Romans 4 (BOTLNT)

1 1-2 Aberahame fa re bua ka fa nameng, re ka re ke mosimolodi wa sechaba sa Sejuta. Maitemogelo a gagwe kaga potso e ya go bolokwa ka tumelo e ne e le eng? A Modimo o ne wa mo amogela ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di molemo? Fa e le gore go ntse jalo, o ne a ka nna le sengwe se a ipelafatsang ka sone. Mme mo mogopolong wa Modimo, Aberahame o ne a sena sepe se a ka ipelafatsang ka sone. 3 Gonne dikwalo di re bolelela gore Aberahame o ne a dumela Modimo, mme ke sone se Modimo o neng wa phimola dibe tsa gagwe wa mo supa gore “ga a na molato”. 4 4-5 A mme ga a a ka a bona tshwanelo ya gagwe go ya kwa legodimong ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di molemo tse a di dirileng? Nnyaa, gonne go bolokwa, ke mpho; fa e le gore motho o ne a ka e bona ka go e fufulela, mme e ne e ka seka ya nna mpho fela ntswa tota e le mpho fela! E newa ba ba sa e fufuleleng: Gonne Modimo o supa baleofi ba le molemo mo ponong ya one fa ba na le tumelo mo go Keresete go ba boloka mo bogaleng jwa Modimo. 6 Kgosi Dafide o buile ka sone selo se, fa a tlhalosa boitumelo jwa moleofi yo o neng a sa bo tshwanela pele ga a supiwa a “sena molato” ke Modimo. 7 O ne a re, “Go sego ba ba itshwaretsweng dibe ebile di tlositswe mo matlhong a bone. 8 Ee, go boitumelo thata jang mo mothong yo dibe tsa gagwe a sa tlholeng a di balelwa ke Morena.” 9 Jaanong he, potso ke gore: A lesego le le neelwa fela ba ba dumelang mo go Keresete ebile ba boloka melao ya Sejuta, kgotsa le neelwa le ba ba sa bolokeng melao ya Sejuta, mme ba ikanya Keresete fela. Mme he, ra reng kaga Aberahame? Ra re o amogetse masego a ka tumelo ya gagwe. A e ne e le ka tumelo fela? Kgotsa a e ne e le ka ntlha ya gore le ene o ne a boloka melao ya Sejuta? 10 Mo go arabeng potso eo, arabang e: Modimo o neetse Aberahame masego a leng? O a mo neetse pele ga a nna Mojuta, pele ga a tsena mo modirong wa thupiso ya Sejuta. 11 Erile Modimo o sena go solofetsa go mo segofatsa ka ntlha ya tumelo ya gagwe, a rupisiwa. Sekao sa thupiso e ne e le sesupo sa gore Aberahame o ne a setse a na le tumelo le gore Modimo o ne o setse o mo amogetse o mo supile fa a le tshiamo mo ponong ya one pele ga modiro wa thupiso o diragala. Jalo Aberahame ke rara wa semowa wa ba ba dumelang mme ba bolokwa kwa ntle ga go tshegetsa melao ya Sejuta. Re a bona, jaanong gore ba ba sa tshegetseng melao e, ba siamisiwa ke Modimo ka tumelo. 12 Gape Aberahame ke rara wa semowa wa Bajuta ba ba rupisitsweng, gonne Aberahame o ne a bona kutlwelo botlhoko ya Modimo ka ntlha ya tumelo fela, pele ga a rupisiwa. 13 Jaanong go bonala sentle gore tsholofetso e Modimo o neng wa e naya Aberahame ya gore o tlaa mo naya lefatshe lotlhe mmogo le losika lwa gagwe, e ne e se ka ntlha ya gore Aberahame o ne a tshegetsa melao ya Modimo, mme e ne e le ka ntlha ya gore o ne a ikanya Modimo gore o tlaa diragatsa tsholofetso ya one. 14 Mme fa e le gore o sa ntse o re masego a Modimo a ya kwa go ba ba “siameng thata” mme o raya gore ditsholofetso tsa Modimo mo go ba ba nang le tumelo ga di reye sepe, ebile tumelo ke boeleele. 15 Mme boammaaruri ke gore: Fa re leka go nna le lesego le poloko ya Modimo ka go boloka melao ya one re aga re felela mo bogaleng jwa one, gonne re palelwa ke go e tshegetsa malatsi otlhe. Tsela e nngwe fela e re ka ipabalelang ka yone gore re seka ra tlola melao, ke ya gore go seka ga bewa melao, e se re kgotsa ra e tlola. 16 Jalo masego a Modimo re a newa ka tumelo, e le neo fela; re tlhomamisa go nna le one re sala morago ngwao ya Sejuta kgotsa re sa e sale morago fa re na le tumelo e e tshwanang le ya ga Aberahame, gonne Aberahame ke rraa rona rotlhe fa go tla mo dilong tse tsa tumelo. 17 Ke sone se dikwalo di se rayang fa di re Modimo o dirile Aberahame rara wa dichaba tse dintsi. Modimo o tlaa amogela batho botlhe mo dichabeng tsotlhe ba ba o ikanyang jaaka Aberahame a ne a dira. Mme tsholofetso e, e tswa mo Modimong ka bo one, o o dirang gore baswi ba tshele gape, ebile o bua ka ditiragalo tsa malatsi a a tlang ka tlhomamiso e e gagametseng jaaka o ka re di setse di bile di diragetse! 18 Jalo erile fa Modimo o raya Aberahame o re o tlaa mo naya ngwana wa mosimane yo o tlaa nnang ra-merafe e mentsi e bo e nna chaba e tona, Aberahame o ne a dumela Modimo le fa tsholofetso e e ntseng jalo e ne e ka seka ya diragala! 19 Mme ka ntlha ya gore tumelo ya gagwe e ne e nonofile, o ne a seka a tshwenyega kaga lobaka lwa gore o ne a tsofetse thata go ka nna motsadi, ka nako eo o ne a le dingwaga di le lekgolo, le ene Sara mosadi wa gagwe o ne a le dingwaga di le masome a fera bongwe, a tsofetse thata go ka nna le ngwana. 20 Mme Aberahame ga a ise a ke a belaele. O ne a dumela Modimo, gonne tumelo ya gagwe le tshepo di ne di nonofile, mme o ne a galaletsa Modimo, ka masego a, le pele ga a diragala. 21 O ne a tlhomamisa thata gore Modimo o ne o kgona sentle go dira le fa e le eng se o se solofeditseng. 22 Mme ka ntlha ya tumelo ya ga Aberahame Modimo o ne wa mo itshwarela dibe wa mo supa “a sena molato.” 23 Jaanong polelo e ntle e, ya gore o ne a amogelwa a bo a letlelesega ka tumelo ya gagwe, e ne e sa solegele Aberahame molemo a le nosi. 24 Le rona e ne e le ya rona, e re tlhomamisetsa gore Modimo o tlaa re amogela ka yone tsela e o amogetseng Aberahame ka yone, fa re dumela ditsholofetso tsa Modimo o o tsositseng Jesu Morena wa rona mo baswing. 25 O swetse dibe tsa rona mme a tsoga gape go re siamisa mo Modimong a re tlatsa ka tshiamo ya Modimo.

In Other Versions

Romans 4 in the ANGEFD

Romans 4 in the ANTPNG2D

Romans 4 in the AS21

Romans 4 in the BAGH

Romans 4 in the BBPNG

Romans 4 in the BBT1E

Romans 4 in the BDS

Romans 4 in the BEV

Romans 4 in the BHAD

Romans 4 in the BIB

Romans 4 in the BLPT

Romans 4 in the BNT

Romans 4 in the BNTABOOT

Romans 4 in the BNTLV

Romans 4 in the BOATCB

Romans 4 in the BOATCB2

Romans 4 in the BOBCV

Romans 4 in the BOCNT

Romans 4 in the BOECS

Romans 4 in the BOGWICC

Romans 4 in the BOHCB

Romans 4 in the BOHCV

Romans 4 in the BOHLNT

Romans 4 in the BOHNTLTAL

Romans 4 in the BOICB

Romans 4 in the BOILNTAP

Romans 4 in the BOITCV

Romans 4 in the BOKCV

Romans 4 in the BOKCV2

Romans 4 in the BOKHWOG

Romans 4 in the BOKSSV

Romans 4 in the BOLCB

Romans 4 in the BOLCB2

Romans 4 in the BOMCV

Romans 4 in the BONAV

Romans 4 in the BONCB

Romans 4 in the BONLT

Romans 4 in the BONUT2

Romans 4 in the BOPLNT

Romans 4 in the BOSCB

Romans 4 in the BOSNC

Romans 4 in the BOVCB

Romans 4 in the BOYCB

Romans 4 in the BPBB

Romans 4 in the BPH

Romans 4 in the BSB

Romans 4 in the CCB

Romans 4 in the CUV

Romans 4 in the CUVS

Romans 4 in the DBT

Romans 4 in the DGDNT

Romans 4 in the DHNT

Romans 4 in the DNT

Romans 4 in the ELBE

Romans 4 in the EMTV

Romans 4 in the ESV

Romans 4 in the FBV

Romans 4 in the FEB

Romans 4 in the GGMNT

Romans 4 in the GNT

Romans 4 in the HARY

Romans 4 in the HNT

Romans 4 in the IRVA

Romans 4 in the IRVB

Romans 4 in the IRVG

Romans 4 in the IRVH

Romans 4 in the IRVK

Romans 4 in the IRVM

Romans 4 in the IRVM2

Romans 4 in the IRVO

Romans 4 in the IRVP

Romans 4 in the IRVT

Romans 4 in the IRVT2

Romans 4 in the IRVU

Romans 4 in the ISVN

Romans 4 in the JSNT

Romans 4 in the KAPI

Romans 4 in the KBT1ETNIK

Romans 4 in the KBV

Romans 4 in the KJV

Romans 4 in the KNFD

Romans 4 in the LBA

Romans 4 in the LBLA

Romans 4 in the LNT

Romans 4 in the LSV

Romans 4 in the MAAL

Romans 4 in the MBV

Romans 4 in the MBV2

Romans 4 in the MHNT

Romans 4 in the MKNFD

Romans 4 in the MNG

Romans 4 in the MNT

Romans 4 in the MNT2

Romans 4 in the MRS1T

Romans 4 in the NAA

Romans 4 in the NASB

Romans 4 in the NBLA

Romans 4 in the NBS

Romans 4 in the NBVTP

Romans 4 in the NET2

Romans 4 in the NIV11

Romans 4 in the NNT

Romans 4 in the NNT2

Romans 4 in the NNT3

Romans 4 in the PDDPT

Romans 4 in the PFNT

Romans 4 in the RMNT

Romans 4 in the SBIAS

Romans 4 in the SBIBS

Romans 4 in the SBIBS2

Romans 4 in the SBICS

Romans 4 in the SBIDS

Romans 4 in the SBIGS

Romans 4 in the SBIHS

Romans 4 in the SBIIS

Romans 4 in the SBIIS2

Romans 4 in the SBIIS3

Romans 4 in the SBIKS

Romans 4 in the SBIKS2

Romans 4 in the SBIMS

Romans 4 in the SBIOS

Romans 4 in the SBIPS

Romans 4 in the SBISS

Romans 4 in the SBITS

Romans 4 in the SBITS2

Romans 4 in the SBITS3

Romans 4 in the SBITS4

Romans 4 in the SBIUS

Romans 4 in the SBIVS

Romans 4 in the SBT

Romans 4 in the SBT1E

Romans 4 in the SCHL

Romans 4 in the SNT

Romans 4 in the SUSU

Romans 4 in the SUSU2

Romans 4 in the SYNO

Romans 4 in the TBIAOTANT

Romans 4 in the TBT1E

Romans 4 in the TBT1E2

Romans 4 in the TFTIP

Romans 4 in the TFTU

Romans 4 in the TGNTATF3T

Romans 4 in the THAI

Romans 4 in the TNFD

Romans 4 in the TNT

Romans 4 in the TNTIK

Romans 4 in the TNTIL

Romans 4 in the TNTIN

Romans 4 in the TNTIP

Romans 4 in the TNTIZ

Romans 4 in the TOMA

Romans 4 in the TTENT

Romans 4 in the UBG

Romans 4 in the UGV

Romans 4 in the UGV2

Romans 4 in the UGV3

Romans 4 in the VBL

Romans 4 in the VDCC

Romans 4 in the YALU

Romans 4 in the YAPE

Romans 4 in the YBVTP

Romans 4 in the ZBP