1 Corinthians 14 (BOTLNT)

1 A lorato e nne lone maikaelelo a lona a magolo; le fa go ntse jalo, kopang le tsone dineo tsa botlhokwa tse Mowa O O Boitshepo o di nayang mme bogolo thata mpho ya seporofeso, go kgona go rera molaetsa wa Modimo. 2 Mme fa mpho ya gago e le ya go “bua ka diteme,” ke gore go bua ka dipuo tse o iseng o ke o di ithute, o tlaa bo o bua le Modimo e seng le batho ba bangwe, ka gonne ga ba kitla ba kgona go go tlhaloganya. O tlaa bo o bua ka nonofo ya Mowa mme e tlaa bo e le sephiri. 3 Mme yo o porofesang, a rera melaetsa ya Modimo, o thusa ba bangwe go gola mo Moreneng, go ba kgothatsa le go ba gomotsa. 4 Jalo motho yo o “buang ka diteme” o ithusa go gola mo moweng, mme yo o porofesang, a rera melaetsa e e tswang kwa Modimong, o thusa phuthego yotlhe go gola mo boitshepong le mo boitumelong. 5 Ke eletsa fa lotlhe lo ka bo lo na le mpho ya go “bua ka diteme,” mme le e leng go feta foo. Ke eletsa fa lotlhe lo ka bo lo kgona go porofesa, lo rera melaetsa ya Modimo, gonne seo ke nonofo e kgolo e e nang le mosola thata go na le go bua dipuo tse di sa itsiweng, fa e se fela fa o ka bolelela batho botlhe kwa morago gore o ne o rayang, gore le bone polelo ya gago e tle e ba solegele molemo. 6 Ditsala tse di rategang, le fa e le nna ke tla kwa go lona ke bua dipuo tse lo sa di tlhaloganyeng, moo go ka lo thusa ka eng? Mme fa ke bua ka tlhamalalo se Modimo o se ntshenoletseng, ke lo bolelela dilo tse ke di itseng, le se se tlaa diregang le boammaaruri jo bogolo jwa Lefoko la Modimo, seo ke selo se lo se tlhokang; ke sone se se tlaa lo thusang. 7 Le fa e le diletso jaaka phala kgotsa harepa, ke dikai tsa tlhokego ya go bua puo e e utlwalang, go na le go bua ka dipuo tse di sa itsiweng. Gonne ga go ope yo o ka tlhaloganyang modumo o phala e o tshamekang fa e se ntlha nngwe le nngwe ya molodi e utlwala sentle. 8 Mme fa moletsa-phala wa mophato a sa letse phala sentle, masole a tlaa itse jang gore ba bilediwa go ya ntweng. 9 Ka tsela e e ntseng jalo, fa o bua le motho ka puo nngwe e a sa e tlhaloganyeng, o tlaa itse jang gore o rayang? Go ka bo go tshwana fela le motho a bua a le nosi. 10 Ke dumela gore go na le makgolo kgolo a dipuo tse di farologanyeng mo lefatsheng, mme tsotlhe di siametse ba ba di tlhaloganyang, 11 mme mo go nna ga di reye sepe. Motho yo o buang le nna ka nngwe ya dipuo tse o tlaa bo a le moeng mo go nna le nna ke tlaa bo ke le moeng mo go ene. 12 E re ka lo tshwenyegile thata go nna le dimpho tse di faphegileng tse di tswang mo Moweng O O Boitshepo, mo kopeng tse di botoka thata, tse di tlaa nnang le thuso thata mo phuthegong yotlhe. 13 Fa mongwe a neilwe mpho ya go bua ka diteme tse di sa itsiweng, o tshwanetse go rapelela mpho ya go itse se a se buileng gore a tle a kgone go tlhalosetsa batho sentle se a neng a se bua. 14 Gonne fa ke rapela ka puo e ke sa e tlhaloganyeng, mowa wa me o a rapela mme nna ga ke itse se ke se buang. 15 Mme jalo he, ke tlaa dirang? Ke tlaa di dira ka bobedi. Ke tlaa rapela ka diteme tse di sa itsiweng le ka puo fela e mongwe a e tlhaloganyang. Ke tlaa opela ka diteme tse di sa itsegeng le ka puo fela ya gale, gore ke tle ke tlhaloganye pako e ke e opelang; 16 gonne fa o baka ebile o leboga Modimo ka mowa fela, o bua ka loleme lo longwe, ba ba sa go tlhaloganyeng ba ka baka Modimo jang le wena? Ba ka tlhakanela jang tebogo le wena fa ba sa itse gore wa reng? 17 O tlaa bo o leboga sentle thata, fa go belaesega, mme batho ba bangwe ba ba leng teng ga ba kitla ba thusega. 18 Ke leboga Modimo go bo ke “bua ka diteme” mo sephiring go lo gaisa lotlhe. 19 Mme mo kobamelong e e mo pepeneneng ke ka bua mafoko a le matlhano a batho ba ka a tlhaloganyang a bo a ba thusa, go na le mafoko a a dikete di le lesome a a buiwang ka diteme ka puo e e sa itsiweng. 20 Bakaulengwe ba ba rategang, se nneng banyana mo go tlhaloganyeng dilo tse. Nnang banyana fa go logwa maano a bosula, mme lo nne batho ba ba botlhale mo go tlhaloganyeng dilo tsa mofuta o. 21 Re boleletswe mo dikwalong tsa bogologolo gore Modimo o tlaa roma batho go tswa mafatsheng a mangwe go bua ka dipuo tsa seeng mo bathong ba one, mme le fa go ntse jalo ga ba kitla ba reetsa. 22 Jalo a o a bona gore go kgona go “bua ka diteme” ga se sesupo sa bana ba Modimo kaga nonofo ya one, mme ke sesupo mo go ba ba sa bolokwang. Mme le fa go ntse jalo, seporofeso (go rera boammaaruri jo bo tibileng jwa Modimo) ke se Bakeresete ba se tlhokang, mme ba ba sa dumeleng ga ba ise ba go ipaakanyetse. 23 Mme le fa go ntse jalo, fa motho yo o sa bolokwang, a utlwa lotlhe lo bua dipuo tse dingwe, o a tshwanela go akanya gore lo a tsenwa. 24 Mme fa lo porofesa, lo rera Lefoko la Modimo, (le fa tota thero e e ntseng jalo bogolo e le ya badumedi) mme motho yo o sa bolokwang, kgotsa Mokeresete yo mosha a tsena, yo o sa tlhaloganyeng kaga dilo tse, dithero tse tsotlhe di tlaa dira gore a dumele gore ke moleofi, le segakolodi sa gagwe se tlaa tlhajwa ke sengwe le sengwe se a se utlwang. 25 E tlaa re fa a reeditse, dikakanyo tsa gagwe tsa sephiri di tlaa bewa mo pepeneneng mme o tlaa wela fa fatshe ka mangole a obamela Modimo, a bolela gore tota Modimo o teng mo gare ga lona. 26 Jaanong bakaulengwe ba me, a re oketseng se ke se buang. Fa lo kopana, bangwe ba tlaa opela, mongwe o tlaa ruta kgotsa a bolele kitsiso nngwe e Modimo o e mo neileng, kgotsa a bue puo e e sa itsegeng, kgotsa a bolele se yo mongwe a se buang ka puo e e sa itsegeng, mme sengwe le sengwe se se dirwang se tshwanetse go solegela botlhe molemo, le go ba aga mo Moreneng. 27 Go se nne palo e e fetang bobedi kgotsa boraro ya ba ba buang puo e e sa itsegeng, mme gape ba tshwanetse go bua ka go latelana mme mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa go ranola se ba se buang. 28 Mme fa go sena ope yo o ka ranolang, ga ba a tshwanela go buela kwa godimo. Ba tshwanetse go buela kwa tlase le Modimo ka puo e e sa itsegeng mme e seng mo pepeneneng. 29 29-30 Ba babedi kgotsa ba bararo ba ka porofesa ka tatelano fa ba na le mpho eo, ba bangwe botlhe ba reeditse. Mme fa mongwe a porofesa, mongwe o sele a amogela molaetsa kgotsa mogopolo mo Moreneng, yo o buang o tshwanetse go khutlisa puo ya gagwe. 31 Ka tsela e botlhe ba ba nang le mpho ya go porofesa ba ka bua ka tatelano, mme mongwe le mongwe o tlaa ithuta a bo a kgothatsega a bo a thusega. 32 Gakologelwang gore motho yo o nang le molaetsa o o tswang mo Modimong o na le nonofo ya go ikganela kgotsa go emela lobaka lwa gagwe gore lo tle. 33 Modimo ga se one o o ratang gore dilo di nne e seng ka fa thulaganyong le ka tsela e e tenang. O rata kutlwano, mme o e bona mo diphuthegong tsotlhe tse dingwe. 34 Basadi ba tshwanetse go didimala mo dikopanong tsa phuthego. Ga ba a tshwanela go akgela mo puisanyong, gonne ba ba botlana mo banneng jaaka dikwalo le tsone di bolela. 35 Fa ba na le potso go botsa, a ba botse banna ba bone kwa malapeng gonne ga go a siama gore basadi ba bue megopolo ya bone mo dikopanong tsa phuthego. 36 A ga lo dumele? A mme lo akanya gore kitso ya thato ya Modimo e a simologa ebile e felela ka lona Bakorinta? Fa lo rialo, lo a fosa! 37 Lona ba lo reng lo na le mpho ya go porofesa kgotsa nonofo nngwe e e tswang mo Moweng O O Boitshepo lo tshwanetse go nna ba ntlha go lemoga gore se ke se buang ke taolo e e tswang mo Moreneng ka bo ene. 38 Mme fa go na le mongwe yo o santseng a ganetsa, re tla mo tlogela mo boeleeleng jwa gagwe. 39 Jalo badumedi ka nna, eletsang go nna baporofiti gore lo kgone go rera molaetsa wa Modimo sentle; mme lo seka lwa re go phoso go “bua ka diteme,” 40 le fa go ntse jalo, tlhomamisang gore sengwe le sengwe se dirwa sentle mo tshiamong le mo thulaganyong.

In Other Versions

1 Corinthians 14 in the ANGEFD

1 Corinthians 14 in the ANTPNG2D

1 Corinthians 14 in the AS21

1 Corinthians 14 in the BAGH

1 Corinthians 14 in the BBPNG

1 Corinthians 14 in the BBT1E

1 Corinthians 14 in the BDS

1 Corinthians 14 in the BEV

1 Corinthians 14 in the BHAD

1 Corinthians 14 in the BIB

1 Corinthians 14 in the BLPT

1 Corinthians 14 in the BNT

1 Corinthians 14 in the BNTABOOT

1 Corinthians 14 in the BNTLV

1 Corinthians 14 in the BOATCB

1 Corinthians 14 in the BOATCB2

1 Corinthians 14 in the BOBCV

1 Corinthians 14 in the BOCNT

1 Corinthians 14 in the BOECS

1 Corinthians 14 in the BOGWICC

1 Corinthians 14 in the BOHCB

1 Corinthians 14 in the BOHCV

1 Corinthians 14 in the BOHLNT

1 Corinthians 14 in the BOHNTLTAL

1 Corinthians 14 in the BOICB

1 Corinthians 14 in the BOILNTAP

1 Corinthians 14 in the BOITCV

1 Corinthians 14 in the BOKCV

1 Corinthians 14 in the BOKCV2

1 Corinthians 14 in the BOKHWOG

1 Corinthians 14 in the BOKSSV

1 Corinthians 14 in the BOLCB

1 Corinthians 14 in the BOLCB2

1 Corinthians 14 in the BOMCV

1 Corinthians 14 in the BONAV

1 Corinthians 14 in the BONCB

1 Corinthians 14 in the BONLT

1 Corinthians 14 in the BONUT2

1 Corinthians 14 in the BOPLNT

1 Corinthians 14 in the BOSCB

1 Corinthians 14 in the BOSNC

1 Corinthians 14 in the BOVCB

1 Corinthians 14 in the BOYCB

1 Corinthians 14 in the BPBB

1 Corinthians 14 in the BPH

1 Corinthians 14 in the BSB

1 Corinthians 14 in the CCB

1 Corinthians 14 in the CUV

1 Corinthians 14 in the CUVS

1 Corinthians 14 in the DBT

1 Corinthians 14 in the DGDNT

1 Corinthians 14 in the DHNT

1 Corinthians 14 in the DNT

1 Corinthians 14 in the ELBE

1 Corinthians 14 in the EMTV

1 Corinthians 14 in the ESV

1 Corinthians 14 in the FBV

1 Corinthians 14 in the FEB

1 Corinthians 14 in the GGMNT

1 Corinthians 14 in the GNT

1 Corinthians 14 in the HARY

1 Corinthians 14 in the HNT

1 Corinthians 14 in the IRVA

1 Corinthians 14 in the IRVB

1 Corinthians 14 in the IRVG

1 Corinthians 14 in the IRVH

1 Corinthians 14 in the IRVK

1 Corinthians 14 in the IRVM

1 Corinthians 14 in the IRVM2

1 Corinthians 14 in the IRVO

1 Corinthians 14 in the IRVP

1 Corinthians 14 in the IRVT

1 Corinthians 14 in the IRVT2

1 Corinthians 14 in the IRVU

1 Corinthians 14 in the ISVN

1 Corinthians 14 in the JSNT

1 Corinthians 14 in the KAPI

1 Corinthians 14 in the KBT1ETNIK

1 Corinthians 14 in the KBV

1 Corinthians 14 in the KJV

1 Corinthians 14 in the KNFD

1 Corinthians 14 in the LBA

1 Corinthians 14 in the LBLA

1 Corinthians 14 in the LNT

1 Corinthians 14 in the LSV

1 Corinthians 14 in the MAAL

1 Corinthians 14 in the MBV

1 Corinthians 14 in the MBV2

1 Corinthians 14 in the MHNT

1 Corinthians 14 in the MKNFD

1 Corinthians 14 in the MNG

1 Corinthians 14 in the MNT

1 Corinthians 14 in the MNT2

1 Corinthians 14 in the MRS1T

1 Corinthians 14 in the NAA

1 Corinthians 14 in the NASB

1 Corinthians 14 in the NBLA

1 Corinthians 14 in the NBS

1 Corinthians 14 in the NBVTP

1 Corinthians 14 in the NET2

1 Corinthians 14 in the NIV11

1 Corinthians 14 in the NNT

1 Corinthians 14 in the NNT2

1 Corinthians 14 in the NNT3

1 Corinthians 14 in the PDDPT

1 Corinthians 14 in the PFNT

1 Corinthians 14 in the RMNT

1 Corinthians 14 in the SBIAS

1 Corinthians 14 in the SBIBS

1 Corinthians 14 in the SBIBS2

1 Corinthians 14 in the SBICS

1 Corinthians 14 in the SBIDS

1 Corinthians 14 in the SBIGS

1 Corinthians 14 in the SBIHS

1 Corinthians 14 in the SBIIS

1 Corinthians 14 in the SBIIS2

1 Corinthians 14 in the SBIIS3

1 Corinthians 14 in the SBIKS

1 Corinthians 14 in the SBIKS2

1 Corinthians 14 in the SBIMS

1 Corinthians 14 in the SBIOS

1 Corinthians 14 in the SBIPS

1 Corinthians 14 in the SBISS

1 Corinthians 14 in the SBITS

1 Corinthians 14 in the SBITS2

1 Corinthians 14 in the SBITS3

1 Corinthians 14 in the SBITS4

1 Corinthians 14 in the SBIUS

1 Corinthians 14 in the SBIVS

1 Corinthians 14 in the SBT

1 Corinthians 14 in the SBT1E

1 Corinthians 14 in the SCHL

1 Corinthians 14 in the SNT

1 Corinthians 14 in the SUSU

1 Corinthians 14 in the SUSU2

1 Corinthians 14 in the SYNO

1 Corinthians 14 in the TBIAOTANT

1 Corinthians 14 in the TBT1E

1 Corinthians 14 in the TBT1E2

1 Corinthians 14 in the TFTIP

1 Corinthians 14 in the TFTU

1 Corinthians 14 in the TGNTATF3T

1 Corinthians 14 in the THAI

1 Corinthians 14 in the TNFD

1 Corinthians 14 in the TNT

1 Corinthians 14 in the TNTIK

1 Corinthians 14 in the TNTIL

1 Corinthians 14 in the TNTIN

1 Corinthians 14 in the TNTIP

1 Corinthians 14 in the TNTIZ

1 Corinthians 14 in the TOMA

1 Corinthians 14 in the TTENT

1 Corinthians 14 in the UBG

1 Corinthians 14 in the UGV

1 Corinthians 14 in the UGV2

1 Corinthians 14 in the UGV3

1 Corinthians 14 in the VBL

1 Corinthians 14 in the VDCC

1 Corinthians 14 in the YALU

1 Corinthians 14 in the YAPE

1 Corinthians 14 in the YBVTP

1 Corinthians 14 in the ZBP