Matthew 13 (BOTLNT)

1 Mme ya re morago ga lone letsatsi leo, Jesu a tswa mo tlung a fologela kwa lotshitshing lwa lewatle, 2 2-3 kwa boidiidi jwa batho bo neng jwa tloga jwa kokoanela teng. O na a tsena mo mokorong mme a ruta a le mo go one fa batho ba reeditse ba le mo lotshitshing. O na a bolela dipolelo di le dintsi ka ditshwantsho jaaka e e reng, “Mojadi o ne a jala mabele mo masimong a gagwe. 4 Erile fa a ntse a gasa peo, e nngwe ya wela mo tseleng mme dinonyane tsa tla tsa e e ja. 5 “Mme e nngwe ya wela mo mmung o o maje, mo go neng go na le mmunyana o o motlhofo; dijalo tsa tlhoga ka bofefo sentle mo mmunyaneng oo, 6 mme letsatsi le le molelo la tloga la di fisa mme tsa swaba tsa a swa, ka gore di ne di na le medinyana fela. 7 Dipeo tse dingwe tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya di hupetsa di sena go tlhoga. 8 Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, mme tsa ungwa ga masome a mararo, masome a marataro, le lekgolo go le go tona go feta jaaka a ne a jetse. 9 Fa lo na le ditsebe utlwang!” 10 Barutwa ba gagwe ba tla ba mmotsa ba re, “Ke eng fa o aga o dirisa ditshwantsho tse di thata go tlhaloganngwa?” 11 Hong a ba tlhalosetsa gore ke bone fela ba ba letleletsweng go tlhaloganya ka ga Bogosi jwa Legodimo, mme ba bangwe bone ga ba a letlelelwa. 12 12-13 A ba a ba tlhalosetsa a re, “Ka gore yo o nang le sengwe o tlaa okelediwa, o tlaa nna le go le go tona; mme yo o senang sepe o tlaa tseelwa le bonnyenyane jo a nang najo. Ke sone se ke dirisang ditshwantsho tse ka sone, jalo he batho ba tlaa utlwa, ba bo ba bona, mme ga ba kitla ba tlhaloganya.” 14 “Mo go diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng, ‘Ba a utlwa, mme ga ba tlhaloganye; ba a leba mme ga ba bone. 15 Gonne dipelo tsa bone di thata, ditsebe tsa bone di kabetse, mme ba ipuduladitse mo borokong. 16 Jalo ga ba kitla ba bona le go utlwa le go tlhaloganya le go boela kwa Modimong gape, le go ntetla go ba fodisa.’ Mme go sego matlho a lona gonne lo a bona; le ditsebe tsa lona gonne di a utlwa. 17 Baporofiti ba le bantsi le batho ba ba boifang Modimo ba tlhologeletswe go bona dilo tse lo di bonyeng, le go utlwa dilo tse lo di utlwileng, mme ga ba a ka ba di utlwa le fa e le go di bona. 18 “Jaanong tlhaloso ya polelo e ke e lo boleletseng kaga molemi a jala ke e: 19 tsela e e kwakwaletseng e peo e nngwe e neng ya wela mo go yone e raya pelo ya motho yo o utlwang mafoko a a molemo kaga Bogosi mme a ba a sa a tlhaloganye; mme Satane a ba a tla a phamola peo mo pelong ya gagwe. 20 Mmu o o maje o o motlhofo o raya pelo ya motho yo o utlwang molaetsa a ba a o amogela ka boitumelo, 21 mme a se na modi mo botshelong jwa gagwe, le peo ga e tlhogele kwa teng, mme e re moragonyana fa matshwenyego a tla, kgotsa pogiso e simologa ka ntlha ya tumelo ya gagwe, tlhoafalo ya gagwe e swe, a ba a we mo tumelong. 22 Mmu o o tlhogileng o o khurumeditsweng ke mitlwa o raya motho yo o utlwang molaetsa, mme ditlhobaelo tsa botshelo le keletso ya gagwe ya madi di hupetse Lefoko la Modimo, mme a direle Modimo ka boutsana. 23 Mmu o o siameng o raya pelo ya motho yo o reetsang molaetsa a ba a o tlhaloganya a tswela kwa ntle a ya go lere ba bangwe ba le masome mararo, masome marataro kgotsa lekgolo mo Bogosing.” 24 Setshwantsho se sengwe ke se, se Jesu o neng a se dirisa: “Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le molemi a jala peo e e siameng mo tshimong ya gagwe. 25 Mme ya re bosigo bongwe a robetse, mmaba wa gagwe a tla a jala mhero mo gare ga mabele. 26 Erile dijalo di simolola go tlhoga, mhero le one wa tlhoga. 27 “Batlhanka ba mong wa tshimo ba tla ba mmolelela ba re, 28 “Mmaba ke ene a dirileng jalo, mme ba mo raya ba re, ‘A re ka kumula mhero?’ 29 “Mme a fetola a re, ‘Nyaa lo tlaa utlwisa mabele botlhoko fa lo dira jalo. 30 Lesang gotlhe go gole mmogo go fitlhelela motlha wa thobo, mme ke tlaa raya barobi ba kokoanya mhero ba o tshuba, ba baya mabele mo ntlung ya polokelo’.” 31 31-32 Sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe ke se: “Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le peo e nnyennyane ya mosetara e e lemilweng mo tshimong. Ke peo e potlana mo dipeung tsotlhe, mme e nna setlhare se se tona mo ditlhareng tsotlhe, se be se gole go nna setlhare se dinonyane di ka tlang tsa aga mo go sone.” 33 Gape o dirisa sekai se: “Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa le mosadi a dira senkgwe. O tsaya selekanyo sa bopi a se tlhakanye mo sebidisong go fitlhelela se tlhakatlhakana le bopi.” 34 34-35 Jesu o na a dirisa ditshwantsho tse gangwe le gape ka tlhaloso fa a bua le bontsintsi jwa batho. Tota le gone ka gore baporofiti ba ne ba boletse gore o tlaa dirisa di le dintsi, o na a seke a bua le bone kwa ntleng ga go dirisa setshwantsho. Gonne go no ga porofitwa gatwe, “Ke tlaa bua ka ditshwanatsho, ke tlaa tlhalosa dikgakgamatso tse di saleng di lojwa go tswa kwa tshimologong.” 36 Mme erile a tlogela matshwititshwiti kwa ntle a tsena mo tlung. Barutwa ba gagwe ba mo kopa gore a ba tlhalosetse polelo ya mhero le mabele. 37 A re, “Go siame”. Ke nna molemi yo o jalang peo e siameng. 38 “Tshimo e emetse lefatshe ka bophara, mme peo e emetse batho ba Bogosi jwa Legodimo mme mhero ke batho ba ga Satane. 39 Mmaba yo o jalang mhero mo mabeleng ke Diabole; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe mme barobi ke baengele. 40 “Fela jaaka ere mo polelong e, mhero o bo o tlosiwa mo mabeleng o ba o tshujwa, go tlaa nna fela jalo ka bokhutlo jwa lefatshe. 41 Ke tlaa romela baengele bame mme ba tlaa tlosa mo Bogosing jwa Legodimo, thaelo nngwe le nngwe le botlhe ba ba boleo, 42 mme ba ba latlhele mo moubeng ba ba tshube. Go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno. 43 Jalo ba ba itshepileng ba tlaa phatsima jaaka letsatsi mo Bogosing jwa ga Rraabo. A ba ba nang le tsebe ba utlwe! 44 “Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le letlotlo le monna mongwe a neng a le bona mo tshimong. Monna yo, erile ka go tsenekega, a rekisa ditsagagwe tsotlhe gore a tle a reke tshimo a bo a rue letlotlo leo. 45 “Gape, Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le morekisi wa mekgabisa (diperela) mme a tsoma tsa marata-go-lejwa. 46 O ne a bona ya botlhokwa, e e tlhotlhwa kgolo—mme a rekisa gotlhe mo a neng a na nago gore a tle a e reke. 47 47-48 “Gape, Bogosi jwa legodimo bo ka tshwantshanngwa le motshwara-ditlhapi, yo o latlhelang letloa la gagwe mo metsing a ba a tshwara methalethale ya ditlhapi, dingwe di le tlhotlhwa kgolo tse dingwe di sena tiro. Fa letloa le tletse, o le gogela fa lotshitshing, a nna fatshe a tlhopha tse di ka nnang monate a bo a di paka mo matloleng mme tse dingwe a di latlhela koo. 49 Go tlaa nna fela jalo ka bokhutlo jwa lefatshebaengele ba tlaa tla go tlhopha baikepi mo baitsheping, 50 ba latlhela ba ba bosula mo moleting. Go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno. 51 A lo a utlwisisa?” Mme ba araba ba re, “Ee re a utlwisisa!” 52 Mme o ne a tswelela a re, “Baitseanape ba molao wa Sejuta ba jaanong e leng barutwa ba me ba humile ntlheng tsotlhe-ebong mo kitsong ya Testamente E Kgologolo le mo go ya e Ntsha.” 53 53-54 Erile Jesu a sena go bolela dipolelo tse, a boela kwa ga gabo kwa Nasaretha mo Galalea mme a ruta mo ntlung ya thuto mo a gakgamaditseng batho ka botlhale jwa gagwe le dikgakgamatso. 55 Batho ba ne ba ipotsa ba re, “A ke gone? Ke ngwana fela wa mmetli, le Marea mmaagwe re a mo itse le bomorwarraagwe bo Jakoba, Josefa, Simone le Jutase. 56 Le bokgaitsadie, botlhe ba nna mono. O ka tuma jang mo go kanakana?” 57 Mme ba mo shakgalela. Mme Jesu a ba raya a re, “Moporofiti o tlotlwa gongwe le gongwe, fa ese kwa ga gabo a bile a nyadiwa ke ba ga gabo.” 58 Jalo o ne a dira dikgakgamatso di se kaenyana fela, ka ntata ya go tlhoka tumelo ga bone.

In Other Versions

Matthew 13 in the ANGEFD

Matthew 13 in the ANTPNG2D

Matthew 13 in the AS21

Matthew 13 in the BAGH

Matthew 13 in the BBPNG

Matthew 13 in the BBT1E

Matthew 13 in the BDS

Matthew 13 in the BEV

Matthew 13 in the BHAD

Matthew 13 in the BIB

Matthew 13 in the BLPT

Matthew 13 in the BNT

Matthew 13 in the BNTABOOT

Matthew 13 in the BNTLV

Matthew 13 in the BOATCB

Matthew 13 in the BOATCB2

Matthew 13 in the BOBCV

Matthew 13 in the BOCNT

Matthew 13 in the BOECS

Matthew 13 in the BOGWICC

Matthew 13 in the BOHCB

Matthew 13 in the BOHCV

Matthew 13 in the BOHLNT

Matthew 13 in the BOHNTLTAL

Matthew 13 in the BOICB

Matthew 13 in the BOILNTAP

Matthew 13 in the BOITCV

Matthew 13 in the BOKCV

Matthew 13 in the BOKCV2

Matthew 13 in the BOKHWOG

Matthew 13 in the BOKSSV

Matthew 13 in the BOLCB

Matthew 13 in the BOLCB2

Matthew 13 in the BOMCV

Matthew 13 in the BONAV

Matthew 13 in the BONCB

Matthew 13 in the BONLT

Matthew 13 in the BONUT2

Matthew 13 in the BOPLNT

Matthew 13 in the BOSCB

Matthew 13 in the BOSNC

Matthew 13 in the BOVCB

Matthew 13 in the BOYCB

Matthew 13 in the BPBB

Matthew 13 in the BPH

Matthew 13 in the BSB

Matthew 13 in the CCB

Matthew 13 in the CUV

Matthew 13 in the CUVS

Matthew 13 in the DBT

Matthew 13 in the DGDNT

Matthew 13 in the DHNT

Matthew 13 in the DNT

Matthew 13 in the ELBE

Matthew 13 in the EMTV

Matthew 13 in the ESV

Matthew 13 in the FBV

Matthew 13 in the FEB

Matthew 13 in the GGMNT

Matthew 13 in the GNT

Matthew 13 in the HARY

Matthew 13 in the HNT

Matthew 13 in the IRVA

Matthew 13 in the IRVB

Matthew 13 in the IRVG

Matthew 13 in the IRVH

Matthew 13 in the IRVK

Matthew 13 in the IRVM

Matthew 13 in the IRVM2

Matthew 13 in the IRVO

Matthew 13 in the IRVP

Matthew 13 in the IRVT

Matthew 13 in the IRVT2

Matthew 13 in the IRVU

Matthew 13 in the ISVN

Matthew 13 in the JSNT

Matthew 13 in the KAPI

Matthew 13 in the KBT1ETNIK

Matthew 13 in the KBV

Matthew 13 in the KJV

Matthew 13 in the KNFD

Matthew 13 in the LBA

Matthew 13 in the LBLA

Matthew 13 in the LNT

Matthew 13 in the LSV

Matthew 13 in the MAAL

Matthew 13 in the MBV

Matthew 13 in the MBV2

Matthew 13 in the MHNT

Matthew 13 in the MKNFD

Matthew 13 in the MNG

Matthew 13 in the MNT

Matthew 13 in the MNT2

Matthew 13 in the MRS1T

Matthew 13 in the NAA

Matthew 13 in the NASB

Matthew 13 in the NBLA

Matthew 13 in the NBS

Matthew 13 in the NBVTP

Matthew 13 in the NET2

Matthew 13 in the NIV11

Matthew 13 in the NNT

Matthew 13 in the NNT2

Matthew 13 in the NNT3

Matthew 13 in the PDDPT

Matthew 13 in the PFNT

Matthew 13 in the RMNT

Matthew 13 in the SBIAS

Matthew 13 in the SBIBS

Matthew 13 in the SBIBS2

Matthew 13 in the SBICS

Matthew 13 in the SBIDS

Matthew 13 in the SBIGS

Matthew 13 in the SBIHS

Matthew 13 in the SBIIS

Matthew 13 in the SBIIS2

Matthew 13 in the SBIIS3

Matthew 13 in the SBIKS

Matthew 13 in the SBIKS2

Matthew 13 in the SBIMS

Matthew 13 in the SBIOS

Matthew 13 in the SBIPS

Matthew 13 in the SBISS

Matthew 13 in the SBITS

Matthew 13 in the SBITS2

Matthew 13 in the SBITS3

Matthew 13 in the SBITS4

Matthew 13 in the SBIUS

Matthew 13 in the SBIVS

Matthew 13 in the SBT

Matthew 13 in the SBT1E

Matthew 13 in the SCHL

Matthew 13 in the SNT

Matthew 13 in the SUSU

Matthew 13 in the SUSU2

Matthew 13 in the SYNO

Matthew 13 in the TBIAOTANT

Matthew 13 in the TBT1E

Matthew 13 in the TBT1E2

Matthew 13 in the TFTIP

Matthew 13 in the TFTU

Matthew 13 in the TGNTATF3T

Matthew 13 in the THAI

Matthew 13 in the TNFD

Matthew 13 in the TNT

Matthew 13 in the TNTIK

Matthew 13 in the TNTIL

Matthew 13 in the TNTIN

Matthew 13 in the TNTIP

Matthew 13 in the TNTIZ

Matthew 13 in the TOMA

Matthew 13 in the TTENT

Matthew 13 in the UBG

Matthew 13 in the UGV

Matthew 13 in the UGV2

Matthew 13 in the UGV3

Matthew 13 in the VBL

Matthew 13 in the VDCC

Matthew 13 in the YALU

Matthew 13 in the YAPE

Matthew 13 in the YBVTP

Matthew 13 in the ZBP