1 Peter 4 (BOTLNT)

1 E re ka Keresete a bogile a bile a utlwisitswe botlhoko, le lona lo tshwanetse go boga fela jaaka a bogile; lo tshwanetse go ipaakanyetsa go boga, le lona. Mme ke gone gakologelwang gore fa mebele ya lona e boga, sebe se latlhegelwa ke nonofo ya sone. 2 Mme ga lo kitla lo senya lobaka lwa lona ka go tsamaya mo dithatong tse di bosula, mme lo tlaa tlhwaafalela go dira go rata ga Modimo. 3 Ka lobaka lo lo fetileng lo dirile dilo tse di bosula tse batho ba ba sa itseng Modimo ba di itumelelang ebong, boaka, dithato tsa nama, go nwa bojalwa, mediro ya boitaolo, botlhapelwa, le kobamelo ya medimo ya disetwa, le dibe tse dingwe tse di maswe. 4 Ee, ditsala tsa lona tsa pele di tlaa hakgamala thata fa lo sa tlhole lo tlhakana le bone mo dilong tse di bosula tse ba di dirang, mme ba tlaa lo tshega ka tshotlo ba bo ba lo nyatsa. 5 Mme gakologelwang gore, ba tshwanetse go lebagana le moatlhodi wa botlhe, batshedi le baswi; ba tlaa otlhaelwa tsela e ba tshedileng ka yone. 6 Ke gone ka moo Mafoko a a Molemo a reretsweng le e leng bone ba ba suleng, ba ba bolailweng ke morwalela, gore le fa mebele ya bone e otlhailwe ka loso, ba bo ba ka nna ba tshela mo meweng ya bone jaaka Modimo o tshela. 7 Bokhutlo jwa lefatshe bo e tla ka bonako. Jalo nnang batho ba ba tlhwaafetseng ba ba rapelang. 8 Mo godimo ga tsone tsotlhe, tswelelang mo go supeng lorato lo logolo mo go ba bangwe, gonne lorato lo bipa melato e mentsi ya lona. 9 Itumeleleng go nna mo malapeng a lona le ba ba tlhokang dijo kgotsa marobalo. 10 Modimo o neile mongwe le mongwe wa lona dinonofo tse di faphegileng; tlhomamisang go di dirisa go thusa ba bangwe, lo bolelela ba bangwe masego a Modimo a mantsi. 11 A o bileditswe go rera? Jalo rera fela jaaka ekete Modimo o ne a bua ka wena. A o bileditswe go thusa ba bangwe? Go dire ka thata yotlhe le nonofo e Modimo o e go nayang, gore Modimo o tle o galalediwe ka Jesu Keresete; a go nne kgalalelo kwa go ene ka metlha le metlha, Amen. 12 Ditsala tse di rategang, lo se etsaetsege, kgotsa lwa hakgamala fa lo tsena mo ditekong tse di molelo tse di kwa pele, gonne mo ga se mo go sa itsiweng, selo se se sa tlwaelesegang se, se tlaa lo diragalela. 13 Mo boemong jwa mo, itumeleng, gonne diteko tse di tlaa lo dira bapati ba ga Keresete mo pogisong ya gagwe, mme morago lo tlaa nna le boipelo jo bo hakgamatsang jwa go tlhakanela kgalalelo ya gagwe mo letsatsing le le tlang fa le bonadiwa. 14 Itumele fa o hutsiwa o bo o tlhapadiwa ka ntlha ya go nna Mokeresete, gonne fa moo go diragala, Mowa wa Modimo o tlaa tla mo go wena ka kgalalelo e kgolo. 15 A ke se ka ka utlwa ka go boga ga gago ka ntlha ya go bolaya kgotsa go utswa kgotsa go dira matshwenyego kgotsa go nna molotlhanyi kgotsa go tsena mo dilong tsa batho ba bangwe. 16 Mme ga go tlhabise ditlhong go bogela go nna Mokeresete. Baka Modimo ka ntlha ya tshwanelo ya go nna mo baneng ba ga Keresete, o bo o bidiwa ka leina la gagwe le lentle! 17 Gonne lobaka lwa katlholo lo tsile, mme lo tshwanetse go simologa pele mo baneng ba e leng ba Modimo. Mme fa rona ba re leng Bakeresete re tshwanetse go atlholwa, ke bokhutlo jo bo maswe jang jo bo letileng ba ba iseng ba ke ba dumele mo Modimong. 18 Fa basiami ba sa bolokwe ka motlhofo, ba e seng ba Modimo bone ba ka nna le letshoba lefe la go bolokwa? 19 Jalo fa lo boga ka fa go rateng ga Modimo, tswelelang lo dire tshiamo lo ikanye Modimo o o lo bopileng, gonne ga o kake wa lo tlhabisa ditlhong.

In Other Versions

1 Peter 4 in the ANGEFD

1 Peter 4 in the ANTPNG2D

1 Peter 4 in the AS21

1 Peter 4 in the BAGH

1 Peter 4 in the BBPNG

1 Peter 4 in the BBT1E

1 Peter 4 in the BDS

1 Peter 4 in the BEV

1 Peter 4 in the BHAD

1 Peter 4 in the BIB

1 Peter 4 in the BLPT

1 Peter 4 in the BNT

1 Peter 4 in the BNTABOOT

1 Peter 4 in the BNTLV

1 Peter 4 in the BOATCB

1 Peter 4 in the BOATCB2

1 Peter 4 in the BOBCV

1 Peter 4 in the BOCNT

1 Peter 4 in the BOECS

1 Peter 4 in the BOGWICC

1 Peter 4 in the BOHCB

1 Peter 4 in the BOHCV

1 Peter 4 in the BOHLNT

1 Peter 4 in the BOHNTLTAL

1 Peter 4 in the BOICB

1 Peter 4 in the BOILNTAP

1 Peter 4 in the BOITCV

1 Peter 4 in the BOKCV

1 Peter 4 in the BOKCV2

1 Peter 4 in the BOKHWOG

1 Peter 4 in the BOKSSV

1 Peter 4 in the BOLCB

1 Peter 4 in the BOLCB2

1 Peter 4 in the BOMCV

1 Peter 4 in the BONAV

1 Peter 4 in the BONCB

1 Peter 4 in the BONLT

1 Peter 4 in the BONUT2

1 Peter 4 in the BOPLNT

1 Peter 4 in the BOSCB

1 Peter 4 in the BOSNC

1 Peter 4 in the BOVCB

1 Peter 4 in the BOYCB

1 Peter 4 in the BPBB

1 Peter 4 in the BPH

1 Peter 4 in the BSB

1 Peter 4 in the CCB

1 Peter 4 in the CUV

1 Peter 4 in the CUVS

1 Peter 4 in the DBT

1 Peter 4 in the DGDNT

1 Peter 4 in the DHNT

1 Peter 4 in the DNT

1 Peter 4 in the ELBE

1 Peter 4 in the EMTV

1 Peter 4 in the ESV

1 Peter 4 in the FBV

1 Peter 4 in the FEB

1 Peter 4 in the GGMNT

1 Peter 4 in the GNT

1 Peter 4 in the HARY

1 Peter 4 in the HNT

1 Peter 4 in the IRVA

1 Peter 4 in the IRVB

1 Peter 4 in the IRVG

1 Peter 4 in the IRVH

1 Peter 4 in the IRVK

1 Peter 4 in the IRVM

1 Peter 4 in the IRVM2

1 Peter 4 in the IRVO

1 Peter 4 in the IRVP

1 Peter 4 in the IRVT

1 Peter 4 in the IRVT2

1 Peter 4 in the IRVU

1 Peter 4 in the ISVN

1 Peter 4 in the JSNT

1 Peter 4 in the KAPI

1 Peter 4 in the KBT1ETNIK

1 Peter 4 in the KBV

1 Peter 4 in the KJV

1 Peter 4 in the KNFD

1 Peter 4 in the LBA

1 Peter 4 in the LBLA

1 Peter 4 in the LNT

1 Peter 4 in the LSV

1 Peter 4 in the MAAL

1 Peter 4 in the MBV

1 Peter 4 in the MBV2

1 Peter 4 in the MHNT

1 Peter 4 in the MKNFD

1 Peter 4 in the MNG

1 Peter 4 in the MNT

1 Peter 4 in the MNT2

1 Peter 4 in the MRS1T

1 Peter 4 in the NAA

1 Peter 4 in the NASB

1 Peter 4 in the NBLA

1 Peter 4 in the NBS

1 Peter 4 in the NBVTP

1 Peter 4 in the NET2

1 Peter 4 in the NIV11

1 Peter 4 in the NNT

1 Peter 4 in the NNT2

1 Peter 4 in the NNT3

1 Peter 4 in the PDDPT

1 Peter 4 in the PFNT

1 Peter 4 in the RMNT

1 Peter 4 in the SBIAS

1 Peter 4 in the SBIBS

1 Peter 4 in the SBIBS2

1 Peter 4 in the SBICS

1 Peter 4 in the SBIDS

1 Peter 4 in the SBIGS

1 Peter 4 in the SBIHS

1 Peter 4 in the SBIIS

1 Peter 4 in the SBIIS2

1 Peter 4 in the SBIIS3

1 Peter 4 in the SBIKS

1 Peter 4 in the SBIKS2

1 Peter 4 in the SBIMS

1 Peter 4 in the SBIOS

1 Peter 4 in the SBIPS

1 Peter 4 in the SBISS

1 Peter 4 in the SBITS

1 Peter 4 in the SBITS2

1 Peter 4 in the SBITS3

1 Peter 4 in the SBITS4

1 Peter 4 in the SBIUS

1 Peter 4 in the SBIVS

1 Peter 4 in the SBT

1 Peter 4 in the SBT1E

1 Peter 4 in the SCHL

1 Peter 4 in the SNT

1 Peter 4 in the SUSU

1 Peter 4 in the SUSU2

1 Peter 4 in the SYNO

1 Peter 4 in the TBIAOTANT

1 Peter 4 in the TBT1E

1 Peter 4 in the TBT1E2

1 Peter 4 in the TFTIP

1 Peter 4 in the TFTU

1 Peter 4 in the TGNTATF3T

1 Peter 4 in the THAI

1 Peter 4 in the TNFD

1 Peter 4 in the TNT

1 Peter 4 in the TNTIK

1 Peter 4 in the TNTIL

1 Peter 4 in the TNTIN

1 Peter 4 in the TNTIP

1 Peter 4 in the TNTIZ

1 Peter 4 in the TOMA

1 Peter 4 in the TTENT

1 Peter 4 in the UBG

1 Peter 4 in the UGV

1 Peter 4 in the UGV2

1 Peter 4 in the UGV3

1 Peter 4 in the VBL

1 Peter 4 in the VDCC

1 Peter 4 in the YALU

1 Peter 4 in the YAPE

1 Peter 4 in the YBVTP

1 Peter 4 in the ZBP