Romans 15 (BOTLNT)

1 1-2 Le fa re dumela gore ga go dire pha rologanyo epe mo Moreneng fa re dira dilo tse, le fa go ntse jalo ga re na go tswelela pele re dira re iitumedisa; gonne re tshwanetse go rwala “mokgweleo” wa go akanyetsa dipelaelo le dipoifo tsa ba bangwe, tsa ba ba bonang gore dilo tse ga di a siama. A re itumediseng yo mongwe, e seng rona, re bo re dire se se tshwanetseng tshiamo ya gagwe gore re mo age mo Moreneng. 3 Keresete ga a ise a ke a iitumedise. Jaaka Mopesalema a rile, “O tletse one maikaelelo a go bogisiwa ke matlhapa a ba ba kgatlhanong le Morena.” 4 Dilo tse, tse di neng di kwadilwe mo Dikwalong bogologolo di tshwanetse go re ruta bopelo-telele le go re kgothatsa, gore re tle re tlhome mogopolo kwa pele re solofetse nako ya fa Modimo o tlaa bong o fenya sebe le loso. 5 A Modimo o o nayang bopelotelele, boiketlo, le kgothatso o lo thuse gore lo tshedisanye ka kutlwano, mongwe le mongwe mo go yo mongwe ka mokgwa wa ga Keresete. 6 Ke gone rotlhe re ka galaletsang Morena mmogo ka lentswe le le lengwe fela, re galaletsa Modimo, Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete. 7 Jalo he, amogelanang ka boitumelo mo phuthegong, fela jaaka Keresete a lo amogetse ka boitumelo; ke gone Modimo o tlaa galalediwang. 8 Gakologelwang gore Jesu Keresete o tletse go supa gore Modimo o boammaaruri mo ditsholofe-tsong tsa one le go thusa Bajuta. 9 Gape gakologe-lwang gore o tletse le gore Badichaba ba bolokwe mme ba galaletse Modimo ka ntlha ya kutlwelo botlhoko ya one mo go bone. Ke sone se Mopesalema a neng a se raya fa a kwala a re, “Ke tlaa go galaletsa mo go Badichaba, ke bo ke baka leina la gago.” 10 Mme o buile mo felong gongwe a re, “Itumeleng, lona Badichaba, mmogo le batho ba one Bajuta.” 11 Mme gape a re, “Galaletsang Morena, lona Badichaba, a mongwe le mongwe a mo galaletse.” 12 Le moporofiti Isaia o rile, “go tlaa nna morua-boswa mo lotsong lwa ga Jesu, mme o tlaa nna Kgosi ya Badichaba; ba tlaa solofela mo go ene a le nosi.” 13 Jalo ke a lo rapelela Badichaba gore Modimo o o lo nayang tsholofelo o tle o lo itumedise o lo tlatse ka kagiso fa lo ntse lo dumela mo go one. Ke rapela gore Modimo o lo thuse gore lo tlale tsholofelo mo go one ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo mo go lona. 14 Ke itse gore lo botlhale ebile lo molemo, bagaetsho, le gore lo itse dilo tse sentle thata mo e leng gore lo kgona go ruta bangwe ka ga tsone. 15 15-16 Mme fela jalo ke ntse ke na le bosena-poifo go gatelela mangwe a mabaka a, ke itse gore gotlhe mo lo go tlhokang ke yone kgakololo e, e e tswang mo go nna; gonne ka ntlha ya tshegofatso ya Modimo ke morongwa wa botlhokwa go tswa mo go Jesu Keresete go ya kwa go lona Badichaba, ke lo leretse Mafoko a a Molemo ebile ke lo ntsha jaaka setlhabelo se se lebosegang mo Modimong; gonne lo ntlafaditswe lwa ba lwa dirwa go mo itumedisa ka Mowa O O Boitshepo. 17 Jalo go ntshiametse go ipelafatsa go le gonnye kaga se Keresete Jesu o se dirileng ka nna. 18 Ke na le poifo go bua sentle thata ka fa a dirisitseng ba bangwe ka teng, mme legale ke itse se fela; o ntirisitse go gapela Badichaba mo Modimong. 19 Ke ba gapile ka molaetsa wa me le ka tsela e e molemo e ke neng ke itshotse mo go bone ka yone, le ka dikgakgamatso tse di dirilweng ka nna e le ditshupo tse di tswang kwa Modimong, tsotlhe fela e le ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo. Ka yone tsela e, ke rerile mafoko a a Molemo a a tletseng a ga Keresete mo tseleng yotlhe go tsweng kwa Jerusalema go fitlha kwa Ilirikama. 20 Mme legale mo lobakeng lo lotlhe, maikaelelo a me e ntse e le go re ke fetele kwa pele, ke rere kwa leina la ga Keresete le iseng le ke le utlwale teng, go na le go rera kwa phuthego e setseng e simolotswe ke mongwe teng. 21 Ke ntse ke setse morago leano la ga Keresete le le buiwang mo dikwalong mo Isaia a reng, “Ba ba iseng ba ke ba bo ba utlwe kaga leina la ga Keresete pele ba tlaa bona ebile ba tlaa tlhaloganya.” 22 Tota, leo ke lone lebaka le ke ntseng ke sa lo etele ka lone. 23 Mme legale jaanong ke feditse tiro ya me fano, ke setse ke siametse go tla jaanong morago ga dingwaga tse tsotlhe tsa tetelo. 24 Gonne ke ikaelela go ya kwa Sepaina, mme fa ke ya teng, ke tlaa ema mo Roma; mme fa re sena go nna mmogo ka lobakanyana ke gone lo ka ntetlelelang go tswelela pele le mosepele wa me. 25 Mme pele ga ke tla koo, ke tshwanetse go fologela kwa Jerusalema ke isa mpho kwa Bakereseteng ba teng ba Sejuta. 26 Gonne lo bona gore Bakeresete ba Masedonia le Akaia ba ntsheditse Bakeresete ba Jerusalema ba ba mo mathateng mpho. 27 Ba ne ba itumela thata go dira jaana, gonne ba ne ba ikutlwa gore ba kolota Bakeresete ba Jerusalema. Ka go reng? Gonne dikgang kaga Keresete di tsile kwa go bone di tswa kwa phuthegong e e mo Jerusalema. Mme ka ba amogetse neo e ntle e ya semowa ya Mafoko a a Molemo mo go bone, ba bona gore bonnyennyane jo le bone ba ka bo ba direlang ke go ba fa thuso ya tse di tlhokwang ke nama. 28 E tlaa re fela ke sena go gorosa madi a, le go fetsa tiro e ya bone e e molemo, ke tlaa tla go lo bona ke le mo tseleng ya me ya go ya Sepaina. 29 Mme ke tlhomamisa gore e tlaa re fa ke tla, ke lo tlele lesego le legolo le le tswang mo Moreneng. 30 A lo tlaa nna barapedi mmogo le nna? Ka ntlha ya Morena Jesu Keresete, le ka ntlha ya ka fa lo nang le lorato mo go nna ka teng, lo lo lo neetsweng ke Mowa O O Boitshepo, nthapedisang thata mo tirong ya me. 31 Rapelelang gore ke sirelediwe mo Jerusalema mo go ba e seng Bakeresete. Rapelelang gape gore Bakeresete ba teng ba itumelele go amogela madi a ke a isang kwa go bone. 32 Mme ke tlaa kgona go tla kwa go lona ka pelo e e itumetseng ka go rata ga Modimo, mme ke gone re tlaa ikhutsang mmogo. 33 Mme ke gone a Modimo wa rona, o o re nayang kagiso, o nne le lona lotlhe.Amen.

In Other Versions

Romans 15 in the ANGEFD

Romans 15 in the ANTPNG2D

Romans 15 in the AS21

Romans 15 in the BAGH

Romans 15 in the BBPNG

Romans 15 in the BBT1E

Romans 15 in the BDS

Romans 15 in the BEV

Romans 15 in the BHAD

Romans 15 in the BIB

Romans 15 in the BLPT

Romans 15 in the BNT

Romans 15 in the BNTABOOT

Romans 15 in the BNTLV

Romans 15 in the BOATCB

Romans 15 in the BOATCB2

Romans 15 in the BOBCV

Romans 15 in the BOCNT

Romans 15 in the BOECS

Romans 15 in the BOGWICC

Romans 15 in the BOHCB

Romans 15 in the BOHCV

Romans 15 in the BOHLNT

Romans 15 in the BOHNTLTAL

Romans 15 in the BOICB

Romans 15 in the BOILNTAP

Romans 15 in the BOITCV

Romans 15 in the BOKCV

Romans 15 in the BOKCV2

Romans 15 in the BOKHWOG

Romans 15 in the BOKSSV

Romans 15 in the BOLCB

Romans 15 in the BOLCB2

Romans 15 in the BOMCV

Romans 15 in the BONAV

Romans 15 in the BONCB

Romans 15 in the BONLT

Romans 15 in the BONUT2

Romans 15 in the BOPLNT

Romans 15 in the BOSCB

Romans 15 in the BOSNC

Romans 15 in the BOVCB

Romans 15 in the BOYCB

Romans 15 in the BPBB

Romans 15 in the BPH

Romans 15 in the BSB

Romans 15 in the CCB

Romans 15 in the CUV

Romans 15 in the CUVS

Romans 15 in the DBT

Romans 15 in the DGDNT

Romans 15 in the DHNT

Romans 15 in the DNT

Romans 15 in the ELBE

Romans 15 in the EMTV

Romans 15 in the ESV

Romans 15 in the FBV

Romans 15 in the FEB

Romans 15 in the GGMNT

Romans 15 in the GNT

Romans 15 in the HARY

Romans 15 in the HNT

Romans 15 in the IRVA

Romans 15 in the IRVB

Romans 15 in the IRVG

Romans 15 in the IRVH

Romans 15 in the IRVK

Romans 15 in the IRVM

Romans 15 in the IRVM2

Romans 15 in the IRVO

Romans 15 in the IRVP

Romans 15 in the IRVT

Romans 15 in the IRVT2

Romans 15 in the IRVU

Romans 15 in the ISVN

Romans 15 in the JSNT

Romans 15 in the KAPI

Romans 15 in the KBT1ETNIK

Romans 15 in the KBV

Romans 15 in the KJV

Romans 15 in the KNFD

Romans 15 in the LBA

Romans 15 in the LBLA

Romans 15 in the LNT

Romans 15 in the LSV

Romans 15 in the MAAL

Romans 15 in the MBV

Romans 15 in the MBV2

Romans 15 in the MHNT

Romans 15 in the MKNFD

Romans 15 in the MNG

Romans 15 in the MNT

Romans 15 in the MNT2

Romans 15 in the MRS1T

Romans 15 in the NAA

Romans 15 in the NASB

Romans 15 in the NBLA

Romans 15 in the NBS

Romans 15 in the NBVTP

Romans 15 in the NET2

Romans 15 in the NIV11

Romans 15 in the NNT

Romans 15 in the NNT2

Romans 15 in the NNT3

Romans 15 in the PDDPT

Romans 15 in the PFNT

Romans 15 in the RMNT

Romans 15 in the SBIAS

Romans 15 in the SBIBS

Romans 15 in the SBIBS2

Romans 15 in the SBICS

Romans 15 in the SBIDS

Romans 15 in the SBIGS

Romans 15 in the SBIHS

Romans 15 in the SBIIS

Romans 15 in the SBIIS2

Romans 15 in the SBIIS3

Romans 15 in the SBIKS

Romans 15 in the SBIKS2

Romans 15 in the SBIMS

Romans 15 in the SBIOS

Romans 15 in the SBIPS

Romans 15 in the SBISS

Romans 15 in the SBITS

Romans 15 in the SBITS2

Romans 15 in the SBITS3

Romans 15 in the SBITS4

Romans 15 in the SBIUS

Romans 15 in the SBIVS

Romans 15 in the SBT

Romans 15 in the SBT1E

Romans 15 in the SCHL

Romans 15 in the SNT

Romans 15 in the SUSU

Romans 15 in the SUSU2

Romans 15 in the SYNO

Romans 15 in the TBIAOTANT

Romans 15 in the TBT1E

Romans 15 in the TBT1E2

Romans 15 in the TFTIP

Romans 15 in the TFTU

Romans 15 in the TGNTATF3T

Romans 15 in the THAI

Romans 15 in the TNFD

Romans 15 in the TNT

Romans 15 in the TNTIK

Romans 15 in the TNTIL

Romans 15 in the TNTIN

Romans 15 in the TNTIP

Romans 15 in the TNTIZ

Romans 15 in the TOMA

Romans 15 in the TTENT

Romans 15 in the UBG

Romans 15 in the UGV

Romans 15 in the UGV2

Romans 15 in the UGV3

Romans 15 in the VBL

Romans 15 in the VDCC

Romans 15 in the YALU

Romans 15 in the YAPE

Romans 15 in the YBVTP

Romans 15 in the ZBP