Revelation 11 (BOTLNT)
1 Jaanong ka neelwa thobane e e lekan yang mme ka laelwa go ya go lekanya Tempele ya Modimo, mmogo le ntlo e e mo teng e sebeso se leng mo go yone, le go bala palo ya baobamedi. 2 Mme ka tewa gatwe, “O se ka wa lekanya ntlo e e kwa ntle, gonne e neetswe dichaba. Ba tlaa gataka motse o o Boitshepo selekanyo sa kgwedi tse di masome mane. 3 Mme ke tlaa neela basupi ba me ba babedi nonofo ya go porofesa selekanyo sa malatsi a le sekete le makgolo a mabedi le masome a marataro ba apere letsela la kgetse.” 4 Baporofiti ba babedi ba ke ditlhare tse pedi tsa matlhware, le ditlhomo tse pedi tse di emeng fa pele ga Modimo wa lefatshe lotlhe. 5 Le fa e le mang yo o lekang go di tlhokofatsa o tlaa bolawa ka molelo o o tswang mo maganong a bone. 6 Ba na le nonofo go tswala magodimo gore pula e se ka ya na mo dingwageng tse tharo le sephatlo tse ba porofesang ka tsone, le go fetola melapo le mawatle madi, le go romela mofuta mongwe le mongwe wa petso mo lefatsheng kgapetsakgapetsa ka fa ba eletsang ka teng. 7 E tlaa re fa ba sena go fetsa dingwaga tse tharo le sephatlo tsa bosupi jwa bone, modipa yo o tswang mo moleteng o o senang bolekanngo o tlaa lwa le bone a ba fenya a bo a ba bolaya; 8 8-9 mme mo malatsing a mararo le sephatlo mebele ya bone e tlaa bewa mo pepeneneng mo mebileng ya Jerusalema (motse o o bolelwang sentle jaaka “Sodoma” kgotsa “Egepeto”), lefelo tota le Morena wa bone o bapoletsweng mo go lone. Ga go na ope yo o tlaa letlelelwang go ba fitlha, mme batho ba ba tswang mo merafeng e le mentsi ba tlaa phuthega go tla go ba bona. 10 Mme go tlaa nna le letsatsi la boikhutso la lefatshe lotlhe, batho gongwe le gongwe le gongwe ba tlaa ipela ba bo ba abalana dimpho, ba dira mediro go itumelela loso lwa baporofiti ba babedi ba ba ba tlhokofaditseng mo go kalo. 11 Mme morago ga malatsi a le mararo le sephatlo, mowa wa botshelo o o tswang kwa Modimong o tlaa tsena mo go bone mme ba tlaa ema ka dinao! Mme poifo e kgolo e tlaa wela mongwe le mongwe. 12 Hong lentswe le legolo le tlaa goa le tswa kwa legodimong le re, “Tlhatlogelang kwano!” Mme ba tlaa tlhatlogela kwa legodimong ba le mo lerung baba ba bone ba ba lebeletse. 13 Ka yone oura eo go tlaa nna le thoromo e e maswe ya lefatshe e e digang karolo ya lesome ya motse, e bolaya batho ba le dikete di supa. Mme botlhe ba ba setseng ba tlaa galaletsa Modimo wa legodimo ka poifo. 14 Tatlhego ya bobedi e fetile, mme ya boraro e latela ka bofefo: 15 Gone foo moengele wa bosupa a letsa torompeta ya gagwe, mme ga bo go le mantswe a magolo a goa a tswa kwa legodimong a re, “Bogosi jwa lefatshe leno jaanong ke jwa Morena wa rona, le Keresete wa gagwe; mme o tlaa busa ka metlha le metlha.” 16 Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba ba ntseng mo ditilong tsa bone tsa Segosi fa pele ga Modimo ba itatlhela fa fatshe ba obama, ba re, 17 “Re a leboga, Morena Modimo Mothatayotlhe, yo o leng teng le yo o neng a le teng, gonne jaanong o tshotse nonofo ya gago e kgolo o simolotse go busa. 18 “Dichaba di ne di go galefetse, mme jaanong ke nako ya gago gore o ba galefele. Ke nako ya go atlhola baswi, le go duela batlhanka ba gago, baporofiti le batho ka go tshwana, botlhe ba ba boifang leina la gago, bagolo le bannye, le go nyeletsa ba ba dirileng tshenyo mo lefatsheng”. 19 Mme mo legodimong, tempele ya Modimo ya bo e butswe mme letlole la kgolagano ya one la bo le bonala mo teng. Go ne ga nna dikgadima, ga nna loratla lwa tumo ya maru, mme ga nna le matsubutsubu a sefako mme lefatshe la tshikinngwa ke thoromo e kgolo ya lone.
In Other Versions
Revelation 11 in the ANGEFD
Revelation 11 in the ANTPNG2D
Revelation 11 in the AS21
Revelation 11 in the BAGH
Revelation 11 in the BBPNG
Revelation 11 in the BBT1E
Revelation 11 in the BDS
Revelation 11 in the BEV
Revelation 11 in the BHAD
Revelation 11 in the BIB
Revelation 11 in the BLPT
Revelation 11 in the BNT
Revelation 11 in the BNTABOOT
Revelation 11 in the BNTLV
Revelation 11 in the BOATCB
Revelation 11 in the BOATCB2
Revelation 11 in the BOBCV
Revelation 11 in the BOCNT
Revelation 11 in the BOECS
Revelation 11 in the BOGWICC
Revelation 11 in the BOHCB
Revelation 11 in the BOHCV
Revelation 11 in the BOHLNT
Revelation 11 in the BOHNTLTAL
Revelation 11 in the BOICB
Revelation 11 in the BOILNTAP
Revelation 11 in the BOITCV
Revelation 11 in the BOKCV
Revelation 11 in the BOKCV2
Revelation 11 in the BOKHWOG
Revelation 11 in the BOKSSV
Revelation 11 in the BOLCB
Revelation 11 in the BOLCB2
Revelation 11 in the BOMCV
Revelation 11 in the BONAV
Revelation 11 in the BONCB
Revelation 11 in the BONLT
Revelation 11 in the BONUT2
Revelation 11 in the BOPLNT
Revelation 11 in the BOSCB
Revelation 11 in the BOSNC
Revelation 11 in the BOVCB
Revelation 11 in the BOYCB
Revelation 11 in the BPBB
Revelation 11 in the BPH
Revelation 11 in the BSB
Revelation 11 in the CCB
Revelation 11 in the CUV
Revelation 11 in the CUVS
Revelation 11 in the DBT
Revelation 11 in the DGDNT
Revelation 11 in the DHNT
Revelation 11 in the DNT
Revelation 11 in the ELBE
Revelation 11 in the EMTV
Revelation 11 in the ESV
Revelation 11 in the FBV
Revelation 11 in the FEB
Revelation 11 in the GGMNT
Revelation 11 in the GNT
Revelation 11 in the HARY
Revelation 11 in the HNT
Revelation 11 in the IRVA
Revelation 11 in the IRVB
Revelation 11 in the IRVG
Revelation 11 in the IRVH
Revelation 11 in the IRVK
Revelation 11 in the IRVM
Revelation 11 in the IRVM2
Revelation 11 in the IRVO
Revelation 11 in the IRVP
Revelation 11 in the IRVT
Revelation 11 in the IRVT2
Revelation 11 in the IRVU
Revelation 11 in the ISVN
Revelation 11 in the JSNT
Revelation 11 in the KAPI
Revelation 11 in the KBT1ETNIK
Revelation 11 in the KBV
Revelation 11 in the KJV
Revelation 11 in the KNFD
Revelation 11 in the LBA
Revelation 11 in the LBLA
Revelation 11 in the LNT
Revelation 11 in the LSV
Revelation 11 in the MAAL
Revelation 11 in the MBV
Revelation 11 in the MBV2
Revelation 11 in the MHNT
Revelation 11 in the MKNFD
Revelation 11 in the MNG
Revelation 11 in the MNT
Revelation 11 in the MNT2
Revelation 11 in the MRS1T
Revelation 11 in the NAA
Revelation 11 in the NASB
Revelation 11 in the NBLA
Revelation 11 in the NBS
Revelation 11 in the NBVTP
Revelation 11 in the NET2
Revelation 11 in the NIV11
Revelation 11 in the NNT
Revelation 11 in the NNT2
Revelation 11 in the NNT3
Revelation 11 in the PDDPT
Revelation 11 in the PFNT
Revelation 11 in the RMNT
Revelation 11 in the SBIAS
Revelation 11 in the SBIBS
Revelation 11 in the SBIBS2
Revelation 11 in the SBICS
Revelation 11 in the SBIDS
Revelation 11 in the SBIGS
Revelation 11 in the SBIHS
Revelation 11 in the SBIIS
Revelation 11 in the SBIIS2
Revelation 11 in the SBIIS3
Revelation 11 in the SBIKS
Revelation 11 in the SBIKS2
Revelation 11 in the SBIMS
Revelation 11 in the SBIOS
Revelation 11 in the SBIPS
Revelation 11 in the SBISS
Revelation 11 in the SBITS
Revelation 11 in the SBITS2
Revelation 11 in the SBITS3
Revelation 11 in the SBITS4
Revelation 11 in the SBIUS
Revelation 11 in the SBIVS
Revelation 11 in the SBT
Revelation 11 in the SBT1E
Revelation 11 in the SCHL
Revelation 11 in the SNT
Revelation 11 in the SUSU
Revelation 11 in the SUSU2
Revelation 11 in the SYNO
Revelation 11 in the TBIAOTANT
Revelation 11 in the TBT1E
Revelation 11 in the TBT1E2
Revelation 11 in the TFTIP
Revelation 11 in the TFTU
Revelation 11 in the TGNTATF3T
Revelation 11 in the THAI
Revelation 11 in the TNFD
Revelation 11 in the TNT
Revelation 11 in the TNTIK
Revelation 11 in the TNTIL
Revelation 11 in the TNTIN
Revelation 11 in the TNTIP
Revelation 11 in the TNTIZ
Revelation 11 in the TOMA
Revelation 11 in the TTENT
Revelation 11 in the UBG
Revelation 11 in the UGV
Revelation 11 in the UGV2
Revelation 11 in the UGV3
Revelation 11 in the VBL
Revelation 11 in the VDCC
Revelation 11 in the YALU
Revelation 11 in the YAPE
Revelation 11 in the YBVTP
Revelation 11 in the ZBP