Mark 7 (BOTLNT)

1 Ka letsatsi lengwe baeteledipele bangwe ba tumelo ya Sejuta ba tla kwa go ene ba tswa kwa Jerusalema go tla go mo tlhotlhomisa, 2 ba lemoga gore bangwe ba barutwa ba gagwe ga ba diragatse mekgwa ya bone e e tlwaelesegileng ya Sejuta pele ga ba a ja. 3 Gonne Bajuta, segolo jang Bafarasai, ga ba ka ke ba a ja pele ga ba tlhapa diatla tsa bone go fitlha mo dikgonong, jaaka go tlhokafala ka dingwao tsa bone tsa bogologolo. 4 Jalo fa ba tla gae ba tswa marekelong ba tshwanetse go tlhapa ka mokgwa oo pele ga ba ka ama dijo. Se ke sengwe sa dikai tse dintsi tsa melao e e tlwaelesegileng e ba saleng ba e ngaparela ka dingwaga di le dintsi e sa ntse e tsweletse e dirisiwa, fela jaaka tlwaelo ya bone ya go tlhatswa dipitsa le senwelo le dijana tse di jelang. 5 Hong baeteledipele ba tumelo ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa barutwa ba gago ba sa latele ngwao ya rona ya bogologolo? Gonne ba ja pele ga ba tlhapa.” 6 6-7 Mme Jesu a araba a re, “Baitemokanyi ke lona! Isaia moporofiti o lo bonye sentle fa a re, ‘Batho ba ba bua sentle ka ga Morena mme ba sa mo rate ka boammaaruri. Kobamelo ya bone ke ya dinyana, gonne ba re Modimo o laola batho go obamela melao ya bone! Ruri Isaia o ne a le boammaaruri jang!’ 8 Gonne lo itlhokomolosa melao ya Modimo e e tlhomameng mme mo boemong jwa moo lo tshegeditse ngwao ya lona fela. 9 Ga re lo a tle lo gane melao ya Modimo fela lo bo lo e gataka ka dinao gore lo tle lo tshegetse ngwao ya lona. 10 Fela jaaka Moshe a lo neile molao o o tswang kwa Modimong; o o reng, ‘Tlotla rrago le mmago!’ Mme a re le fa e le mang yo o buang bosula ka ga rraagwe kgotsa mmaagwe o tshwanetse go swa. 11 Mme lwa re go siame fa motho a itlhokomolosa batsadi ba gagwe ba ba tlhokang, a ba raya a re, ‘Lo intshwarele, ga nkake ka lo thusa! Gonne se ke neng ke tlaa se lo naya ke se ntsheditse Modimo.’ 12 12-13 Jalo lo roba molao wa Modimo go diragatsa ngwao ya lona e e dirilweng ke batho. Mme se ke sekai se le sengwe fela. Go na le tse dingwe di le dintsi thata.” 14 Hong Jesu a bitsa bontsintsi jwa batho go tla go reetsa: A re, “A mongwe le mongwe wa lona a reetse, lo bo lo leke go tlhaloganya. 15 15-16 Mewa ya lona ga e senngwe ke se lo se jang, mme e senngwa ke se lo se akanyang le se lo se buang!” 17 Hong a tsena mo tlung go tswa fa bontsing jwa batho, mme barutwa ba gagwe ba mmotsa gore o rayang ka se a neng a se bolela. 18 Mme a ba botsa a re, “A le lona ga lo tlhaloganye? A ga lo bone gore se lo se jang ga se kake sa senya mewa ya lona? 19 Gonne dijo ga di amane ka gope le pelo ya gago, mme di feta fela ka mometso di ye kwa di silwang teng,” (go bua se o ne a supa fa mofuta mongwe le mongwe o na le go ka jewa.) 20 Mme a nna a tswelela a re, “Ke dikakanyo fela tse di bosula tse di itshekololang. 21 Gonne go tswa mo dipelong tsa batho, go tswa dikakanyo tse di bosula, tsa dikeletso, bogodu, go bolaya, boaka, 22 go batla tse e leng tsa ba bangwe, boikepo, tsietso, maaka, dithato, bopelompe, mabela le dilo tsotlhe tsa boeleele. 23 Mme dilo tse tsotlhe tse di bosula di tswa mo teng; ke tsone tse di go itshekololang gore o seka wa itekanela mo Modimong.” 24 Mme a tswa a tloga mo Galalea a tsamaya a ya kwa kgaolong ya Ture le Sidona, mme a leka go go dira sephiri sa gore o ne a le teng koo, mme ga seka ga diragala. Gonne jaaka gale, dikgang tsa kgorogo ya gagwe di ne tsa anama ka bofefo. 25 Ka bonako ga tla mosadi kwa go ene yo ngwana wa gagwe o neng a na le mowa o o maswe, a utlwaletse kaga Jesu mme a tla a wela fa dinaong tsa gagwe, 26 mme a mo rapela gore a golole ngwana wa gagwe mo thateng ya taolo ya mowa o o maswe. (Mme a bo a le modichaba wa Se-Siria le Se-Fonishia yo o nyaditsweng!) 27 Mme Jesu a mo raya a re, “Pele ke tshwanetse go thusa bagaetsho Bajuta. Ga go a siama go tsaya dijo tsa bana o di latlhelela dintsa.” 28 Hong mosadi a araba a re, “Go boammaaruri, Morena, le tsone dintsanyana kafa tlase ga lomati lwa bojelo di newa mafofora a a wang mo dijaneng tsa bana.” 29 Mme a mo raya a re, “Go siame! O arabile sentle mo eleng gore ke fodisitse ngwana wa gago wa mosetsana. Tsamaya o ye gae, gonne mowa o o maswe o dule mo go ene!” 30 Mme e rile fa a tsena kwa gae, ngwana wa gagwe a bo a robetse ka tidimalo e kgolo mo bolaong, mme mowa o o maswe wa bo o tsamaile. 31 Mme go tswa kwa Ture a tsamaya a ya Sidona, a boela kwa lewatleng la Galalea ka tsela ya metse e le lesome. 32 Ga tlisiwa kwa go ene monna yo o neng a sa utlwe e le susu a bile a kwakwaetsa, mme botlhe ba kopa Jesu gore a beye diatla tsa gagwe mo monneng yoo go mo fodisa. 33 Jesu a mo ntsha mo bontsing jwa batho a tsenya menwana ya gagwe mo ditsebeng tsa gagwe, a kgwa mathe a ama loleme lwa monna yoo. 34 Hong a leba kwa legodimong, a fegelwa mme a laola gore a “Kabologe!” 35 Ka bonako monna a simolola go utlwa sentle le go bua sentle ka tlhamalalo! 36 Mme Jesu a raya bontsi jwa batho a re ba seka ba bolelela ope, mme le fa a na a ba iditse jalo, bone ba ya ba bolela bogolo segolo. 37 Gonne ba ne ba gakgametse ka se se diragetseng. Gangwe le gape ba re, “Sengwe le sengwe se o se dirang ke se se gakgamatsang; o kgona gore ba ba susu ba utlwe le ba ba kwakwaetsang ba bue!”

In Other Versions

Mark 7 in the ANGEFD

Mark 7 in the ANTPNG2D

Mark 7 in the AS21

Mark 7 in the BAGH

Mark 7 in the BBPNG

Mark 7 in the BBT1E

Mark 7 in the BDS

Mark 7 in the BEV

Mark 7 in the BHAD

Mark 7 in the BIB

Mark 7 in the BLPT

Mark 7 in the BNT

Mark 7 in the BNTABOOT

Mark 7 in the BNTLV

Mark 7 in the BOATCB

Mark 7 in the BOATCB2

Mark 7 in the BOBCV

Mark 7 in the BOCNT

Mark 7 in the BOECS

Mark 7 in the BOGWICC

Mark 7 in the BOHCB

Mark 7 in the BOHCV

Mark 7 in the BOHLNT

Mark 7 in the BOHNTLTAL

Mark 7 in the BOICB

Mark 7 in the BOILNTAP

Mark 7 in the BOITCV

Mark 7 in the BOKCV

Mark 7 in the BOKCV2

Mark 7 in the BOKHWOG

Mark 7 in the BOKSSV

Mark 7 in the BOLCB

Mark 7 in the BOLCB2

Mark 7 in the BOMCV

Mark 7 in the BONAV

Mark 7 in the BONCB

Mark 7 in the BONLT

Mark 7 in the BONUT2

Mark 7 in the BOPLNT

Mark 7 in the BOSCB

Mark 7 in the BOSNC

Mark 7 in the BOVCB

Mark 7 in the BOYCB

Mark 7 in the BPBB

Mark 7 in the BPH

Mark 7 in the BSB

Mark 7 in the CCB

Mark 7 in the CUV

Mark 7 in the CUVS

Mark 7 in the DBT

Mark 7 in the DGDNT

Mark 7 in the DHNT

Mark 7 in the DNT

Mark 7 in the ELBE

Mark 7 in the EMTV

Mark 7 in the ESV

Mark 7 in the FBV

Mark 7 in the FEB

Mark 7 in the GGMNT

Mark 7 in the GNT

Mark 7 in the HARY

Mark 7 in the HNT

Mark 7 in the IRVA

Mark 7 in the IRVB

Mark 7 in the IRVG

Mark 7 in the IRVH

Mark 7 in the IRVK

Mark 7 in the IRVM

Mark 7 in the IRVM2

Mark 7 in the IRVO

Mark 7 in the IRVP

Mark 7 in the IRVT

Mark 7 in the IRVT2

Mark 7 in the IRVU

Mark 7 in the ISVN

Mark 7 in the JSNT

Mark 7 in the KAPI

Mark 7 in the KBT1ETNIK

Mark 7 in the KBV

Mark 7 in the KJV

Mark 7 in the KNFD

Mark 7 in the LBA

Mark 7 in the LBLA

Mark 7 in the LNT

Mark 7 in the LSV

Mark 7 in the MAAL

Mark 7 in the MBV

Mark 7 in the MBV2

Mark 7 in the MHNT

Mark 7 in the MKNFD

Mark 7 in the MNG

Mark 7 in the MNT

Mark 7 in the MNT2

Mark 7 in the MRS1T

Mark 7 in the NAA

Mark 7 in the NASB

Mark 7 in the NBLA

Mark 7 in the NBS

Mark 7 in the NBVTP

Mark 7 in the NET2

Mark 7 in the NIV11

Mark 7 in the NNT

Mark 7 in the NNT2

Mark 7 in the NNT3

Mark 7 in the PDDPT

Mark 7 in the PFNT

Mark 7 in the RMNT

Mark 7 in the SBIAS

Mark 7 in the SBIBS

Mark 7 in the SBIBS2

Mark 7 in the SBICS

Mark 7 in the SBIDS

Mark 7 in the SBIGS

Mark 7 in the SBIHS

Mark 7 in the SBIIS

Mark 7 in the SBIIS2

Mark 7 in the SBIIS3

Mark 7 in the SBIKS

Mark 7 in the SBIKS2

Mark 7 in the SBIMS

Mark 7 in the SBIOS

Mark 7 in the SBIPS

Mark 7 in the SBISS

Mark 7 in the SBITS

Mark 7 in the SBITS2

Mark 7 in the SBITS3

Mark 7 in the SBITS4

Mark 7 in the SBIUS

Mark 7 in the SBIVS

Mark 7 in the SBT

Mark 7 in the SBT1E

Mark 7 in the SCHL

Mark 7 in the SNT

Mark 7 in the SUSU

Mark 7 in the SUSU2

Mark 7 in the SYNO

Mark 7 in the TBIAOTANT

Mark 7 in the TBT1E

Mark 7 in the TBT1E2

Mark 7 in the TFTIP

Mark 7 in the TFTU

Mark 7 in the TGNTATF3T

Mark 7 in the THAI

Mark 7 in the TNFD

Mark 7 in the TNT

Mark 7 in the TNTIK

Mark 7 in the TNTIL

Mark 7 in the TNTIN

Mark 7 in the TNTIP

Mark 7 in the TNTIZ

Mark 7 in the TOMA

Mark 7 in the TTENT

Mark 7 in the UBG

Mark 7 in the UGV

Mark 7 in the UGV2

Mark 7 in the UGV3

Mark 7 in the VBL

Mark 7 in the VDCC

Mark 7 in the YALU

Mark 7 in the YAPE

Mark 7 in the YBVTP

Mark 7 in the ZBP