John 12 (BOTLNT)

1 Malatsi a le marataro pele ga meletlo ya Tlolaganyo e simologa, Jesu a goroga mo Bethania kwa Lasaro monna yo a mo rudisitseng a neng a le teng. 2 Mme Jesu a baakanyediwa modiro wa tlotlo teng. Maratha a ba tsholela mme Lasaro ene a nna le bone kwa lomating lwa bojelo (tafole). 3 Mme Marea a tsaya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se dirilwe ka dinkgisamonate a tlotsa dinao tsa ga Jesu ka sone, a bo a di phimola ka moriri wa gagwe. Mme ntlo ya tlala monkgo o o monate wa setlolo. 4 Mme Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, ene yo o tlaa mo okang, a re, 5 “Setlolo seo se ne se lekanye madi a mantsi. Se ka bo se rekisitswe mme madi a sone a abelwa bahumanegi.” 6 E ne e se gore ka go bua jalo o gopotse go tlhokomela bahumanegi, gonne o ne a le mmei wa madi a barutwa mme o ne a tle a a utswe a a dirise mo ditirong tsa gagwe! 7 Mme Jesu a fetola a re, “Mo tlogele. O dirile jalo e le paakanyetso ya phitlho ya me. 8 Lo ka aga lo thusa bahumanegi, mme nna ga ke na go nna le lona ka lobaka lo loleele.” 9 Erile fa ba e leng batho fela ba Jerusalema ba utlwalela ka kgorogo ya gagwe ba itlhaganela ka bontsintsi go ya go mmona le go bona Lasaro, monna yo o rudileng. 10 Mme ditlhogo tsa baperesiti tsa ikaelela go bolaya le Lasaro, 11 gonne e ne e le ka ntlha ya ga Lasaro gore baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba tlogele Sejuta ba dumele mo go Jesu e le Mesia wa bone. 12 Letsatsi le le latelang, dikgang tse di reng Jesu o mo tseleng ya Jerusalema tsa anama mo motseng, mme bontsintsi jo bogolo jwa baeti ba Tlolaganyo, 13 jwa tsaya dikala tsa makolane mme jwa fologela mo tseleng go mo kgatlhantsha ba goa ba re, “Mmoloki! Modimo segofatsa Kgosi ya Iseraele! A go bakwe moemedi wa Modimo!” 14 Jesu a tsamaya a palame tonkana, a diragatsa seporofeso se se reng 15 “Se boifeng Kgosi ya lona, batho ba Iseraele, gonne e tlaa tla kwa go lona ka boingotlo, e palame tonkana!” 16 (Barutwa ba gagwe ba seka ba lemoga ka nako eo gore se e ne e le tiragatso ya seporofeso; mme morago ga Jesu a boela kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong, ba simolola go lemoga gore go setse go diragetse diporofeso di le kae tsa lokwalo mo matlhong a bone). 17 Mme ba ba mo bontsintsing joo ba ba neng ba bonye Jesu a tsosa Lasaro mo baswing ba ne ba bolela gotlhe ka gone. 18 Ke sone se batho ba le bantsi ba neng ba ya go mo kgatlhantsha, gonne ba ne ba utlwile kgakgamatso e tona eo. 19 Mme Bafarasai ba raana ba re, “Re fentswe. Bonang, lefatshe lotlhe le mo setse morago!” 20 Bagerika bangwe ba ba neng ba tsile mo Jerusalema go obama mo Tlolaganyong, 21 ba etela Filipo yo a neng a tswa Bethesaida, mme ba feta ba re, “Rara, re batla go rakana le Jesu.” 22 Filipo a bolelela Anderea ka gone, mme ba tsamaya botlhe go kopa Jesu. 23 23-24 Jesu a ba fetola ka gore nako e mo gorogetse ya go boela kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong, le gore, “Ke tshwanetse go wa ka swa jaaka tlhaka ya mabele e e welang mo mmung wa boleme. Fa ke sa swe, ke tlaa nna ke le nosi, peo e e yosi. Mme loso lwa me lo tlaa tlhogisa ditlhaka tsa mabele di le dintsi, thobo e kgolo ya matshelo a masha. 25 Fa lo rata botshelo jwa lona mono lefatsheng, bo tlaa lo latlhegela. Mme fa lo nyatsa botshelo jwa lona mono lefatsheng, o tlaa bo ananya ka kgalalelo ya bosakhutleng. 26 “Fa e le gore Bagerika ba, ba batla go nna barutwa ba me, ba boleleleng gore ba tle ba ntshale morago, gonne batlhanka ba me ba tshwanetse go nna kwa ke teng. Mme fa ba ntshala morago, Rara o tlaa ba tlotla 27 Jaanong mowa wa me o tshwenyegile thata. A nka rapela ka re, ‘Rara, mpoloka mo go se se nkemeng pele?’ Mme ke lone lebaka le ke le tletseng! 28 Rara, galaletsa leina la gago o bo o le tlotle.” Mme ga bua lentswe le tswa kwa legodimong le re, “Ke setse ke dirile jalo, mme ke tlaa dira jalo gape.” 29 Erile fa bontsintsi jwa batho bo utlwa lentswe, bangwe ba bone ba gopola gore ke tladi, fa ba bangwe bone ba re ke moengele o buile nae. 30 Mme Jesu a ba raya a re, “Lentswe leo ga le a tla ka ntlha ya me, mme e leng ka ntlha ya lona. 31 Lobaka lwa katlholo ya lefatshe lo gorogile, le nako ya fa Satane, Kgosana ya lefatshe leno a tlaa kgoromelediwang ntle. 32 Mme fa ke tsholediwa (mo mokgorong) ke tlaa gogela mongwe le mongwe kwa go nna?” 33 O ne a bua jaana go supa ka fa o tlaa swang ka teng. 34 Bontsintsi jwa botsa jwa re, “Go swa? Re utlwile gore Mesia o tlaa tshela ka bosakhutleng mme ga a kitla a a swa. Ke eng fa o re o tlaa swa? O bua kaga. Mesia ofe?” 35 Mme Jesu a fetola a re, “Lesedi la me le tlaa lo phatsimela ka lobakanyana. Tsamayang mo go lone lo sa ntse lo ka kgona, mme lo ye kwa lo batlang go ya teng pele ga lefifi le tla, gonne ka nako eo lobaka lo tlaa bo lo setse lo fetile thata gore lo bone tsela ya lona. 36 Dirisang Lesedi nako e sa le teng; ka go dira jalo lo tlaa nna batsamaisi ba lesedi.” Morago ga a bua dilo tse, Jesu a tsamaya mme a ba iphitlhetse. 37 Mme le fa a ne a dirile dikgakgamatso tse tsotlhe, batho ba le bantsi ba ne ba sa dumele gore ke Mesia. 38 Ke sone tota se Isaia o se porofetileng a re: “Morena, re tlaa dumelwa ke mang? E mang yo o tlaa tsayang dikgakgamatso tsa Modimo tse di tona e le bosupi?” 39 Mme ba ne ba seka ba dumela, fela jaaka Isaia le ene a ne a rile: 40 “Modimo o foufaditse matlho a bone o bile o thatafaditse dipelo tsa bone gore ba seka ba bona le fa e le go tlhaloganya e se re kgotsa ba sokologela kwa go nna gore ke ba fodise.” 41 Isaia o ne a raya Jesu fa a porofeta jaana, gonne o ne a bonye ponatshego ya kgalalelo ya ga Mesia. 42 Le fa go ntse jalo, le baeteledipele ba Sejuta ba le bantsi ba ne ba dumela mo go ene gore ke Mesia mme legale ba ne ba sa dumele fa ba na le batho ka ntlha ya go tshaba go kgaolwa ke Bafarasai mo tlung ya ga Jehofa; 43 gonne ba ne ba rata kgalaletso ya batho bogolo go kgalaletso ya Modimo. 44 Mme Jesu a goela kwa bontsintsing a re, “Fa lo ntumela lo dumela Modimo. 45 Gonne fa lo mpona, lo bona ene yo o nthomileng. 46 Ke tsile ke le Lesedi go phatsima mo lefatsheng leno le le lefifi gore botlhe ba ba dumelang mo go nna ba seka ba tlhola ba tsamaya mo lefifing. 47 Mme le fa e le mang yo o nkutlwang mme a sa nkobamele, ga ke moatlhodi wa gagwe, gonne ke tletse go boloka lefatshe eseng go le atlhola. 48 Mme botlhe ba ba nkganang le molaetsa wa me, ba tlaa atlholwa ka Letsatsi la Katlholo ka mafoko a boammaaruri a ke a buileng. 49 Gonne se ga se tlhaloganyo ya me, mme ke lo boleletse se Rara a rileng ke se lo bolelele. 50 Mme ke itse gore ditaolo tsa gagwe di gogela kwa botshelong jo bo sa khutleng; jalo sengwe le sengwe se a reng ke se bue, ke a se bua!”

In Other Versions

John 12 in the ANGEFD

John 12 in the ANTPNG2D

John 12 in the AS21

John 12 in the BAGH

John 12 in the BBPNG

John 12 in the BBT1E

John 12 in the BDS

John 12 in the BEV

John 12 in the BHAD

John 12 in the BIB

John 12 in the BLPT

John 12 in the BNT

John 12 in the BNTABOOT

John 12 in the BNTLV

John 12 in the BOATCB

John 12 in the BOATCB2

John 12 in the BOBCV

John 12 in the BOCNT

John 12 in the BOECS

John 12 in the BOGWICC

John 12 in the BOHCB

John 12 in the BOHCV

John 12 in the BOHLNT

John 12 in the BOHNTLTAL

John 12 in the BOICB

John 12 in the BOILNTAP

John 12 in the BOITCV

John 12 in the BOKCV

John 12 in the BOKCV2

John 12 in the BOKHWOG

John 12 in the BOKSSV

John 12 in the BOLCB

John 12 in the BOLCB2

John 12 in the BOMCV

John 12 in the BONAV

John 12 in the BONCB

John 12 in the BONLT

John 12 in the BONUT2

John 12 in the BOPLNT

John 12 in the BOSCB

John 12 in the BOSNC

John 12 in the BOVCB

John 12 in the BOYCB

John 12 in the BPBB

John 12 in the BPH

John 12 in the BSB

John 12 in the CCB

John 12 in the CUV

John 12 in the CUVS

John 12 in the DBT

John 12 in the DGDNT

John 12 in the DHNT

John 12 in the DNT

John 12 in the ELBE

John 12 in the EMTV

John 12 in the ESV

John 12 in the FBV

John 12 in the FEB

John 12 in the GGMNT

John 12 in the GNT

John 12 in the HARY

John 12 in the HNT

John 12 in the IRVA

John 12 in the IRVB

John 12 in the IRVG

John 12 in the IRVH

John 12 in the IRVK

John 12 in the IRVM

John 12 in the IRVM2

John 12 in the IRVO

John 12 in the IRVP

John 12 in the IRVT

John 12 in the IRVT2

John 12 in the IRVU

John 12 in the ISVN

John 12 in the JSNT

John 12 in the KAPI

John 12 in the KBT1ETNIK

John 12 in the KBV

John 12 in the KJV

John 12 in the KNFD

John 12 in the LBA

John 12 in the LBLA

John 12 in the LNT

John 12 in the LSV

John 12 in the MAAL

John 12 in the MBV

John 12 in the MBV2

John 12 in the MHNT

John 12 in the MKNFD

John 12 in the MNG

John 12 in the MNT

John 12 in the MNT2

John 12 in the MRS1T

John 12 in the NAA

John 12 in the NASB

John 12 in the NBLA

John 12 in the NBS

John 12 in the NBVTP

John 12 in the NET2

John 12 in the NIV11

John 12 in the NNT

John 12 in the NNT2

John 12 in the NNT3

John 12 in the PDDPT

John 12 in the PFNT

John 12 in the RMNT

John 12 in the SBIAS

John 12 in the SBIBS

John 12 in the SBIBS2

John 12 in the SBICS

John 12 in the SBIDS

John 12 in the SBIGS

John 12 in the SBIHS

John 12 in the SBIIS

John 12 in the SBIIS2

John 12 in the SBIIS3

John 12 in the SBIKS

John 12 in the SBIKS2

John 12 in the SBIMS

John 12 in the SBIOS

John 12 in the SBIPS

John 12 in the SBISS

John 12 in the SBITS

John 12 in the SBITS2

John 12 in the SBITS3

John 12 in the SBITS4

John 12 in the SBIUS

John 12 in the SBIVS

John 12 in the SBT

John 12 in the SBT1E

John 12 in the SCHL

John 12 in the SNT

John 12 in the SUSU

John 12 in the SUSU2

John 12 in the SYNO

John 12 in the TBIAOTANT

John 12 in the TBT1E

John 12 in the TBT1E2

John 12 in the TFTIP

John 12 in the TFTU

John 12 in the TGNTATF3T

John 12 in the THAI

John 12 in the TNFD

John 12 in the TNT

John 12 in the TNTIK

John 12 in the TNTIL

John 12 in the TNTIN

John 12 in the TNTIP

John 12 in the TNTIZ

John 12 in the TOMA

John 12 in the TTENT

John 12 in the UBG

John 12 in the UGV

John 12 in the UGV2

John 12 in the UGV3

John 12 in the VBL

John 12 in the VDCC

John 12 in the YALU

John 12 in the YAPE

John 12 in the YBVTP

John 12 in the ZBP