Mark 5 (BOTLNT)

1 1-2 Mme erile fa ba goroga ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha monna mongwe yo o tsenyweng ke mewa e e maswe a betsega mo diphupung, fa Jesu a fologa mo mokorong. 3 3-4 Monna yo o ne a nna mo diphupung, a nonofile mo e leng gore le fa a ne a golegilwe jaaka a ne a tle a dirwe o ne a tle a kgaole dikeetane mo mabogong a gagwe a tsamae. Go ne go se ope yo o mo kgonang. 5 Motshegare otlhe le mo bosigong o ne a lala a tsamaya mo diphupung le mo dithabeng, a goa a itshegaka ka maje a a bogale. 6 Mme e rile Jesu a sa le kgakala kwa ntle mo metsing, monna yo a bo a setse a mmone, a taboga a mo kgatlhantsha, a ba a wela fa pele ga gagwe. 7 7-8 Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, “Tswa, wena mowa o o maswe.” Mme wa goela kwa godimo wa re, “O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.” 9 Mme Jesu a botsa moya o o maswe a re, “Leina la gago ke mang?” moya o o maswe wa re, “Mophato, gonne re bantsi thata mo mothong yo.” 10 Hong mewa e e maswe ya mo rapela gangwe le gape gore a se ka a e romela kwa lefatshing le le kgakala. 11 Mme ga bo go le serapa sa dikolobe se hula fa mhapheng wa thaba ntlheng ya lecha. 12 “Mewa e e maswe ya mo rapela ya re, re romele mo serapeng sele sa dikolobe.” 13 Mme Jesu a e letla. Hong mewa e e maswe ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo mhapheng wa thaba sa thabuela mo lecheng sa betwa ke metse. 14 Mme badisa ba siela mo metseng e e gaufi le mo tikologong ya lefatshe leo ba anamisa dikgang fa ba ntse ba taboga mme mongwe le mongwe a ya go iponela. 15 Mme batho ba le bantsi ba tloga ba kokoanela fa Jesu a neng a le teng. Ya re ba bona monna yoo a ntse fa fatshe, a apere e bile a ikutlwa sentle, ba tshoga thata. 16 Bao botlhe ba ba neng ba bona se se diragetseng ba bolelela mongwe le mongwe ka ga sone. 17 Mme bontsi jwa batho jwa simolola go rapela Jesu gore a tsamae a ba tlogele! 18 Jalo a boela mo mokorong. Mme monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa Jesu gore a mo letle a tsamae nae. 19 Mme Jesu a gana a mo raya a re, “Ya gae kwa ditsaleng tsa gago, o ba bolelele dilo tse dintle tse Modimo o di go diretseng; le ka fa o ileng wa nna le kutlwelo botlhoko ka teng.” 20 Hong monna a simolola go etela metse e le some mo tikologong eo a bolelela mongwe le mongwe ka ga dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng; mme ba gakgamadiwa thata ke se o neng a se bolela. 21 Mme e rile fa Jesu a sena go kgabaganyetsa ka kwa ntlhenge nngwe ya lecha ka mokoro, batho ba le bantsi ba phuthaganela kwa go ene fa lotshitshing. 22 Mme moeteledipele wa tempele, yo o neng a bidiwa Jairo, a tla a wela fa pele ga gagwe, 23 a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, “O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele.” 24 Hong Jesu a tsamaya nae, mme bontsi jwa batho jwa mo sala morago. 25 Mo bontsintsing joo go ne go na le mosadi yo o saleng a lwala tshologo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi. 26 Mme o ne a sa bolo go tshwenyega thata mo dingakeng di le dintsi ka dingwaga e bile a humanegisitswe ke go di duela, mme go ne go sa tokafale ka gope, go ntse go tswelela pele. 27 Mme o ne a setse a utlwile dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng, ke gone ka moo o ileng a tla kafa morago ga gagwe mo bontsintsing jwa batho a ama diaparo tsa gagwe. 28 Gonne o ne a gopotse ka boene gore, “Fa ke ka ama diaparo tsa gagwe, ke tlaa fola.” 29 Mme ka boammaaruri, erile fela fa a sena go mo ama, go tshologa ga madi ga khutla, mme a itse gore o fodile. 30 Hong Jesu a lemoga ka bonako gore nonofo ya phodiso e dule mo go ene, a retologela kwa bontsintsing jwa batho a ba botsa a re, “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?” 31 Barutwa ba mo raya ba re, “Bontsintsi jwa batho bo go pitlaganyeditse, mme o botsa gore ke mang yo o go amileng.” 32 Mme a bo a ntse a batlisisa go bona gore ke mang yo o dirileng selo seo. 33 Hong mosadi yo o tshogileng, a roromisiwa ke letshogo ka se se mo diragaletseng, a tla a wela fa dinaung tsa gagwe a mmolelela se a se dirileng. 34 Mme Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fodile mo bolwetsing jwa gago.” 35 Erile fa a sa ntse a bua le ene, barongwa ba goroga ba tswa kwa legaeng la ga Jairo, ka mafoko a a reng morwadio o sule, jalo ga go tlhole go tlhokega gore Jesu a tle. 36 Mme Jesu a tlhokomologa puo ya bone a raya Jairo a re, “Se boife! Ikanye nna.” 37 Hong Jesu a kganela bontsintsi jwa batho, mme a se ka a letla ope go tsena nae mo legaeng la ga Jairo, fa e se Petere le Jakobe le Johane. 38 Mme erile fa ba goroga, Jesu a bona gore dilo tsotlhe di tlhakatlhakanye, go le selelo se segolo le kuruetso. 39 A tsena mo teng a bua le batho, a ba botsa gore, “Ke ka ntlha yang fa go le selelo se se kanakana? Ngwana ga a swa o robetse fela!” 40 Ba mo tshega ka tshotlo, mme a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a tsaya rraa-ngwana le mma-ngwana le barutwa ba gagwe ba le bararo, a tsena mo ntlung e ngwana o neng a beilwe mo go yone. 41 41-42 A mo tshwara ka seatla a mo raya a re, “Tsoga mosetsana!” (O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi). Mme a nanoga a tsamaya! Batsadi ba gagwe ba gakgamala thata. 43 Jesu a ba laela ka tlhoafalo gore ba se ka ba bolelela ope se se diragetseng, mme a ba raya a re ba nee ngwana sengwe a je.

In Other Versions

Mark 5 in the ANGEFD

Mark 5 in the ANTPNG2D

Mark 5 in the AS21

Mark 5 in the BAGH

Mark 5 in the BBPNG

Mark 5 in the BBT1E

Mark 5 in the BDS

Mark 5 in the BEV

Mark 5 in the BHAD

Mark 5 in the BIB

Mark 5 in the BLPT

Mark 5 in the BNT

Mark 5 in the BNTABOOT

Mark 5 in the BNTLV

Mark 5 in the BOATCB

Mark 5 in the BOATCB2

Mark 5 in the BOBCV

Mark 5 in the BOCNT

Mark 5 in the BOECS

Mark 5 in the BOGWICC

Mark 5 in the BOHCB

Mark 5 in the BOHCV

Mark 5 in the BOHLNT

Mark 5 in the BOHNTLTAL

Mark 5 in the BOICB

Mark 5 in the BOILNTAP

Mark 5 in the BOITCV

Mark 5 in the BOKCV

Mark 5 in the BOKCV2

Mark 5 in the BOKHWOG

Mark 5 in the BOKSSV

Mark 5 in the BOLCB

Mark 5 in the BOLCB2

Mark 5 in the BOMCV

Mark 5 in the BONAV

Mark 5 in the BONCB

Mark 5 in the BONLT

Mark 5 in the BONUT2

Mark 5 in the BOPLNT

Mark 5 in the BOSCB

Mark 5 in the BOSNC

Mark 5 in the BOVCB

Mark 5 in the BOYCB

Mark 5 in the BPBB

Mark 5 in the BPH

Mark 5 in the BSB

Mark 5 in the CCB

Mark 5 in the CUV

Mark 5 in the CUVS

Mark 5 in the DBT

Mark 5 in the DGDNT

Mark 5 in the DHNT

Mark 5 in the DNT

Mark 5 in the ELBE

Mark 5 in the EMTV

Mark 5 in the ESV

Mark 5 in the FBV

Mark 5 in the FEB

Mark 5 in the GGMNT

Mark 5 in the GNT

Mark 5 in the HARY

Mark 5 in the HNT

Mark 5 in the IRVA

Mark 5 in the IRVB

Mark 5 in the IRVG

Mark 5 in the IRVH

Mark 5 in the IRVK

Mark 5 in the IRVM

Mark 5 in the IRVM2

Mark 5 in the IRVO

Mark 5 in the IRVP

Mark 5 in the IRVT

Mark 5 in the IRVT2

Mark 5 in the IRVU

Mark 5 in the ISVN

Mark 5 in the JSNT

Mark 5 in the KAPI

Mark 5 in the KBT1ETNIK

Mark 5 in the KBV

Mark 5 in the KJV

Mark 5 in the KNFD

Mark 5 in the LBA

Mark 5 in the LBLA

Mark 5 in the LNT

Mark 5 in the LSV

Mark 5 in the MAAL

Mark 5 in the MBV

Mark 5 in the MBV2

Mark 5 in the MHNT

Mark 5 in the MKNFD

Mark 5 in the MNG

Mark 5 in the MNT

Mark 5 in the MNT2

Mark 5 in the MRS1T

Mark 5 in the NAA

Mark 5 in the NASB

Mark 5 in the NBLA

Mark 5 in the NBS

Mark 5 in the NBVTP

Mark 5 in the NET2

Mark 5 in the NIV11

Mark 5 in the NNT

Mark 5 in the NNT2

Mark 5 in the NNT3

Mark 5 in the PDDPT

Mark 5 in the PFNT

Mark 5 in the RMNT

Mark 5 in the SBIAS

Mark 5 in the SBIBS

Mark 5 in the SBIBS2

Mark 5 in the SBICS

Mark 5 in the SBIDS

Mark 5 in the SBIGS

Mark 5 in the SBIHS

Mark 5 in the SBIIS

Mark 5 in the SBIIS2

Mark 5 in the SBIIS3

Mark 5 in the SBIKS

Mark 5 in the SBIKS2

Mark 5 in the SBIMS

Mark 5 in the SBIOS

Mark 5 in the SBIPS

Mark 5 in the SBISS

Mark 5 in the SBITS

Mark 5 in the SBITS2

Mark 5 in the SBITS3

Mark 5 in the SBITS4

Mark 5 in the SBIUS

Mark 5 in the SBIVS

Mark 5 in the SBT

Mark 5 in the SBT1E

Mark 5 in the SCHL

Mark 5 in the SNT

Mark 5 in the SUSU

Mark 5 in the SUSU2

Mark 5 in the SYNO

Mark 5 in the TBIAOTANT

Mark 5 in the TBT1E

Mark 5 in the TBT1E2

Mark 5 in the TFTIP

Mark 5 in the TFTU

Mark 5 in the TGNTATF3T

Mark 5 in the THAI

Mark 5 in the TNFD

Mark 5 in the TNT

Mark 5 in the TNTIK

Mark 5 in the TNTIL

Mark 5 in the TNTIN

Mark 5 in the TNTIP

Mark 5 in the TNTIZ

Mark 5 in the TOMA

Mark 5 in the TTENT

Mark 5 in the UBG

Mark 5 in the UGV

Mark 5 in the UGV2

Mark 5 in the UGV3

Mark 5 in the VBL

Mark 5 in the VDCC

Mark 5 in the YALU

Mark 5 in the YAPE

Mark 5 in the YBVTP

Mark 5 in the ZBP