Acts 4 (BOTLNT)

1 Mme ya re ba santse ba bua le batho, baperesiti ba bagolo le molaodi wa mapodisi a Tempele, le bangwe ba Basadukai ba tla kwa go bone, 2 ba tshwenyegile thata ka ntlha ya gore Petere le Johane ba ne ba bolela gore Jesu o tsogile mo baswing. 3 Ba ba tshwara, mme ka go ne go setse go le maitsiboa, ba ba tlhatlhela mo tlung ya kgolegelo bosigo jotlhe. 4 Mme bontsi jwa batho ba ba utlwileng molaetsa wa bone ba o dumela, mo e leng gore palo ya badumedi e ne ya tsholetsega ya batla go nna dikete tse tlhano! 5 Erile ka letsatsi le le latelang ga diragala gore Lekgotla la baeteledipele ba Sejuta le bo le phuthegetse mo Jerusalema. 6 Anase Moperesiti yo mogolo a bo a le teng, le Kaiafase, Johane, Alekesandere le ba bangwe ba losika lwa Moperesiti yo Mogolo. 7 Jalo barutwa ba babedi ba leriwe kwa go bone. Mme lekgotla la ba botsa la re, “Lo dirile selo se ka nonofo ya ga mang kgotsa ka taolo ya ga mang?” 8 Mme Petere, ka a tletse Mowa O O Boitshepo a ba raya a re, “Baeteledipele ba ba tlotlegang le ditlhogo tsa sechaba sa rona, 9 fa lo raya tiro e ntle e e diretsweng segole se, le ka fa o neng a fodisiwa ka teng, 10 a nke ke lo bolelele sentle lona le batho botlhe ba Iseraele gore tiro e e dirilwe ka leina le nonofo ya ga Jesu wa Nasaretha, Mesia, monna yo lo mmapotseng, mme Modimo o mo tsositse mo baswing. Ke ka nonofo ya gagwe fa monna yo a eme fano a fodile! 11 Gonne Jesu Mesia (ene yo go buiwang ka ga gagwe mo dikwalong) ke ‘lentswe je le gannweng ke baagi le le neng la nna lentswe la kgokgotshwana.’ 12 Ga go na poloko mo go ope! Ka fa tlase ga legodimo lotlhe ga gona leina lepe le batho ba ka le bitsang gore ba bolokwe.” 13 Erile Lekgotla le bona bopelokgale jwa ga Petere le Johane, gape le lemoga gore ga ba a rutega ke batho fela, ba hakgamala mme ba lemoga gore go nna le Jesu go ba diretse eng. 14 Mme Lekgotla le ne le se kake la latola go fodisiwa ga gagwe gonne motho yo o neng a fodisitswe o ne a eme gone foo gaufi nabo! 15 Mme ba ba ntshetsa kwa ntle ga ntlwana e Lekgotla le kopanelang mo go yone ba sala ba gakololana. 16 Ba botsana ba re, “Re tlaa dirang ka banna ba? Ga re ka ke ra ganela gore ba dirile kgakgamatso e kgolo, gonne mongwe le mongwe mo Jerusalema o itse ka ga selo se. 17 Mme gongwe re ka ba emisa mo go anamiseng tumelo ya bone. Re tlaa ba bolelela gore fa ba ka dira gape jalo re tlaa dira gore ba obamele molao wa rona ka kgang.” 18 Mme ba ba biletsa mo teng, ba ba raya ba re ba seka ba tlhola ba bua sepe ka ga Jesu. 19 Mme Petere le Johane ba ba raya ba re, “Atlholang lona gore a Modimo o batla re reetsa lona mo boemong jwa one! 20 Ga re ka ke ra khutlisa go bua ka dilo tse di ntle tse re bonyeng Jesu a di dira ebile re mo utlwile a di bua.” 21 Mme Lekgotla la ba bopela, lwa bofelo ba ba lesa ba tsamaya gonne ba ne ba sa itse gore ba ka ba otlhaya jang kwa ntle ga go tsosa mokubukubu. Gonne mongwe le mongwe o ne a galaletsa Modimo ka ntlha ya tiro e ntle e, 22 ebong phodiso ya monna yo o saleng a lwetse dingwaga di le masome mane! 23 Ka bofefo fela fa ba sena go gololwa, Petere le Johane ba bona barutwa ba bangwe mme ba ba bolelela se Lekgotla le se ba reileng. 24 Mme badumedi botlhe ba kopanela thapelo e: “Oo Morena yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go tsone, 25 25-26 o buile bogologolo ka Mowa O O Boitshepo ka mogolwagolwane wa rona, motlhanka wa gago Kgosi Dafide, wa re ‘Ke ka ntlha yang fa baheitane ba tsogologela Morena, le merafe e e dieleele e dira maanonyana a a kgatlhanong le Modimo-Mothata-Yotlhe? Dikgosi tsa lefatshe di a kopana go tlhabantsha Morwa Modimo yo o tloditsweng!’ 27 “Ke sone se se diragalang fano mo motseng o gompieno! Gonne Kgosi Herode, le Ponto Pilato mmusi, le ba-Roma botlhe le batho ba Iseraele, ba kopanetse Jesu, Morwa yo o tloditsweng, motlhanka wa gago yo o boitshepo. 28 Ga ba na go tlogela le fa e le sepe se wena mo nonofong ya gago o tlaa ba letlang go se dira. 29 Mme jaanong Morena, utlwa go bopa ga bone, mme o neye batlhanka ba gago bopelokgale jo bogolo mo therong ya bone, 30 o bo o romele nonofo ya gago ya phodiso, le dikgakgamatso di le dintsi le ditshupo di dirwe ka leina la motlhanka wa gago yo o itshepileng Jesu.” 31 Morago ga thapelo e, kago e ba neng ba kopanetse mo go yone ya tshikinyega, mme botlhe ba tlala Mowa O O Boitshepo mme ba rera molaetsa wa Modimo ka bopelokgale. 32 Badumedi botlhe ba ne ba le pelo e le nngwe le mowa o le mongwe, mme ga bo go sena ope yo o reng sepe sa dilo tse o nang natso ke sa gagwe; mme dilo tsotlhe ba ne ba di tlhakanetse. 33 Mme baaposetoloi ba rera dithero tse di nonofileng ka ga tsogo ya ga Morena Jesu, mme ga nna le bolekane jo bo nitameng mo badumeding botlhe. 34 34-35 Go ne go sena ope yo o tlhokang, gonne botlhe ba ba neng ba na le ditsha kgotsa matlo ba ne ba a rekisa ba tlisa madi kwa baaposetoloing go a abela ba ba tlhokang. 36 Jaaka go ne go na le Josefa, (yo baaposetoloi ba neng ba mmitsa “Barenabase wa Moreti!” E ne e le wa Balifi ba kwa setlhaketlhakeng sa Kupero). 37 E ne e le mongwe wa ba ba neng ba rekisa ditsha tsa bone tse ba neng ba na natso mme ba tlisa madi kwa baaposetoloing gore ba a abele ba ba tlhokang.

In Other Versions

Acts 4 in the ANGEFD

Acts 4 in the ANTPNG2D

Acts 4 in the AS21

Acts 4 in the BAGH

Acts 4 in the BBPNG

Acts 4 in the BBT1E

Acts 4 in the BDS

Acts 4 in the BEV

Acts 4 in the BHAD

Acts 4 in the BIB

Acts 4 in the BLPT

Acts 4 in the BNT

Acts 4 in the BNTABOOT

Acts 4 in the BNTLV

Acts 4 in the BOATCB

Acts 4 in the BOATCB2

Acts 4 in the BOBCV

Acts 4 in the BOCNT

Acts 4 in the BOECS

Acts 4 in the BOGWICC

Acts 4 in the BOHCB

Acts 4 in the BOHCV

Acts 4 in the BOHLNT

Acts 4 in the BOHNTLTAL

Acts 4 in the BOICB

Acts 4 in the BOILNTAP

Acts 4 in the BOITCV

Acts 4 in the BOKCV

Acts 4 in the BOKCV2

Acts 4 in the BOKHWOG

Acts 4 in the BOKSSV

Acts 4 in the BOLCB

Acts 4 in the BOLCB2

Acts 4 in the BOMCV

Acts 4 in the BONAV

Acts 4 in the BONCB

Acts 4 in the BONLT

Acts 4 in the BONUT2

Acts 4 in the BOPLNT

Acts 4 in the BOSCB

Acts 4 in the BOSNC

Acts 4 in the BOVCB

Acts 4 in the BOYCB

Acts 4 in the BPBB

Acts 4 in the BPH

Acts 4 in the BSB

Acts 4 in the CCB

Acts 4 in the CUV

Acts 4 in the CUVS

Acts 4 in the DBT

Acts 4 in the DGDNT

Acts 4 in the DHNT

Acts 4 in the DNT

Acts 4 in the ELBE

Acts 4 in the EMTV

Acts 4 in the ESV

Acts 4 in the FBV

Acts 4 in the FEB

Acts 4 in the GGMNT

Acts 4 in the GNT

Acts 4 in the HARY

Acts 4 in the HNT

Acts 4 in the IRVA

Acts 4 in the IRVB

Acts 4 in the IRVG

Acts 4 in the IRVH

Acts 4 in the IRVK

Acts 4 in the IRVM

Acts 4 in the IRVM2

Acts 4 in the IRVO

Acts 4 in the IRVP

Acts 4 in the IRVT

Acts 4 in the IRVT2

Acts 4 in the IRVU

Acts 4 in the ISVN

Acts 4 in the JSNT

Acts 4 in the KAPI

Acts 4 in the KBT1ETNIK

Acts 4 in the KBV

Acts 4 in the KJV

Acts 4 in the KNFD

Acts 4 in the LBA

Acts 4 in the LBLA

Acts 4 in the LNT

Acts 4 in the LSV

Acts 4 in the MAAL

Acts 4 in the MBV

Acts 4 in the MBV2

Acts 4 in the MHNT

Acts 4 in the MKNFD

Acts 4 in the MNG

Acts 4 in the MNT

Acts 4 in the MNT2

Acts 4 in the MRS1T

Acts 4 in the NAA

Acts 4 in the NASB

Acts 4 in the NBLA

Acts 4 in the NBS

Acts 4 in the NBVTP

Acts 4 in the NET2

Acts 4 in the NIV11

Acts 4 in the NNT

Acts 4 in the NNT2

Acts 4 in the NNT3

Acts 4 in the PDDPT

Acts 4 in the PFNT

Acts 4 in the RMNT

Acts 4 in the SBIAS

Acts 4 in the SBIBS

Acts 4 in the SBIBS2

Acts 4 in the SBICS

Acts 4 in the SBIDS

Acts 4 in the SBIGS

Acts 4 in the SBIHS

Acts 4 in the SBIIS

Acts 4 in the SBIIS2

Acts 4 in the SBIIS3

Acts 4 in the SBIKS

Acts 4 in the SBIKS2

Acts 4 in the SBIMS

Acts 4 in the SBIOS

Acts 4 in the SBIPS

Acts 4 in the SBISS

Acts 4 in the SBITS

Acts 4 in the SBITS2

Acts 4 in the SBITS3

Acts 4 in the SBITS4

Acts 4 in the SBIUS

Acts 4 in the SBIVS

Acts 4 in the SBT

Acts 4 in the SBT1E

Acts 4 in the SCHL

Acts 4 in the SNT

Acts 4 in the SUSU

Acts 4 in the SUSU2

Acts 4 in the SYNO

Acts 4 in the TBIAOTANT

Acts 4 in the TBT1E

Acts 4 in the TBT1E2

Acts 4 in the TFTIP

Acts 4 in the TFTU

Acts 4 in the TGNTATF3T

Acts 4 in the THAI

Acts 4 in the TNFD

Acts 4 in the TNT

Acts 4 in the TNTIK

Acts 4 in the TNTIL

Acts 4 in the TNTIN

Acts 4 in the TNTIP

Acts 4 in the TNTIZ

Acts 4 in the TOMA

Acts 4 in the TTENT

Acts 4 in the UBG

Acts 4 in the UGV

Acts 4 in the UGV2

Acts 4 in the UGV3

Acts 4 in the VBL

Acts 4 in the VDCC

Acts 4 in the YALU

Acts 4 in the YAPE

Acts 4 in the YBVTP

Acts 4 in the ZBP