Philippians 4 (BOTLNT)

1 Bakaulengwe ba me ba ba rategang, ke a lorata ebile ke tlhwaafaletse go lo bona, gonne lo boitumelo jwa me le tuelo ya ditiro tsa me. Ditsala tse di rategang, nnang boammaruri mo Moreneng. 2 Mme jaanong ke batla go kopa basadi ba babedi ba ba rategang bao, ebong Eodia le Sentuke. Tswee-tswee, ka thuso ya Morena, se tlholeng lo omana, nnang ditsala gape. 3 Mme ke a go kopa, tsala ya me ya boammaaruri go thusa basadi ba, gonne ba dirile le nna mo go boleleleng bangwe Mafoko a a Molemo, ba dirile le Klement, le botlhe badiri ka nna botlhe ba maina a bone a kwadilweng mo Lokwalong lwa Botshelo. 4 Nnang lo itumetse mo Moreneng ka metlha yotlhe; ke ipoeletsa gape, ka re itumeleng! 5 A mongwe le mongwe a bone gore ga lo bohula gape lo bonolo mo go tsotlhe tse lo di dirang. Gakologelwang gore Morena o e tla ka bonako. 6 Lo se ka lwa tshwenyega kaga sepe; mo boemong jwa moo, rapelang kaga sengwe le sengwe. Bolelelang Modimo se lo se tlhokang mme lo se lebale go O lebogela dikarabo tsa one. 7 Fa lo dira jalo, lo tlaa itemogela kagiso ya Modimo, e e hakgamatsang thata go feta e mogopolo wa motho o ka e tlhaloganyang. Kagiso ya gagwe e tlaa ritibatsa e bo e lapolosa dipelo tsa lona fa lo ikanya Jesu Keresete. 8 Mme jaanong, bakaulengwe, a e re ke tswala lokwalo lo, ke boelele gape selo se: tiisang megopolo ya lona mo boammaaruring le mo molemong le mo tshiamong. Akanyang kaga dilo tse di itshekileng le tse di ntle mme lo nne mo dilong tse di siameng, tse di molemo mo go ba bangwe. Akanyang kaga tsotlhe tse lo ka galaletsang Modimo ka tsone lo bo lo itumele kaga tsone. 9 Tswelelang lo dire tsotlhe tse lo di ithutileng mo go nna le tse lo bonyeng ke di dira, mme Modimo wa kagiso o tlaa nna le nna. 10 Ke itumela thata jang ebile ke galaletsa Morena jang ka go bo lo nthusa gape. Ke a itse gore ga lo bolo go tlhwaafalela go romela se lo ka se kgonang, mme ka lobakanyana lo ne lo se na ka fa lo ka dirang ka teng. 11 E seng ka ntlha ya gore ke kile ka tlhoka, gonne ke itlwaeditse go itumela fa ke na le go le gontsi le go le gonnye. 12 Ke itse ka fa ke ka tshelang ka teng ke na le sengwe le ke sena sepe. Ke ithutile sephiri sa go kgotsofadiwa mo seemong sengwe le sengwe, le fa e le go kgora kgotsa go tshwarwa ke tlala go huma kgotsa go humanega; 13 gonne ke ka dira sengwe le sengwe se Modimo o batlang ke se dira ka thuso ya ga Keresete yo o nnayang thata le nonofo. 14 Mme le fa go ntse jalo, lo dirile sentle ka go nthusa mo mathateng a me. 15 Jaaka lo itse sentle, erile la ntlha fa ke lo tlisetsa Efangele, ke le mo tseleng ke tswa Masedonia, ke lona fela Bafilipi ba lo neng lwa nna bapati ba me mo go abeng le mo go amogeleng. Ga go na phuthego epe e e dirileng jalo. 16 Le jaaka ke ne ke le kwa Thesalonika lo ne lwa nthomelela thuso gabedi. 17 Mme le fa ke itumelela dimpho tsa lona, se se itumedisang thata ke kamogelo e ntle ya tuelo e lo tlaa e bonang ka ntlha ya tshiamo ya lona. 18 Ka lobaka lo ke na le tsotlhe tse ke di tlhokang, go feta tse ke di tlhokang! Ke na le mo go ntekanyeng ka dimpho tse lo di nthomeletseng ka Epaferodito fa a tla. Ke setlhabelo se se lonko lo monate se se itumedisang Modimo thata. 19 Mme ke ene yo o tlaa lo abelang tsotlhe tse lo di tlhokang mo dikhumong tsa gagwe tse di mo kgalalelong, ka ntlha ya se Keresete a se re diretseng. 20 A kgalalelo e nne go Modimo Rraetsho ka metlha le metlha. Amen. 21 Ntumedisetseng Bakeresete botlhe koo; bakaulengwe ba ba nang le nna le bone ba a dumedisa. 22 Le Bakeresete botlhe ba ba kwano ba a lo gakologelwa, bogolo jang ba ba dirang mo tlung ya segosi ya ga Kaesara. 23 A tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le mewa ya lona.Ke nna, wa lona ruri,Paulo.

In Other Versions

Philippians 4 in the ANGEFD

Philippians 4 in the ANTPNG2D

Philippians 4 in the AS21

Philippians 4 in the BAGH

Philippians 4 in the BBPNG

Philippians 4 in the BBT1E

Philippians 4 in the BDS

Philippians 4 in the BEV

Philippians 4 in the BHAD

Philippians 4 in the BIB

Philippians 4 in the BLPT

Philippians 4 in the BNT

Philippians 4 in the BNTABOOT

Philippians 4 in the BNTLV

Philippians 4 in the BOATCB

Philippians 4 in the BOATCB2

Philippians 4 in the BOBCV

Philippians 4 in the BOCNT

Philippians 4 in the BOECS

Philippians 4 in the BOGWICC

Philippians 4 in the BOHCB

Philippians 4 in the BOHCV

Philippians 4 in the BOHLNT

Philippians 4 in the BOHNTLTAL

Philippians 4 in the BOICB

Philippians 4 in the BOILNTAP

Philippians 4 in the BOITCV

Philippians 4 in the BOKCV

Philippians 4 in the BOKCV2

Philippians 4 in the BOKHWOG

Philippians 4 in the BOKSSV

Philippians 4 in the BOLCB

Philippians 4 in the BOLCB2

Philippians 4 in the BOMCV

Philippians 4 in the BONAV

Philippians 4 in the BONCB

Philippians 4 in the BONLT

Philippians 4 in the BONUT2

Philippians 4 in the BOPLNT

Philippians 4 in the BOSCB

Philippians 4 in the BOSNC

Philippians 4 in the BOVCB

Philippians 4 in the BOYCB

Philippians 4 in the BPBB

Philippians 4 in the BPH

Philippians 4 in the BSB

Philippians 4 in the CCB

Philippians 4 in the CUV

Philippians 4 in the CUVS

Philippians 4 in the DBT

Philippians 4 in the DGDNT

Philippians 4 in the DHNT

Philippians 4 in the DNT

Philippians 4 in the ELBE

Philippians 4 in the EMTV

Philippians 4 in the ESV

Philippians 4 in the FBV

Philippians 4 in the FEB

Philippians 4 in the GGMNT

Philippians 4 in the GNT

Philippians 4 in the HARY

Philippians 4 in the HNT

Philippians 4 in the IRVA

Philippians 4 in the IRVB

Philippians 4 in the IRVG

Philippians 4 in the IRVH

Philippians 4 in the IRVK

Philippians 4 in the IRVM

Philippians 4 in the IRVM2

Philippians 4 in the IRVO

Philippians 4 in the IRVP

Philippians 4 in the IRVT

Philippians 4 in the IRVT2

Philippians 4 in the IRVU

Philippians 4 in the ISVN

Philippians 4 in the JSNT

Philippians 4 in the KAPI

Philippians 4 in the KBT1ETNIK

Philippians 4 in the KBV

Philippians 4 in the KJV

Philippians 4 in the KNFD

Philippians 4 in the LBA

Philippians 4 in the LBLA

Philippians 4 in the LNT

Philippians 4 in the LSV

Philippians 4 in the MAAL

Philippians 4 in the MBV

Philippians 4 in the MBV2

Philippians 4 in the MHNT

Philippians 4 in the MKNFD

Philippians 4 in the MNG

Philippians 4 in the MNT

Philippians 4 in the MNT2

Philippians 4 in the MRS1T

Philippians 4 in the NAA

Philippians 4 in the NASB

Philippians 4 in the NBLA

Philippians 4 in the NBS

Philippians 4 in the NBVTP

Philippians 4 in the NET2

Philippians 4 in the NIV11

Philippians 4 in the NNT

Philippians 4 in the NNT2

Philippians 4 in the NNT3

Philippians 4 in the PDDPT

Philippians 4 in the PFNT

Philippians 4 in the RMNT

Philippians 4 in the SBIAS

Philippians 4 in the SBIBS

Philippians 4 in the SBIBS2

Philippians 4 in the SBICS

Philippians 4 in the SBIDS

Philippians 4 in the SBIGS

Philippians 4 in the SBIHS

Philippians 4 in the SBIIS

Philippians 4 in the SBIIS2

Philippians 4 in the SBIIS3

Philippians 4 in the SBIKS

Philippians 4 in the SBIKS2

Philippians 4 in the SBIMS

Philippians 4 in the SBIOS

Philippians 4 in the SBIPS

Philippians 4 in the SBISS

Philippians 4 in the SBITS

Philippians 4 in the SBITS2

Philippians 4 in the SBITS3

Philippians 4 in the SBITS4

Philippians 4 in the SBIUS

Philippians 4 in the SBIVS

Philippians 4 in the SBT

Philippians 4 in the SBT1E

Philippians 4 in the SCHL

Philippians 4 in the SNT

Philippians 4 in the SUSU

Philippians 4 in the SUSU2

Philippians 4 in the SYNO

Philippians 4 in the TBIAOTANT

Philippians 4 in the TBT1E

Philippians 4 in the TBT1E2

Philippians 4 in the TFTIP

Philippians 4 in the TFTU

Philippians 4 in the TGNTATF3T

Philippians 4 in the THAI

Philippians 4 in the TNFD

Philippians 4 in the TNT

Philippians 4 in the TNTIK

Philippians 4 in the TNTIL

Philippians 4 in the TNTIN

Philippians 4 in the TNTIP

Philippians 4 in the TNTIZ

Philippians 4 in the TOMA

Philippians 4 in the TTENT

Philippians 4 in the UBG

Philippians 4 in the UGV

Philippians 4 in the UGV2

Philippians 4 in the UGV3

Philippians 4 in the VBL

Philippians 4 in the VDCC

Philippians 4 in the YALU

Philippians 4 in the YAPE

Philippians 4 in the YBVTP

Philippians 4 in the ZBP