Hebrews 4 (BOTLNT)

1 Le fa tsholofetso ya Modimo e ise e diragale, ebong tsholofetso ya One ya gore botlhe ba ka tsena mo lefelong la One la boikhutso, re tshwanetse go roroma ka letshogo gonne morago ga tsotlhe, bangwe ba lona ba ka nna mo seemong sa go tlhaela go goroga teng koo. 2 Gonne Mafoko a a Molemo a, ebong molaetsa wa gore Modimo o batla go re boloka, re o neetswe fela jaaka o ne wa neelwa ba ba neng ba tshela mo lobakeng lwa ga Moshe. Mme ga o a ka wa ba solegela molemo gonne ga ba a ka ba o dumela. Ga ba a ka ba o kopanya le tumelo. 3 Ke rona fela ba re dumelang Modimo re ka tsenang mo lefelong la One la boikhutso. O rile, “Ke ikanne mo bogaleng jwa me gore ba ba sa ntumeleng ga ba kitla ba tsena,” le fa tota o ne o ntse o ba ipaakanyeditse ebile o ntse o ba emetse go tswa tshimologong ya lefatshe. 4 Re itse fa o ipaakantse ebile o letile gonne go kwadilwe gatwe Modimo o ne wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa la lobopo o sena go fetsa tsotlhe tse o neng o ikaeletse go di dira. 5 Le fa go ntse jalo ga ba a ka ba tsena, gonne lwa bofelo Modimo o ne wa re, “Ga ba kitla ba tsena mo boikhutsong jwa me.” 6 Le fa go ntse jalo, tsholofetso e ntse e ntse fela jalo, bangwe ba a tsena, mme eseng ba ba neng ba bona sebaka sa go rerelwa pele gonne ga ba a ka ba ikobela Modimo mme ka ntlha ya go dira jalo ba tlhaela go tsena. 7 Mme o beile nako e nngwe ya go tsena mo lefelong la boikhutso, mme nako eo ke jaanong jaana. O anamisitse polelo e ka Kgosi Dafide morago ga lobaka lo loleele lwa dingwaga motho a sena go palelwa ke go tsena mo felong ga boikhutso, o ne wa bua jaana ka mafoko a a setseng a boletswe, a a reng, “Gompieno fa lo mo utlwa a bitsa, se mo thatafaletseng dipelo tsa lona.” 8 Lefelo le lesha le la boikhutso le Modimo o buang ka lone ga se lefatshe la Iseraele le Joshua a neng a etelela pele Baiseraela a ba gorosa mo go lone. Fa e le gore Modimo o ne o raya lone, o ka bo o ne wa seka ya re morago ga lobaka lo lo leele wa bua ka “Gompieno” e le yone nako ya go tsena mo lefelong la boikhutso. 9 Jalo go na le boikhutso jo bo tletseng jo bo santseng bo letetse batho ba Modimo. 10 Keresete o setse a tsenye teng. O itapolositse mo tirong ya gagwe, fela jaaka Modimo o ne wa itapolosa morago ga lobopo. 11 Mme le rona a re lekeng ka bojotlhe jwa rona go tsena mo lefelong leo la boikhutso, re iketse tlhoko, e se re kgotsa le rona ra tloga ra tlhoka kutlo mo Modimong jaaka bana ba Iseraela ba ne ba dira, mme ka go dira jalo ba tlhaela go tsena mo lefelong la boikhutso. 12 Gonne le fa e le eng se Modimo o se re bolelelang se tletse nonofo e e tshedileng: se bogale thata go gaisa chaka e e bogale jo bo feteletseng e tlhabela ka bofefo mo teng teng ga megopolo ya rona le dikeletso le gotlhe ga tsone, e re senolela se tota re leng sone. 13 O itse ka mongwe le mongwe gongwe le gongwe. Sengwe le sengwe ka rona se apogile ebile se bulegetse thata matlho otlhe a a bonang a Modimo wa rona o o tshelang; ga go na sepe se Modimo o ka se fitlhelwang, One o re tshwanetseng go o tlhalosetsa tsotlhe tse re di dirileng. 14 Mme Jesu Morwa Modimo Ke Moperesiti wa rona yo Mogolo thata ene yo o ileng kwa legodimong go re thusa; jalo a re se khutliseng go mo ikanya. 15 Moperesiti yo Mogolo yo wa rona o tlhaloganya makoa a rona, gonne le ene o kile a nna mo dithaelong jaaka rona, le fa go ntse jalo ga a ise a ke a bo a neye dithaelo sebaka mme a leofa. 16 Jalo a re tleng kwa setilong sa bogosi jwa Modimo ka bopelokgale re bo re nne teng koo go amogela kutlwelo botlhoko ya One le go nna le tshegofatso go re thusa mo dinakong tsa rona tsa botlhoki.

In Other Versions

Hebrews 4 in the ANGEFD

Hebrews 4 in the ANTPNG2D

Hebrews 4 in the AS21

Hebrews 4 in the BAGH

Hebrews 4 in the BBPNG

Hebrews 4 in the BBT1E

Hebrews 4 in the BDS

Hebrews 4 in the BEV

Hebrews 4 in the BHAD

Hebrews 4 in the BIB

Hebrews 4 in the BLPT

Hebrews 4 in the BNT

Hebrews 4 in the BNTABOOT

Hebrews 4 in the BNTLV

Hebrews 4 in the BOATCB

Hebrews 4 in the BOATCB2

Hebrews 4 in the BOBCV

Hebrews 4 in the BOCNT

Hebrews 4 in the BOECS

Hebrews 4 in the BOGWICC

Hebrews 4 in the BOHCB

Hebrews 4 in the BOHCV

Hebrews 4 in the BOHLNT

Hebrews 4 in the BOHNTLTAL

Hebrews 4 in the BOICB

Hebrews 4 in the BOILNTAP

Hebrews 4 in the BOITCV

Hebrews 4 in the BOKCV

Hebrews 4 in the BOKCV2

Hebrews 4 in the BOKHWOG

Hebrews 4 in the BOKSSV

Hebrews 4 in the BOLCB

Hebrews 4 in the BOLCB2

Hebrews 4 in the BOMCV

Hebrews 4 in the BONAV

Hebrews 4 in the BONCB

Hebrews 4 in the BONLT

Hebrews 4 in the BONUT2

Hebrews 4 in the BOPLNT

Hebrews 4 in the BOSCB

Hebrews 4 in the BOSNC

Hebrews 4 in the BOVCB

Hebrews 4 in the BOYCB

Hebrews 4 in the BPBB

Hebrews 4 in the BPH

Hebrews 4 in the BSB

Hebrews 4 in the CCB

Hebrews 4 in the CUV

Hebrews 4 in the CUVS

Hebrews 4 in the DBT

Hebrews 4 in the DGDNT

Hebrews 4 in the DHNT

Hebrews 4 in the DNT

Hebrews 4 in the ELBE

Hebrews 4 in the EMTV

Hebrews 4 in the ESV

Hebrews 4 in the FBV

Hebrews 4 in the FEB

Hebrews 4 in the GGMNT

Hebrews 4 in the GNT

Hebrews 4 in the HARY

Hebrews 4 in the HNT

Hebrews 4 in the IRVA

Hebrews 4 in the IRVB

Hebrews 4 in the IRVG

Hebrews 4 in the IRVH

Hebrews 4 in the IRVK

Hebrews 4 in the IRVM

Hebrews 4 in the IRVM2

Hebrews 4 in the IRVO

Hebrews 4 in the IRVP

Hebrews 4 in the IRVT

Hebrews 4 in the IRVT2

Hebrews 4 in the IRVU

Hebrews 4 in the ISVN

Hebrews 4 in the JSNT

Hebrews 4 in the KAPI

Hebrews 4 in the KBT1ETNIK

Hebrews 4 in the KBV

Hebrews 4 in the KJV

Hebrews 4 in the KNFD

Hebrews 4 in the LBA

Hebrews 4 in the LBLA

Hebrews 4 in the LNT

Hebrews 4 in the LSV

Hebrews 4 in the MAAL

Hebrews 4 in the MBV

Hebrews 4 in the MBV2

Hebrews 4 in the MHNT

Hebrews 4 in the MKNFD

Hebrews 4 in the MNG

Hebrews 4 in the MNT

Hebrews 4 in the MNT2

Hebrews 4 in the MRS1T

Hebrews 4 in the NAA

Hebrews 4 in the NASB

Hebrews 4 in the NBLA

Hebrews 4 in the NBS

Hebrews 4 in the NBVTP

Hebrews 4 in the NET2

Hebrews 4 in the NIV11

Hebrews 4 in the NNT

Hebrews 4 in the NNT2

Hebrews 4 in the NNT3

Hebrews 4 in the PDDPT

Hebrews 4 in the PFNT

Hebrews 4 in the RMNT

Hebrews 4 in the SBIAS

Hebrews 4 in the SBIBS

Hebrews 4 in the SBIBS2

Hebrews 4 in the SBICS

Hebrews 4 in the SBIDS

Hebrews 4 in the SBIGS

Hebrews 4 in the SBIHS

Hebrews 4 in the SBIIS

Hebrews 4 in the SBIIS2

Hebrews 4 in the SBIIS3

Hebrews 4 in the SBIKS

Hebrews 4 in the SBIKS2

Hebrews 4 in the SBIMS

Hebrews 4 in the SBIOS

Hebrews 4 in the SBIPS

Hebrews 4 in the SBISS

Hebrews 4 in the SBITS

Hebrews 4 in the SBITS2

Hebrews 4 in the SBITS3

Hebrews 4 in the SBITS4

Hebrews 4 in the SBIUS

Hebrews 4 in the SBIVS

Hebrews 4 in the SBT

Hebrews 4 in the SBT1E

Hebrews 4 in the SCHL

Hebrews 4 in the SNT

Hebrews 4 in the SUSU

Hebrews 4 in the SUSU2

Hebrews 4 in the SYNO

Hebrews 4 in the TBIAOTANT

Hebrews 4 in the TBT1E

Hebrews 4 in the TBT1E2

Hebrews 4 in the TFTIP

Hebrews 4 in the TFTU

Hebrews 4 in the TGNTATF3T

Hebrews 4 in the THAI

Hebrews 4 in the TNFD

Hebrews 4 in the TNT

Hebrews 4 in the TNTIK

Hebrews 4 in the TNTIL

Hebrews 4 in the TNTIN

Hebrews 4 in the TNTIP

Hebrews 4 in the TNTIZ

Hebrews 4 in the TOMA

Hebrews 4 in the TTENT

Hebrews 4 in the UBG

Hebrews 4 in the UGV

Hebrews 4 in the UGV2

Hebrews 4 in the UGV3

Hebrews 4 in the VBL

Hebrews 4 in the VDCC

Hebrews 4 in the YALU

Hebrews 4 in the YAPE

Hebrews 4 in the YBVTP

Hebrews 4 in the ZBP