John 7 (BOTLNT)

1 Erile morago ga mo, Jesu a ya Galalea, a tsena motse le motsana gonne o ne a batla go nna ka kwa ntle ga Judea kwa Bajuta ba neng ba mo logela leano la go mmolaya teng. 2 Mme jaana ya bo e le lobaka lwa Mediro ya Metlaagana letsatsi lengwe la ngwaga la boitapoloso la Sejuta. 3 Mme bomonnaa Jesu ba mo tlhotlheletsa gore a ye kwa Judea kwa medirong. Ba mo raya ka tshotlo ba re, “Ya kwa batho ba bantsi ba ka bonang dikgakgamatso tsa gago gone! 4 Ga o ka ke wa tuma fa o iphitlha jaana! Fa o le mogolo jaana, itshupegetse lefatshe!” 5 Gonne le bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene. 6 Jesu a fetola a re, “Ga e ise e nne nako e e ntshwanetseng gore ke ye teng. Mme lona lo ka nna lwa tsamaya nako nngwe fela ga go na go dira pharologanyo epe mo go lona. 7 Gonne lefatshe ga le ka ke la lo ila; mme nna le a nkila gonne ke le bona molato kaga sebe le bosula. 8 Lona tsamayang, ke tlaa tla kwa morago fa nako e setse e siame.” 9 Jalo a sala mo Galalea. 10 Mme erile bomonnawe ba sena go ya moletlong, le ene a tsamaya, le fa go ntse jalo a ngwangwaela a sa bonwe ke ope. 11 Baeteledipele ba Sejuta ba leka go mo senka kwa moletlong mme ba nna ba botsa gore a ope ga a ise a ke a mmone. 12 Go ne, go na le ditlotlo tse dintsi kaga gagwe mo bathong. Bangwe ba re, “Ke monna yo o gakgamatsang,” fa ba bangwe bone ba ne ba re, “Nnyaa, o timetsa batho.” 13 Mme ga bo go sena motho ope yo o neng a na le maikaelelo a go mmuelela mo pontsheng ka ntlha ya go tshaba ipusolosetso ya baeteledipele ba Sejuta. 14 Mme erile go setse go le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng mme a feta a ruta mo pontsheng. 15 Baeteledipele ba Sejuta ba hakgamala fa ba mo utlwa, mme ba botsanya ba re, “Ke eng fa a itse thata jaana mme a ise a ke a tsene dikole tsa rona?” 16 Mme Jesu a ba raya a re, “Ga ke lo rute megopolo ya me, fa e se ya Modimo o o nthomileng. 17 Fa mongwe wa lona a ikaelela go dira go rata ga Modimo ka boammaaruri, hong lo tlaa itse gore a thuto ya me e tswa Modimong kgotsa ke ya me fela. 18 Le fa e le mang yo o ntshang megopolo ya gagwe o a bo a ipuisa a batla go galalediwa, mme yo o batlang go tlotla yo o mo romileng, ke motho yo o siameng yo o boammaaruri. 19 Ga go na ope wa lona yo o obamelang melao ya ga Moshe! Jalo ke eng fa lo ntshwaya phoso ka go sa e obameleng? Ke eng fa lo mpolaela go dira jaana?” 20 Mme bontsi jwa batho jwa fetola jwa re, “O a tsenwa! Yo o lekang go go bolaya ke mang?” 21 21-23 Jesu a fetola a re, “Ke dirile go le Sabata ke fodisa motho, mme lo ne lwa hakgamala. Mme le lona lo dira go le Sabata, fa lo obamela molao wa ga Moshe wa go rupisa (tota, le gale, mokgwa o wa go rupisa o mogologolo go na le molao wa ga Moshe); ka gore fa nako e e siameng ya go rupisa bana ba lona e tla go le Sabata, lo tswelela pele lo rupisa, jaaka lo tshwanetse. Jaanong ke eng fa ke atlholelwa go fodisa motho go le Sabata? 24 Aka-nyang selo se mme lo tlaa bona gore ke bolelela ruri.” 25 Bangwe ba batho ba ba neng ba nna koo mo Jerusalema ba buisanya ba re, “A monna yo ga se ene yo ba lekang go mmolaya? 26 Mme ke yo fa, o rera mo mpepeneneng, ga ba mo reye sepe. A e kane e le gore baeteledipele ba rona ba bonye gore ke Mesia tota? 27 Mme o ka nna Mesia jang? Gonne re itse kwa monna yo a tsaletsweng teng; fa Keresete ene a tla, o tlaa bonala fela mme ga gona ope yo o tlaa itseng kwa o tswang teng.” 28 Mme Jesu mo therong ya gagwe mo Tempeleng a goa a re, “Ee, lo a nkitse le kwa ke tsaletsweng gone le kwa ke neng ka godisediwa gone, mme ke moemedi wa mongwe yo lo sa mo itseng, mme ene o Boammaaruri. 29 Ke a mo itse nna ka gore ke ne ke na nae, mme o nthomile mo go lona.” 30 Mme baeteledipele ba Sejuta ba batla go mo tshwara, le fa go ntse jalo ga se ka ga nna letsogo le le mo amang, gonne nako e a e beetsweng ke Modimo e ne e ise e nne yone. 31 Ba le bantsi mo bontsintsing jwa batho kwa Tempeleng ba dumela mo go ene ba re, “Oai, lo solofela dikgakgamatso dife mo go Mesia tse monna yo a sa di dirang?” 32 Erile Bafarasai ba utlwa gore bontsintsi bo ne bo le mo mogopolong o, bone le ditlhogo tsa baperesiti ba romela mapodise a Tempele go tshwara Jesu. 33 Mme Jesu a ba raya a re, “Ga e ise e nne nako! Ke tshwanetse go nna fa ka lobakanyana. Hong ke gone ke tlaa boelang kwa go yo o nthomileng. 34 Lo tlaa mpatla mme ga lo na go mpona, gape ga lo na go kgona go tla kwa ke gone!” 35 Baeteledipele ba Sejuta ba akabadiwa ke polelo e, mme ba botsanya ba re, “O ikaelela go ya kae? Kgotsa o akanya go tswa mo kgaolong e a tsamaya e le moruti mo Bajuteng mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe, kgotsa le fa e le kwa go Badichaba! 36 O raya eng fa a re, re tlaa mmatla mme ga re na go mmona, le gore, ‘Ga lo kitla lo kgona go tla kwa ke leng teng?’ ” 37 Mo letsatsing la bofelo, e le pheletso ya malatsi a boitapoloso, Jesu a goela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Le fa e le mang yo o nyorilweng, a a tle kwa go nna a nwe. 38 Gonne dikwalo tsa re dinoka tsa metse a a tshedileng di tlaa elela ditswa mo teng ga yoo o dumelang mo go nna.” 39 (O ne a bua ka Mowa O O Boitshepo, o o tlaa newang mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene; mme Mowa o ne o ise o abiwe, gonne Jesu o ne a ise a boele kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong). 40 Erile bontsintsi bo utlwa a buajaana, bangwe ba bone ba re, “Ammaaruri monna yo ke moporofiti yo o tlaa tlang pele ga Mesia.” 41 41-42 Bangwe ba re, “Ke Mesia.” Mme ba bangwe bone ba nna ba re, “Ga e ka ke ya nna ene! A Mesia o tlaa tswa kwa Galalea? Gonne dikwalo di bua sentle fela gore Mesia o tlaa tsalwa ke ba ntlo ya bogosi jwa ga Dafide, mo Bethelehema, motse o Dafide o neng a tsalelwa mo go one.” 43 Jalo ga tsoga kgaogano mo bontsing jwa batho ka ga gagwe. 44 Mme bangwe ba batla gore a tshwarwe mme ga seka ga nna ope yo o mo amang ka letsogo. 45 Mapodisi a Tempele a a neng a romilwe go mo tshwara a boela kwa ditlhogong tsa baperesiti le Bafarasai. Mme tsa feta tsa ba botsa tsa re, “Ke eng lo ne lo sa tle le ene?” 46 Mme mapodisi a dumaduma a re, “O bua dilo tse di hakgamatsang! Ga re ise re ke re be re utlwe sepe se se ntseng jaaka se a se buang.” 47 Mme Bafarasai ba fetola ka tshotlo ba re, “Go raya gore le lona lo timeditswe?” 48 “A go na le mongwe mo go rona babusi ba Sejuta kgotsa Bafarasai yo o dumelang fore Jesu ke Mesia? 49 Bontsintsi jo jwa dieleele bo a dumela, ee, mme baitse ka ga gone? Le gale ba hutsegile!” 50 Mme Nikodemo a bua. (A lo a mo gakologelwa? Ke ene yole yo e neng e le moeteledipele wa Sejuta yo o neng a tla ka sephiri go tla go buisanya le Jesu), 51 A botsa a re, A go ka fa molaong go atlhola motho pele ga a sekisiwa? 52 Mme ba mo gakalela ba re, “A le wena o Mogalalea yo o tlhomolang pelo? Tlhatlhoba dikwalo o iponele, ga go na baporofiti ba ba tlaa tswang kwa Galalea!” 53 Mme phuthego ya phatlalala mongwe le mongwe a ya gae.

In Other Versions

John 7 in the ANGEFD

John 7 in the ANTPNG2D

John 7 in the AS21

John 7 in the BAGH

John 7 in the BBPNG

John 7 in the BBT1E

John 7 in the BDS

John 7 in the BEV

John 7 in the BHAD

John 7 in the BIB

John 7 in the BLPT

John 7 in the BNT

John 7 in the BNTABOOT

John 7 in the BNTLV

John 7 in the BOATCB

John 7 in the BOATCB2

John 7 in the BOBCV

John 7 in the BOCNT

John 7 in the BOECS

John 7 in the BOGWICC

John 7 in the BOHCB

John 7 in the BOHCV

John 7 in the BOHLNT

John 7 in the BOHNTLTAL

John 7 in the BOICB

John 7 in the BOILNTAP

John 7 in the BOITCV

John 7 in the BOKCV

John 7 in the BOKCV2

John 7 in the BOKHWOG

John 7 in the BOKSSV

John 7 in the BOLCB

John 7 in the BOLCB2

John 7 in the BOMCV

John 7 in the BONAV

John 7 in the BONCB

John 7 in the BONLT

John 7 in the BONUT2

John 7 in the BOPLNT

John 7 in the BOSCB

John 7 in the BOSNC

John 7 in the BOVCB

John 7 in the BOYCB

John 7 in the BPBB

John 7 in the BPH

John 7 in the BSB

John 7 in the CCB

John 7 in the CUV

John 7 in the CUVS

John 7 in the DBT

John 7 in the DGDNT

John 7 in the DHNT

John 7 in the DNT

John 7 in the ELBE

John 7 in the EMTV

John 7 in the ESV

John 7 in the FBV

John 7 in the FEB

John 7 in the GGMNT

John 7 in the GNT

John 7 in the HARY

John 7 in the HNT

John 7 in the IRVA

John 7 in the IRVB

John 7 in the IRVG

John 7 in the IRVH

John 7 in the IRVK

John 7 in the IRVM

John 7 in the IRVM2

John 7 in the IRVO

John 7 in the IRVP

John 7 in the IRVT

John 7 in the IRVT2

John 7 in the IRVU

John 7 in the ISVN

John 7 in the JSNT

John 7 in the KAPI

John 7 in the KBT1ETNIK

John 7 in the KBV

John 7 in the KJV

John 7 in the KNFD

John 7 in the LBA

John 7 in the LBLA

John 7 in the LNT

John 7 in the LSV

John 7 in the MAAL

John 7 in the MBV

John 7 in the MBV2

John 7 in the MHNT

John 7 in the MKNFD

John 7 in the MNG

John 7 in the MNT

John 7 in the MNT2

John 7 in the MRS1T

John 7 in the NAA

John 7 in the NASB

John 7 in the NBLA

John 7 in the NBS

John 7 in the NBVTP

John 7 in the NET2

John 7 in the NIV11

John 7 in the NNT

John 7 in the NNT2

John 7 in the NNT3

John 7 in the PDDPT

John 7 in the PFNT

John 7 in the RMNT

John 7 in the SBIAS

John 7 in the SBIBS

John 7 in the SBIBS2

John 7 in the SBICS

John 7 in the SBIDS

John 7 in the SBIGS

John 7 in the SBIHS

John 7 in the SBIIS

John 7 in the SBIIS2

John 7 in the SBIIS3

John 7 in the SBIKS

John 7 in the SBIKS2

John 7 in the SBIMS

John 7 in the SBIOS

John 7 in the SBIPS

John 7 in the SBISS

John 7 in the SBITS

John 7 in the SBITS2

John 7 in the SBITS3

John 7 in the SBITS4

John 7 in the SBIUS

John 7 in the SBIVS

John 7 in the SBT

John 7 in the SBT1E

John 7 in the SCHL

John 7 in the SNT

John 7 in the SUSU

John 7 in the SUSU2

John 7 in the SYNO

John 7 in the TBIAOTANT

John 7 in the TBT1E

John 7 in the TBT1E2

John 7 in the TFTIP

John 7 in the TFTU

John 7 in the TGNTATF3T

John 7 in the THAI

John 7 in the TNFD

John 7 in the TNT

John 7 in the TNTIK

John 7 in the TNTIL

John 7 in the TNTIN

John 7 in the TNTIP

John 7 in the TNTIZ

John 7 in the TOMA

John 7 in the TTENT

John 7 in the UBG

John 7 in the UGV

John 7 in the UGV2

John 7 in the UGV3

John 7 in the VBL

John 7 in the VDCC

John 7 in the YALU

John 7 in the YAPE

John 7 in the YBVTP

John 7 in the ZBP