Acts 15 (BOTLNT)

1 Mme erile fa Paulo le Barenabase ba sa le kwa Antioka, banna bangwe ba tswa Judea ba goroga mme ba simolola go ruta badumedi gore fa ba sa ngaparele ngwao ya Sejuta ya bogologolo ya go rupisiwa ga ba ka ke ba bolokwa. 2 Paulo le Barenabase ba ganetsanya nabo, ba bo ba buisanya nabo ka nako e telele kaga selo se, mme la bofelo badumedi ba ba romela kwa Jerusalema, go ya go bua le baaposetoloi le bagolwane koo kaga selo se. 3 Mme morago ga phuthego yotlhe e ba ntsha mo motseng, ba ralala Foneshia le Samaria ba etela badumedi, ba ba bolelela mo go ileng ga itumedisa batho botlhe, gore Badichaba le bone ba ne ba sokologa. 4 Fa ba goroga kwa Jerusalema, ba kopana le bagolwane ba phuthego, baaposetoloi botlhe le bagolwane ba ne ba le teng mme Paulo le Barenabase ba bolela se Modimo o ntseng o se dira mo go boleleng Lefoko ga bone. 5 Mme banna bangwe ba e neng e le Bafarasai pele ga ba sokologa ba ema ka dinao ba bolela gore Badichaba botlhe ba ba sokologileng ba tshwanetse go rupisiwa le gone go tlhokega gore ba sale ngwao le mekgwa ya Sejuta morago. 6 Mme jalo baaposetoloi le bagolwane ba phuthego ba ne ba ikemisetsa go bitsa phuthego ya go tla go buisanya kaga selo se. 7 Mme mo phuthegong, morago ga puisanyo e telele, Petere a ema mme a ba bolelela jaana: “Bakaulengwe, lotlhe lo itse gore Modimo ga o bolo go tlhopha bogologolo go rerela Badichaba Mafoko a a Molemo, gore le bone ba dumele. 8 Modimo o o itseng dipelo tsa batho, o tlhomamisitse gore o amogela Badichaba ka go ba neela Mowa O O Boitshepo, fela jaaka o re o neetse. 9 Ga o a dira pharologanyo fa gare ga bone le rona, gonne o tlhatswitse matshelo a bone ka tumelo, fela jaaka o tlhatswitse a rona. 10 Mme jaanong a lo tlaa tshwaya Modimo phoso ka go rwesa Badichaba mokgweleo o le e leng rona le borraetsho re sa kgonang go o rwala. 11 A ga lo dumele gore botlhe ba bolokwa ka tsela e le nngwe, ka mpho e e neelwang fela kwa ntle ga theko ke Morena Jesu.” 12 Ga go a ka ga tlhola go nna le kgang epe, mme mongwe le mongwe a reetsa fa Barenabase le Paulo ba bolela kaga dikgakgamatso tse Modimo o di dirileng ka bone mo go Badichaba. 13 Mme erile ba sena go fetsa, Jakobe a ema a re, “Bakaulengwe, ntheetsang. 14 Petere o lo boleletse ka nako e Modimo o etetseng Badichaba ka yone go ntsha mo go bone ba ba tlaa leretseng leina la one tlotlo. 15 Mme lobaka lo lwa go ipolela ga Badichaba lo dumalana le se baporofiti ba se buileng. Sekai ke se, reetsang temana e, e e tswang mo go moporofiti Amose: 16 Morena a re, ‘Morago, ke tlaa tla ke tla go aga sesha ntlo ya ga Dafide e e senyegileng. 17 Gore Badichaba le bone, ba tle ba bone Morena, ebong botlhe ba ba tshwailweng ka leina la me.’ 18 Mme se ke se Morena o se buang, yo o senolang ditiro tsa gagwe tse di dirilweng mo tshimologong. 19 “Mme mogopolo wa me ke gore re seka ra re Badichaba ba ba sokologang ba tshwanetse go obamela melao ya rona ya Sejuta, 20 fa e se gore re ba kwalele gore ba ikgaphe mo go jeng nama ya ditlhabelo tsa disetwa, mo boakeng jotlhe, le mo go jeng nama e e sa ntshiwang madi ya diphologolo tse di kgamilweng. 21 Gonne dilo tse tsotlhe ga go bolo go rerwa ka tsone mo matlung a thuto a Sejuta, mo metseng mengwe le mengwe ka Sabata mongwe le mongwe mo dikokomaneng tse dintsi.” 22 Mme baaposetoloi le bagolwane le phuthego yotlhe ba tlhopha go romela barongwa kwa Antioka ba na le Paulo le Barenabase, go ya go bega kaga mogopolo o. Banna ba ba neng ba tlhophilwe e ne e le baeteledipele ba le babedi ba phuthego, Jutase, (yo gape o neng a bidiwa Barabase) le Silase. 23 Lo ke lokwalo lo ba neng ba lo tsaya: “Lo tswa kwa baaposetoloing, bagolwane le bakaulengwe kwa Jerusalema. Go bakaulengwe ba Badichaba kwa Antioka, Siria le Silisia. Ditumediso! 24 “Re utlwa gore badumedi bangwe ba ba tswang kwano ba lo tlhakantse ditlhogo ba lo botsa kaga poloko ya lona, mme re ne re sa ba laela jalo. 25 Mme re bonye e le kakanyo e e siameng fa re sena go dumalana ka mogopolo o le mongwe gore re lo romelele baemedi ba babedi ba, ebong Barenabase le Paulo. 26 Banna ba, Judase le Silase, ba ba itatotseng matshelo a bone ka ntlha ya Morena wa rona Jesu Keresete, ba tlaa bolela se re se dumalaneng kaga potso ya lona. 27 27-29 “Gonne go bonetse go siame mo Moweng O O Boitshepo le mo go rona gore re se beye morwalo o mogolo wa melao ya Sejuta mo go lona go na le gore re khutlise go ja dijo tse di neetsweng medimo ya disetwa le mo nameng e e sa ntshiwang madi a diphologolo tse di kgamilweng le mo boakeng. Fa lo dira se, go lekanye. Salang sentle.” 30 Mme barongwa ba bane ba ya kwa Antioka ka bonako, kwa ba neng ba bitsa teng phuthego ya Bakeresete mme ba ba neela lokwalo. 31 Mme go ne ga nna boitumelo jo bogolo mo phuthegong yotlhe letsatsi leo fa ba lo bala. 32 Mme Judase le Silase, ka bobedi e le dibui tse di abetsweng puo, ba rerela badumedi dithero tse di telele, ba ba nonotsha mo tumelong. 33 Ba ne ba nna malatsi, a mantsi, mme Judase le Silase ba boela kwa Jerusalema ba isa ditumediso le boitumelo kwa go ba ba neng ba ba romile. 34 34-35 Mme Paulo le Barenabase ba ne ba nna kwa Antioka go thusa ba bangwe ba se kae ba ba neng ba rera ba bile ba ruta koo. 36 Mme morago ga malatsinyana, Paulo a raya Barenabase a re, “A re boele kwa morago, re etele bakaulengwe mo metseng yotlhe e re rerileng Lefoko la Morena mo go yone, mme re bone ka fa ba tsweletseng ka teng.” 37 Barenabase o ne a dumela, mme a rata gore ba tsamaye le Johane Mareko. 38 Mme Paulo ene o ne a sa batle mogopolo oo gotlhelele, gonne Johane o ne a ba ngwegetse kwa Pamfilia. 39 Mme kganetsanyo ya bone e ne ya nna e kgolo thata kaga selo se, mo ba neng ba kgaogana. Barenabase a tsamaya le Mareko ba ya Kupero, 40 40-41 fa Paulo ene a tlhopha Silase, mme ka tshegofatso ya badumedi ba ya Siria le Silisia, go kgothatsa diphuthego koo.

In Other Versions

Acts 15 in the ANGEFD

Acts 15 in the ANTPNG2D

Acts 15 in the AS21

Acts 15 in the BAGH

Acts 15 in the BBPNG

Acts 15 in the BBT1E

Acts 15 in the BDS

Acts 15 in the BEV

Acts 15 in the BHAD

Acts 15 in the BIB

Acts 15 in the BLPT

Acts 15 in the BNT

Acts 15 in the BNTABOOT

Acts 15 in the BNTLV

Acts 15 in the BOATCB

Acts 15 in the BOATCB2

Acts 15 in the BOBCV

Acts 15 in the BOCNT

Acts 15 in the BOECS

Acts 15 in the BOGWICC

Acts 15 in the BOHCB

Acts 15 in the BOHCV

Acts 15 in the BOHLNT

Acts 15 in the BOHNTLTAL

Acts 15 in the BOICB

Acts 15 in the BOILNTAP

Acts 15 in the BOITCV

Acts 15 in the BOKCV

Acts 15 in the BOKCV2

Acts 15 in the BOKHWOG

Acts 15 in the BOKSSV

Acts 15 in the BOLCB

Acts 15 in the BOLCB2

Acts 15 in the BOMCV

Acts 15 in the BONAV

Acts 15 in the BONCB

Acts 15 in the BONLT

Acts 15 in the BONUT2

Acts 15 in the BOPLNT

Acts 15 in the BOSCB

Acts 15 in the BOSNC

Acts 15 in the BOVCB

Acts 15 in the BOYCB

Acts 15 in the BPBB

Acts 15 in the BPH

Acts 15 in the BSB

Acts 15 in the CCB

Acts 15 in the CUV

Acts 15 in the CUVS

Acts 15 in the DBT

Acts 15 in the DGDNT

Acts 15 in the DHNT

Acts 15 in the DNT

Acts 15 in the ELBE

Acts 15 in the EMTV

Acts 15 in the ESV

Acts 15 in the FBV

Acts 15 in the FEB

Acts 15 in the GGMNT

Acts 15 in the GNT

Acts 15 in the HARY

Acts 15 in the HNT

Acts 15 in the IRVA

Acts 15 in the IRVB

Acts 15 in the IRVG

Acts 15 in the IRVH

Acts 15 in the IRVK

Acts 15 in the IRVM

Acts 15 in the IRVM2

Acts 15 in the IRVO

Acts 15 in the IRVP

Acts 15 in the IRVT

Acts 15 in the IRVT2

Acts 15 in the IRVU

Acts 15 in the ISVN

Acts 15 in the JSNT

Acts 15 in the KAPI

Acts 15 in the KBT1ETNIK

Acts 15 in the KBV

Acts 15 in the KJV

Acts 15 in the KNFD

Acts 15 in the LBA

Acts 15 in the LBLA

Acts 15 in the LNT

Acts 15 in the LSV

Acts 15 in the MAAL

Acts 15 in the MBV

Acts 15 in the MBV2

Acts 15 in the MHNT

Acts 15 in the MKNFD

Acts 15 in the MNG

Acts 15 in the MNT

Acts 15 in the MNT2

Acts 15 in the MRS1T

Acts 15 in the NAA

Acts 15 in the NASB

Acts 15 in the NBLA

Acts 15 in the NBS

Acts 15 in the NBVTP

Acts 15 in the NET2

Acts 15 in the NIV11

Acts 15 in the NNT

Acts 15 in the NNT2

Acts 15 in the NNT3

Acts 15 in the PDDPT

Acts 15 in the PFNT

Acts 15 in the RMNT

Acts 15 in the SBIAS

Acts 15 in the SBIBS

Acts 15 in the SBIBS2

Acts 15 in the SBICS

Acts 15 in the SBIDS

Acts 15 in the SBIGS

Acts 15 in the SBIHS

Acts 15 in the SBIIS

Acts 15 in the SBIIS2

Acts 15 in the SBIIS3

Acts 15 in the SBIKS

Acts 15 in the SBIKS2

Acts 15 in the SBIMS

Acts 15 in the SBIOS

Acts 15 in the SBIPS

Acts 15 in the SBISS

Acts 15 in the SBITS

Acts 15 in the SBITS2

Acts 15 in the SBITS3

Acts 15 in the SBITS4

Acts 15 in the SBIUS

Acts 15 in the SBIVS

Acts 15 in the SBT

Acts 15 in the SBT1E

Acts 15 in the SCHL

Acts 15 in the SNT

Acts 15 in the SUSU

Acts 15 in the SUSU2

Acts 15 in the SYNO

Acts 15 in the TBIAOTANT

Acts 15 in the TBT1E

Acts 15 in the TBT1E2

Acts 15 in the TFTIP

Acts 15 in the TFTU

Acts 15 in the TGNTATF3T

Acts 15 in the THAI

Acts 15 in the TNFD

Acts 15 in the TNT

Acts 15 in the TNTIK

Acts 15 in the TNTIL

Acts 15 in the TNTIN

Acts 15 in the TNTIP

Acts 15 in the TNTIZ

Acts 15 in the TOMA

Acts 15 in the TTENT

Acts 15 in the UBG

Acts 15 in the UGV

Acts 15 in the UGV2

Acts 15 in the UGV3

Acts 15 in the VBL

Acts 15 in the VDCC

Acts 15 in the YALU

Acts 15 in the YAPE

Acts 15 in the YBVTP

Acts 15 in the ZBP