Romans 12 (BOTLNT)
1 Ke gone, bagaetsho, ke a lo rapela gore lo neele Modimo mebele ya lona. A mebele ya lona e nne setlhabelo se se tshelang, e le boitshepo, e le mofuta o Modimo o ka o amogelang. Fa lo akanya kaga se o se lo diretseng, a lo fitlhela e le gore se o se lopang se segolo thata. 2 Se gapiweng ke mokgwa le ngwao ya lefatshe leno, mme nnang batho ba basha ba ba pharologanyo ba na le maikutlo a masha mo go tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di akanyang. Mme lo tlaa itemogela ka fa ditsela tsa Modimo di tlaa lo itumedisang ka teng. 3 Jaaka morongwa wa Modimo ke neela mongwe le mongwe wa lona tlhagiso ya Modimo: Ikanyegeng mo go kaeng seemo sa lona mo Modimong, lo lekanya letlotlo la lona gore Modimo o le lo neetse ka tumelo e e selekanyo se kae. 4 4-5 Fela jaaka go na le ditokololo di le dintsi mo mebeleng ya rona, mmele wa ga Keresete o ntse fela jalo. Rotlhe re ditokololo tsa one, mme go raya gore rotlhe fa re kopanye re dira mmele o o feletseng, gonne mongwe le mongwe wa rona o na le tiro e e farologanyeng go e dira. Jalo he, re ruanye, mongwe le mongwe o tlhokana le ba bangwe. 6 Modimo o neetse mongwe le mongwe wa rona nonofo go dira dilo dingwe sentle. Jalo fa Modimo o go neetse nonofo ya go porofesa dira jalo fa go kgonega ka dinako tsotlhe tse tumelo ya gago e nonofileng go amogela molaetsa o o tswang kwa Modimong. 7 Fa e le gore neo ya gago ke ya go direla batho sentle, ba direle sentle. Fa o le moruti, dira tiro e ntle ya go ruta. 8 Fa o le moreri, bona gore dithero tsa gago di nonofile di bile di na le thuso. Fa Modimo o go file madi, nna pelotshweu mo go thuseng ba bangwe ka one. Fa Modimo o go file nonofo ya go laola ebile o go dirile motlhokomedi wa tiro ya ba bangwe, tsaya tiro eo ya boikarabelo ka tlhwaafalo. Ba ba gomotsang ba ba hutsahetseng ba tshwanetse go dira jalo ka lorato lwa Sekeresete. 9 Se ipeye fela jaaka o ka re o rata ba bangwe: Ba rate ka boammaaruri. Ila se se sa siamang. Ema le bomolemo. 10 Ratang ka lorato lwa sekaulengwe lo bo lo itumelelane mo go tlotlaneng. 11 Se nneng ditshwakga mo tirong ya lona mme direlang Modimo ka tlhwaafalo. 12 Itumeleleng gotlhe mo Modimo o go lo baakanyetsang. Nnang pelotelele mo mathateng, lo bo lo nne mo thapelong malatsi otlhe. 13 Fa bana ba Modimo ba tlhoka, a e nne wena o ba thusang. O bo o itlwaetse mokgwa wa go nna o laletsa baeng dijo kwa lapeng la gago, kgotsa le fa ba tlhoka boroko o ba bo neye. 14 Fa mongwe a go sotla ka ntlha ya gore o Mokeresete, se mo hutse; mo rapelele gore Modimo o mo segofatse. 15 Fa ba bangwe ba itumetse, itumele nabo. Fa ba utlwile botlhoko, utlwa botlhoko nabo. 16 Dirisanyang ka boitumelo. Se lekeng go ikgodisa. Se lekeng go ithatisa batho ba maemo a a kwa godimo, mme itumeleleng go nna mo lesomong la batho ba ba kwa tlase. Le gone lo seka lwa ikgopola gore lo botlhale. 17 Se busoloseng bosula ka bosula. Dirang dilo ka tsela e e leng gore mongwe le mongwe o ka bona gore lo ikanyega mo go tsone. 18 Se omaneng le ope. Nnang kagiso le mongwe le mongwe, ka fa nonofong ya lona. 19 Bagaetsho ba ba rategang, se ipusolosetseng. Tlogelang moo mo Modimong, gonne o rile o tlaa duela ba ba tshwanetsweng ke tuelo. (Se itseeleng molao ka mabogo a lona). 20 Mo boemong jwa go dira jalo, fa mmaba wa gago a bolailwe ke tlala, mo fe dijo. Fa a tshwerwe ke lenyora mo nose, ka go dira jalo, o tlaa bo o “Tlhatlaganya magala a molelo mo tlhogong ya gagwe.” Ka mafoko a mangwe o tlaa itlhabelwa ke ditlhong ka ntlha ya se a se go diretseng. 21 Se dumeleng go fenngwa ke bosula mme fenyang bosula ka go dira tshiamo.
In Other Versions
Romans 12 in the ANGEFD
Romans 12 in the ANTPNG2D
Romans 12 in the AS21
Romans 12 in the BAGH
Romans 12 in the BBPNG
Romans 12 in the BBT1E
Romans 12 in the BDS
Romans 12 in the BEV
Romans 12 in the BHAD
Romans 12 in the BIB
Romans 12 in the BLPT
Romans 12 in the BNT
Romans 12 in the BNTABOOT
Romans 12 in the BNTLV
Romans 12 in the BOATCB
Romans 12 in the BOATCB2
Romans 12 in the BOBCV
Romans 12 in the BOCNT
Romans 12 in the BOECS
Romans 12 in the BOGWICC
Romans 12 in the BOHCB
Romans 12 in the BOHCV
Romans 12 in the BOHLNT
Romans 12 in the BOHNTLTAL
Romans 12 in the BOICB
Romans 12 in the BOILNTAP
Romans 12 in the BOITCV
Romans 12 in the BOKCV
Romans 12 in the BOKCV2
Romans 12 in the BOKHWOG
Romans 12 in the BOKSSV
Romans 12 in the BOLCB
Romans 12 in the BOLCB2
Romans 12 in the BOMCV
Romans 12 in the BONAV
Romans 12 in the BONCB
Romans 12 in the BONLT
Romans 12 in the BONUT2
Romans 12 in the BOPLNT
Romans 12 in the BOSCB
Romans 12 in the BOSNC
Romans 12 in the BOVCB
Romans 12 in the BOYCB
Romans 12 in the BPBB
Romans 12 in the BPH
Romans 12 in the BSB
Romans 12 in the CCB
Romans 12 in the CUV
Romans 12 in the CUVS
Romans 12 in the DBT
Romans 12 in the DGDNT
Romans 12 in the DHNT
Romans 12 in the DNT
Romans 12 in the ELBE
Romans 12 in the EMTV
Romans 12 in the ESV
Romans 12 in the FBV
Romans 12 in the FEB
Romans 12 in the GGMNT
Romans 12 in the GNT
Romans 12 in the HARY
Romans 12 in the HNT
Romans 12 in the IRVA
Romans 12 in the IRVB
Romans 12 in the IRVG
Romans 12 in the IRVH
Romans 12 in the IRVK
Romans 12 in the IRVM
Romans 12 in the IRVM2
Romans 12 in the IRVO
Romans 12 in the IRVP
Romans 12 in the IRVT
Romans 12 in the IRVT2
Romans 12 in the IRVU
Romans 12 in the ISVN
Romans 12 in the JSNT
Romans 12 in the KAPI
Romans 12 in the KBT1ETNIK
Romans 12 in the KBV
Romans 12 in the KJV
Romans 12 in the KNFD
Romans 12 in the LBA
Romans 12 in the LBLA
Romans 12 in the LNT
Romans 12 in the LSV
Romans 12 in the MAAL
Romans 12 in the MBV
Romans 12 in the MBV2
Romans 12 in the MHNT
Romans 12 in the MKNFD
Romans 12 in the MNG
Romans 12 in the MNT
Romans 12 in the MNT2
Romans 12 in the MRS1T
Romans 12 in the NAA
Romans 12 in the NASB
Romans 12 in the NBLA
Romans 12 in the NBS
Romans 12 in the NBVTP
Romans 12 in the NET2
Romans 12 in the NIV11
Romans 12 in the NNT
Romans 12 in the NNT2
Romans 12 in the NNT3
Romans 12 in the PDDPT
Romans 12 in the PFNT
Romans 12 in the RMNT
Romans 12 in the SBIAS
Romans 12 in the SBIBS
Romans 12 in the SBIBS2
Romans 12 in the SBICS
Romans 12 in the SBIDS
Romans 12 in the SBIGS
Romans 12 in the SBIHS
Romans 12 in the SBIIS
Romans 12 in the SBIIS2
Romans 12 in the SBIIS3
Romans 12 in the SBIKS
Romans 12 in the SBIKS2
Romans 12 in the SBIMS
Romans 12 in the SBIOS
Romans 12 in the SBIPS
Romans 12 in the SBISS
Romans 12 in the SBITS
Romans 12 in the SBITS2
Romans 12 in the SBITS3
Romans 12 in the SBITS4
Romans 12 in the SBIUS
Romans 12 in the SBIVS
Romans 12 in the SBT
Romans 12 in the SBT1E
Romans 12 in the SCHL
Romans 12 in the SNT
Romans 12 in the SUSU
Romans 12 in the SUSU2
Romans 12 in the SYNO
Romans 12 in the TBIAOTANT
Romans 12 in the TBT1E
Romans 12 in the TBT1E2
Romans 12 in the TFTIP
Romans 12 in the TFTU
Romans 12 in the TGNTATF3T
Romans 12 in the THAI
Romans 12 in the TNFD
Romans 12 in the TNT
Romans 12 in the TNTIK
Romans 12 in the TNTIL
Romans 12 in the TNTIN
Romans 12 in the TNTIP
Romans 12 in the TNTIZ
Romans 12 in the TOMA
Romans 12 in the TTENT
Romans 12 in the UBG
Romans 12 in the UGV
Romans 12 in the UGV2
Romans 12 in the UGV3
Romans 12 in the VBL
Romans 12 in the VDCC
Romans 12 in the YALU
Romans 12 in the YAPE
Romans 12 in the YBVTP
Romans 12 in the ZBP