Revelation 21 (BOTLNT)

1 Mme ka bona lefatshe le lesha (go sena mawatle!) le legodimo le lesha, gonne lefatshe le legodimo la pele di ne di nyeletse. 2 Mme nna, Johane ka bona motse o o Boitshepo, Jerusalema yo mosha, a fologa kwa legodimong a tswa kwa Modimong. E ne e le pono e e galalelang a le montle jaaka monyadiwa kwa lonyalong lwa gagwe. 3 Mme ka utlwa lentswe le tlhaeletsa le tswa kwa setilong sa Bogosi le re, “Bonang bonno jwa Modimo jaanong bo mo bathong, mme o tlaa nna le bone mme ba tlaa nna batho ba One; ee, Modimo ka bo one o tlaa nna mo go bone. 4 O tlaa phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme ga go kitla go tlhola go nna le loso, kgotsa bohutsana kgotsa selelo kgotsa kutlobotlhoko. Tsotlhe di nyeleletse ruri.” 5 Mme yo o ntseng mo setilong sa bogosi a re, “Bona, ke shafatsa dilo tsotlhe!” Mme a nthaya a re, “Kwala se, gonne se ke se go bolelelang se boikanyo le boammaaruri! 6 Go fedile! Ke nna Alefa le Omega, Tshimologo le Bokhutlo. Ke tlaa naya ba ba nyorilweng metswedi ya metse a botshelo, e le mpho! 7 Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa rua masego a otlhe, mme ke tlaa nna Modimo wa gagwe le ene o tlaa nna morwaake. 8 Mme magatlapa a a mphuralelang, le ba ba sa ikanyegeng mo go nna le ba ba bodileng, ke babolai, baitshekologi, ba ba buang le mewa e e maswe, le baobamedi ba medimo ya disetswa le baaki botlhe, tatlhego ya bone e mo lecheng le le tukang ka molelo le sebabole. Se ke loso lwa bobedi.” 9 Mme mongwe wa baengele ba ba supang, ba ba neng ba tsholola megotswana e e neng e na le dipetso tsa bofelo, a tla mme a nthaya a re, “Ntshala morago mme ke tlaa go supegetsa monyadiwa, mosadi wa ga Kwana.” 10 Mo ponatshegelong a ntseela kwa setlhoweng sa thaba e e goletseng kwa godimo mme ya re ke le mo go yone ka lebelela motse oo wa Jerusalema yo o Boitshepo, o fologa kwa legodimong o tswa kwa Modimong. 11 O ne o tletse kgalalelo ya Modimo mme o phatsima jaaka lentswe le le botlhokwa, legakwa le le phepa jaaka jasepara. 12 Dipota tsa one di ne di atlhame di goletse kwa godimo di na le dikgoro di le lesome le bobedi di disitswe ke baengele ba le lesome le bobedi. Mme maina a ditso di le lesome le bobedi tsa merafe ya Iseraele a bo a kwadilwe mo dikgorong. 13 Go ne go na le dikgoro di le tharo mo ntlheng nngwe le nngwe, bokone, borwa, botlhaba le bophirimatsatsi. 14 Dipota di ne di na le maje a motheo a le lesome le bobedi, mme mo go one ga bo go kwadilwe maina a baaposetoloi ba ba lesome le bobedi ba ga Kwana. 15 Mme moengele a bo a tshotse selekanyo sa gauta go lekanya motse le dikgoro tsa one le dipota. 16 Mme e rile a lekanya, a fitlhela o lekalekana; tota boleele jwa one bo ne bo lekana le boatlhamo, gonne go tsholetsega ga one go ne go lekana le boleele le bophara jwa one, e le dimaele di le sekete le makgolo a matlhano. 17 A lekanya bokima jwa dipota mme a fitlhela di le selekanyo sa dikgato di le makgolo a mabedi le lesome le borataro, go kgabaganya, (mme moengele a mpiletsa dilekanyo tse, a dirisa molao wa go lekanya dilo). 18 18-19 Motse ka bo one o ne o itshekile o galalela jaaka galase ya gauta! Dipota di ne di dirilwe ka jasepera, mme di agilwe mo dithakong tse di lesome le bobedi tsa maje a motheo o o neng o kgabisitswe ka majana a botlhokwa. Mme motheo wa ntlha e ne e le jasepera; wa botlhano e le Saredonukese; 20 wa borataro e le Saredise; wa bosupa e le Kerusolete; wa bofera bobedi e le berile; boferabongwe e le topase; wa lesome e le Kerusaperase; wa lesome le bongwe e le Yakinithe; wa lesome le bobedi e le Amethuseta: 21 Dikgoro tse di lesome le bobedi di ne di dirilwe ka diperela, kgoro nngwe le nngwe e dirilwe ka perela e le nngwe! Mme mmila o mo tona o ne o dirilwe ka gauta e e galalelang, jaaka galase. 22 Go ne go sena tempele epe e e bonalang mo motsing, gonne Morena Modimo Mothatayotlhe le Kwana ke bone tempele ya motse oo. 23 Mme motse ga o tlhoke letsatsi kgotsa ngwedi go o bonessa gonne kgalalelo ya Modimo le ya ga Kwana di a o bonesa. 24 Lesedi la one le tlaa bonesa dichaba tsa lefatshe, mme babusi ba lefatshe ba tlaa tla ba o leretse kgalalelo. 25 Dikgoro tsa one ga di ke di tswalwa di nna di butswe letsatsi lotlhe, ebile ga go na bosigo! 26 Mme kgalalelo le tlotlo ya dichaba tsotlhe di tlaa tlisiwa mo go one. 27 Ga go na sepe se se bosula se se tlaa letlelelwang mo go one, ke raya le fa e le yo o boitshekologo kgotsa yo o sa ikanyegeng, mme fa e se fela ba maina a bone a kwadilweng mo Lokwalong lwa Botshelo lwa ga Kwana.

In Other Versions

Revelation 21 in the ANGEFD

Revelation 21 in the ANTPNG2D

Revelation 21 in the AS21

Revelation 21 in the BAGH

Revelation 21 in the BBPNG

Revelation 21 in the BBT1E

Revelation 21 in the BDS

Revelation 21 in the BEV

Revelation 21 in the BHAD

Revelation 21 in the BIB

Revelation 21 in the BLPT

Revelation 21 in the BNT

Revelation 21 in the BNTABOOT

Revelation 21 in the BNTLV

Revelation 21 in the BOATCB

Revelation 21 in the BOATCB2

Revelation 21 in the BOBCV

Revelation 21 in the BOCNT

Revelation 21 in the BOECS

Revelation 21 in the BOGWICC

Revelation 21 in the BOHCB

Revelation 21 in the BOHCV

Revelation 21 in the BOHLNT

Revelation 21 in the BOHNTLTAL

Revelation 21 in the BOICB

Revelation 21 in the BOILNTAP

Revelation 21 in the BOITCV

Revelation 21 in the BOKCV

Revelation 21 in the BOKCV2

Revelation 21 in the BOKHWOG

Revelation 21 in the BOKSSV

Revelation 21 in the BOLCB

Revelation 21 in the BOLCB2

Revelation 21 in the BOMCV

Revelation 21 in the BONAV

Revelation 21 in the BONCB

Revelation 21 in the BONLT

Revelation 21 in the BONUT2

Revelation 21 in the BOPLNT

Revelation 21 in the BOSCB

Revelation 21 in the BOSNC

Revelation 21 in the BOVCB

Revelation 21 in the BOYCB

Revelation 21 in the BPBB

Revelation 21 in the BPH

Revelation 21 in the BSB

Revelation 21 in the CCB

Revelation 21 in the CUV

Revelation 21 in the CUVS

Revelation 21 in the DBT

Revelation 21 in the DGDNT

Revelation 21 in the DHNT

Revelation 21 in the DNT

Revelation 21 in the ELBE

Revelation 21 in the EMTV

Revelation 21 in the ESV

Revelation 21 in the FBV

Revelation 21 in the FEB

Revelation 21 in the GGMNT

Revelation 21 in the GNT

Revelation 21 in the HARY

Revelation 21 in the HNT

Revelation 21 in the IRVA

Revelation 21 in the IRVB

Revelation 21 in the IRVG

Revelation 21 in the IRVH

Revelation 21 in the IRVK

Revelation 21 in the IRVM

Revelation 21 in the IRVM2

Revelation 21 in the IRVO

Revelation 21 in the IRVP

Revelation 21 in the IRVT

Revelation 21 in the IRVT2

Revelation 21 in the IRVU

Revelation 21 in the ISVN

Revelation 21 in the JSNT

Revelation 21 in the KAPI

Revelation 21 in the KBT1ETNIK

Revelation 21 in the KBV

Revelation 21 in the KJV

Revelation 21 in the KNFD

Revelation 21 in the LBA

Revelation 21 in the LBLA

Revelation 21 in the LNT

Revelation 21 in the LSV

Revelation 21 in the MAAL

Revelation 21 in the MBV

Revelation 21 in the MBV2

Revelation 21 in the MHNT

Revelation 21 in the MKNFD

Revelation 21 in the MNG

Revelation 21 in the MNT

Revelation 21 in the MNT2

Revelation 21 in the MRS1T

Revelation 21 in the NAA

Revelation 21 in the NASB

Revelation 21 in the NBLA

Revelation 21 in the NBS

Revelation 21 in the NBVTP

Revelation 21 in the NET2

Revelation 21 in the NIV11

Revelation 21 in the NNT

Revelation 21 in the NNT2

Revelation 21 in the NNT3

Revelation 21 in the PDDPT

Revelation 21 in the PFNT

Revelation 21 in the RMNT

Revelation 21 in the SBIAS

Revelation 21 in the SBIBS

Revelation 21 in the SBIBS2

Revelation 21 in the SBICS

Revelation 21 in the SBIDS

Revelation 21 in the SBIGS

Revelation 21 in the SBIHS

Revelation 21 in the SBIIS

Revelation 21 in the SBIIS2

Revelation 21 in the SBIIS3

Revelation 21 in the SBIKS

Revelation 21 in the SBIKS2

Revelation 21 in the SBIMS

Revelation 21 in the SBIOS

Revelation 21 in the SBIPS

Revelation 21 in the SBISS

Revelation 21 in the SBITS

Revelation 21 in the SBITS2

Revelation 21 in the SBITS3

Revelation 21 in the SBITS4

Revelation 21 in the SBIUS

Revelation 21 in the SBIVS

Revelation 21 in the SBT

Revelation 21 in the SBT1E

Revelation 21 in the SCHL

Revelation 21 in the SNT

Revelation 21 in the SUSU

Revelation 21 in the SUSU2

Revelation 21 in the SYNO

Revelation 21 in the TBIAOTANT

Revelation 21 in the TBT1E

Revelation 21 in the TBT1E2

Revelation 21 in the TFTIP

Revelation 21 in the TFTU

Revelation 21 in the TGNTATF3T

Revelation 21 in the THAI

Revelation 21 in the TNFD

Revelation 21 in the TNT

Revelation 21 in the TNTIK

Revelation 21 in the TNTIL

Revelation 21 in the TNTIN

Revelation 21 in the TNTIP

Revelation 21 in the TNTIZ

Revelation 21 in the TOMA

Revelation 21 in the TTENT

Revelation 21 in the UBG

Revelation 21 in the UGV

Revelation 21 in the UGV2

Revelation 21 in the UGV3

Revelation 21 in the VBL

Revelation 21 in the VDCC

Revelation 21 in the YALU

Revelation 21 in the YAPE

Revelation 21 in the YBVTP

Revelation 21 in the ZBP