Luke 19 (BOTLNT)

1 1-2 Mme ya re a feta mo Jeriko, monna mongwe yo o neng a bidiwa Sakaio, yo e neng e le mongwe wa batlhotlheletsi ba Sejuta mo papading ya go phutha lekgetho la Seroma (ebile e le mohumi), 3 a leka go bona Jesu mme a ba a le mokhutshwane thata go mmona mo bontsintsing jwa batho. 4 Mme a sianela kwa pele a palama setlhare sa mosikamore fa thoko ga tsela, a lebelela a le koo. 5 E rile Jesu a feta foo a lelala Sakaio mme a mmitsa ka leina a re, “Sakaio! Itlhaganele! Fo-loga! Gonne ke ya go nna moeng mo lwapeng lwa gago gompieno!” 6 Sakaio a itlhaganela a fologa a tseela Jesu kwa tlung ya gagwe ka boitumelo jo bogolo. 7 Mme bontsintsi jwa batho ba se ka ba itumela. Ba ngongorega ba re, “O ile go nna moeng wa moleofi yo o itsegeng ka mokgwa o o maswe”. 8 Mme ya re ka lobaka loo, Sakaio a ema fa pele ga Morena a re, “Morena, go tloga fano ke tlaa abela bahumanegi bontlha bongwe jwa dikhumo tsa me, mme fa ke bona ke patikile mongwe mo makgethong a gagwe ke tlaa ipona molato ka go mmusetsa di tsa gagwe go menagane gane!” 9 9-10 Mme Jesu a mo raya a re, “Se se supa gore poloko e tsile mo lwapeng lo gompieno. Monna yo e ne e le mongwe wa bana ba ga Aberahame yo o neng a timetse, mme nna Morwa Motho, ke tsile go batla ke bo ke boloka mewa e e ntseng jaaka wa gagwe.” 11 Mme ka gonne Jesu o ne a atamela Jerusalema, a bolela polelo go baakanya mogopolo o o reng Bogosi jwa Modimo bo tlaa simologa gone jaana. 12 A re, “Mogolwane mongwe yo o neng a nna mo lefatsheng lengwe kwa motseng mogolo o o kgakala wa bogosi, o ne a bilediwa go ya go tlhongwa kgosi ya lefatshe la gagwe. 13 Pele ga a tsamaya o ne a phutha bathusi ba le some a naya mongwe le mongwe wa bone dikete tse pedi tsa dipula, go sala ba di atisa fa a setse a tsamaile. 14 Mme bangwe ba batho ba gagwe ba ne ba mo ila ba bo ba mo romelela polelo ya gore ba batla boipuso, ba bolela gore ba mo tsogologetse ga ba kitla ba mo amogela go nna kgosi ya bone. 15 “Ya re fa a boa a bitsa batho ba o neng a ba neetse madi, go bona gore ba dirileng ka one, le gore ba boetswe ke bokae. 16 “Monna wa ntlha a bega papadi e kgolo, e menaganye ga some go feta tlhwatlhwa e o neng a e neetswe. 17 “Mme kgosi ya goa ya re, ‘O dirile sentle! O monna yo o siameng o ikanyegile mo bonnyennyaneng jo ke go bo neileng. Mme tuelo ya gago ke gore, o tlaa nna molaodi wa metse e le some!’ 18 Monna wa bobedi le ene a bega papadi e e itumedisang, e menaganye ga tlhano go feta tlhatlhwa e o neng a e neetswe. 19 “Mong wa gagwe a mo raya a re, ‘Go siame! o ka nna molaodi mo metseng e metlhano.’ 20 “Mme monna wa boraro a bega fela madi a o neng a simolotse ka one, a re, ‘Ke a bolokile, 21 ka gore ke ne ke tshaba [gore o tlaa batla papadi ya me] gonne o monna yo o thata go dirisanya nao o tsaya se e seng sa gago e bile o gapa jalo tse di lemilweng ke ba bangwe.’ 22 Mme Kgosi ya goa ya re, ‘Selo ke wena sa motlhanka yo o bosula. A ke pelo e thata? Ke tlaa nna fela jalo mo go wena! Fa o itsile bopelo-e-thata jwa me le ka fa ke leng logwadi ka gone, 23 ke eng fa o ne o sa boloke madi a me mo polokelong gore ke tle ke bone morokotso mo go one.’ 24 “Mme a retologela kwa go ba ba emeng fa go ene a ba raya a re, ‘Tsayang madi mo go ene lo a neele monna yo o dirileng a mantsi.’ 25 “Mme ba re ‘Morena, o setse a na le a mantsi!’ 26 Kgosi ya fetola ya re, ‘Ee, ke boammaaruri gore ba ba nang le go le gontsi ba newa go le gontsi, mme ba ba nang le go le gonnye ba latlhegelwa le ke gone mo ba nang nago. 27 Mme jaanong kaga baba ba, ba me ba ba rukutlhileng, ba tliseng kwano lo ba bolaye fa pele ga me!’ ” 28 Mme ya re Jesu a sena go bolela polelo e, a ya Jerusalema le barutwa ba gagwe (a ba eteletse pele). 29 Ya re ba tsena mo motsing wa Bethefeige le Bethania, mo Thoteng ya Lotlhware, a romela barutwa ba gagwe ba le babedi kwa pele, 30 a ba laela go ya kwa motseng o o fa pele le gore e re ba tsena ba senke tonki e e golegilweng fa thoko ga tsela. E tlaa bo e le tonkana, e e iseng e ke e palangwe. “E gololeng, mme lo e lere kwano. 31 Mme e re fa mongwe a lo botsa gore lo dira eng, lo re, ‘Morena o a e batla!’ ” 32 Mme ba bona tonkana jaaka Jesu a boletse, 33 mme ka boammaaruri ya re ba e golola, beng ba yone ba batla tlhaloso. Ba botsa ba re, “Lo dira eng? Lo gololelang tonkana ya rona?” 34 Mme barutwa ba fetola ba re, “Morena o a e batla!” 35 Mme ba lere tonkana kwa go Jesu ba pega dingwe tsa diaparo tsa bone mo go yone gore a e palame. 36 36-37 Mme bontsi jwa batho jwa ala diaparo tsa bone mo tseleng kwa pele ga gagwe, mme ya re ba fitlha fa tsela e fologelang gone go tswa kwa Thoteng ya Lotlhware, batho ba simolola go goa ba opela fa ba ntse ba tsamaya ba baka Modimo kaga dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng. 38 Ba ipela ba re, “Modimo o re neile Kgosi, e tshele ka boleele! A legodimo lotlhe le itumele! Kgalalelo go Modimo kwa magodimong!” 39 Mme bangwe ba Bafarasai mo gare ga batho ba re, “Morena, kgalemela balatedi ba gago go bua dilo tse di ntseng jalo!” 40 Mme a fetola a re, “Fa ba ka didimala, maje a a fa thoko ga tsela a, a tlaa thubega ka tuduetso!” 41 Mme ya re ba atamela Jerusalema a lebela motse kwa pele, a simolola go lela. 42 A lela a re, “Kagiso e e sa khutleng e ne e le gautshwane le wena mme wa e gana, mme jaanong lobaka lo setse lo fetile. 43 Baba ba gago ba tlaa go agelela ka lobota lwa mmu, ba go dika, ba go kganelela ka ntlha tsotlhe, 44 ba bo ba go ripitlela fa fatshe le bana ba gago ba o nang nabo; ga ba kitla ba tlogela leje le tlhatlaganye le le lengwe, gonne o ganne sebaka se Modimo o se go neileng.” 45 Hong a tsena mo Tempeleng a simolola go lelekela ntle barekisi mo marekisetsong a bone, 46 a ba raya a re, “Dikwalo di bolela gore ‘Tempele ya me ke lefelo la thapelo; mme lo e fetotse mongobo wa magodu.’ ” 47 Morago ga moo a ba ruta malatsi otlhe mo Tempeleng, mme baperesiti ba bagolo le baruti bangwe ba molao le bagwebi ba ne ba leka tsela e ba ka mmolayang ka yone. 48 Mme ba se ka ba akanya sepe, gonne o ne a tumile thata mo bathong, ebile ba utlwa lefoko lengwe le lengwe le o neng a le bua.

In Other Versions

Luke 19 in the ANGEFD

Luke 19 in the ANTPNG2D

Luke 19 in the AS21

Luke 19 in the BAGH

Luke 19 in the BBPNG

Luke 19 in the BBT1E

Luke 19 in the BDS

Luke 19 in the BEV

Luke 19 in the BHAD

Luke 19 in the BIB

Luke 19 in the BLPT

Luke 19 in the BNT

Luke 19 in the BNTABOOT

Luke 19 in the BNTLV

Luke 19 in the BOATCB

Luke 19 in the BOATCB2

Luke 19 in the BOBCV

Luke 19 in the BOCNT

Luke 19 in the BOECS

Luke 19 in the BOGWICC

Luke 19 in the BOHCB

Luke 19 in the BOHCV

Luke 19 in the BOHLNT

Luke 19 in the BOHNTLTAL

Luke 19 in the BOICB

Luke 19 in the BOILNTAP

Luke 19 in the BOITCV

Luke 19 in the BOKCV

Luke 19 in the BOKCV2

Luke 19 in the BOKHWOG

Luke 19 in the BOKSSV

Luke 19 in the BOLCB

Luke 19 in the BOLCB2

Luke 19 in the BOMCV

Luke 19 in the BONAV

Luke 19 in the BONCB

Luke 19 in the BONLT

Luke 19 in the BONUT2

Luke 19 in the BOPLNT

Luke 19 in the BOSCB

Luke 19 in the BOSNC

Luke 19 in the BOVCB

Luke 19 in the BOYCB

Luke 19 in the BPBB

Luke 19 in the BPH

Luke 19 in the BSB

Luke 19 in the CCB

Luke 19 in the CUV

Luke 19 in the CUVS

Luke 19 in the DBT

Luke 19 in the DGDNT

Luke 19 in the DHNT

Luke 19 in the DNT

Luke 19 in the ELBE

Luke 19 in the EMTV

Luke 19 in the ESV

Luke 19 in the FBV

Luke 19 in the FEB

Luke 19 in the GGMNT

Luke 19 in the GNT

Luke 19 in the HARY

Luke 19 in the HNT

Luke 19 in the IRVA

Luke 19 in the IRVB

Luke 19 in the IRVG

Luke 19 in the IRVH

Luke 19 in the IRVK

Luke 19 in the IRVM

Luke 19 in the IRVM2

Luke 19 in the IRVO

Luke 19 in the IRVP

Luke 19 in the IRVT

Luke 19 in the IRVT2

Luke 19 in the IRVU

Luke 19 in the ISVN

Luke 19 in the JSNT

Luke 19 in the KAPI

Luke 19 in the KBT1ETNIK

Luke 19 in the KBV

Luke 19 in the KJV

Luke 19 in the KNFD

Luke 19 in the LBA

Luke 19 in the LBLA

Luke 19 in the LNT

Luke 19 in the LSV

Luke 19 in the MAAL

Luke 19 in the MBV

Luke 19 in the MBV2

Luke 19 in the MHNT

Luke 19 in the MKNFD

Luke 19 in the MNG

Luke 19 in the MNT

Luke 19 in the MNT2

Luke 19 in the MRS1T

Luke 19 in the NAA

Luke 19 in the NASB

Luke 19 in the NBLA

Luke 19 in the NBS

Luke 19 in the NBVTP

Luke 19 in the NET2

Luke 19 in the NIV11

Luke 19 in the NNT

Luke 19 in the NNT2

Luke 19 in the NNT3

Luke 19 in the PDDPT

Luke 19 in the PFNT

Luke 19 in the RMNT

Luke 19 in the SBIAS

Luke 19 in the SBIBS

Luke 19 in the SBIBS2

Luke 19 in the SBICS

Luke 19 in the SBIDS

Luke 19 in the SBIGS

Luke 19 in the SBIHS

Luke 19 in the SBIIS

Luke 19 in the SBIIS2

Luke 19 in the SBIIS3

Luke 19 in the SBIKS

Luke 19 in the SBIKS2

Luke 19 in the SBIMS

Luke 19 in the SBIOS

Luke 19 in the SBIPS

Luke 19 in the SBISS

Luke 19 in the SBITS

Luke 19 in the SBITS2

Luke 19 in the SBITS3

Luke 19 in the SBITS4

Luke 19 in the SBIUS

Luke 19 in the SBIVS

Luke 19 in the SBT

Luke 19 in the SBT1E

Luke 19 in the SCHL

Luke 19 in the SNT

Luke 19 in the SUSU

Luke 19 in the SUSU2

Luke 19 in the SYNO

Luke 19 in the TBIAOTANT

Luke 19 in the TBT1E

Luke 19 in the TBT1E2

Luke 19 in the TFTIP

Luke 19 in the TFTU

Luke 19 in the TGNTATF3T

Luke 19 in the THAI

Luke 19 in the TNFD

Luke 19 in the TNT

Luke 19 in the TNTIK

Luke 19 in the TNTIL

Luke 19 in the TNTIN

Luke 19 in the TNTIP

Luke 19 in the TNTIZ

Luke 19 in the TOMA

Luke 19 in the TTENT

Luke 19 in the UBG

Luke 19 in the UGV

Luke 19 in the UGV2

Luke 19 in the UGV3

Luke 19 in the VBL

Luke 19 in the VDCC

Luke 19 in the YALU

Luke 19 in the YAPE

Luke 19 in the YBVTP

Luke 19 in the ZBP