Mark 2 (BOTLNT)

1 Mme erile morago ga malatsi a le mantsi a boela gape kwa Kaperanama, mme kutlwedi ya go tla ga gagwe ya tuma ka bofefo mo motseng otlhe. 2 Ka bonako ntlo e o neng a le mo go yone e ne ya tlala baeng thata mo go neng go sena bonno le fa e le jwa motho a le esi, le fa e le kwa kgorong tota. Mme a ba rerela lefoko. 3 Mme ya re a sa ntse a rera, banna ba le bane, ba goroga ba tshotse monna yo o suleng mhama a le mo lepareng. 4 Mme ba palelwa ke go tsena kwa go Jesu ka ntlha ya bontsi jwa batho, hong ba rutlolola ntlo go lebagana le tlhogo ya gagwe, mme ba folosa molwetsi ka lepara, go lebagana sentle le fa pele ga ga Jesu. 5 Mme erile Jesu a bona kafa ba dumelang thata ka teng gore o tlaa thusa, Jesu a raya monna yo o lwalang a re, “Morwaaka, dibe tsa gago di itshwaretswe!” 6 Mme bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba ntse foo ba raana ba re, 7 “Gatweng? Se ke tlhapatso! A o gopola gore ke Modimo? Gonne ke Modimo fela o o ka itshwarelang dibe.” 8 Mme Jesu ka a ne a itsile ditlhaloganyo tsa bone a ba raya a re, “Ke eng fa se se lo tshwenya? 9 A go thata go itshwarela dibe tsa gagwe go na le go mo fodisa? 10 10-11 Mme jalo ke tlaa lo supegetsa, gore Nna, motho yo o tswang legodimong, ke itshwaretse monna yo dibe.” Hong a retologela kwa monneng yo o suleng mhama a re, “O fodisitswe. Tsaya lepara la gago o ye gae!” 12 Mme monna a nanoga, a tsaya lepara a ralala batho ba ba neng ba mo lebeletse! 13 Hong Jesu a ya gape kwa lotshitshing lwa lewatle mme a rerela boidiidi jwa batho jo bo neng bo mo dikaganyeditse. 14 Erile fa Jesu a ntse a tsamaya fa lotshitshing a bona Lefi, morwa Alefo, a ntse fa go kgethisediwang teng. A mo raya a re, “Ntshala morago. O nne morutwa wa me.” Mme Lefi a nanoga a tsamaya nae. 15 Mo bosigongjoo, Lefi a laletsa badiri-ka ene ba bakgethisi le baleofi ba bangwe ba ba tumileng go nna balalediwa ba gagwe ka nako ya dijo tsa maitseboa gore ba tle ba kopane le Jesu le barutwa ba gagwe, (go ne go na le batho ba le bantsi ba mofuta o, mo boidiiding jwa batho jo bo neng bo mo setse morago). 16 Mme erile fa baeteledipele bangwe ba tumelo ya Sejuta ba mmona a a ja le batho ba ba mekgwa e e maswe, ba raya barutwa ba gagwe ba re, “Ke eng fa a a ja le batho ba ba ntseng jaana?” 17 Erile fa Jesu a utlwa se ba neng ba se bua, a ba raya a re, “Batho ba ba lwalang ke bone ba ba batlang ngaka, e seng ba ba itekanetseng! Ga ke a tla go sokolola basiami fa e se baleofi.” 18 Mme barutwa ba ga Johane le baeteledipele ba Sejuta e ne e tle e re ka nako tse dingwe ba ikitse dijo, ke gore, ba tlhoke go ja e le ntlha nngwe ya tumelo ya bone; ya re letsatsi lengwe ba tla kwa go Jesu ba mmotsa gore ke ka ntlha yang fa barutwa ba gagwe le bone ba sa ikitse dijo? 19 Mme Jesu a ba araba a re, “A ditsala tsa monyadi di ka gana go ja mo moletlong wa nyalo, A di ka hutsafala fa a sa ntse a na le tsone? 20 Mme letsatsi lengwe o tlaa tlosiwa mo go bone, mme ba tla hutsafala. 21 “Mo godimo ga moo, go ikitsa dijo ke mongwe mokgwa wa bogologolo wa go dira dilo. Go tshwana le go bitia seaparo se segologolo ka letsela le lesha! Go ka diragala eng? Sedibo se ka garola mme sa dira gore leroba le nne maswe go gaisa pele. 22 Lo itse botoka gore go tshela mofine o mosha mo dinkgwaneng tse dikgologolo, di ka thubega. Mofine o ka tshologela kwa ntle mme dinkgwana di senyege. Mofine o mosha o tlhoka dinkgwana tse dintsha.” 23 Ka nako nngwe go le Sabata Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya mo masimong, barutwa ba ne ba roba diako tsa mabele ba a ja. 24 Bangwe ba baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba raya Jesu ba re, “Ga ba a tshwanela ba ka bo ba dira jalo! Go kgatlhanong le melao ya rona go roba mabele ka letsatsi la Sabata.” 25 25-26 Jesu a araba a re, “A ga lo ise lo ke lo utlwalele kaga Kgosi Dafide le bapati ba gagwe, ba ba neng ba tshwerwe ke tlala, mme a tsena mo tlung ya Modimo Abiathare e ne e le Moperesiti yo Mogolo ka nako eo--mme ba a ja senkgwe se se faphegileng se se neng se jewa ke baperesiti fela? Seo le sone se ne se le kgatlhanong le molao. 27 Mme Sabata e ne e diretswe go solegela motho molemo, e seng motho go solegela Sabata molemo. 28 Mme Nna, Mesia, ke na le nonofo ya go dira tshwetso ya se batho ba ka se dirang ka malatsi a Sabata!”

In Other Versions

Mark 2 in the ANGEFD

Mark 2 in the ANTPNG2D

Mark 2 in the AS21

Mark 2 in the BAGH

Mark 2 in the BBPNG

Mark 2 in the BBT1E

Mark 2 in the BDS

Mark 2 in the BEV

Mark 2 in the BHAD

Mark 2 in the BIB

Mark 2 in the BLPT

Mark 2 in the BNT

Mark 2 in the BNTABOOT

Mark 2 in the BNTLV

Mark 2 in the BOATCB

Mark 2 in the BOATCB2

Mark 2 in the BOBCV

Mark 2 in the BOCNT

Mark 2 in the BOECS

Mark 2 in the BOGWICC

Mark 2 in the BOHCB

Mark 2 in the BOHCV

Mark 2 in the BOHLNT

Mark 2 in the BOHNTLTAL

Mark 2 in the BOICB

Mark 2 in the BOILNTAP

Mark 2 in the BOITCV

Mark 2 in the BOKCV

Mark 2 in the BOKCV2

Mark 2 in the BOKHWOG

Mark 2 in the BOKSSV

Mark 2 in the BOLCB

Mark 2 in the BOLCB2

Mark 2 in the BOMCV

Mark 2 in the BONAV

Mark 2 in the BONCB

Mark 2 in the BONLT

Mark 2 in the BONUT2

Mark 2 in the BOPLNT

Mark 2 in the BOSCB

Mark 2 in the BOSNC

Mark 2 in the BOVCB

Mark 2 in the BOYCB

Mark 2 in the BPBB

Mark 2 in the BPH

Mark 2 in the BSB

Mark 2 in the CCB

Mark 2 in the CUV

Mark 2 in the CUVS

Mark 2 in the DBT

Mark 2 in the DGDNT

Mark 2 in the DHNT

Mark 2 in the DNT

Mark 2 in the ELBE

Mark 2 in the EMTV

Mark 2 in the ESV

Mark 2 in the FBV

Mark 2 in the FEB

Mark 2 in the GGMNT

Mark 2 in the GNT

Mark 2 in the HARY

Mark 2 in the HNT

Mark 2 in the IRVA

Mark 2 in the IRVB

Mark 2 in the IRVG

Mark 2 in the IRVH

Mark 2 in the IRVK

Mark 2 in the IRVM

Mark 2 in the IRVM2

Mark 2 in the IRVO

Mark 2 in the IRVP

Mark 2 in the IRVT

Mark 2 in the IRVT2

Mark 2 in the IRVU

Mark 2 in the ISVN

Mark 2 in the JSNT

Mark 2 in the KAPI

Mark 2 in the KBT1ETNIK

Mark 2 in the KBV

Mark 2 in the KJV

Mark 2 in the KNFD

Mark 2 in the LBA

Mark 2 in the LBLA

Mark 2 in the LNT

Mark 2 in the LSV

Mark 2 in the MAAL

Mark 2 in the MBV

Mark 2 in the MBV2

Mark 2 in the MHNT

Mark 2 in the MKNFD

Mark 2 in the MNG

Mark 2 in the MNT

Mark 2 in the MNT2

Mark 2 in the MRS1T

Mark 2 in the NAA

Mark 2 in the NASB

Mark 2 in the NBLA

Mark 2 in the NBS

Mark 2 in the NBVTP

Mark 2 in the NET2

Mark 2 in the NIV11

Mark 2 in the NNT

Mark 2 in the NNT2

Mark 2 in the NNT3

Mark 2 in the PDDPT

Mark 2 in the PFNT

Mark 2 in the RMNT

Mark 2 in the SBIAS

Mark 2 in the SBIBS

Mark 2 in the SBIBS2

Mark 2 in the SBICS

Mark 2 in the SBIDS

Mark 2 in the SBIGS

Mark 2 in the SBIHS

Mark 2 in the SBIIS

Mark 2 in the SBIIS2

Mark 2 in the SBIIS3

Mark 2 in the SBIKS

Mark 2 in the SBIKS2

Mark 2 in the SBIMS

Mark 2 in the SBIOS

Mark 2 in the SBIPS

Mark 2 in the SBISS

Mark 2 in the SBITS

Mark 2 in the SBITS2

Mark 2 in the SBITS3

Mark 2 in the SBITS4

Mark 2 in the SBIUS

Mark 2 in the SBIVS

Mark 2 in the SBT

Mark 2 in the SBT1E

Mark 2 in the SCHL

Mark 2 in the SNT

Mark 2 in the SUSU

Mark 2 in the SUSU2

Mark 2 in the SYNO

Mark 2 in the TBIAOTANT

Mark 2 in the TBT1E

Mark 2 in the TBT1E2

Mark 2 in the TFTIP

Mark 2 in the TFTU

Mark 2 in the TGNTATF3T

Mark 2 in the THAI

Mark 2 in the TNFD

Mark 2 in the TNT

Mark 2 in the TNTIK

Mark 2 in the TNTIL

Mark 2 in the TNTIN

Mark 2 in the TNTIP

Mark 2 in the TNTIZ

Mark 2 in the TOMA

Mark 2 in the TTENT

Mark 2 in the UBG

Mark 2 in the UGV

Mark 2 in the UGV2

Mark 2 in the UGV3

Mark 2 in the VBL

Mark 2 in the VDCC

Mark 2 in the YALU

Mark 2 in the YAPE

Mark 2 in the YBVTP

Mark 2 in the ZBP