Hebrews 1 (BOTLNT)

1 Erile bogologolo Modimo wa bua le bo rraa rona ka baporofiti ka ditsela di le dintsi tse di farologanyeng (ka diponatshegelo, le ditoro, le e leng ka difatlhogo di lebaganye), o ba bolelela bonnye ka bonnye ka leano la one. 2 Mme jaanong mo malatsing ano, o buile le rona ka Morwaa One yo o mo neileng sengwe le sengwe, yo gape ka ene o dirileng lefatshe le sengwe le sengwe se se leng teng. 3 Morwa Modimo o galalela ka kgalalelo ya Modimo, mme gotlhe mo Morwa Modimo a leng gone ebile a go dira, go mo supa fa e le Modimo tota. O tshegeditse lobopo ka nonofo ya gagwe e kgolo ya taolo. Ke ene yo o suleng go re ntlafatsa le go phimola dibe tsa rona tsotlhe tse di neng di kwadilwe, mme morago ga moo a nna fa fatshe ka tlotlo e kgolo fa lotlhakoreng lwa Modimo o mogolo wa legodimo. 4 Jalo a nna mogolo thata mo baengeleng, jaaka go supiwa ke boammaaruri jo bo reng, leina la gagwe ke “Morwa Modimo,” le a neng a le rewa ke Rraagwe, le legolo thata mo maineng a baengele le maina a a supang maemo a bone. 5 5-6 Gonne Modimo ga o ise o ke o reye moengele ope o re, “O Mo-rwaake.” Mme gape erile ka lobaka longwe, fa Morwaa one yo o tsetsweng pele a tla mo lefatsheng, Modimo o ne wa re, “A baengele ba botlhe ba Modimo ba mo obamele.” 7 Modimo o bua kaga baengele e le barongwa ba ba bofefo jaaka phefo le jaaka batlhanka ba ba dirilweng ka dikgabo tsa molelo; 8 mme kaga Morwawe a re, “Bogosi jwa gago, Modimo, bo tlaa nna ka bosakhutleng; ditaolo tsa jone ka malatsi otlhe di siame ebile di boammaaruri. 9 O rata boammaaruri o ila bosula; jalo Modimo, le e leng Modimo wa gago, o goromeleditse boitumelo jo bogolo go feta motho le fa e le mang.” 10 Modimo gape o mmiditse “Morena” fa o re, “Morena, mo tshimologong o dirile lefatshe, le magodimo ke tiro ya diatla tsa gago. 11 Tsotlhe di tlaa nyelelela ruri, mme wena o tlaa tshelela ruri. Di tlaa onala jaaka diaparo tse di kgologolo, 12 mme letsatsi lengwe o tlaa di phutha o bo o di emisetsa. Mme wena ka sebele ga o kitla o fetoga, le dingwaga tsa gago ga di kitla di khutla.” 13 A mme Modimo o kile wa raya moengele wa re, “Nna fa, fa thoko ga me ka tlotlo go fitlhelela ke ripitla baba ba gago botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gago,” fela jaaka o raya Morwa One? 14 Nnyaa, gonne baengele ke mewa e e rongwang go thusa le go tlhokomela ba ba tshwanetseng go amogela poloko ya One.

In Other Versions

Hebrews 1 in the ANGEFD

Hebrews 1 in the ANTPNG2D

Hebrews 1 in the AS21

Hebrews 1 in the BAGH

Hebrews 1 in the BBPNG

Hebrews 1 in the BBT1E

Hebrews 1 in the BDS

Hebrews 1 in the BEV

Hebrews 1 in the BHAD

Hebrews 1 in the BIB

Hebrews 1 in the BLPT

Hebrews 1 in the BNT

Hebrews 1 in the BNTABOOT

Hebrews 1 in the BNTLV

Hebrews 1 in the BOATCB

Hebrews 1 in the BOATCB2

Hebrews 1 in the BOBCV

Hebrews 1 in the BOCNT

Hebrews 1 in the BOECS

Hebrews 1 in the BOGWICC

Hebrews 1 in the BOHCB

Hebrews 1 in the BOHCV

Hebrews 1 in the BOHLNT

Hebrews 1 in the BOHNTLTAL

Hebrews 1 in the BOICB

Hebrews 1 in the BOILNTAP

Hebrews 1 in the BOITCV

Hebrews 1 in the BOKCV

Hebrews 1 in the BOKCV2

Hebrews 1 in the BOKHWOG

Hebrews 1 in the BOKSSV

Hebrews 1 in the BOLCB

Hebrews 1 in the BOLCB2

Hebrews 1 in the BOMCV

Hebrews 1 in the BONAV

Hebrews 1 in the BONCB

Hebrews 1 in the BONLT

Hebrews 1 in the BONUT2

Hebrews 1 in the BOPLNT

Hebrews 1 in the BOSCB

Hebrews 1 in the BOSNC

Hebrews 1 in the BOVCB

Hebrews 1 in the BOYCB

Hebrews 1 in the BPBB

Hebrews 1 in the BPH

Hebrews 1 in the BSB

Hebrews 1 in the CCB

Hebrews 1 in the CUV

Hebrews 1 in the CUVS

Hebrews 1 in the DBT

Hebrews 1 in the DGDNT

Hebrews 1 in the DHNT

Hebrews 1 in the DNT

Hebrews 1 in the ELBE

Hebrews 1 in the EMTV

Hebrews 1 in the ESV

Hebrews 1 in the FBV

Hebrews 1 in the FEB

Hebrews 1 in the GGMNT

Hebrews 1 in the GNT

Hebrews 1 in the HARY

Hebrews 1 in the HNT

Hebrews 1 in the IRVA

Hebrews 1 in the IRVB

Hebrews 1 in the IRVG

Hebrews 1 in the IRVH

Hebrews 1 in the IRVK

Hebrews 1 in the IRVM

Hebrews 1 in the IRVM2

Hebrews 1 in the IRVO

Hebrews 1 in the IRVP

Hebrews 1 in the IRVT

Hebrews 1 in the IRVT2

Hebrews 1 in the IRVU

Hebrews 1 in the ISVN

Hebrews 1 in the JSNT

Hebrews 1 in the KAPI

Hebrews 1 in the KBT1ETNIK

Hebrews 1 in the KBV

Hebrews 1 in the KJV

Hebrews 1 in the KNFD

Hebrews 1 in the LBA

Hebrews 1 in the LBLA

Hebrews 1 in the LNT

Hebrews 1 in the LSV

Hebrews 1 in the MAAL

Hebrews 1 in the MBV

Hebrews 1 in the MBV2

Hebrews 1 in the MHNT

Hebrews 1 in the MKNFD

Hebrews 1 in the MNG

Hebrews 1 in the MNT

Hebrews 1 in the MNT2

Hebrews 1 in the MRS1T

Hebrews 1 in the NAA

Hebrews 1 in the NASB

Hebrews 1 in the NBLA

Hebrews 1 in the NBS

Hebrews 1 in the NBVTP

Hebrews 1 in the NET2

Hebrews 1 in the NIV11

Hebrews 1 in the NNT

Hebrews 1 in the NNT2

Hebrews 1 in the NNT3

Hebrews 1 in the PDDPT

Hebrews 1 in the PFNT

Hebrews 1 in the RMNT

Hebrews 1 in the SBIAS

Hebrews 1 in the SBIBS

Hebrews 1 in the SBIBS2

Hebrews 1 in the SBICS

Hebrews 1 in the SBIDS

Hebrews 1 in the SBIGS

Hebrews 1 in the SBIHS

Hebrews 1 in the SBIIS

Hebrews 1 in the SBIIS2

Hebrews 1 in the SBIIS3

Hebrews 1 in the SBIKS

Hebrews 1 in the SBIKS2

Hebrews 1 in the SBIMS

Hebrews 1 in the SBIOS

Hebrews 1 in the SBIPS

Hebrews 1 in the SBISS

Hebrews 1 in the SBITS

Hebrews 1 in the SBITS2

Hebrews 1 in the SBITS3

Hebrews 1 in the SBITS4

Hebrews 1 in the SBIUS

Hebrews 1 in the SBIVS

Hebrews 1 in the SBT

Hebrews 1 in the SBT1E

Hebrews 1 in the SCHL

Hebrews 1 in the SNT

Hebrews 1 in the SUSU

Hebrews 1 in the SUSU2

Hebrews 1 in the SYNO

Hebrews 1 in the TBIAOTANT

Hebrews 1 in the TBT1E

Hebrews 1 in the TBT1E2

Hebrews 1 in the TFTIP

Hebrews 1 in the TFTU

Hebrews 1 in the TGNTATF3T

Hebrews 1 in the THAI

Hebrews 1 in the TNFD

Hebrews 1 in the TNT

Hebrews 1 in the TNTIK

Hebrews 1 in the TNTIL

Hebrews 1 in the TNTIN

Hebrews 1 in the TNTIP

Hebrews 1 in the TNTIZ

Hebrews 1 in the TOMA

Hebrews 1 in the TTENT

Hebrews 1 in the UBG

Hebrews 1 in the UGV

Hebrews 1 in the UGV2

Hebrews 1 in the UGV3

Hebrews 1 in the VBL

Hebrews 1 in the VDCC

Hebrews 1 in the YALU

Hebrews 1 in the YAPE

Hebrews 1 in the YBVTP

Hebrews 1 in the ZBP