Mark 6 (BOTLNT)

1 Mme ka bofefo morago ga moo a tloga mo kgaolong eo a boela le barutwa ba gagwe ba ya Nasaretha, motse wa ga gabo. 2 2-3 Mme ka Sabata se se latelang a ya kwa Tempeleng go ya go ruta, mme batho ba gakgamalela botlhale jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe ka ntlha ya gore e ne e le motho fela yo o tshwanang le bone. Mme ba bua ba tenegile ba re, “Ga a botoka go na le rona. Ke mmetli fela, morwa Marea, mogoloa Jakobe le Josefe, Judase le Simone. Le bokgaitsadie re agile nabo.” 4 Hong Jesu a ba raya a re, “Moporofiti o tlotlwa gongwe le gongwe fela fa e se mo ga gabo le mo losikeng lwa gagwe le mo go ba ntlo ya gagwe.” 5 Mme ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone a se ka a kgona go dira dikgakgamatso tse di tona mo go bone, fa e se fela go baya diatla mo baboboding ba se kae, a ba fodisa. 6 Mme a gakgamalela go tlhoka tumelo ga bone. Hong a tswa a tsamaya mo metseng, a ruta. 7 A bitsa barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi a ba roma ka bobedi le bobedi, a ba neetse nonofo ya go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe. 8 8-9 A ba raya a re, ba se ka ba tsaya sepe fa e se dithobane tse ba tsamayang ka tsone (diikokotlelo) le fa e le dijo, le fa e le kgetsana le fa e le madi, le fa e le ditlhako kgotsa diaparo tse dingwe. 10 A ba raya a re, “Fa lo tsena mo motsing nnang mo lwapeng lo le longwe, se suteng fa lo leng teng go tsena ntlo le ntlwana fa lo sa ntse lo le mo motsing oo. 11 Fa e le gore ba motse ga ba lo amogele kgotsa ga ba lo reetse itlhotlhoreng lorole mo dinaung tsa lona lo tsamaye; ke sesupo sa gore lo tlogeletse motse oo tshekiso.” 12 Barutwa ba tsamaya, ba bolelela mongwe le mongwe yo ba kopanang nae gore a sokologe mo dibeng. 13 Mme ba kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e le mentsi ba fodisa babobodi ba le bantsi ba ba tlotsa ka lookwane. 14 Mme ka bofefo Kgosi Herode a utlwa kaga Jesu, gonne dikgakgamatso tsa gagwe di ne di buiwa gongwe le gongwe. Kgosi e ne e akanya gore Jesu ke Johane wa Mokolobetsi a boetse mo botshelong. Hong batho ba ne ba re, “Ga go gakgamatse fa a ka dira dikgakgamatso tse di kalo.” 15 Mme ba bangwe ba ne ba gopola gore Jesu ke Elija Moporofiti wa bogologolo o ka ne a boetse gape mo botshelong; ba bangwe ba gopola gore ke moporofiti yo mosha yo o tshwanang le bangwe ba ba tona ba bogologolo. 16 Herode a re, “Nnyaa, ke Johane, monna yo ke mo kgaotseng tlhogo. O tsogile mo baswing.” 17 17-18 Gonne Herode o ne a rometse masole go tshwara Johane go mo isa kgolegelong ka ntlha ya gore o ne a tswelela a ntse a re, ke phoso fa kgosi e nyala Herodiase, mogatsa Filipo monnawe kgosi. 19 Herodiase o ne a batla gore Johane a bolawe a ipusulosetse, le fa go ntse jalo, kwa ntle ga tumalano ya ga Herode, Herodiase a palelwa. 20 Herode o ne a tlotla Johane, a itse fa e le motho yo o molemo a bile a le boitshepo, foo a mmaya ka fa tlase ga tshireletso ya gagwe. Herode o ne a tshwenyega nako tsotlhe fa a bua le Johane, le fa go ntse jalo o ne a rata go mo reetsa. 21 Mme ya re la bofelo lobaka lwa ga Herodiase la tla. Ya re letsatsi la botsalo jwa ga Herode, Herode a direla bagolwane ba bogosi jwa gagwe mokete le bagolwane ba sesole, le baeteledipele ba baagedi ba motse wa Galalea. 22 22-23 Hong ngwana wa mosetsana wa ga Herodiase a tla a bina fa pele ga bone ka botswerere a ba itumedisa fela botlhe. Kgosi ya mo raya ya re, “Nkopa sengwe se o se ratang,” “Le fa e le bontlha jwa bogosi jwa me, mme ke tla bo go naya!” 24 Mme a tsamaya a ya go itsise mmaagwe, yo o neng a mo raya a re, “Lopa tlhogo ya ga Johone wa Mokolobetsi!” 25 Hong a boela kwa morago kwa kgosing a ya go e bolelela, a re, “Ke batla tlhogo ya ga Johane wa Mokolobetsi e le mo mogopong.” 26 Mme kgosi ya hutsahala thata, ya tlhajwa ke ditlhong go roba maikano a yone fa pele ga baeng ba yone. 27 Hong a roma mongwe wa batlhokomedi ba gagwe kwa kgolegelong go ya go kgaola tlhogo ya ga Johane le go e lere kwa go ene. Mme lesole la ya go bolaya Johane mo kgolegelong, 28 a tla ka tlhogo ya ga Johane e le mo mogopong, a e naya mosetsana, mosetsana ene a ya go e naya mmaagwe. 29 Erile barutwa ba ga Johane ba utlwa se se diragetseng, ba tla ba tsaya mmele wa gagwe ba ya go o boloka mo lebitleng. 30 Mme baaposetoloi ba boela kwa go Jesu ba tswa loetong lwa bone ba mmolelela gotlhe mo ba go dirileng le mo ba go buileng le batho ba ba neng ba ba etela. 31 Hong Jesu a ba raya a re, “A re tsweng mo bontsing jwa batho ka lobakanyana re yeng go itapolosa.” Gonne go ne go na le batho ba le bantsi ba ba tlang le ba ba tsamayang ba sena nako le ya go ja tota. 32 Mme ba tsamaya ka mokoro ba ya fa lefelong le le tuuletseng. 33 Mme batho ba le bantsi ba ba bona ba tsamaya mme ba tabogela kwa pele ba le mo lotshitshing ba ba kgatlhantsha fa ba tswa mo mokorong. 34 Fela jaaka gale, bontsi jwa batho jwa bo bo le teng fa a tswa mo mokorong; mme a ba tlhomogela pelo ka ntlha ya gore ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa a ba ruta dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di itse. 35 35-36 Mme morago ga tshokologo ya letsatsi barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Bolelela batho gore ba tsamaye ba ye kwa metsing e e gaufi le masimo ba ye go itshenkela dijo, gonne ga go na sepe se se ka jewang mo thoteng e, gape go nna bosigo.” 37 Hong Jesu a re, “Ba fepeng.” Mme ba botsa ba re, “Ka eng? Go tlaa lopa madi a le mantsi go reka dijo tsa bontsi jo bo kana!” 38 Mme a ba botsa a re, “Re na le dijo di le kana kang? Tsamayang lo yeng go bona.” Mme ba tla gape go tla go mmolelela gore go na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi. 39 39-40 Hong Jesu a bolelela bontsi jwa batho gore ba nne fa fatshe, mme ka bonako ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa masome a matlhano kgotsa lekgolo mme botlhe ba bo ba ntse mo bojannyeng jo botala. 41 Hong a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa legodimong, a lebogela dijo tseo. A ngathoganya dinkgwe go nna dikapetlana, a neela barutwa ba gagwe bontlha bongwe jwa dinkgwe le ditlhapi go di fa batho. 42 Mme batho baa ja botlhe ba kgora! 43 43-44 Go ne go le banna ba ka nna dikete di le tlhano ka nako ya dijo, morago ga moo ditlatlana di le lesome le bobedi tsa tlala masalela a a neng a selwa fa fatshe mo bojannyeng! 45 Mme ka bonako morago ga moo Jesu a laola barutwa ba gagwe gore ba boele mo mokorong ba kgabaganye lecha ba ye Bethesaida, kwa o neng a tlaa kopana le bone teng morago. Fa Ene a ne a sa ntse a saletse go sadisa batho sentle gore ba boele gae. 46 Morago ga moo a tsamaya a ya kwa dithabeng go rapela. 47 Mme ya re bosigo, fa barutwa ba gagwe ba le mo mokorong mo gare ga lecha, ene a bo a le nosi ka kwa ntle ga lecha. 48 Mme a bona fa ba le mo matshwenyegong a magolo, ba hudua ka bothata le go kgaratlha kgatlhanong le phefo e e tsubutlang le makhubu a lewatle. Erile e ka ne e le nako ya boraro mo mosong a tsamaela kwa go bone mo godimo ga metsi. Mme ya re ekete o a ba feta, 49 ba bona sengwe se tsamaya tsamaya fa thoko ga bone ba goa ka letshogo, ba gopola fa e le sepoko, 50 gonne ba ne ba mmona botlhe. Mme a bua le bone a re, “Go siame, se boifeng! Ke nna.” 51 Hong a palama mo mokorong, phefo ya didimala! Ba nna fela foo ba gakgametse. 52 Gonne ba ne ba ise ba lemoge gore ke mang le fa e le morago ga kgakgamatso ya maabane maitsiboa! Gonne ba ne ba sa batle go dumela. 53 Mme ya re ba fitlha kwa Geneseretha ka fa ntlheng e nngwe ya lecha ba bohelela mokoro, 54 ba fologa. Mme batho ba ba neng ba eme mo tikologong eo ba mo lemoga fela ka nako eo, 55 mme ba taboga le tikologo yotlhe ba anamisa dikgang kaga kgorogo ya gagwe, ba simolola go rwalela balwetse kwa go ene ka mapara le ka meseme. 56 Gongwe le gongwe mo a neng a tsamaya teng, mo metsaneng le mo metseng e megolo, le kwa ntle kwa masimo, ba baya balwetse mo dipatlelong tsa marekelo le mo ditseleng ba mo rapela gore a ba letle ba ame makantsa a diaparo tsa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fodisiwa.

In Other Versions

Mark 6 in the ANGEFD

Mark 6 in the ANTPNG2D

Mark 6 in the AS21

Mark 6 in the BAGH

Mark 6 in the BBPNG

Mark 6 in the BBT1E

Mark 6 in the BDS

Mark 6 in the BEV

Mark 6 in the BHAD

Mark 6 in the BIB

Mark 6 in the BLPT

Mark 6 in the BNT

Mark 6 in the BNTABOOT

Mark 6 in the BNTLV

Mark 6 in the BOATCB

Mark 6 in the BOATCB2

Mark 6 in the BOBCV

Mark 6 in the BOCNT

Mark 6 in the BOECS

Mark 6 in the BOGWICC

Mark 6 in the BOHCB

Mark 6 in the BOHCV

Mark 6 in the BOHLNT

Mark 6 in the BOHNTLTAL

Mark 6 in the BOICB

Mark 6 in the BOILNTAP

Mark 6 in the BOITCV

Mark 6 in the BOKCV

Mark 6 in the BOKCV2

Mark 6 in the BOKHWOG

Mark 6 in the BOKSSV

Mark 6 in the BOLCB

Mark 6 in the BOLCB2

Mark 6 in the BOMCV

Mark 6 in the BONAV

Mark 6 in the BONCB

Mark 6 in the BONLT

Mark 6 in the BONUT2

Mark 6 in the BOPLNT

Mark 6 in the BOSCB

Mark 6 in the BOSNC

Mark 6 in the BOVCB

Mark 6 in the BOYCB

Mark 6 in the BPBB

Mark 6 in the BPH

Mark 6 in the BSB

Mark 6 in the CCB

Mark 6 in the CUV

Mark 6 in the CUVS

Mark 6 in the DBT

Mark 6 in the DGDNT

Mark 6 in the DHNT

Mark 6 in the DNT

Mark 6 in the ELBE

Mark 6 in the EMTV

Mark 6 in the ESV

Mark 6 in the FBV

Mark 6 in the FEB

Mark 6 in the GGMNT

Mark 6 in the GNT

Mark 6 in the HARY

Mark 6 in the HNT

Mark 6 in the IRVA

Mark 6 in the IRVB

Mark 6 in the IRVG

Mark 6 in the IRVH

Mark 6 in the IRVK

Mark 6 in the IRVM

Mark 6 in the IRVM2

Mark 6 in the IRVO

Mark 6 in the IRVP

Mark 6 in the IRVT

Mark 6 in the IRVT2

Mark 6 in the IRVU

Mark 6 in the ISVN

Mark 6 in the JSNT

Mark 6 in the KAPI

Mark 6 in the KBT1ETNIK

Mark 6 in the KBV

Mark 6 in the KJV

Mark 6 in the KNFD

Mark 6 in the LBA

Mark 6 in the LBLA

Mark 6 in the LNT

Mark 6 in the LSV

Mark 6 in the MAAL

Mark 6 in the MBV

Mark 6 in the MBV2

Mark 6 in the MHNT

Mark 6 in the MKNFD

Mark 6 in the MNG

Mark 6 in the MNT

Mark 6 in the MNT2

Mark 6 in the MRS1T

Mark 6 in the NAA

Mark 6 in the NASB

Mark 6 in the NBLA

Mark 6 in the NBS

Mark 6 in the NBVTP

Mark 6 in the NET2

Mark 6 in the NIV11

Mark 6 in the NNT

Mark 6 in the NNT2

Mark 6 in the NNT3

Mark 6 in the PDDPT

Mark 6 in the PFNT

Mark 6 in the RMNT

Mark 6 in the SBIAS

Mark 6 in the SBIBS

Mark 6 in the SBIBS2

Mark 6 in the SBICS

Mark 6 in the SBIDS

Mark 6 in the SBIGS

Mark 6 in the SBIHS

Mark 6 in the SBIIS

Mark 6 in the SBIIS2

Mark 6 in the SBIIS3

Mark 6 in the SBIKS

Mark 6 in the SBIKS2

Mark 6 in the SBIMS

Mark 6 in the SBIOS

Mark 6 in the SBIPS

Mark 6 in the SBISS

Mark 6 in the SBITS

Mark 6 in the SBITS2

Mark 6 in the SBITS3

Mark 6 in the SBITS4

Mark 6 in the SBIUS

Mark 6 in the SBIVS

Mark 6 in the SBT

Mark 6 in the SBT1E

Mark 6 in the SCHL

Mark 6 in the SNT

Mark 6 in the SUSU

Mark 6 in the SUSU2

Mark 6 in the SYNO

Mark 6 in the TBIAOTANT

Mark 6 in the TBT1E

Mark 6 in the TBT1E2

Mark 6 in the TFTIP

Mark 6 in the TFTU

Mark 6 in the TGNTATF3T

Mark 6 in the THAI

Mark 6 in the TNFD

Mark 6 in the TNT

Mark 6 in the TNTIK

Mark 6 in the TNTIL

Mark 6 in the TNTIN

Mark 6 in the TNTIP

Mark 6 in the TNTIZ

Mark 6 in the TOMA

Mark 6 in the TTENT

Mark 6 in the UBG

Mark 6 in the UGV

Mark 6 in the UGV2

Mark 6 in the UGV3

Mark 6 in the VBL

Mark 6 in the VDCC

Mark 6 in the YALU

Mark 6 in the YAPE

Mark 6 in the YBVTP

Mark 6 in the ZBP