Philippians 3 (BOTLNT)
1 Mme le fa go ka diregang, ditsala tse di rategang, itumeleng mo Moreneng. Ga nke ke lapisega go lo bolelela se, ebile go lo siametse go se utlwa gangwe le gape. 2 Itlhokomeleng mo bathong ba ba bosula, bao, dintsa tse di diphatsa, ke ba bitsa jalo, ba ba reng lo tshwanetse go rupisiwa gore lo bolokwe. 3 Gonne ga se go segwa ga mebele ya rona mo go reirang bana ba Modimo; ke go mo obamela ka mewa ya rona. E ke yone “thupiso” ya boammaaruri. Rona Bakeresete re galalela mo go se Keresete Jesu a se re diretseng ebile re lemoga gore ga re kake ra ithusa go ipoloka. 4 Legale fa mongwe a ka bo a kile a nna le mabaka a gore o ka ipoloka, e ka bo e le nna. Fa ba bangwe ba ne ba ka bolokwa ke se ba leng sone, tota ke ka bo ke ipolokile. 5 Gonne ke rupisitswe mo thupisong ya Sejuta fa ke le malatsi a ferabobedi, ke tsaletswe mo lelapeng la Sejuta tota mo lotsong lwa ga Benjamini. Jalo ke ne ke le Mojuta wa Bajuta tota! Mo gongwe ke eng? ke ne ke le leloko la Bafarasai ba ba neng ba le kutlo mo molaong mongwe le mongwe le ngwao ya Sejuta. 6 Mme a go boammaruri? Ee, ke ne ke bogisa phuthego thata; mme ke rata go ikobela molao mongwe le mongwe wa Sejuta go fitlhelela kwa bofelong. 7 Mme dilo tse tsotlhe tse ke kileng ka gopola gore di siame thata, jaanong ke di latlhile gore ke beye tshepo le tsholofelo ya me mo go Keresete a le esi. 8 Ee, sengwe le sengwe ga se na mosola fa se tshwantshanngwa le poelo e e senang theko ya go itse Morena wa me Jesu Keresete. Ke beetse tsotlhe fa thoko, ke di bona e se sepe, gore ke tle ke nne le Keresete, 9 ke nne mongwe fela nae, ke sa tlhole ke bona gore ke tshwanetse go bolokwa ka go siama thata kgotsa go obamela melao ya Modimo, fa e se fela ka go ikanya Keresete go mpoloka; gonne tsela ya Modimo ya go re dira gore re nne tshiamo nao e eme mo tumelong, re beile mo go Keresete a le nosi. 10 Mme jaanong ke tlogetse sengwe le sengwe, ke bonye e le yone fela tsela ya go itse Keresete le go lemoga nonofo e kgolo e e mo rudisitseng, le go bona gore go boga le go swa nae go rayang. 11 Gore e tle e re kgotsa ka mokgwa mongwe ke tle ke nne mo botshelong jo bosha jwa ba ba tshedileng mo baswing. 12 Ga ke reye gore ke itekanetse. Ga ke ise ke ithute tsotlhe tse ke tshwanetseng go di ithuta, mme ke lekela pele go fitlhelela letsatsi le ke tlaa bong ke le se Keresete a se mpoloketseng le se o batlang ke nna sone. 13 Nnyaa, bakaulengwe ba ba rategang, ga ke ise ke nne gotlhe mo ke tshwanetseng go nna gone, mme ke leka ka natla yotlhe go tlhokomela selo se le sengwe fela se: go lebala tse di kwa morago ke lebelela tse di kwa pele. 14 Ke gagamaletse go fitlha kwa bokhutlong jwa lobelo le go amogela sekgele se Modimo o se re biletsang kwa legodimong ka ntlha ya se Jesu Keresete a se re diretseng. 15 Ke solofela gore lotlhe ba lo leng Bakeresete ba ba godileng mo tumelong lo tlaa nna maikutlo a le mangwe le nna mo mabakeng one a, mme fa re sa dumalane mo ntlheng nngwe ke dumela gore Modimo o tlaa lo e tlhalosetsa sentle, 16 fa lo ikobela boammaaruri jo lo nang najo. 17 Bakaulengwe ba ba rategang, lo nne baetsi ba me mme lo eleng tlhoko ba ba tshelang ka fa sekaong sa me. 18 Gonne ke lo boleletse gantsi, mme ke bua gape jaanong ka dikeledi mo matlhong a me, go na le ba le bantsi ba ba tsamayang mo tseleng ya Sekeresete mme tota e le baba ba mokgoro wa ga Keresete. 19 Bokamoso jwa bone ke tatlhego e e sa khutleng, gonne modimo wa bone ke mpa ya bone: ba ipelafatsa ka se se tshwanetseng go tlhabisa ditlhong; mme se ba akanyang kaga sone fela ke botshelo jwa lefatshe leno. 20 Mme legae la rona le kwa legodimong, kwa Mmoloki wa rona Morena Jesu Keresete a leng teng; mme ebile re lebeletse go boa ga gagwe a tswa teng koo. 21 E tlaa re fa a tla o tlaa tsaya mebele e e swang e ya rona, a e fetolele mo mebeleng e e galalelang jaaka wa gagwe, a dirisa nonofo e le nngwe fela e o tlaa e dirisang go tlhabana le sengwe le sengwe gongwe le gongwe.
In Other Versions
Philippians 3 in the ANGEFD
Philippians 3 in the ANTPNG2D
Philippians 3 in the AS21
Philippians 3 in the BAGH
Philippians 3 in the BBPNG
Philippians 3 in the BBT1E
Philippians 3 in the BDS
Philippians 3 in the BEV
Philippians 3 in the BHAD
Philippians 3 in the BIB
Philippians 3 in the BLPT
Philippians 3 in the BNT
Philippians 3 in the BNTABOOT
Philippians 3 in the BNTLV
Philippians 3 in the BOATCB
Philippians 3 in the BOATCB2
Philippians 3 in the BOBCV
Philippians 3 in the BOCNT
Philippians 3 in the BOECS
Philippians 3 in the BOGWICC
Philippians 3 in the BOHCB
Philippians 3 in the BOHCV
Philippians 3 in the BOHLNT
Philippians 3 in the BOHNTLTAL
Philippians 3 in the BOICB
Philippians 3 in the BOILNTAP
Philippians 3 in the BOITCV
Philippians 3 in the BOKCV
Philippians 3 in the BOKCV2
Philippians 3 in the BOKHWOG
Philippians 3 in the BOKSSV
Philippians 3 in the BOLCB
Philippians 3 in the BOLCB2
Philippians 3 in the BOMCV
Philippians 3 in the BONAV
Philippians 3 in the BONCB
Philippians 3 in the BONLT
Philippians 3 in the BONUT2
Philippians 3 in the BOPLNT
Philippians 3 in the BOSCB
Philippians 3 in the BOSNC
Philippians 3 in the BOVCB
Philippians 3 in the BOYCB
Philippians 3 in the BPBB
Philippians 3 in the BPH
Philippians 3 in the BSB
Philippians 3 in the CCB
Philippians 3 in the CUV
Philippians 3 in the CUVS
Philippians 3 in the DBT
Philippians 3 in the DGDNT
Philippians 3 in the DHNT
Philippians 3 in the DNT
Philippians 3 in the ELBE
Philippians 3 in the EMTV
Philippians 3 in the ESV
Philippians 3 in the FBV
Philippians 3 in the FEB
Philippians 3 in the GGMNT
Philippians 3 in the GNT
Philippians 3 in the HARY
Philippians 3 in the HNT
Philippians 3 in the IRVA
Philippians 3 in the IRVB
Philippians 3 in the IRVG
Philippians 3 in the IRVH
Philippians 3 in the IRVK
Philippians 3 in the IRVM
Philippians 3 in the IRVM2
Philippians 3 in the IRVO
Philippians 3 in the IRVP
Philippians 3 in the IRVT
Philippians 3 in the IRVT2
Philippians 3 in the IRVU
Philippians 3 in the ISVN
Philippians 3 in the JSNT
Philippians 3 in the KAPI
Philippians 3 in the KBT1ETNIK
Philippians 3 in the KBV
Philippians 3 in the KJV
Philippians 3 in the KNFD
Philippians 3 in the LBA
Philippians 3 in the LBLA
Philippians 3 in the LNT
Philippians 3 in the LSV
Philippians 3 in the MAAL
Philippians 3 in the MBV
Philippians 3 in the MBV2
Philippians 3 in the MHNT
Philippians 3 in the MKNFD
Philippians 3 in the MNG
Philippians 3 in the MNT
Philippians 3 in the MNT2
Philippians 3 in the MRS1T
Philippians 3 in the NAA
Philippians 3 in the NASB
Philippians 3 in the NBLA
Philippians 3 in the NBS
Philippians 3 in the NBVTP
Philippians 3 in the NET2
Philippians 3 in the NIV11
Philippians 3 in the NNT
Philippians 3 in the NNT2
Philippians 3 in the NNT3
Philippians 3 in the PDDPT
Philippians 3 in the PFNT
Philippians 3 in the RMNT
Philippians 3 in the SBIAS
Philippians 3 in the SBIBS
Philippians 3 in the SBIBS2
Philippians 3 in the SBICS
Philippians 3 in the SBIDS
Philippians 3 in the SBIGS
Philippians 3 in the SBIHS
Philippians 3 in the SBIIS
Philippians 3 in the SBIIS2
Philippians 3 in the SBIIS3
Philippians 3 in the SBIKS
Philippians 3 in the SBIKS2
Philippians 3 in the SBIMS
Philippians 3 in the SBIOS
Philippians 3 in the SBIPS
Philippians 3 in the SBISS
Philippians 3 in the SBITS
Philippians 3 in the SBITS2
Philippians 3 in the SBITS3
Philippians 3 in the SBITS4
Philippians 3 in the SBIUS
Philippians 3 in the SBIVS
Philippians 3 in the SBT
Philippians 3 in the SBT1E
Philippians 3 in the SCHL
Philippians 3 in the SNT
Philippians 3 in the SUSU
Philippians 3 in the SUSU2
Philippians 3 in the SYNO
Philippians 3 in the TBIAOTANT
Philippians 3 in the TBT1E
Philippians 3 in the TBT1E2
Philippians 3 in the TFTIP
Philippians 3 in the TFTU
Philippians 3 in the TGNTATF3T
Philippians 3 in the THAI
Philippians 3 in the TNFD
Philippians 3 in the TNT
Philippians 3 in the TNTIK
Philippians 3 in the TNTIL
Philippians 3 in the TNTIN
Philippians 3 in the TNTIP
Philippians 3 in the TNTIZ
Philippians 3 in the TOMA
Philippians 3 in the TTENT
Philippians 3 in the UBG
Philippians 3 in the UGV
Philippians 3 in the UGV2
Philippians 3 in the UGV3
Philippians 3 in the VBL
Philippians 3 in the VDCC
Philippians 3 in the YALU
Philippians 3 in the YAPE
Philippians 3 in the YBVTP
Philippians 3 in the ZBP