Acts 28 (BOTLNT)

1 1-2 Mme ka bofefo ra lemoga fa re gorogile mo setlhakeng sa Malita. Batho ba setlhake ba ne ba re siametse thata, ba ne ba gotsa molelo o motona fa lotshitshing go re amogela le go re thuthafatsa mo puleng le mo botsididing. 3 Mme erile fa Paulo a kokoanya ngata ya dikgong go di tsenya mo molelong, noga e e botlhole ya ntshiwa mo molelong ke mogote, ya ithatha ka letsogo la gagwe! 4 Mme batho ba setlhake ba ne ba e bona e lepeletse mme ba raana ba re, “Ke mmolai ga gona pelaelo! Le ntswa a falotse mo lewatleng, tshiamiso ga e ka ke ya mo letla gore a tshele!” 5 Mme Paulo a tlhotlhorela noga mo molelong e sa mo loma. 6 Mme batho ba solofela gore ba tlaa bona a ruruga kgotsa a wa fela ka tshoganetso a a swa; mme erile ba sena go nna ba lebeletse ka lobaka lo loleele mme go sena kgobalo epe mo go ene, ba fetola megopolo ya bone mme ba re ke modimo. 7 Fa lotshitshing fa re neng ra nna teng go ne go na le tshimo ya ga Pubelio, molaodi wa setlhake. O ne a re amogela sentle a bo a re fa dijo ka malatsi a le mararo. 8 Mme erile ka yone nako eo, rraagwe Pubelio a bo a lwala bolwetse jwa letshoroma le motabogo o mohibidu. Paulo a tsena a mo rapelela, mme a mmaya diatla a mo fodisa! 9 Mme balwetse ba bangwe botlhe mo setlhakeng ba tla mme ba fodisiwa. 10 Mme ka ntlha ya moo ra tshologelwa ke dimpho di le dintsi, mme erile fa go tla nako ya gore re tsamaye, batho ba olela mefuta yotlhe ya dilo tse re tlaa di tlhokang mo loetong. 11 E ne e le kgwedi tse tharo sekepe se sena go senyega pele ga re simolola go tsamaya, mme ka nako e, re ne ra tsamaya ka sekepe se se bidiwang Mafatlha a Basimane sa Alekesanderia, sekepe se se neng se feditse mariga mo setlhakeng. 12 Re ne ra ema la ntlha kwa Sirakuse, kwa re neng ra nna teng malatsi a mararo. 13 Mme go tswa foo ra dikologa ra ya kwa Regiama; letsatsi le le latelang phefo ya borwa ya simolola go foka, mme letsatsi le le latelang ra goroga kwa Puteoli, 14 kwa re neng ra bona badumedi bangwe teng! Ba ne ba re kopa gore re nne nabo malatsi a supa. Go tsweng foo ra tswelela ra ya Roma. 15 Bakaulengwe ba Roma ba ne ba utlwile gore re e tla mme ba tla go re kopantsha kwa patlelong mo Tseleng ya Apio. Bangwe ba kopana le rona kwa matlung a mararo a boitapoloso. Erile Paulo a ba bona, a leboga Modimo mme a nametsega. 16 Mme erile fa re goroga kwa Roma, Paulo o ne a letlelelwa gore a nne fa a ratang teng, le fa a ne a disitswe ke lesole. 17 Mme erile malatsi a mararo a sena go feta, a bitsa bagolwane ba Bajuta botlhe ba motse mme a ba raya a re: “Bakaulengwe ke ne ke tshwerwe ke Bajuta kwa Jerusalema mme ka isiwa kwa mmusong wa Roma gore ke sekisiwe, ntswa ke ne ke sa utlwisa ope botlhoko kgotsa go tsuolola ngwao ya borraetsho mogologolwane. 18 Mme Ba-Roma ba ne ba ntshekisa ba bo ba rata go nkgolola, gonne ba ne ba sa bone molato ope o o tshwanetseng loso jaaka bagolwane ba Bajuta ba ne ba batla. 19 Mme erile fa Bajuta ba gana katlholo eo, ka bona go tlhokega, gore ke ikuele mo go Kaisara, ke sa ba eleletse bosula bope. 20 Ke lo kopile go tla fano gompieno gore re itsanye le gore ke lo bolelele gore ke golegilwe ka dikeetane ka ntlha ya gore ke dumela gore Mesia o tsile.” 21 Mme ba fetola ba re, “Ga re ise re ke re utlwe sepe se o sekisiwang ka ga sone! Ga re ise re ke re amogele dikwalo dipe tse di tswang kwa Judea kgotsa dipego tse di tlang le ba ba tswang kwa Jerusalema. 22 Mme re batla go utlwa se o se dumelang, gonne se re se itseng fela kaga Bakeresete ba ke gore ba nyadiwa gongwe le gongwe!” 23 Mme ga tlhongwa nako, mme ka letsatsi leo ga tla batho ba le bantsi mo tlung ya gagwe. A ba bolelela kaga Bogosi jwa Modimo a bo a ba ruta kaga Jesu mo Dikwalong, go tswa mo dikwalong tsa ga Moshe tse tlhano le dikwalo tsa baporofiti. A simolola a ruta mo mosong go fitlhelela maitseboa! 24 Mme bangwe ba ne ba dumela, ba bangwe ba gana go dumela. 25 Mme erile ba sena go ganetsanya ka bosi ba tsamaya ba tlhabilwe ke lefoko la bofelo la ga Paulo le le reng, “Mowa O O Boitshepo o ne o bua boammaaruri fa o bua ka Moporofiti Isaia o re, 26 ‘Raya Bajuta o re, “Lo tlaa utlwa lo bo lo bona mme ga lo na go tlhaloganya,” 27 gonne dipelo tsa lona di thata le ditsebe tsa lona ga di reetse mme lo tswetse matlho a lona gore lo seka lwa bona lwa tlhaloganya, le go sokologela kwa go nna gore ke lo fodise.’ 28 28-29 Mme jalo ke batla gore lo lemoge gore poloko e, e e tswang kwa Modimong le Badichaba ke ya bone, ebile bone ba tla e amogela.” 30 Mme Paulo o ne a nna dingwaga tse pedi mo tlung e o neng a e hirile, mme a amogela botlhe ba ba neng ba mo etela, 31 a ba bolelela ka bopelokgale jotlhe kaga Bogosi jwa Modimo le kaga Morena Jesu Keresete; mme ga seka ga nna le ope yo o lekang go mo didimatsa.

In Other Versions

Acts 28 in the ANGEFD

Acts 28 in the ANTPNG2D

Acts 28 in the AS21

Acts 28 in the BAGH

Acts 28 in the BBPNG

Acts 28 in the BBT1E

Acts 28 in the BDS

Acts 28 in the BEV

Acts 28 in the BHAD

Acts 28 in the BIB

Acts 28 in the BLPT

Acts 28 in the BNT

Acts 28 in the BNTABOOT

Acts 28 in the BNTLV

Acts 28 in the BOATCB

Acts 28 in the BOATCB2

Acts 28 in the BOBCV

Acts 28 in the BOCNT

Acts 28 in the BOECS

Acts 28 in the BOGWICC

Acts 28 in the BOHCB

Acts 28 in the BOHCV

Acts 28 in the BOHLNT

Acts 28 in the BOHNTLTAL

Acts 28 in the BOICB

Acts 28 in the BOILNTAP

Acts 28 in the BOITCV

Acts 28 in the BOKCV

Acts 28 in the BOKCV2

Acts 28 in the BOKHWOG

Acts 28 in the BOKSSV

Acts 28 in the BOLCB

Acts 28 in the BOLCB2

Acts 28 in the BOMCV

Acts 28 in the BONAV

Acts 28 in the BONCB

Acts 28 in the BONLT

Acts 28 in the BONUT2

Acts 28 in the BOPLNT

Acts 28 in the BOSCB

Acts 28 in the BOSNC

Acts 28 in the BOVCB

Acts 28 in the BOYCB

Acts 28 in the BPBB

Acts 28 in the BPH

Acts 28 in the BSB

Acts 28 in the CCB

Acts 28 in the CUV

Acts 28 in the CUVS

Acts 28 in the DBT

Acts 28 in the DGDNT

Acts 28 in the DHNT

Acts 28 in the DNT

Acts 28 in the ELBE

Acts 28 in the EMTV

Acts 28 in the ESV

Acts 28 in the FBV

Acts 28 in the FEB

Acts 28 in the GGMNT

Acts 28 in the GNT

Acts 28 in the HARY

Acts 28 in the HNT

Acts 28 in the IRVA

Acts 28 in the IRVB

Acts 28 in the IRVG

Acts 28 in the IRVH

Acts 28 in the IRVK

Acts 28 in the IRVM

Acts 28 in the IRVM2

Acts 28 in the IRVO

Acts 28 in the IRVP

Acts 28 in the IRVT

Acts 28 in the IRVT2

Acts 28 in the IRVU

Acts 28 in the ISVN

Acts 28 in the JSNT

Acts 28 in the KAPI

Acts 28 in the KBT1ETNIK

Acts 28 in the KBV

Acts 28 in the KJV

Acts 28 in the KNFD

Acts 28 in the LBA

Acts 28 in the LBLA

Acts 28 in the LNT

Acts 28 in the LSV

Acts 28 in the MAAL

Acts 28 in the MBV

Acts 28 in the MBV2

Acts 28 in the MHNT

Acts 28 in the MKNFD

Acts 28 in the MNG

Acts 28 in the MNT

Acts 28 in the MNT2

Acts 28 in the MRS1T

Acts 28 in the NAA

Acts 28 in the NASB

Acts 28 in the NBLA

Acts 28 in the NBS

Acts 28 in the NBVTP

Acts 28 in the NET2

Acts 28 in the NIV11

Acts 28 in the NNT

Acts 28 in the NNT2

Acts 28 in the NNT3

Acts 28 in the PDDPT

Acts 28 in the PFNT

Acts 28 in the RMNT

Acts 28 in the SBIAS

Acts 28 in the SBIBS

Acts 28 in the SBIBS2

Acts 28 in the SBICS

Acts 28 in the SBIDS

Acts 28 in the SBIGS

Acts 28 in the SBIHS

Acts 28 in the SBIIS

Acts 28 in the SBIIS2

Acts 28 in the SBIIS3

Acts 28 in the SBIKS

Acts 28 in the SBIKS2

Acts 28 in the SBIMS

Acts 28 in the SBIOS

Acts 28 in the SBIPS

Acts 28 in the SBISS

Acts 28 in the SBITS

Acts 28 in the SBITS2

Acts 28 in the SBITS3

Acts 28 in the SBITS4

Acts 28 in the SBIUS

Acts 28 in the SBIVS

Acts 28 in the SBT

Acts 28 in the SBT1E

Acts 28 in the SCHL

Acts 28 in the SNT

Acts 28 in the SUSU

Acts 28 in the SUSU2

Acts 28 in the SYNO

Acts 28 in the TBIAOTANT

Acts 28 in the TBT1E

Acts 28 in the TBT1E2

Acts 28 in the TFTIP

Acts 28 in the TFTU

Acts 28 in the TGNTATF3T

Acts 28 in the THAI

Acts 28 in the TNFD

Acts 28 in the TNT

Acts 28 in the TNTIK

Acts 28 in the TNTIL

Acts 28 in the TNTIN

Acts 28 in the TNTIP

Acts 28 in the TNTIZ

Acts 28 in the TOMA

Acts 28 in the TTENT

Acts 28 in the UBG

Acts 28 in the UGV

Acts 28 in the UGV2

Acts 28 in the UGV3

Acts 28 in the VBL

Acts 28 in the VDCC

Acts 28 in the YALU

Acts 28 in the YAPE

Acts 28 in the YBVTP

Acts 28 in the ZBP