Mark 1 (BOTLNT)

1 E ke tshimologo ya polelo e ntle ya ga Jesu Mesia, Morwa Modimo. 2 Mo bukeng e e kwadilweng ke moporofiti Isaia, Modimo o ile wa anamisa gore o tla romela morwaa one, mo lefatsheng, pele ga moo go tlaa tla morongwa yo o faphegileng go tla go baakanyetsa lefatshe go tla ga gagwe. 3 “Mme morongwa yo o tlaa nna kwa ntle mo sekakeng se se senang sepe,” Isaia o bua jaana a re, “O tlaa anamisa gore mongwe le mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa go tla ga Morena.” 4 Morongwa yo e ne e le Johane wa Mokolobetsi. O ne a nna mo sekakeng a ruta botlhe gore ba tshwanetse go kolobediwa e le molaetsa mo go botlhe gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, gore Modimo o tle o ba itshwarele. 5 Batho botlhe ba kwa Jerusalema le botlhe ba Judea ba ne ba tswela mo mafatsheng a Judea go tla go bona le go utlwa Johane, mme e re fa ba sena go ipolela dibe a ba kolobetse mo nokeng ya Jorodane. 6 Diaparo tsa gagwe di ne di logilwe ka boboa jwa kamela mme o ne a itlamile ka moitlamo wa letlalo mo lothekeng; tsie le dinotshe tsa naga e ne e le dijo tsa gagwe. 7 Sekai sa thero ya gagwe ke se; “Mongwe o etla ka bonako yo o leng mogolo mo go nna, yo o leng mogolo thata go mpheta yo ruri ke sa tshwanelang go ka nna motlhanka wa gagwe. 8 Nna ke lo kolobetsa ka metsi mme ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo!” 9 Erile letsatsi lengwe Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galalea, a kolobediwa ke Johane teng mo nokeng ya Jorodane. 10 Mme erile ka bonako fa Jesu a tswa mo metsing, a bona magodimo a bulega le Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi o fologela mo go ene. 11 Mme lentswe la tswa kwa legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang; o boitumelo jwa me.” 12 12-13 Ka bofefo Mowa o o Boitshepo wa gogela Jesu kwa nageng. A nna malatsi a le masome a mane, a nna teng mmogo le diphologolo tsa naga. O ne a tsentswe mo ditekong tsa ga Satane gore a leofe. Mme morago ga moo baengele ba tla ba mo direla. 14 Morago ga moo Johane a sena go tshwarwa ke Kgosi Herode, Jesu a ya Galalea a ya go rera Mafoko a a Molemo a Modimo. 15 Mme la bofelo a ba bolelela a re, “Nako e tsile. Bogosi jwa Modimo bo atametse! Sokologang lo tswe mo dibeng, mme lo dire ka fa mafokong a a molemo a.” 16 Letsatsi lengwe fa Jesu a tsamaya fa lotshitshing lwa lewatle la Galalea, a bona Simone le Anterea monnawe ba tshwara ditlhapi ka matloa, gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi ba ba di rekisang. 17 Jesu a ba bitsa a re, “Tlang lo ntshale morago! Mme ke tla lo dira batshwari ba mewa ya batho!” 18 Ka bofefo ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae. 19 Mme kgakajana fa lotshitshing lwa lewatle, a bona bomorwa Sebede, Jakobe le Johane, ba le mo mokorong ba baakanya matloa a bone. 20 Le bone a ba bitsa, ka bofefo ba tlogela rraabo Sebede le badiri ba bangwe mo mokorong ba mo sala morago. 21 Mme Jesu le bapati ba gagwe ba fitlha mo motseng wa Kaperanama ka letsatsi la Sabata mo mosong mme ba tsena fa felong ga kobamelo ya Sejuta fa go bidiwang Senagoge (Tempele) kwa o neng a ruta gone. 22 Hong phuthego ya gakgamala thata go utlwa thero ya gagwe gonne o ne a ruta se se builweng ke ba bangwe gona le kafa ba tlwaetseng go utlwa ka teng. 23 Mme ga bo go le monna mongwe yo o tsenweng ke mewa e e maswe, mme a simolola go goa; a re, 24 “Ke ka ntlha yang fa o re tshwenya, Jesu wa Nasaretha a o tsile go re nyeletsa rona Mewa e e maswe? Ke a itse fa o le Morwa Modimo o o Boitshepo.” 25 Jesu a laola moya o o maswe gore o didimale o tswe mo go ene. 26 Mme mowa o o maswe wa goa wa mo kgaratlhisa wa tswa mo go ene. 27 Batho ba gakgamala mme ba simolola go bua ka ga se se diragetseng. Ba botsanya ka kakabalo ba re, “Ke mofuta ofe wa tumelo e ncha e? Ke ka ntlha yang, fa le mewa e e maswe e utlwa ditaolo tsa gagwe!” 28 Mme dikgang ka ga se o se dirileng tsa akofa tsa utlwala mo lefatsheng lotlhe la Galalea. 29 29-30 Mme e rile fa a tswa mo tempeleng, ene le barutwa ba gagwe ba tsena kwa ga bo Simone le Anterea, kwa ba fitlhetseng mogwagwadia Simone wa mosadi a namaletse mo bolaong a lwala bolwetse jwa letshoroma. Mme ya re fela ka bofefo ba bolelela Jesu ka gagwe. 31 A ya fa thoko ga bolao jwa gagwe, mme a mo kakatlolola gore a nne sentle, ka bofefo letshoroma la mo tlogela, mme a ema a ba baakanyetsa dijo! 32 32-33 Mme e rile letsatsi le phirima lolwapa lwa bo lo tletse balwetse le ba ba neng ba tsenwe ke mewa e e maswe, ba lerilwe kwa go ene go fodisiwa; bontsi jwa batho ba ba tswang kwa metseng ya Kaperanama ba kgobokanela kwa ntle ga kgoro go lebelela. 34 Mme Jesu a fodisa ba le bantsi ba ba neng ba lwala mo maitseboeng ao, a ba a laola mewa e e maswe go tswa mo go ba e neng e ba tsenye. (Mme a gana go letla mewa e e maswe go bua gonne e ne e itse gore ke mang). 35 Erile mo mosong o o latelang a phakela thata a tsamaya a le esi go ya go rapela mo nageng. 36 36-37 Mme morago ga moo Simone le ba bangwe ba ya go mmatla, ba mo raya ba re, “Mongwe le mongwe o a go batla.” 38 Mme a araba a re, “Re tshwanetse go ya le kwa metseng e mengwe, gore le bone ke ba neele molaetsa wame, gonne ke lone lebaka le ke le tletseng.” 39 Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galalea, a rera mo ditempeleng ebile a golola ba le bantsi mo thateng ya Mewa e e maswe. 40 Mme ka bofefo ga tla moleperwa a khubama fa pele ga gagwe a kopa gore a fodisiwe. A mo rapela a re, “Fa o rata o ka mphodisa.” 41 Mme Jesu a mo utlwela botlhoko a mo ama a re, “Ke a rata! fola!” 42 Ka bofefo leperwa la tloga, monna a fola! 43 43-44 Mme Jesu a mo laya thata a re, “Tsamaya o ye go tlhatlhobiwa ka bonako ke moperesiti wa Sejuta. O seka wa ema go bolelela ope mo tseleng. Tsaya neo ya gago ka fa molaong wa ga Moshe wa moleperwa yo o fodisitsweng, gore mongwe le mongwe a tle a nne le bosupi jwa gore o fodile.” 45 Erile fa moleperwa a ntse a tsamaya mo tseleng a simolola go goeletsa mafoko a a molemo a gore o fodile. Mme yare ka ntlha ya moo, bontsi jwa batho jwa dikaganyetsa Jesu gore a ba a retelelwe ke go tsena mo motseng, mme a tshwanelwa ke go nna kwa ntle mo sekakeng. Mme batho ba tswa gongwe le gongwe ba tla kwa go ene.

In Other Versions

Mark 1 in the ANGEFD

Mark 1 in the ANTPNG2D

Mark 1 in the AS21

Mark 1 in the BAGH

Mark 1 in the BBPNG

Mark 1 in the BBT1E

Mark 1 in the BDS

Mark 1 in the BEV

Mark 1 in the BHAD

Mark 1 in the BIB

Mark 1 in the BLPT

Mark 1 in the BNT

Mark 1 in the BNTABOOT

Mark 1 in the BNTLV

Mark 1 in the BOATCB

Mark 1 in the BOATCB2

Mark 1 in the BOBCV

Mark 1 in the BOCNT

Mark 1 in the BOECS

Mark 1 in the BOGWICC

Mark 1 in the BOHCB

Mark 1 in the BOHCV

Mark 1 in the BOHLNT

Mark 1 in the BOHNTLTAL

Mark 1 in the BOICB

Mark 1 in the BOILNTAP

Mark 1 in the BOITCV

Mark 1 in the BOKCV

Mark 1 in the BOKCV2

Mark 1 in the BOKHWOG

Mark 1 in the BOKSSV

Mark 1 in the BOLCB

Mark 1 in the BOLCB2

Mark 1 in the BOMCV

Mark 1 in the BONAV

Mark 1 in the BONCB

Mark 1 in the BONLT

Mark 1 in the BONUT2

Mark 1 in the BOPLNT

Mark 1 in the BOSCB

Mark 1 in the BOSNC

Mark 1 in the BOVCB

Mark 1 in the BOYCB

Mark 1 in the BPBB

Mark 1 in the BPH

Mark 1 in the BSB

Mark 1 in the CCB

Mark 1 in the CUV

Mark 1 in the CUVS

Mark 1 in the DBT

Mark 1 in the DGDNT

Mark 1 in the DHNT

Mark 1 in the DNT

Mark 1 in the ELBE

Mark 1 in the EMTV

Mark 1 in the ESV

Mark 1 in the FBV

Mark 1 in the FEB

Mark 1 in the GGMNT

Mark 1 in the GNT

Mark 1 in the HARY

Mark 1 in the HNT

Mark 1 in the IRVA

Mark 1 in the IRVB

Mark 1 in the IRVG

Mark 1 in the IRVH

Mark 1 in the IRVK

Mark 1 in the IRVM

Mark 1 in the IRVM2

Mark 1 in the IRVO

Mark 1 in the IRVP

Mark 1 in the IRVT

Mark 1 in the IRVT2

Mark 1 in the IRVU

Mark 1 in the ISVN

Mark 1 in the JSNT

Mark 1 in the KAPI

Mark 1 in the KBT1ETNIK

Mark 1 in the KBV

Mark 1 in the KJV

Mark 1 in the KNFD

Mark 1 in the LBA

Mark 1 in the LBLA

Mark 1 in the LNT

Mark 1 in the LSV

Mark 1 in the MAAL

Mark 1 in the MBV

Mark 1 in the MBV2

Mark 1 in the MHNT

Mark 1 in the MKNFD

Mark 1 in the MNG

Mark 1 in the MNT

Mark 1 in the MNT2

Mark 1 in the MRS1T

Mark 1 in the NAA

Mark 1 in the NASB

Mark 1 in the NBLA

Mark 1 in the NBS

Mark 1 in the NBVTP

Mark 1 in the NET2

Mark 1 in the NIV11

Mark 1 in the NNT

Mark 1 in the NNT2

Mark 1 in the NNT3

Mark 1 in the PDDPT

Mark 1 in the PFNT

Mark 1 in the RMNT

Mark 1 in the SBIAS

Mark 1 in the SBIBS

Mark 1 in the SBIBS2

Mark 1 in the SBICS

Mark 1 in the SBIDS

Mark 1 in the SBIGS

Mark 1 in the SBIHS

Mark 1 in the SBIIS

Mark 1 in the SBIIS2

Mark 1 in the SBIIS3

Mark 1 in the SBIKS

Mark 1 in the SBIKS2

Mark 1 in the SBIMS

Mark 1 in the SBIOS

Mark 1 in the SBIPS

Mark 1 in the SBISS

Mark 1 in the SBITS

Mark 1 in the SBITS2

Mark 1 in the SBITS3

Mark 1 in the SBITS4

Mark 1 in the SBIUS

Mark 1 in the SBIVS

Mark 1 in the SBT

Mark 1 in the SBT1E

Mark 1 in the SCHL

Mark 1 in the SNT

Mark 1 in the SUSU

Mark 1 in the SUSU2

Mark 1 in the SYNO

Mark 1 in the TBIAOTANT

Mark 1 in the TBT1E

Mark 1 in the TBT1E2

Mark 1 in the TFTIP

Mark 1 in the TFTU

Mark 1 in the TGNTATF3T

Mark 1 in the THAI

Mark 1 in the TNFD

Mark 1 in the TNT

Mark 1 in the TNTIK

Mark 1 in the TNTIL

Mark 1 in the TNTIN

Mark 1 in the TNTIP

Mark 1 in the TNTIZ

Mark 1 in the TOMA

Mark 1 in the TTENT

Mark 1 in the UBG

Mark 1 in the UGV

Mark 1 in the UGV2

Mark 1 in the UGV3

Mark 1 in the VBL

Mark 1 in the VDCC

Mark 1 in the YALU

Mark 1 in the YAPE

Mark 1 in the YBVTP

Mark 1 in the ZBP