1 Corinthians 1 (BOTLNT)

1 Lokwalo lo lo tswang kwa go Paulo, yo o tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete, le mokaulengwe Sosethenese. 2 A kwalela: Bakeresete ba ba kwa Korinta, ba ba biditsweng ke Modimo go nna batho ba one ba ba itshepisitsweng ke Keresete Jesu. Le go: botlhe Bakeresete gongwe le gongwe, ba ba bitsang leina la ga Jesu Keresete, Morena wa rona le wa bone. 3 A Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete a lo segofatse, a lo neye kagiso e kgolo ya pelo le mowa. 4 Ga ke ka ke ka khutlisa go leboga Modimo kaga dineo tse dintle tse o di lo neileng, gore jaanong lo bo lo le ba ga Keresete. 5 O humisitse botshelo jwa lona jotlhe. O lo neile nonofo ya go bua kaga gagwe le go lo naya go tlhaloganya boammaaruri. 6 Se ke se lo boleletseng gore Keresete o ka se lo direla se diragetse! 7 Jaanong lo na le letlhogonolo le tshegofatso; mpho nngwe le nngwe ya semowa le nonofo go dira go rata ga one, dilo tse ke tsa lona mo lobakeng lono lwa go letela go bowa ga Morena wa rona Jesu. 8 O tlaa lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo tlhokisiwe boleo le molato ka letsatsi le o tlaa bowang ka lone. 9 Modimo ruri o tlaa lo direla se, gonne o dira ka metlha yotlhe se o se buang, ebile ke one o o lo bileditseng mo botsalanong jo bontle jo le Morwa one, e leng ene Keresete Morena wa rona. 10 Mme bakaulengwe ba ba tlotlegang, ke a lo kopa mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete go khutlisa dikganetsano mo gareng ga lona. A go nne le kutlwano e e siameng gore go se ka ga nna le dikgaogano mo phuthegong. Ke a lo kopa gore lo nne mogopolo mongwe fela, lo kopane mo kgopolong le mo boikaelelong. 11 Gonne bangwe ba ba nnang kwa tlung ya ga Keloe ba mpoleletse ka dikgane-tsano le dikgogakgogano tsa lona, bakaulengwe ba ba rategang. 12 Bangwe ba lona ba re, “Ke molatedi wa ga Paulo,” ba bangwe ba re ke balatedi ba ga, Apolose kgotsa Petere, ba bangwe mo bojosing jwa bone ba re ke balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete. 13 Mme jalo, e tswa e le ruri lo kgaogantse Keresete. Mme a nna Paulo, ke swetse dibe tsa lona? A go na le mongwe wa lona yo o kolobeditsweng mo leineng la me? 14 Ke leboga thata ka nako e ka gore ga ke a kolobetsa ope wa lona fa e se Kerisepo le Gaio fela. 15 Gonne jaanong ga go na ope yo o ka akanyang gore ke ne ke batla go simolola sengwe se sesha; ke simolola “phuthego ya ga Paulo.” 16 Ee, ke kolobeditse ba ntlo ya ga Setefanase. Ga ke gakologelwe gore a ke kile ka kolobetsa mongwe o sele. 17 Gonne Keresete ga a nthomela go tla go kolobetsa, fa e se go rera Mafoko a a Molemo; mme le thero ya me e utlwala e le bokoa, gonne ga ke tlatse thero ya me ka mafoko a a boteng le tumo ya megopolo e e kwa godimo, ke tshaba go tima nonofo e kgolo e e mo molaetseng o o motlhofo wa mokgoro wa ga Jesu Keresete. 18 Ke itse sentle gore go utlwala go le boeleele thata mo go ba ba latlhegang, fa ba utlwa gore Jesu o swetse go ba boloka. Mme rona ba re bolokilweng re lemoga molaetsa o e le nonofo ya Modimo. 19 Gonne Modimo wa re, “Ke tlaa senya maano otlhe a batho a poloko, ga go re sepe gore a a ka bo a lebega a le botlhale go le kae, le go tlhokomologa megopolo e e botoka ya batho, le e leng batlhalefi tota.” 20 Jaanong go ka tweng ka batho ba ba botlhale, barutegi ba, bakanoki ba ba botlhale ba dilo tse di kgolo tsa lefatshe le? Modimo o ba dirile gore botlhe ba lebege e le dieleele, wa ba wa supa botlhale jwa bone bo sena mosola. 21 Gonne Modimo mo botlhaleng jwa one o bone gore lefatshe ga le kitla le bona Modimo ka botlhale jwa motho; mme wa tsena wa boloka botlhe ba ba dumetseng molaetsa wa one o lefatshe le o bitsang boeleele le bomatla. 22 Go bonala go le boeleele mo Bajuteng ka gore ba batla sesupo se se tswang legodimong e le tshupo ya gore se se rerwang ke boammaaruri; mme ke boeleele mo go Badichaba ka gore ba dumela fela se se dumalanang le botlhale jwa bone le go re se lebega se le sentle mo go bone. 23 Jalo fa re rera kaga Keresete jaaka a swetse go ba boloka, Bajuta ba a kgopisega mme Badichaba bone ba re ke diphirimisi fela. 24 Mme Modimo o butse matlho a ba ba batlang poloko, Bajuta mmogo le Badichaba go bona gore Keresete ke nonofo e kgolo ya Modimo go ba boloka; Keresete ka bo ene ke pinagare ya leano la Modimo mo polokong ya bone. 25 Leano le la Modimo le go tweng ke “Boeleele” le botlhale thata go gaisa leano la batlhalefi, mme Modimo mo bokoeng jwa one, jwa gore Keresete a swe mo mokgorong o nonofile go gaisa batho botlhe. 26 Lemogang mo go lona, bakaulengwe ba ba tlotlegang, gore ba se kae fela ba lona ba ba latelang Keresete ba na le maina a magolo kgotsa nonofo kgotsa dikhumo. 27 Mo boemong jwa moo, Modimo o tlhophile ka bomo fela go dirisa ditlhaloganyo tse batho ba lefatshe ba di bonang di le boeleele, ebile di sena mosola, e le go tlhabisa ditlhong batho ba lefatshe le ba ba bonwang ba tlhalefile thata, ebile ba le bagolo. 28 O tlhophile leano le le nyaditsweng ke lefatshe, le le kailweng e se sepe, mme a le dirisa go latofatsa batho ba lefatshe le ba tlotlang, 29 gore gongwe le gongwe ope a se ka a ikgantsha fa pele ga Modimo. 30 Gonne go tswa fela kwa Modimong gore lo nne le botshelo ka Jesu Keresete. O re bontshitse leano la Modimo la poloka; ke ene yo o dirileng gore re amogelesege mo Modimong; o re itshekisitse a bo a re itshepisa a bo a intsha thekololo ya poloko ya rona. 31 Jaaka mo dikwalong go twe, “Fa mongwe a ikgantsha a a ikgantshe fela kaga se Morena o se dirileng.”

In Other Versions

1 Corinthians 1 in the ANGEFD

1 Corinthians 1 in the ANTPNG2D

1 Corinthians 1 in the AS21

1 Corinthians 1 in the BAGH

1 Corinthians 1 in the BBPNG

1 Corinthians 1 in the BBT1E

1 Corinthians 1 in the BDS

1 Corinthians 1 in the BEV

1 Corinthians 1 in the BHAD

1 Corinthians 1 in the BIB

1 Corinthians 1 in the BLPT

1 Corinthians 1 in the BNT

1 Corinthians 1 in the BNTABOOT

1 Corinthians 1 in the BNTLV

1 Corinthians 1 in the BOATCB

1 Corinthians 1 in the BOATCB2

1 Corinthians 1 in the BOBCV

1 Corinthians 1 in the BOCNT

1 Corinthians 1 in the BOECS

1 Corinthians 1 in the BOGWICC

1 Corinthians 1 in the BOHCB

1 Corinthians 1 in the BOHCV

1 Corinthians 1 in the BOHLNT

1 Corinthians 1 in the BOHNTLTAL

1 Corinthians 1 in the BOICB

1 Corinthians 1 in the BOILNTAP

1 Corinthians 1 in the BOITCV

1 Corinthians 1 in the BOKCV

1 Corinthians 1 in the BOKCV2

1 Corinthians 1 in the BOKHWOG

1 Corinthians 1 in the BOKSSV

1 Corinthians 1 in the BOLCB

1 Corinthians 1 in the BOLCB2

1 Corinthians 1 in the BOMCV

1 Corinthians 1 in the BONAV

1 Corinthians 1 in the BONCB

1 Corinthians 1 in the BONLT

1 Corinthians 1 in the BONUT2

1 Corinthians 1 in the BOPLNT

1 Corinthians 1 in the BOSCB

1 Corinthians 1 in the BOSNC

1 Corinthians 1 in the BOVCB

1 Corinthians 1 in the BOYCB

1 Corinthians 1 in the BPBB

1 Corinthians 1 in the BPH

1 Corinthians 1 in the BSB

1 Corinthians 1 in the CCB

1 Corinthians 1 in the CUV

1 Corinthians 1 in the CUVS

1 Corinthians 1 in the DBT

1 Corinthians 1 in the DGDNT

1 Corinthians 1 in the DHNT

1 Corinthians 1 in the DNT

1 Corinthians 1 in the ELBE

1 Corinthians 1 in the EMTV

1 Corinthians 1 in the ESV

1 Corinthians 1 in the FBV

1 Corinthians 1 in the FEB

1 Corinthians 1 in the GGMNT

1 Corinthians 1 in the GNT

1 Corinthians 1 in the HARY

1 Corinthians 1 in the HNT

1 Corinthians 1 in the IRVA

1 Corinthians 1 in the IRVB

1 Corinthians 1 in the IRVG

1 Corinthians 1 in the IRVH

1 Corinthians 1 in the IRVK

1 Corinthians 1 in the IRVM

1 Corinthians 1 in the IRVM2

1 Corinthians 1 in the IRVO

1 Corinthians 1 in the IRVP

1 Corinthians 1 in the IRVT

1 Corinthians 1 in the IRVT2

1 Corinthians 1 in the IRVU

1 Corinthians 1 in the ISVN

1 Corinthians 1 in the JSNT

1 Corinthians 1 in the KAPI

1 Corinthians 1 in the KBT1ETNIK

1 Corinthians 1 in the KBV

1 Corinthians 1 in the KJV

1 Corinthians 1 in the KNFD

1 Corinthians 1 in the LBA

1 Corinthians 1 in the LBLA

1 Corinthians 1 in the LNT

1 Corinthians 1 in the LSV

1 Corinthians 1 in the MAAL

1 Corinthians 1 in the MBV

1 Corinthians 1 in the MBV2

1 Corinthians 1 in the MHNT

1 Corinthians 1 in the MKNFD

1 Corinthians 1 in the MNG

1 Corinthians 1 in the MNT

1 Corinthians 1 in the MNT2

1 Corinthians 1 in the MRS1T

1 Corinthians 1 in the NAA

1 Corinthians 1 in the NASB

1 Corinthians 1 in the NBLA

1 Corinthians 1 in the NBS

1 Corinthians 1 in the NBVTP

1 Corinthians 1 in the NET2

1 Corinthians 1 in the NIV11

1 Corinthians 1 in the NNT

1 Corinthians 1 in the NNT2

1 Corinthians 1 in the NNT3

1 Corinthians 1 in the PDDPT

1 Corinthians 1 in the PFNT

1 Corinthians 1 in the RMNT

1 Corinthians 1 in the SBIAS

1 Corinthians 1 in the SBIBS

1 Corinthians 1 in the SBIBS2

1 Corinthians 1 in the SBICS

1 Corinthians 1 in the SBIDS

1 Corinthians 1 in the SBIGS

1 Corinthians 1 in the SBIHS

1 Corinthians 1 in the SBIIS

1 Corinthians 1 in the SBIIS2

1 Corinthians 1 in the SBIIS3

1 Corinthians 1 in the SBIKS

1 Corinthians 1 in the SBIKS2

1 Corinthians 1 in the SBIMS

1 Corinthians 1 in the SBIOS

1 Corinthians 1 in the SBIPS

1 Corinthians 1 in the SBISS

1 Corinthians 1 in the SBITS

1 Corinthians 1 in the SBITS2

1 Corinthians 1 in the SBITS3

1 Corinthians 1 in the SBITS4

1 Corinthians 1 in the SBIUS

1 Corinthians 1 in the SBIVS

1 Corinthians 1 in the SBT

1 Corinthians 1 in the SBT1E

1 Corinthians 1 in the SCHL

1 Corinthians 1 in the SNT

1 Corinthians 1 in the SUSU

1 Corinthians 1 in the SUSU2

1 Corinthians 1 in the SYNO

1 Corinthians 1 in the TBIAOTANT

1 Corinthians 1 in the TBT1E

1 Corinthians 1 in the TBT1E2

1 Corinthians 1 in the TFTIP

1 Corinthians 1 in the TFTU

1 Corinthians 1 in the TGNTATF3T

1 Corinthians 1 in the THAI

1 Corinthians 1 in the TNFD

1 Corinthians 1 in the TNT

1 Corinthians 1 in the TNTIK

1 Corinthians 1 in the TNTIL

1 Corinthians 1 in the TNTIN

1 Corinthians 1 in the TNTIP

1 Corinthians 1 in the TNTIZ

1 Corinthians 1 in the TOMA

1 Corinthians 1 in the TTENT

1 Corinthians 1 in the UBG

1 Corinthians 1 in the UGV

1 Corinthians 1 in the UGV2

1 Corinthians 1 in the UGV3

1 Corinthians 1 in the VBL

1 Corinthians 1 in the VDCC

1 Corinthians 1 in the YALU

1 Corinthians 1 in the YAPE

1 Corinthians 1 in the YBVTP

1 Corinthians 1 in the ZBP