Luke 6 (BOTLNT)

1 Ka Sabata mongwe ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya mo gare ga masimo mangwe a mabele, ba kgetla diako ba sosorela ditlhaka mo diatleng tsa bone mme ba a ja mabele. 2 Mme Bafarasai bangwe ba re, “Ga go ka fa molaong! Barutwa ba gago ba roba mabele, mme go kgatlhanong le molao wa Sejuta go dira jalo go le Sabata.” 3 Jesu a fetola a re, “A ga lo bale dikwalo? a ga lo ise lo ke lo bale se Kgosi Dafide o neng a se dira fa ene le batho ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala? 4 O ne a tsena mo teng ga Tempele mme a tsaya senkgwe sa tshupelo, senkgwe se se neng se tlhophetswe go bewa fa pele ga Morena, mme a se ja se sa letlelelwa go jewa fela jaaka mo go sa letlelelwa mme a se kgaogana le ba bangwe.” 5 Mme Jesu a tlatsa a re, “Ke Morena le wa Sabata tota.” 6 Ka Sabata nngwe o ne a le mo tlung ya thuto a ruta, mme monna mongwe a ba a le foo yo o golafetseng letsogo le legolo. 7 Baruti ba molao le Bafarasai ba lebelela sentle go bona gore a o tlaa fodisa monna ka letsatsi leo, ka e ne e le la Sabata. Gonne ba ne ba ikaeletse go mmaya molato. 8 Hong a itse megopolo ya bone jang! Mme a raya monna yo o neng a golafetse letsogo a re, “Tla o eme fa, fa mongwe le mongwe a tlaa go bonang gone.” Mme monna a dira jalo. 9 Hong Jesu a raya Bafarasai le baruti ba molao a re, “Ke na le potso. A go siame go dira tshiamo ke letsatsi la Sabata, kgotsa go tlhokofatsa? Go boloka botshelo kgotsa go bo senya?” 10 A leba mongwe le mongwe wa bone mme a raya monna a re, “Otlolola letsogo la gago,” mme ya re a le otlolola, la fola! 11 Mme ya re ka ntlha ya tiragalo e, baba ba ga Jesu ba galefa thata, mme ba simolola go rerisanya polao ya gagwe. 12 Ka letsatsi lengwe Jesu a tswela mo dithabeng go ya go rapela, bosigo jotlhe. 13 Mme ya re letsatsi le tswa a bitsa balatedi ba gagwe a tlhopha ba le lesome le bobedi mo go bone go nna baeteledipele ba barutwa ba gagwe. (Ba ne ba tlhomamisiwa jaaka “Baapostoloi,” ba gagwe kgotsa “Barongwa.”) 14 14-16 Maina a bone ke a: Simone (yo o neng a bidiwa Petere), Anderea (monnawe Simone), Jakobe, Filipo, Barotholomea, Mathaio, Thomase, Jakobe, (morwa Alafaio), Simone, (yo o neng a bidiwa “Moselote”) Judase (morwa Jakobe), Judase Isekariota (yo o neng ya re morago a oka Jesu). 17 17-18 Erile fa ba fologa mekgokolosa ya thaba, ba ema le Jesu mo lobaleng lo lo tona, ba dikaganyeditswe ke bontsi jwa balatedi ba gagwe, ba le bone ba neng ba dikaganyeditswe ke bontsintsi jwa batho. Gonne batho botlhe ba ba tswang mo tikologong ya Judea le go tswa Jerusalema le go tswa bokgakala jwa bokone jwa lotshitshi lwa lewatle la Ture le Sidona ba ne ba tsile go mo reetsa a ruta kgotsa a fodisa. Mme a kgoromeletsa mewa e e maswe e le mentsi ntle. 19 Mongwe le mongwe o ne a leka go mo ama, gonne ka go dira jalo nonofo ya phodiso e ne e tswa mo go ene mme ba fodisiwe. 20 Hong a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba raya a re, “Lo sego lona ba lo bahumanegi, gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa lona! 21 Lo sego lona ba lo bolawang ke tlala, gonne lo tlaa kgorisiwa. Lo sego lona ba lo lelang gonne nako e e tla, e lo tlaa tshegang ka boitumelo! 22 “Lo sego motlhang batho ba ba lo ilang ba ikgaoganya le lona ba lo kgoba ba lo senya leina ka ntlha ya gore lo ba me! 23 Fa moo go diragala itumeleng! Ee, ipeleng gonne lo tla nna le tuelo e kgolo. Mme lo tlaa nna mo lesomong le le siameng baporofiti ba bogologolo ba ne ba dirwa jalo le bone. 24 “Mme mafutsana a letile bahumi! Gonne ba na le boitumelo fela fano. 25 Ba nonne ba tsweletse pele gompieno, mme lobaka lwa tlala e e boitshegang lo ba letile. Ditshego tsa bone tse e seng tsa sepe gompieno di raya kutlobotlhoko. 26 Mme kutlobotlhoko e lebagane ba ba galalediwang ke batho gonne baporofiti ba tsietso ba ne ba aga ba galalediwa jalo. 27 “Reetsang! Ratang baba ba lona. Direlang tshiamo ba ba lo ilang. 28 Rapelelang boitumelo ba ba lo hutsang; kopelang ba ba lo utlusang botlhoko matlhogonolo a Modimo. 29 “Fa mongwe a go faphola mo lerameng, mo lese a faphole le lengwe! Fa mongwe a go kopa baki, mo nee le hempe ya gago. 30 Naya se o nang naso yo o se kopang; mme fa dilo di tshotswe mo go wena, se tshwenyege ka gore di boe. 31 Direla ba bangwe jaaka o batla ba go direla. 32 “A o gopola gore o tshwanetswe ke tlotlo ka go rata ba ba go ratang fela? Le baleofi ba dira jalo! 33 Mme fa o direla molemo fela ba ba go direlang molemo-a moo go siame? Le baleofi ba dira jalo! 34 Fa o adima madi fela ba ba go duelang ana ke tshiamo, efe? Le baikepi ba bagolo le bone ba tle ba adime baikepi ka bone gore ba amogele mo go kalo gape! 35 “Ratang baba ba lona! Ba direleng tshiamo. Ba adimeng! Mme lo se ka lwa tshwenyega ka gore ga ba kitla ba duela. Hong tuelo ya lona kwa legodimong e tlaa nna kgolo thata, mme ruri lo tlaa dira jaaka bomorwa Modimo: Gonne o siametse ba ba sa lebogeng le ba ba bosula. 36 “Leka go supa kutlwelo botlhoko e tona jaaka Rraeno a dira. 37 “O se ka wa tshwaya diphoso kgotsa wa sekisa, e se re kgotsa ga boela mo go wena. Direla ba bangwe ka bopelonomi; mme le bone ba tlaa go direla jalo. 38 Gonne fa o aba, o tlaa bona! Mpho ya gago e tlaa go boela ka botlalo e bile e le selekanyo se se tshologang, e papietswe e tshikintswe go direla tse dingwe photlha, e bile e penologa. A e ka bo e le selekanyo sefe se o se dirisang se se tona kgotsa se se nnye se tlaa dirisiwa go lekanya se se go boelang.” 39 Dingwe tsa ditshwantsho tsa dipolelo tse Jesu a neng a di dirisa mo ditherong tsa gagwe ke tse: “Go thusang gore sefofu se etelele se sengwe kwa pele? Gonne e tlaa re se wela mo kgatamping se gogele se sengwe mo teng. 40 “Moithuti o ka itse jang go gaisa moruti wa gagwe? Mme fa a ithuta thata o ka tshwana le moruti wa gagwe. 41 “Mme ke eng fa o tshwenyega kaga selabe se se mo leitlhong la yo mongwe ebong molato o monnye wa gagwe fa mosipori o le mo go la gago? 42 O ka akanya jang go mo raya o re, mokaulengwe, tla ke go thuse go ntsha selabe mo leitlhong la gago, fa o sa kgone go bona ka ntlha ya mosipori pele ke gone gongwe o ka bonang sentle go dira sengwe ka selabe sa gagwe. Moitimokanyi: 43 “Setlhare se se tswang mo thitong e e siameng ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo motlhofo le ditlhare tse di tswang mo thitong e e motlhofo ga di ka ke tsa ungwa loungo lo lo tlhophegileng. 44 Setlhare se lemogwa ka mofuta wa loungo lwa sone. Maungo a difeige ga a ka ke a ungwiwa ke ditlhare tse di mitlwa, kgotsa moretlwa mo manganeng. 45 “Motho yo o siameng o ntsha ditiro tse di siameng mo pelong e e siameng. Mme motho yo o bosula o ntsha dilo tse di bosula mo boikepong jwa gagwe jo bo fitlhegileng. Sengwe le sengwe se se mo pelong ya gagwe se fetogela mo puong. 46 “Jaanong ke eng fa lo mpitsa Morena lo sa nkutlwe? 47 47-48 Mme botlhe ba ba tlang go reetsa le go nkutlwa ba tshwana le monna yo o agang ntlo mo motheong o o nonofileng o o beilweng mo lefikeng le le kwa tlase. E re fa merwalela e tlhatloga e thubaka ntlo, e eme e nitame mo lefikeng. 49 Mme ba ba reetsang mme ba sa utlwe ba tshwana le monna yo o agileng ntlo e e senang motheo. E re fa merwalela e elelela mo tlung eo, e senyege e be e tswe letlotla.”

In Other Versions

Luke 6 in the ANGEFD

Luke 6 in the ANTPNG2D

Luke 6 in the AS21

Luke 6 in the BAGH

Luke 6 in the BBPNG

Luke 6 in the BBT1E

Luke 6 in the BDS

Luke 6 in the BEV

Luke 6 in the BHAD

Luke 6 in the BIB

Luke 6 in the BLPT

Luke 6 in the BNT

Luke 6 in the BNTABOOT

Luke 6 in the BNTLV

Luke 6 in the BOATCB

Luke 6 in the BOATCB2

Luke 6 in the BOBCV

Luke 6 in the BOCNT

Luke 6 in the BOECS

Luke 6 in the BOGWICC

Luke 6 in the BOHCB

Luke 6 in the BOHCV

Luke 6 in the BOHLNT

Luke 6 in the BOHNTLTAL

Luke 6 in the BOICB

Luke 6 in the BOILNTAP

Luke 6 in the BOITCV

Luke 6 in the BOKCV

Luke 6 in the BOKCV2

Luke 6 in the BOKHWOG

Luke 6 in the BOKSSV

Luke 6 in the BOLCB

Luke 6 in the BOLCB2

Luke 6 in the BOMCV

Luke 6 in the BONAV

Luke 6 in the BONCB

Luke 6 in the BONLT

Luke 6 in the BONUT2

Luke 6 in the BOPLNT

Luke 6 in the BOSCB

Luke 6 in the BOSNC

Luke 6 in the BOVCB

Luke 6 in the BOYCB

Luke 6 in the BPBB

Luke 6 in the BPH

Luke 6 in the BSB

Luke 6 in the CCB

Luke 6 in the CUV

Luke 6 in the CUVS

Luke 6 in the DBT

Luke 6 in the DGDNT

Luke 6 in the DHNT

Luke 6 in the DNT

Luke 6 in the ELBE

Luke 6 in the EMTV

Luke 6 in the ESV

Luke 6 in the FBV

Luke 6 in the FEB

Luke 6 in the GGMNT

Luke 6 in the GNT

Luke 6 in the HARY

Luke 6 in the HNT

Luke 6 in the IRVA

Luke 6 in the IRVB

Luke 6 in the IRVG

Luke 6 in the IRVH

Luke 6 in the IRVK

Luke 6 in the IRVM

Luke 6 in the IRVM2

Luke 6 in the IRVO

Luke 6 in the IRVP

Luke 6 in the IRVT

Luke 6 in the IRVT2

Luke 6 in the IRVU

Luke 6 in the ISVN

Luke 6 in the JSNT

Luke 6 in the KAPI

Luke 6 in the KBT1ETNIK

Luke 6 in the KBV

Luke 6 in the KJV

Luke 6 in the KNFD

Luke 6 in the LBA

Luke 6 in the LBLA

Luke 6 in the LNT

Luke 6 in the LSV

Luke 6 in the MAAL

Luke 6 in the MBV

Luke 6 in the MBV2

Luke 6 in the MHNT

Luke 6 in the MKNFD

Luke 6 in the MNG

Luke 6 in the MNT

Luke 6 in the MNT2

Luke 6 in the MRS1T

Luke 6 in the NAA

Luke 6 in the NASB

Luke 6 in the NBLA

Luke 6 in the NBS

Luke 6 in the NBVTP

Luke 6 in the NET2

Luke 6 in the NIV11

Luke 6 in the NNT

Luke 6 in the NNT2

Luke 6 in the NNT3

Luke 6 in the PDDPT

Luke 6 in the PFNT

Luke 6 in the RMNT

Luke 6 in the SBIAS

Luke 6 in the SBIBS

Luke 6 in the SBIBS2

Luke 6 in the SBICS

Luke 6 in the SBIDS

Luke 6 in the SBIGS

Luke 6 in the SBIHS

Luke 6 in the SBIIS

Luke 6 in the SBIIS2

Luke 6 in the SBIIS3

Luke 6 in the SBIKS

Luke 6 in the SBIKS2

Luke 6 in the SBIMS

Luke 6 in the SBIOS

Luke 6 in the SBIPS

Luke 6 in the SBISS

Luke 6 in the SBITS

Luke 6 in the SBITS2

Luke 6 in the SBITS3

Luke 6 in the SBITS4

Luke 6 in the SBIUS

Luke 6 in the SBIVS

Luke 6 in the SBT

Luke 6 in the SBT1E

Luke 6 in the SCHL

Luke 6 in the SNT

Luke 6 in the SUSU

Luke 6 in the SUSU2

Luke 6 in the SYNO

Luke 6 in the TBIAOTANT

Luke 6 in the TBT1E

Luke 6 in the TBT1E2

Luke 6 in the TFTIP

Luke 6 in the TFTU

Luke 6 in the TGNTATF3T

Luke 6 in the THAI

Luke 6 in the TNFD

Luke 6 in the TNT

Luke 6 in the TNTIK

Luke 6 in the TNTIL

Luke 6 in the TNTIN

Luke 6 in the TNTIP

Luke 6 in the TNTIZ

Luke 6 in the TOMA

Luke 6 in the TTENT

Luke 6 in the UBG

Luke 6 in the UGV

Luke 6 in the UGV2

Luke 6 in the UGV3

Luke 6 in the VBL

Luke 6 in the VDCC

Luke 6 in the YALU

Luke 6 in the YAPE

Luke 6 in the YBVTP

Luke 6 in the ZBP