Revelation 1 (BOTLNT)

1 Lokwalo lo lo senola ditiro dingwe tse di tlaa akofang di diragala ka lobaka lo lo tlang mo botshelong jwa ga Jesu Keresete. Modimo o mo letlile go senolela motlhanka wa gagwe Johane dilo tse mo ponatshegelong; mme moengele a romelwa a tswa legodimong go tlhalosa gore ponatshegelo e raya eng. 2 Johane a kwala gotlhe mo, ebong Mafoko a Modimo le a ga Jesu Keresete le sengwe se a se utlwileng le se a se bonyeng. 3 Fa o balela phuthego polelo pele e, o tlaa amogela lesego le le faphegileng le le tswang mo Moreneng. Ba ba e reetsang fa e balwa ba bo ba dira se e se bolelang, le bone ba tlaa segofala. Gonne lobaka lo atametse lo dilo tse di tlaa diragalang ka lone. 4 Lo ke lokwalo lo lo tswang kwa go: Johane A kwalela: Diphuthego tse supa mo Asia. Ditsala tse di rategang: A tshegofatso le kagiso tse di tswang mo Modimong di nne le lona. Yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yoo tlang! Le mo meweng e e supang e e fa pele ga setilo sa gagwe sa Bogosi; 5 le mo go Jesu Keresete yo ka go ikanyega a re senolelang boammaaruri jotlhe. Ke ene wa ntlha go tsoga mo baswing, le go sa tlholeng a a swa. O mogolo go feta kgosi nngwe le nngwe mo lefatsheng lotlhe. A a bakwe yo o re ratang ka metlha yotlhe le yo o re gololang mo dibeng tsa rona ka go re tshololela madi a gagwe a botshelo. 6 O re phuthetse mo Bogosing jwa gagwe a bo a re dira baperesiti ba Modimo Rraagwe. Mo neeng kgalalelo ka go sa feleng! o busa ka bosakhutleng! Amen. 7 Bonang! O e tla, a dikaganyeditswe ke maru; mme matlho otlhe a tlaa mmona, ee, le ba ba mo tlhabileng. Le dichaba di tlaa lela ka khutsafalo le ka poifo fa a tla, Ee! Amen! 8 “Ke nna Alefa le Omeka, Tshimologo le Bokhutlo jwa dilo tsotlhe,” go bua jalo Modimo, yo e leng Morena, yo e leng Mothatayotlhe yo o leng teng, le yo o neng a le teng le yo o tlang gape! 9 Ke nna, mokaulengwe wa lona Johane, yo ke tlhakanetseng pitlagano le lona, yo ke lo kwalelang lokwalo lo. Le nna ke abalana le lona bopelotelele jo Jesu o re bo nayang, ebile re tlaa tlhakanela Bogosi jwa gagwe! Ke ne ke le mo setlhaketlhakeng sa Patemosa, ke kobetswe teng ka ntlha ya go rera Lefoko la Modimo, le go bolela se ke se itseng kaga Jesu Keresete. 10 E ne e le ka letsatsi la Morena mme ebile ke ne ke obama, fa ka tshoganetso ke utlwa lentswe le le tsholetsegileng fa morago ga me, lentswe le le neng le utlwala jaaka tumo ya torompeta. 11 Le re, “Ke nna Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo!” Mme ka mo utlwa a re, “Kwala sengwe le sengwe se o se bonang, mme o romele lokwalo lwa gago mo diphuthegong di supa tse di mo Asia: mo phuthegong e e mo Efeso, e e mo Semerena, tse di mo Peregamose, Thiatira, Seredisa, Filadelefia mo Laodisia.” 12 Erile fa ke retologa bona yo o neng a bua le nna, teng fa morago ga me ga bo go le dipone di supa tsa gauta. 13 Mme mo gare ga tsone ga bo go eme mongwe yo o neng a tshwana le Jesu yo o neng a ipitsa Morwa Motho, a apere kobo e telele a itlamile ka moitlamo wa gauta go kgabaganya sehuba sa gagwe. 14 Moriri wa gagwe o ne o le mosweu jaaka bobowa kgotsa kapoko, le matlho a gagwe a ntse jaaka kgabo ya molelo. 15 Dinao tsa gagwe di ne di phatsima jaaka kgotlho e e ntlafaditsweng mo leubelong le lentswe la gagwe la gagwe le Suma jaaka makhubu a lewatle a itaaka lotshitshi. 16 O ne a tshotse dinaledi di supa mo seatleng sa gagwe se segolo le chaka e e lootsegileng e e ntlha pedi mo molomong wa gagwe, le sefatlhogo sa gagwe se phatshima jaaka nonofo ya letsatsi mo go senang maru. 17 17-18 Erile ke mmona, ka wela fa dinaong tsa gagwe jaaka ekete ke sule; mme a baya seatla sa gagwe se segolo mo go nna a re, “Se boife! Le fa ke le wa Ntlha le wa Bofelo, yo o tshelang yo o neng a swa, yo jaanong o tshelang ka bosakhutleng, yo o tshotseng dilotlele tsa molete le loso, se boife! 19 “Kwala se o ntseng o se bona, le se o tlaa tlogang o se supegediwa. 20 Se ke tlhaloso ya dinaledi tse di supang tse o di bonyeng mo seatleng sa me se segolo, le dipone tse di supang tsa gauta: dinaledi tse di supang ke baeteledipele ba diphuthego di supa, mme ditlhomo tse di supang ke diphuthego ka bo tsone.

In Other Versions

Revelation 1 in the ANGEFD

Revelation 1 in the ANTPNG2D

Revelation 1 in the AS21

Revelation 1 in the BAGH

Revelation 1 in the BBPNG

Revelation 1 in the BBT1E

Revelation 1 in the BDS

Revelation 1 in the BEV

Revelation 1 in the BHAD

Revelation 1 in the BIB

Revelation 1 in the BLPT

Revelation 1 in the BNT

Revelation 1 in the BNTABOOT

Revelation 1 in the BNTLV

Revelation 1 in the BOATCB

Revelation 1 in the BOATCB2

Revelation 1 in the BOBCV

Revelation 1 in the BOCNT

Revelation 1 in the BOECS

Revelation 1 in the BOGWICC

Revelation 1 in the BOHCB

Revelation 1 in the BOHCV

Revelation 1 in the BOHLNT

Revelation 1 in the BOHNTLTAL

Revelation 1 in the BOICB

Revelation 1 in the BOILNTAP

Revelation 1 in the BOITCV

Revelation 1 in the BOKCV

Revelation 1 in the BOKCV2

Revelation 1 in the BOKHWOG

Revelation 1 in the BOKSSV

Revelation 1 in the BOLCB

Revelation 1 in the BOLCB2

Revelation 1 in the BOMCV

Revelation 1 in the BONAV

Revelation 1 in the BONCB

Revelation 1 in the BONLT

Revelation 1 in the BONUT2

Revelation 1 in the BOPLNT

Revelation 1 in the BOSCB

Revelation 1 in the BOSNC

Revelation 1 in the BOVCB

Revelation 1 in the BOYCB

Revelation 1 in the BPBB

Revelation 1 in the BPH

Revelation 1 in the BSB

Revelation 1 in the CCB

Revelation 1 in the CUV

Revelation 1 in the CUVS

Revelation 1 in the DBT

Revelation 1 in the DGDNT

Revelation 1 in the DHNT

Revelation 1 in the DNT

Revelation 1 in the ELBE

Revelation 1 in the EMTV

Revelation 1 in the ESV

Revelation 1 in the FBV

Revelation 1 in the FEB

Revelation 1 in the GGMNT

Revelation 1 in the GNT

Revelation 1 in the HARY

Revelation 1 in the HNT

Revelation 1 in the IRVA

Revelation 1 in the IRVB

Revelation 1 in the IRVG

Revelation 1 in the IRVH

Revelation 1 in the IRVK

Revelation 1 in the IRVM

Revelation 1 in the IRVM2

Revelation 1 in the IRVO

Revelation 1 in the IRVP

Revelation 1 in the IRVT

Revelation 1 in the IRVT2

Revelation 1 in the IRVU

Revelation 1 in the ISVN

Revelation 1 in the JSNT

Revelation 1 in the KAPI

Revelation 1 in the KBT1ETNIK

Revelation 1 in the KBV

Revelation 1 in the KJV

Revelation 1 in the KNFD

Revelation 1 in the LBA

Revelation 1 in the LBLA

Revelation 1 in the LNT

Revelation 1 in the LSV

Revelation 1 in the MAAL

Revelation 1 in the MBV

Revelation 1 in the MBV2

Revelation 1 in the MHNT

Revelation 1 in the MKNFD

Revelation 1 in the MNG

Revelation 1 in the MNT

Revelation 1 in the MNT2

Revelation 1 in the MRS1T

Revelation 1 in the NAA

Revelation 1 in the NASB

Revelation 1 in the NBLA

Revelation 1 in the NBS

Revelation 1 in the NBVTP

Revelation 1 in the NET2

Revelation 1 in the NIV11

Revelation 1 in the NNT

Revelation 1 in the NNT2

Revelation 1 in the NNT3

Revelation 1 in the PDDPT

Revelation 1 in the PFNT

Revelation 1 in the RMNT

Revelation 1 in the SBIAS

Revelation 1 in the SBIBS

Revelation 1 in the SBIBS2

Revelation 1 in the SBICS

Revelation 1 in the SBIDS

Revelation 1 in the SBIGS

Revelation 1 in the SBIHS

Revelation 1 in the SBIIS

Revelation 1 in the SBIIS2

Revelation 1 in the SBIIS3

Revelation 1 in the SBIKS

Revelation 1 in the SBIKS2

Revelation 1 in the SBIMS

Revelation 1 in the SBIOS

Revelation 1 in the SBIPS

Revelation 1 in the SBISS

Revelation 1 in the SBITS

Revelation 1 in the SBITS2

Revelation 1 in the SBITS3

Revelation 1 in the SBITS4

Revelation 1 in the SBIUS

Revelation 1 in the SBIVS

Revelation 1 in the SBT

Revelation 1 in the SBT1E

Revelation 1 in the SCHL

Revelation 1 in the SNT

Revelation 1 in the SUSU

Revelation 1 in the SUSU2

Revelation 1 in the SYNO

Revelation 1 in the TBIAOTANT

Revelation 1 in the TBT1E

Revelation 1 in the TBT1E2

Revelation 1 in the TFTIP

Revelation 1 in the TFTU

Revelation 1 in the TGNTATF3T

Revelation 1 in the THAI

Revelation 1 in the TNFD

Revelation 1 in the TNT

Revelation 1 in the TNTIK

Revelation 1 in the TNTIL

Revelation 1 in the TNTIN

Revelation 1 in the TNTIP

Revelation 1 in the TNTIZ

Revelation 1 in the TOMA

Revelation 1 in the TTENT

Revelation 1 in the UBG

Revelation 1 in the UGV

Revelation 1 in the UGV2

Revelation 1 in the UGV3

Revelation 1 in the VBL

Revelation 1 in the VDCC

Revelation 1 in the YALU

Revelation 1 in the YAPE

Revelation 1 in the YBVTP

Revelation 1 in the ZBP