse jwa tshologo ya madi mo teng ka dingwaga di le lesome le metso e le mebedi a tla a mo setse morago mme a ama momeno wa seaparo sa gagwe. 21 Gonne o na a akantse gore, “Fela fa nka mo ama ke tlaa fola.” 22 Jesu a retologa a bua nae a re, “Morweetsana, gotlhe go siame! Tumelo ya gago e go fodisitse.” Mme mosadi a fola ka yone nako eo. 23 Erile fa Jesu a goroga kwa lwapeng lwa ga Moruti, a bona bontsintsi jwa batho bo tsositse modumo mme a utlwa le moopelo wa phitlho, 24 A re, “Ba ntshetseng kwa ntle, gonne morweetsana ga a swa; o robetse fela!” Mme ba ne ba mo tshega ka tshotlo le ka go mo nyatsa! 25 Ya re fa bontsi jwa batho bo sena go tswela kwa ntle, Jesu a tsena mo teng kwa go neng go namaletse morweetsana mme a mo tshwara ka seatla, mme a nanoga a itekanetse sentle gape. 26 Mme pego ya kgakgamatso e e gakgamatsang e ya tlala mo lefatshing lotlhe. 27 Ya re fa Jesu a tswa mo lwapeng lwa morweetsana, banna ba le babedi ba difofu ba mo sala morago ba goa ba re, “Ao Morwa Kgosi Dafide, re utlwele botlhoko.” 28 Ba tsena mo tlung kwa a neng a nna teng, Mme Jesu a ba botsa a re, “A lo dumela fa ke nonofile go lo foufolola?” Ba re, “Morena, re a dumela.” 29 Hong a ama matlho a bone mme a re “Ka ntlha ya tumelo ya lona go tlaa diragala!” 30 Mme ka tshoganetso ba foufologa! Jesu a ba laya gore ba seka ba itsise ope kaga selo seo, 31 mme mo boemong jwa go dira jalo ba anamisa tumo ya gagwe gongwe le gongwe mo motsing. 32 Erile Jesu a tswa mo lefelong leo, a rakana le monna wa semumu yo o neng a sa kgone go bua ka ntlha ya mowa o o maswe o o neng o le mo go ene. 33 Hong Jesu a kgoromeletsa mowa o o maswe kwa ntle, mme gone fela foo monna a simolola go bua. Bontsi jwa batho jwa gakgamala thata ba re, “Ga go ise nke go diragale mo matshelong a rona go bona se se tshwanang le se.” 34 Mme Bafarasai ba re, lebaka le a nonofileng go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe ke gore ene ka bo ene o tsenywe ke mewa e e maswe. O tsenywe ke Satane Kgosi ya mewa e e maswe. 35 Jesu o na a tsamaya mo tikologong yotlhe mo magaeng a lefatshe leo, a ruta mo matlung a thuto ya Sejuda a anamisa Mafoko a a Molemo kaga Bogosi. Mme gongwe le gongwe kwa a neng a ya teng o na a fodisa batho mofuta mongwe le mongwe wa bolwetse. 36 Mme o na a na le kutlwelo botlhoko thata mo bontsintsing jwa batho jo bo neng bo tla; ka gore matshwenyego a bone a ne a le matona thata mme ba sa itse se ba ka se dirang kgotsa kwa ba neng ba ka ya teng go bona thuso. Ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa. 37 Mme a raya barutwa ba gagwe a re “Thobo e kgolo thata mme barobi ba ba botlana thata. 38 Jalo he, rapelang yo a leng motlhokomedi wa thobo, lo mo kope go thapa barobi ba bangwe ba masimo a gagwe.”

In Other Versions

Matthew 9 in the ANGEFD

Matthew 9 in the ANTPNG2D

Matthew 9 in the AS21

Matthew 9 in the BAGH

Matthew 9 in the BBPNG

Matthew 9 in the BBT1E

Matthew 9 in the BDS

Matthew 9 in the BEV

Matthew 9 in the BHAD

Matthew 9 in the BIB

Matthew 9 in the BLPT

Matthew 9 in the BNT

Matthew 9 in the BNTABOOT

Matthew 9 in the BNTLV

Matthew 9 in the BOATCB

Matthew 9 in the BOATCB2

Matthew 9 in the BOBCV

Matthew 9 in the BOCNT

Matthew 9 in the BOECS

Matthew 9 in the BOGWICC

Matthew 9 in the BOHCB

Matthew 9 in the BOHCV

Matthew 9 in the BOHLNT

Matthew 9 in the BOHNTLTAL

Matthew 9 in the BOICB

Matthew 9 in the BOILNTAP

Matthew 9 in the BOITCV

Matthew 9 in the BOKCV

Matthew 9 in the BOKCV2

Matthew 9 in the BOKHWOG

Matthew 9 in the BOKSSV

Matthew 9 in the BOLCB

Matthew 9 in the BOLCB2

Matthew 9 in the BOMCV

Matthew 9 in the BONAV

Matthew 9 in the BONCB

Matthew 9 in the BONLT

Matthew 9 in the BONUT2

Matthew 9 in the BOPLNT

Matthew 9 in the BOSCB

Matthew 9 in the BOSNC

Matthew 9 in the BOVCB

Matthew 9 in the BOYCB

Matthew 9 in the BPBB

Matthew 9 in the BPH

Matthew 9 in the BSB

Matthew 9 in the CCB

Matthew 9 in the CUV

Matthew 9 in the CUVS

Matthew 9 in the DBT

Matthew 9 in the DGDNT

Matthew 9 in the DHNT

Matthew 9 in the DNT

Matthew 9 in the ELBE

Matthew 9 in the EMTV

Matthew 9 in the ESV

Matthew 9 in the FBV

Matthew 9 in the FEB

Matthew 9 in the GGMNT

Matthew 9 in the GNT

Matthew 9 in the HARY

Matthew 9 in the HNT

Matthew 9 in the IRVA

Matthew 9 in the IRVB

Matthew 9 in the IRVG

Matthew 9 in the IRVH

Matthew 9 in the IRVK

Matthew 9 in the IRVM

Matthew 9 in the IRVM2

Matthew 9 in the IRVO

Matthew 9 in the IRVP

Matthew 9 in the IRVT

Matthew 9 in the IRVT2

Matthew 9 in the IRVU

Matthew 9 in the ISVN

Matthew 9 in the JSNT

Matthew 9 in the KAPI

Matthew 9 in the KBT1ETNIK

Matthew 9 in the KBV

Matthew 9 in the KJV

Matthew 9 in the KNFD

Matthew 9 in the LBA

Matthew 9 in the LBLA

Matthew 9 in the LNT

Matthew 9 in the LSV

Matthew 9 in the MAAL

Matthew 9 in the MBV

Matthew 9 in the MBV2

Matthew 9 in the MHNT

Matthew 9 in the MKNFD

Matthew 9 in the MNG

Matthew 9 in the MNT

Matthew 9 in the MNT2

Matthew 9 in the MRS1T

Matthew 9 in the NAA

Matthew 9 in the NASB

Matthew 9 in the NBLA

Matthew 9 in the NBS

Matthew 9 in the NBVTP

Matthew 9 in the NET2

Matthew 9 in the NIV11

Matthew 9 in the NNT

Matthew 9 in the NNT2

Matthew 9 in the NNT3

Matthew 9 in the PDDPT

Matthew 9 in the PFNT

Matthew 9 in the RMNT

Matthew 9 in the SBIAS

Matthew 9 in the SBIBS

Matthew 9 in the SBIBS2

Matthew 9 in the SBICS

Matthew 9 in the SBIDS

Matthew 9 in the SBIGS

Matthew 9 in the SBIHS

Matthew 9 in the SBIIS

Matthew 9 in the SBIIS2

Matthew 9 in the SBIIS3

Matthew 9 in the SBIKS

Matthew 9 in the SBIKS2

Matthew 9 in the SBIMS

Matthew 9 in the SBIOS

Matthew 9 in the SBIPS

Matthew 9 in the SBISS

Matthew 9 in the SBITS

Matthew 9 in the SBITS2

Matthew 9 in the SBITS3

Matthew 9 in the SBITS4

Matthew 9 in the SBIUS

Matthew 9 in the SBIVS

Matthew 9 in the SBT

Matthew 9 in the SBT1E

Matthew 9 in the SCHL

Matthew 9 in the SNT

Matthew 9 in the SUSU

Matthew 9 in the SUSU2

Matthew 9 in the SYNO

Matthew 9 in the TBIAOTANT

Matthew 9 in the TBT1E

Matthew 9 in the TBT1E2

Matthew 9 in the TFTIP

Matthew 9 in the TFTU

Matthew 9 in the TGNTATF3T

Matthew 9 in the THAI

Matthew 9 in the TNFD

Matthew 9 in the TNT

Matthew 9 in the TNTIK

Matthew 9 in the TNTIL

Matthew 9 in the TNTIN

Matthew 9 in the TNTIP

Matthew 9 in the TNTIZ

Matthew 9 in the TOMA

Matthew 9 in the TTENT

Matthew 9 in the UBG

Matthew 9 in the UGV

Matthew 9 in the UGV2

Matthew 9 in the UGV3

Matthew 9 in the VBL

Matthew 9 in the VDCC

Matthew 9 in the YALU

Matthew 9 in the YAPE

Matthew 9 in the YBVTP

Matthew 9 in the ZBP