Revelation 2 (BOTLNT)

1 “Kwalela moeteledipele wa phuthego e e kwa Efeso lokwalo o mmolelele se: ke kwala ke go itsise molaetsa o o tswang mo go yo o tsamayang mo gare ga diphuthego a tsholetsa baeteledipele ba tsone ka seatla sa gagwe se segolo. O go raya a re: 2 ke itse dilo tse di molemo tse o di dirang. Ke bonye tiro ya gago e e bokete e o e dirileng le bopelotelele jwa gago, ke a itse gore ga o itshokele boleo mo malokong a phuthego ya gago, ebile o sekasekile ka kelotlhoko ba ba ipitsang baaposetoloi mme e se bone. O bonye ka fa ba akang ka teng. 3 O mpogetse ka bopelotelele o sa lape. 4 “Le fa go ntse jalo go na le sengwe se se sa siamang; ga o nthate jaaka lwa ntlha! 5 A ko o akanye ka dipaka tsa lorato lwa gago lwa ntlha (gore go pharologanyo jang gompieno)! Mme o boele gape kwa go nna o dire jaaka pele; kgotsa e seng jalo ke tlaa tla mme ke tlose setlhomo sa lobone lwa gago mo mannong a sone mo gare ga diphuthego. 6 “Mme go na le selo sengwe ka ga gago se se molemo: o ila ditiro tse di makgapha tsa Banikolaitane, fela jaaka ke di ila. 7 “A molaetsa o o thothomele mo ditsebeng tsa mongwe le mongwe yo o utlwang se Mowa o se buang le diphuthego: mongwe le mongwe yo o fenyang, ke tlaa mo naya loungo lo lo tswang mo setlharing sa Botshelo mo Paradaiseng ya Modimo. 8 “Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e mo Semerena lokwalo lo o re: molaetsa o o tswa mo go ene yo e leng Tshimologo le Bokhutlo, yo o neng a sule mme a rula. 9 “Ke itse ka fa o bogelang Morena ka teng, e bile ke itse gotlhe ka khumanego ya gago (mme o na le dikhumo tsa selegodimo)! Ke itse kgobololo ya ba ba go ganetsang, ba ba reng ke Bajuta, bana ba Modimo, mme e se bone, gonne ba eme nokeng maikaelelo a ga Satane. 10 Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng. 11 A mongwe le mongwe yo o utlwang, a reetse se Mowa o se buang le diphuthego: yo o fenyang ga a kitla a tlhokofadiwa ke loso lwa bobedi. 12 “Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e kwa Perefamose lokwalo lo o re: molaetsa o tswa kwa go Ene yo o tshotseng chaka e e lootsegileng ntlha tsoopedi. 13 Ke itse ka botlalo gore o nna mo motsing o setilo sa ga Satane sa Bogosi se leng mo go one, kwa bogareng jwa kobamelo ya ga Satane; mme le fa go ntse jalo o ntse o ikanyega mo go nna, wa ba wa gana go intatola, le motlhang Antipase, mosupi wa me yo o ikanyegang, a neng a bolaelwa tumelo mo go lona ke balatedi ba ga Satane. 14 “Mme le fa go ntse jalo ke na le dilo di se kae tse ke kgatlhanong nao ka tsone. O dumalana le bangwe mo go lona ba ba dirang jaaka Balame a ne a dira fa a ruta Balake go senya batho ba Iseraele ka go ba tsenya mo boakeng a bo a ba kgothatsa go ya medirong ya medimo ya disetwa. 15 Ee, o na le bangwe ba balatedi ba ga Balame! 16 “Fetola mogopolo wa gago le maikutlo, e seng jalo ke tlaa tla kwa go wena ka tshoganetso ke ba tlhabantsha ka chaka ya molomo wa me. 17 “A mongwe le mongwe yo o utlwang a reetse se mowa o se buang le diphuthego. Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa ja ga mana a a fitlhilweng, kotla e e sa itseweng e e tswang legodimong; mme e tlaa naya mongwe le mongwe leje le lesweu, mme mo lejeng go tlaa kwalwa leina le lesha le motho ope a sa le itseng fa e se fela yo o le amogelang. 18 “Kwalela Moeteledipele wa Phuthego e e kwa Thiatira Lokwalo lo o re: o ke molaetsa o o tswang kwa go Morwa Modimo, yo matlho a gagwe a ntseng jaaka dikgabo tsa molelo, yo dinao tsa gagwe di ntseng jaaka kgotlho e e phatshimang. 19 Ke itse ditiro tsotlhe tsa gago tse di molemo, tshiamo ya gago mo bahumaneging, dimpho tsa gago le go ba direla, gape ke itse lorato lwa gago le tumelo le bopelotelele, e bile ke bona boiteko jwa gago jo bo tsweletseng pele mo dilong tsotlhe tse. 20 “Le fa go ntse jalo ke na le selo sengwe kgatlhanong le wena: o letlelela Jesebele, yo o ipitsang moporofiti wa sesadi, go ruta batlhanka ba me gore boaka ga se boleo jwa sepe; o ba kgothatsa go dira boaka le go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa. 21 Ke mo neetse lobaka go fetola mogopolo wa gagwe le maikhutlo, mme o ganne. 22 Mme ela-tlhoko se ke se go bolelelang: ke tlaa mo robatsa mo bolaong, ka bolwetse jwa tlhokofatso e kgolo mmogo le balatedi ba gagwe ba ba itshekologileng, fa ba sa boele gape mo go nna, ba ikwatlhaela dibe tsa bone le ene; 23 mme ke tlaa bolaya bana ba gagwe. Mme diphuthego tsotlhe di tlaa itse gore ke nna yo ke sekasekang boteng jwa dipelo tsa batho, le megopolo; ke tlaa naya mongwe le mongwe wa lona se se mo tshwanetseng. 24 24-25 “Lona ba lo setseng mo Thiatira ba lo sa latelang dithuto tse tsa tsietso (‘boammaaruri jo bo kwa teng’ jaaka ba bo bitsa, boammaaruri jwa ga Satane, tota) ga ke kitla ke tlhola ke lo kopa sepe, tshegetsang thata fela se lo nang naso go fitlhelela ke tla. 26 “Go mongwe le mongwe yo o fenyang, yo kwa bofelong a ntseng a tsweletse go dira dilo tse di intumedisang, ke tlaa mo naya nonofo mo merafeng. 27 O tlaa e busa ka thobane ya tshipi fela jaaka Rre a nneile taolo ya go ba busa; ba tlaa thubaganngwa jaaka pitsana ya letsopa e thubegile go nna dikapetlana. 28 Mme ke tlaa lo naya Naledi ya Moso! 29 “A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.

In Other Versions

Revelation 2 in the ANGEFD

Revelation 2 in the ANTPNG2D

Revelation 2 in the AS21

Revelation 2 in the BAGH

Revelation 2 in the BBPNG

Revelation 2 in the BBT1E

Revelation 2 in the BDS

Revelation 2 in the BEV

Revelation 2 in the BHAD

Revelation 2 in the BIB

Revelation 2 in the BLPT

Revelation 2 in the BNT

Revelation 2 in the BNTABOOT

Revelation 2 in the BNTLV

Revelation 2 in the BOATCB

Revelation 2 in the BOATCB2

Revelation 2 in the BOBCV

Revelation 2 in the BOCNT

Revelation 2 in the BOECS

Revelation 2 in the BOGWICC

Revelation 2 in the BOHCB

Revelation 2 in the BOHCV

Revelation 2 in the BOHLNT

Revelation 2 in the BOHNTLTAL

Revelation 2 in the BOICB

Revelation 2 in the BOILNTAP

Revelation 2 in the BOITCV

Revelation 2 in the BOKCV

Revelation 2 in the BOKCV2

Revelation 2 in the BOKHWOG

Revelation 2 in the BOKSSV

Revelation 2 in the BOLCB

Revelation 2 in the BOLCB2

Revelation 2 in the BOMCV

Revelation 2 in the BONAV

Revelation 2 in the BONCB

Revelation 2 in the BONLT

Revelation 2 in the BONUT2

Revelation 2 in the BOPLNT

Revelation 2 in the BOSCB

Revelation 2 in the BOSNC

Revelation 2 in the BOVCB

Revelation 2 in the BOYCB

Revelation 2 in the BPBB

Revelation 2 in the BPH

Revelation 2 in the BSB

Revelation 2 in the CCB

Revelation 2 in the CUV

Revelation 2 in the CUVS

Revelation 2 in the DBT

Revelation 2 in the DGDNT

Revelation 2 in the DHNT

Revelation 2 in the DNT

Revelation 2 in the ELBE

Revelation 2 in the EMTV

Revelation 2 in the ESV

Revelation 2 in the FBV

Revelation 2 in the FEB

Revelation 2 in the GGMNT

Revelation 2 in the GNT

Revelation 2 in the HARY

Revelation 2 in the HNT

Revelation 2 in the IRVA

Revelation 2 in the IRVB

Revelation 2 in the IRVG

Revelation 2 in the IRVH

Revelation 2 in the IRVK

Revelation 2 in the IRVM

Revelation 2 in the IRVM2

Revelation 2 in the IRVO

Revelation 2 in the IRVP

Revelation 2 in the IRVT

Revelation 2 in the IRVT2

Revelation 2 in the IRVU

Revelation 2 in the ISVN

Revelation 2 in the JSNT

Revelation 2 in the KAPI

Revelation 2 in the KBT1ETNIK

Revelation 2 in the KBV

Revelation 2 in the KJV

Revelation 2 in the KNFD

Revelation 2 in the LBA

Revelation 2 in the LBLA

Revelation 2 in the LNT

Revelation 2 in the LSV

Revelation 2 in the MAAL

Revelation 2 in the MBV

Revelation 2 in the MBV2

Revelation 2 in the MHNT

Revelation 2 in the MKNFD

Revelation 2 in the MNG

Revelation 2 in the MNT

Revelation 2 in the MNT2

Revelation 2 in the MRS1T

Revelation 2 in the NAA

Revelation 2 in the NASB

Revelation 2 in the NBLA

Revelation 2 in the NBS

Revelation 2 in the NBVTP

Revelation 2 in the NET2

Revelation 2 in the NIV11

Revelation 2 in the NNT

Revelation 2 in the NNT2

Revelation 2 in the NNT3

Revelation 2 in the PDDPT

Revelation 2 in the PFNT

Revelation 2 in the RMNT

Revelation 2 in the SBIAS

Revelation 2 in the SBIBS

Revelation 2 in the SBIBS2

Revelation 2 in the SBICS

Revelation 2 in the SBIDS

Revelation 2 in the SBIGS

Revelation 2 in the SBIHS

Revelation 2 in the SBIIS

Revelation 2 in the SBIIS2

Revelation 2 in the SBIIS3

Revelation 2 in the SBIKS

Revelation 2 in the SBIKS2

Revelation 2 in the SBIMS

Revelation 2 in the SBIOS

Revelation 2 in the SBIPS

Revelation 2 in the SBISS

Revelation 2 in the SBITS

Revelation 2 in the SBITS2

Revelation 2 in the SBITS3

Revelation 2 in the SBITS4

Revelation 2 in the SBIUS

Revelation 2 in the SBIVS

Revelation 2 in the SBT

Revelation 2 in the SBT1E

Revelation 2 in the SCHL

Revelation 2 in the SNT

Revelation 2 in the SUSU

Revelation 2 in the SUSU2

Revelation 2 in the SYNO

Revelation 2 in the TBIAOTANT

Revelation 2 in the TBT1E

Revelation 2 in the TBT1E2

Revelation 2 in the TFTIP

Revelation 2 in the TFTU

Revelation 2 in the TGNTATF3T

Revelation 2 in the THAI

Revelation 2 in the TNFD

Revelation 2 in the TNT

Revelation 2 in the TNTIK

Revelation 2 in the TNTIL

Revelation 2 in the TNTIN

Revelation 2 in the TNTIP

Revelation 2 in the TNTIZ

Revelation 2 in the TOMA

Revelation 2 in the TTENT

Revelation 2 in the UBG

Revelation 2 in the UGV

Revelation 2 in the UGV2

Revelation 2 in the UGV3

Revelation 2 in the VBL

Revelation 2 in the VDCC

Revelation 2 in the YALU

Revelation 2 in the YAPE

Revelation 2 in the YBVTP

Revelation 2 in the ZBP