Mark 9 (BOTLNT)

1 Jesu a tswelela a raya barutwa ba gagwe a re, “Bangwe ba lona ba ba emeng fa, gompieno ba tlaa tshela go bona Bogosi jwa Modimo bo tla ka nonofo e kgolo!” 2 Malatsi a le marataro a sena go feta Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane, a tlhatlhogela kwa godimo ga thaba. Go ne go sena ope teng. Ka bofefo sefatlhogo sa gagwe sa simolola go phatshima ka kgalalelo, 3 mme diaparo tsa gagwe tsa tsabakela, tsa nna ditshweu thata, di galalela thata go gaisa jaaka motho ope mo lefatshing a ka di sweufatsa. 4 Hong Elija le Moshe ba bonala mme ba simolola go bua le Jesu! 5 Mme Petere a bua a re, “Moruti, go go ntle jang!” Re tlaa aga metlaagana e le meraro fa, mongwe le mongwe wa lona a na le wa gagwe. 6 O ne a bua se fela, gonne o ne a sa itse se a ka se buang ka botlhe ba ne ba tshogile. 7 Mme erile fa a sa ntse a tsweletse ka go bua mafoko a, leru la ba khurumetsa, la sira letsatsi, mme lentswe la tswa mo lerung la re, “Yo ke morwaake. Reetsang ene.” 8 Mme ka tshoganyetso fa ba leba kafa le kafa, Moshe le Elija ba bo ba seyo, mme ya bo e le Jesu fela yo o nang nabo. 9 Ya re ba fologa mo thabeng a ba raya are ba seka ba bolelela ope kaga se ba se boneng go fitlhelela a sena go tsoga mo baswing. 10 Mme ba ipolokela kgang e, ba nna ba bua ka ga yone, gore o kane a raya eng “Ka go tsoga mo baswing.” 11 Hong ba simolola go mmotsa kaga sengwe se baeteledipele ba tumelo ya Sejuta ba tlwaetseng go se bua, ba re Elija o tshwanetse go tla (pele ga Mesia a ka tla). 12 12-13 Mme Jesu a dumela gore Elija o tshwanetse go tla pele go baakanya tsela, le fa go ntse jalo go setse go diragetse, o setse a tsile! Le gore o kopane le matshwenyego a a boitshegang, fela jaaka Baporofiti ba ne ba boletse. Hong Jesu a ba botsa gore baporofiti ba ka ne ba ne ba raya eng fa ba re, Mesia o tlaa boga a ba a tsewa ka lonyatso. 14 Mme ya re ba goroga kwa tlase ga thaba, ba fitlhela bontsi jo bogolo jwa batho bo dikaganyeditse barutwa ba bangwe ba ba ferang bongwe, fa bangwe ba baeteledipele ba Sejuta ba ntse ba ganetsanya nabo. 15 Mme bontsi jwa batho ba leba Jesu ka poifo fa a atamela kwa go bone, hong ba tabogela kwa go ene go mo dumedisa. 16 Mme a ba botsa a re, “Lo ganetsanya kaga eng?” 17 Monna mongwe mo bontsing joo a bua a re, “Moruti, ke lerile morwaake mo go wena gore o mo fodise--ga a kgone go bua ka ntlha ya gore o tswenwe ke mowa o o maswe. 18 Mme fa mowa o o maswe o mo laola o mo digela fa fatshe o mo dira gore a phoke mafulo ka molomo a phuranye meno a kwatlalale. Mme ka kopa barutwa ba gago gore ba kgoromeletse ntle mowa o o maswe mme ba retelelwa.” 19 Jesu a raya barutwa ba gagwe a re, “Ao, a batho ba ba tumelo e potlana, ke tshwanetse go nna le lona lobaka lo lo kae mme lo sa dumele? Ke lobaka lo lo kae lo ke tshwanetseng go lo itshokela? Lereng mosimane kwa go nna.” 20 Hong ba lere mosimane, mme erile fa a bona Jesu, mowa o o maswe wa mo kgothakgotha mo go botlhoko, mme a wela fa fatshe a bidikama a phoka mafulo ka molomo. 21 Jesu a botsa rraagwe a re, “Go lobaka lo lo kae a ntse jaana?” Rraagwe a araba a re, “a le mmotlana, 22 mme gantsi mowa o o maswe o dira gore a wele mo molelong kgotsa mo teng ga metsi go mmolaya. Ao, re utlwele botlhoko, o dire sengwe fa go kgonega.” 23 Jesu a botsa a re, “A wa re fa ke kgona? Sengwe le sengwe se a kgonega fa o na le tumelo.” 24 Ka bofefo rraagwe a araba a re, “Ke na le tumelo; Nthusa o e nkokeletse.” 25 Erile fa Jesu a bona gore bontsi jwa batho bo a gola, a kgalemela mowa o o maswe. A raya mowa o o maswe o o semumu le bosusu, a re, “Ke a go laola gore o tswe mo ngwaneng yo, o seka wa tlhola o tsena mo go ene gape!” 26 Hong mowa o o maswe wa goa mo go boitshegang wa kgothakgotha mosimanyana gape mme wa mo tlogela; a robala a sa tshikinyege a bonala jaaka moswi. Modumonyana wa utlwala mo bathung o re, “O sule.” 27 Jesu a mo tshwara ka seatla a mo thusa gore a eme ka maoto, mme a ema a itekanetse! 28 Ya re morago ga moo Jesu a le esi mo tlung le barutwa ba gagwe, ba mmotsa ba re, “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go kgoromeletsa ntle mowa o o maswe?” 29 Jesu a araba a re, “Mofuta o o ntseng jaana o kgonwa ke thapelo fela.” 30 30-31 Ya re ba tloga mo kgaolong eo ba tsamaya ba ralala Galalea mo a neng a leka go tila batho gore a tle a nne le nako ya go nna le barutwa ba gagwe, go ba ruta. O ne a ba raya a re, “Nna, Mesia ke tla okiwa, ke bolawe mme morago ga malatsi a le mararo ke tlaa rula.” 32 Lefa go ntse jalo, ba bo ba sa tlhaloganye, mme ba tshaba go mmotsa gore o rayang. 33 Mme ba goroga kwa Kaperanama. Ya re ba sena go nna fa fatshe mo tlung e ba neng ba tshwanetse go nna mo go yone a ba botsa a re, “Lo ne lo bua ka ga eng mo tseleng.” 34 Mme ba tlhajwa ke ditlhong go araba, gonne ba ne ba ganetsanya ka gore e mang mo go bone yo mogolo! 35 A nna fa fatshe a ba bitsa a ba raya a re, “Mongwe yo o batlang go nna yo mogolo o tshwanetse go nna wa bofelo, motlhanka wa botlhe!” 36 Hong a baya ngwana mo gare ga bone; mme e rile a tsaya ngwana ka mabogo a gagwe a ba raya a re, 37 “Le fa e le mang yo o amogelang ngwana yo monnye jaana mo leineng la me o amogela nna, mme le fa e le mang yo o mo amogelang o amogela Rre yo o nthomileng!” 38 Mme mongwe wa barutwa ba gagwe, ebong Johane, ya re ka letsatsi lengwe a mo raya a re, “Moruti, re bone monna mongwe a dirisa leina la gago go kgoromeletsa mewa e e maswe kwa ntle; mme ra mo raya ra re a se ka a dira jalo, gonne ga se mongwe wa setlhopha sa rona.” 39 Jesu a ba raya a re, “Se mo itseng! gonne ga go ope yo o dirang dikgakgamatso ka leina la me yo o tla reng ka bofefo a nne kgatlhanong le nna. 40 Lefa e le mang yo o seng kgatlhanong le rona ke wa rona. 41 Fa mongwe a ka lo siela metse ka ntlha ya gore lo ba ga Keresete ka re ammaaruri ga a kitla a latlhegelwa ke tuelo ya gagwe. 42 Mme fa mongwe a ka dira gore mongwe wa ba ba botlana ba yo o dumelang mo go nna a latlhegelwe ke tumelo--go ka nna botoka fa motho yoo a ka hunelelwa lolwala lo lo golo mo thamong a ya go thabuediwa mo lewatleng. 43 43-44 “Fa seatla sa gago se leofa, se kgaole. Go botoka go tshelela ruri ka seatla se le sengwe go na le go latlhelwa mo molelong wa molete o o sa timeng ka diatla tse pedi! 45 45-46 Fa lonao lwa gago lo go isa bosuleng lo kgaole! Go botoka go nna setlhotsa lobaka lo loleele, go na le go nna le dinao tse pedi tse di go isang moleting. 47 “Mme fa leitlho la gago le go leofisa, le gonye. Go botoka go tsena mo Bogosingjwa Modimo o le mogapa, go na le go tsena ka matlho a mabedi mo moleting wa molelo, 48 kwa seboko se sa sweng, le kwa molelo o sa timeng, 49 kwa tsotlhe di lokwang ka molelo. 50 “Letswai le le molemo, ga le na thuso fa le latlhegelwa ke molodi, ga le ka ke la loka sepe. Se latlhegelweng ke molodi wa lona! Nnang kagiso mo go ba bangwe.”

In Other Versions

Mark 9 in the ANGEFD

Mark 9 in the ANTPNG2D

Mark 9 in the AS21

Mark 9 in the BAGH

Mark 9 in the BBPNG

Mark 9 in the BBT1E

Mark 9 in the BDS

Mark 9 in the BEV

Mark 9 in the BHAD

Mark 9 in the BIB

Mark 9 in the BLPT

Mark 9 in the BNT

Mark 9 in the BNTABOOT

Mark 9 in the BNTLV

Mark 9 in the BOATCB

Mark 9 in the BOATCB2

Mark 9 in the BOBCV

Mark 9 in the BOCNT

Mark 9 in the BOECS

Mark 9 in the BOGWICC

Mark 9 in the BOHCB

Mark 9 in the BOHCV

Mark 9 in the BOHLNT

Mark 9 in the BOHNTLTAL

Mark 9 in the BOICB

Mark 9 in the BOILNTAP

Mark 9 in the BOITCV

Mark 9 in the BOKCV

Mark 9 in the BOKCV2

Mark 9 in the BOKHWOG

Mark 9 in the BOKSSV

Mark 9 in the BOLCB

Mark 9 in the BOLCB2

Mark 9 in the BOMCV

Mark 9 in the BONAV

Mark 9 in the BONCB

Mark 9 in the BONLT

Mark 9 in the BONUT2

Mark 9 in the BOPLNT

Mark 9 in the BOSCB

Mark 9 in the BOSNC

Mark 9 in the BOVCB

Mark 9 in the BOYCB

Mark 9 in the BPBB

Mark 9 in the BPH

Mark 9 in the BSB

Mark 9 in the CCB

Mark 9 in the CUV

Mark 9 in the CUVS

Mark 9 in the DBT

Mark 9 in the DGDNT

Mark 9 in the DHNT

Mark 9 in the DNT

Mark 9 in the ELBE

Mark 9 in the EMTV

Mark 9 in the ESV

Mark 9 in the FBV

Mark 9 in the FEB

Mark 9 in the GGMNT

Mark 9 in the GNT

Mark 9 in the HARY

Mark 9 in the HNT

Mark 9 in the IRVA

Mark 9 in the IRVB

Mark 9 in the IRVG

Mark 9 in the IRVH

Mark 9 in the IRVK

Mark 9 in the IRVM

Mark 9 in the IRVM2

Mark 9 in the IRVO

Mark 9 in the IRVP

Mark 9 in the IRVT

Mark 9 in the IRVT2

Mark 9 in the IRVU

Mark 9 in the ISVN

Mark 9 in the JSNT

Mark 9 in the KAPI

Mark 9 in the KBT1ETNIK

Mark 9 in the KBV

Mark 9 in the KJV

Mark 9 in the KNFD

Mark 9 in the LBA

Mark 9 in the LBLA

Mark 9 in the LNT

Mark 9 in the LSV

Mark 9 in the MAAL

Mark 9 in the MBV

Mark 9 in the MBV2

Mark 9 in the MHNT

Mark 9 in the MKNFD

Mark 9 in the MNG

Mark 9 in the MNT

Mark 9 in the MNT2

Mark 9 in the MRS1T

Mark 9 in the NAA

Mark 9 in the NASB

Mark 9 in the NBLA

Mark 9 in the NBS

Mark 9 in the NBVTP

Mark 9 in the NET2

Mark 9 in the NIV11

Mark 9 in the NNT

Mark 9 in the NNT2

Mark 9 in the NNT3

Mark 9 in the PDDPT

Mark 9 in the PFNT

Mark 9 in the RMNT

Mark 9 in the SBIAS

Mark 9 in the SBIBS

Mark 9 in the SBIBS2

Mark 9 in the SBICS

Mark 9 in the SBIDS

Mark 9 in the SBIGS

Mark 9 in the SBIHS

Mark 9 in the SBIIS

Mark 9 in the SBIIS2

Mark 9 in the SBIIS3

Mark 9 in the SBIKS

Mark 9 in the SBIKS2

Mark 9 in the SBIMS

Mark 9 in the SBIOS

Mark 9 in the SBIPS

Mark 9 in the SBISS

Mark 9 in the SBITS

Mark 9 in the SBITS2

Mark 9 in the SBITS3

Mark 9 in the SBITS4

Mark 9 in the SBIUS

Mark 9 in the SBIVS

Mark 9 in the SBT

Mark 9 in the SBT1E

Mark 9 in the SCHL

Mark 9 in the SNT

Mark 9 in the SUSU

Mark 9 in the SUSU2

Mark 9 in the SYNO

Mark 9 in the TBIAOTANT

Mark 9 in the TBT1E

Mark 9 in the TBT1E2

Mark 9 in the TFTIP

Mark 9 in the TFTU

Mark 9 in the TGNTATF3T

Mark 9 in the THAI

Mark 9 in the TNFD

Mark 9 in the TNT

Mark 9 in the TNTIK

Mark 9 in the TNTIL

Mark 9 in the TNTIN

Mark 9 in the TNTIP

Mark 9 in the TNTIZ

Mark 9 in the TOMA

Mark 9 in the TTENT

Mark 9 in the UBG

Mark 9 in the UGV

Mark 9 in the UGV2

Mark 9 in the UGV3

Mark 9 in the VBL

Mark 9 in the VDCC

Mark 9 in the YALU

Mark 9 in the YAPE

Mark 9 in the YBVTP

Mark 9 in the ZBP