Matthew 19 (BOTLNT)

1 Mme e rile Jesu a sena go fetsa mafoko a, a tswa mo Galalea a boela kwa morago kwa Judea go kgabaganya Noka ya Jorodane. 2 Boidiidi jwa batho jwa mo sala morago, mme a fodisa malwetse a bone. 3 Bafarasai bangwe ba tla go buisanya nae, gape ba leka go mmeela seru gore a bue sengwe se se tlaa mo senyang. Ba mmotsa ba re, “A o letlelela tlhalo?” 4 Jesu a ba fetola a re, “A ga lo bale dikwalo? Mo go tsone go kwadilwe gore mo tshimologong Modimo o tlhodile monna le mosadi, 5 5-6 gore monna o tlaa tlogela rraagwe le mmaagwe mme a ngaparele mosadi wa gagwe. Mme bobedi jo bo tlaa nna bongwe fela, e sa tlhole e le bobedi, mme ele bongwe fela! a go se nne ope yo o kgaoganyang se Modimo o se kopantseng”. 7 Ba botsa ba re, “Jaanong Moshe o ne a raya jang fa a re monna o ka tlhala mosadi wa gagwe ka go mo kwalela lokwalo lwa tlhalo fela?” 8 Jesu a fetola a re, “Moshe o dirile jalo ka ntlha ya go bona dipelo tsa lona tse di thata tse di bosula, mme tota e ne e se se Modimo o simolotseng o se ikaeletse. 9 Mme ke lo bolelela se, ka re, le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe, fa e se fela ka kgokafalo, a bo a nyala yo mongwe, o dira kgoka falo.” 10 Barutwa ba ga Jesu ba mo raya ba re, “Fa e le gore go ntse jalo go botoka go sa nyaleng.” 11 Jesu a fetola a re, “Ga se mongwe le mongwe yo o ka amogelang mafoko a, fa e se fela ka thuso ya Modimo. 12 Banna bangwe ba tsetswe e le baopa, ba bangwe ba opafaditswe ke batho, gore ba seka ba nyala, ba bangwe ba ikgapa mo nyalong ka ntlha ya Bogosi jwa Legodimo. A yo o kgonag, a amogele mafoko a me.” 13 Mme ga tlisiwa bana ba bannye kwa go Jesu gore a ba beye diatla a ba rapelele. Mme barutwa ba kgalemela ba ba neng ba tlisitse bana. Ba ba raya ba re, “Se mo tshwenyeng.” 14 Jesu a re, “Lesang banyana ba tle kwa go nna, se ba kganeleng. Gonne bogosi jwa Legodimo ke jwa ba ba ntseng jalo.” 15 Foo a ba baya diatla a ba segofatsa pele ga a tsamaya. 16 Mme mongwe a tla kwa go Jesu ka potso e e reng: “Morena yo o Molemo ke ka dira eng se se siameng go nna le botshelo jo bo sa khutleng?” 17 Jesu a mo raya a re fa o re, “Ke molemo o raya Modimo. Mme go araba potso ya gago ka re, o ka tsena kwa legodimong fa o tshegetsa ditaolo.” 18 Mme monna a mmotsa a re, “Ditaolo dife?” Mme Jesu a fetola a re “O seka wa bolaya motho, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa bua maaka, 19 tlotla rrago le mmago, gape o rate mongwe ka wena jaaka o ithata!” 20 Mme lekawana la fetola la re, “Ke sa le ke e tshegetsa yotlhe fela, ke tshwanetse go dirang gape?” 21 Jesu a mo raya a re, “Fa o batla go itekanela, ya o rekise sengwe le sengwe se o nang naso o neele bahumanegi madi, mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong; mme o tle o ntshale morago.” 22 Mme e rile fa lekau le utlwa jaana, la tsamaya le nyemile moko ka bohutsana, ka gore le ne le humile thata. 23 Hong a raya barutwa ba gagwe a re, “Ruri go thata mo mohuming go tsena mo Bogosing jwa Legodimo. 24 Mme ke ipoeletsa gape ke re, go motlhofo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale go na le gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo.” 25 Polelo e ya gakgamatsa barutwa. Mme ba botsa ba re, “Mme fa go ntse jalo, ke mang yo o ka bolokwang mo lefatshing?” 26 Hong Jesu a ba leba ka kelotlhoko a re, “Ka fa senameng ga go na ope.” 27 Hong Petere a mo raya a re, “Re tlogetse sengwe le sengwe gore re go sale morago. Re tlaa boelwa ke eng ka go dira jalo?” 28 Jesu a fetola a re, “E tlaa re nna, Morwa Motho, fa ke nna mo setilong se se galalelang sa Bogosi, lona barutwa ba me lo tlaa nna mo ditilong di le lesome le bobedi tsa puso go atlhola merafe e le lesome le bobedi ya Iseraele. 29 Mme le fa e le mang yo a tlogelang motse wa gagwe, bomonnawe, bokgaitsadie, rraagwe, mmaagwe, mosadi wa gagwe, bana kgotsa dilwana go ntshala morago, o tlaa amogela galekgolo go menaganye, ebile o tlaa nna le botshelo jo bo sa khutleng. 30 Mme ba le bantsi ba e leng ba ntlha jaanong e tlaa nna ba morago ka nako eo: le bangwe ba e leng ba bofelo jaanong e tlaa nna ba ntlha.”

In Other Versions

Matthew 19 in the ANGEFD

Matthew 19 in the ANTPNG2D

Matthew 19 in the AS21

Matthew 19 in the BAGH

Matthew 19 in the BBPNG

Matthew 19 in the BBT1E

Matthew 19 in the BDS

Matthew 19 in the BEV

Matthew 19 in the BHAD

Matthew 19 in the BIB

Matthew 19 in the BLPT

Matthew 19 in the BNT

Matthew 19 in the BNTABOOT

Matthew 19 in the BNTLV

Matthew 19 in the BOATCB

Matthew 19 in the BOATCB2

Matthew 19 in the BOBCV

Matthew 19 in the BOCNT

Matthew 19 in the BOECS

Matthew 19 in the BOGWICC

Matthew 19 in the BOHCB

Matthew 19 in the BOHCV

Matthew 19 in the BOHLNT

Matthew 19 in the BOHNTLTAL

Matthew 19 in the BOICB

Matthew 19 in the BOILNTAP

Matthew 19 in the BOITCV

Matthew 19 in the BOKCV

Matthew 19 in the BOKCV2

Matthew 19 in the BOKHWOG

Matthew 19 in the BOKSSV

Matthew 19 in the BOLCB

Matthew 19 in the BOLCB2

Matthew 19 in the BOMCV

Matthew 19 in the BONAV

Matthew 19 in the BONCB

Matthew 19 in the BONLT

Matthew 19 in the BONUT2

Matthew 19 in the BOPLNT

Matthew 19 in the BOSCB

Matthew 19 in the BOSNC

Matthew 19 in the BOVCB

Matthew 19 in the BOYCB

Matthew 19 in the BPBB

Matthew 19 in the BPH

Matthew 19 in the BSB

Matthew 19 in the CCB

Matthew 19 in the CUV

Matthew 19 in the CUVS

Matthew 19 in the DBT

Matthew 19 in the DGDNT

Matthew 19 in the DHNT

Matthew 19 in the DNT

Matthew 19 in the ELBE

Matthew 19 in the EMTV

Matthew 19 in the ESV

Matthew 19 in the FBV

Matthew 19 in the FEB

Matthew 19 in the GGMNT

Matthew 19 in the GNT

Matthew 19 in the HARY

Matthew 19 in the HNT

Matthew 19 in the IRVA

Matthew 19 in the IRVB

Matthew 19 in the IRVG

Matthew 19 in the IRVH

Matthew 19 in the IRVK

Matthew 19 in the IRVM

Matthew 19 in the IRVM2

Matthew 19 in the IRVO

Matthew 19 in the IRVP

Matthew 19 in the IRVT

Matthew 19 in the IRVT2

Matthew 19 in the IRVU

Matthew 19 in the ISVN

Matthew 19 in the JSNT

Matthew 19 in the KAPI

Matthew 19 in the KBT1ETNIK

Matthew 19 in the KBV

Matthew 19 in the KJV

Matthew 19 in the KNFD

Matthew 19 in the LBA

Matthew 19 in the LBLA

Matthew 19 in the LNT

Matthew 19 in the LSV

Matthew 19 in the MAAL

Matthew 19 in the MBV

Matthew 19 in the MBV2

Matthew 19 in the MHNT

Matthew 19 in the MKNFD

Matthew 19 in the MNG

Matthew 19 in the MNT

Matthew 19 in the MNT2

Matthew 19 in the MRS1T

Matthew 19 in the NAA

Matthew 19 in the NASB

Matthew 19 in the NBLA

Matthew 19 in the NBS

Matthew 19 in the NBVTP

Matthew 19 in the NET2

Matthew 19 in the NIV11

Matthew 19 in the NNT

Matthew 19 in the NNT2

Matthew 19 in the NNT3

Matthew 19 in the PDDPT

Matthew 19 in the PFNT

Matthew 19 in the RMNT

Matthew 19 in the SBIAS

Matthew 19 in the SBIBS

Matthew 19 in the SBIBS2

Matthew 19 in the SBICS

Matthew 19 in the SBIDS

Matthew 19 in the SBIGS

Matthew 19 in the SBIHS

Matthew 19 in the SBIIS

Matthew 19 in the SBIIS2

Matthew 19 in the SBIIS3

Matthew 19 in the SBIKS

Matthew 19 in the SBIKS2

Matthew 19 in the SBIMS

Matthew 19 in the SBIOS

Matthew 19 in the SBIPS

Matthew 19 in the SBISS

Matthew 19 in the SBITS

Matthew 19 in the SBITS2

Matthew 19 in the SBITS3

Matthew 19 in the SBITS4

Matthew 19 in the SBIUS

Matthew 19 in the SBIVS

Matthew 19 in the SBT

Matthew 19 in the SBT1E

Matthew 19 in the SCHL

Matthew 19 in the SNT

Matthew 19 in the SUSU

Matthew 19 in the SUSU2

Matthew 19 in the SYNO

Matthew 19 in the TBIAOTANT

Matthew 19 in the TBT1E

Matthew 19 in the TBT1E2

Matthew 19 in the TFTIP

Matthew 19 in the TFTU

Matthew 19 in the TGNTATF3T

Matthew 19 in the THAI

Matthew 19 in the TNFD

Matthew 19 in the TNT

Matthew 19 in the TNTIK

Matthew 19 in the TNTIL

Matthew 19 in the TNTIN

Matthew 19 in the TNTIP

Matthew 19 in the TNTIZ

Matthew 19 in the TOMA

Matthew 19 in the TTENT

Matthew 19 in the UBG

Matthew 19 in the UGV

Matthew 19 in the UGV2

Matthew 19 in the UGV3

Matthew 19 in the VBL

Matthew 19 in the VDCC

Matthew 19 in the YALU

Matthew 19 in the YAPE

Matthew 19 in the YBVTP

Matthew 19 in the ZBP