Acts 14 (BOTLNT)

1 Mme kwa Ikonio, Paulo le Barenabase ba ne ba tsamaya mmogo ba ya kwa tempeleng mme ba rera ka nonofo e kgolo e Bajuta le Badichaba ba neng ba e dumela. 2 Mme Bajuta ba ba neng ba gana molaetsa wa Modimo ba feretlha Badichaba gore ba seka ba dumela Paulo le Barenabase, ba bua ka dilo di le dintsi tse di maswe ka bone. 3 Mme le fa go ntse jalo, ba ne ba nna foo lobaka lo lo leele, ba rera ka bopelokgale, mme Morena a supa fa molaetsa wa bone o tswa kwa go ene ka go ba neela nonofo ya go dira dikgakgamatso tse di kgolo. 4 Mme batho ba motse ba ne ba farologana ka maikutlo kaga banna ba. Bangwe ba ne ba dumalana le baeteledipele ba Sejuta mme ba bangwe ba dumalana le baaposetoloi. 5 5-6 Mme erile fa Paulo le Barenabase ba lemoga leano la go tlhotlheletsa bontsi jwa Badichaba, Bajuta le baeteledipele ba Sejuta go ba tlhasela le go ba bolaya, ba ipoloka, ba ya kwa metseng ya Lukaonia, Lusetera, Derebe le mo tikologong, 7 mme ba rera Mafoko a a Molemo teng koo. 8 Mme erile fa ba le kwa Lusetera, ba tla fa monneng yo o neng a golafetse dinao go tswa sebopelong sa ga mmaagwe, ebile a ise a ke a tsamaye. 9 O ne a reeditse fa Paulo a rera, mme Paulo a mo lemoga mme a bona gore o na le tumelo ya go fodisiwa. 10 Jalo Paulo a mmitsa a re, “Ema ka dinao!” Mme monna a tlola a ema ka dinao a simolola go tsamaya! 11 Mme erile boidiidi jo bo reeditseng bo bona se Paulo a se dirileng, ba goa (ka puo ya bone) ba re, “Banna ba ke medimo mo setshwanong sa motho!” 12 Ba ne ba akanya gore Barenabase ene ke Modimo wa Segerika ebong Jupitere, mme Paulo, ka gonne e ne e le sebui se segolo, ke Merekuri. 13 Mme moperesiti wa Tempele ya Jupitere, e e agilweng ka kwa ntle ga motse, o ne a ba tlisetsa merwalo ya dithunya a bo a ba ntshetsa setlhabelo sa dikgomo kwa kgorong ya motse fa pele ga boidiidi jwa batho. 14 Mme erile fa Paulo le Barenabase ba bona se se diragalang ba gagola diaparo tsa bone ka kutlo botlhoko mme ba ralala batho ba, ba goa ba re, 15 “Banna! Lo dirang? Re batho fela jaaka lona! Re tletse go lo neela Mafoko a a Molemo gore lo lalediwa go tlogela kobamelo ya dilo tsa bomatla mme mo boemong jwa moo go rapela Modimo o o tshelang one o o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le sengwe le sengwe se se mo go tsone. 16 Mo malatsing a a fetileng Modimo o ne wa letla dichaba go tsaya ditsela tsa tsone, 17 mme ga o ke o ne o tlhoka bosupi ja dilo tse di molemo tse o neng o di dira jaaka go lo nesetsa pula le dijalo tse di siameng le go lo fa dijo le boitumelo.” 18 Mme le fa go ntse jalo, Paulo le Barenabase ba ne ba sa kgone go itsa batho go ba direla setlhabelo! 19 Mme morago ga malatsinyana, Bajuta bangwe ba goroga ba tswa Antioka le Ikonio mme ba fetola boidiidi jwa batho gore bo nne babolai ba ba neng ba kgobotletsa Paulo ka matlapa ba mo gogela kwa ntle ga motse a bonala o ka re o sule. 20 Mme erile fa badumedi ba mo dikaganyetsa, a ema a tsena mo motseng! Letsatsi le le latelang a tsamaya le Barenabase ba ya Derebe. 21 Mme erile morago, ba sena go rera Mafoko a a Molemo teng koo, ba bo ba dira barutwa ba bantsi, ba boela gape kwa Lusetera, Ikonio le Antioka, 22 kwa ba neng ba thusa badumedi go tia mo loratong lwa Modimo le gore ba ratane. Ba ne ba ba kgothatsa go tsena mo Bogosing jwa Modimo ka dipogisego tse dintsi. 23 Mme Paulo le Barenabase le bone ba tlhopha bagolwane mo phuthegong nngwe le nngwe ba ba rapelela ka go itima dijo, ba ba isa mo tlhokomelong ya Morena yo ba mo ikantseng. 24 Mme ba ralala Pisidia go ya kwa Pamfilia, 25 ba rera gape mo Perega, mme ba tswelela ba ya kwa Atalia. 26 Mme la bofelo ba boela ka sekepe kwa Antioka, kwa loeto lwa bone lo simologileng teng, le kwa ba neng ba ineela mo Modimong mo tirong e jaanong e weditsweng. 27 Erile fa ba goroga ba bitsa badumedi mme ba bolela loeto lwa bone, ba bolela ka fa Modimo o buletseng le Badichaba tumelo ka teng. 28 Mme ba ne ba nna le badumedi kwa Antioka sebaka se seleele.

In Other Versions

Acts 14 in the ANGEFD

Acts 14 in the ANTPNG2D

Acts 14 in the AS21

Acts 14 in the BAGH

Acts 14 in the BBPNG

Acts 14 in the BBT1E

Acts 14 in the BDS

Acts 14 in the BEV

Acts 14 in the BHAD

Acts 14 in the BIB

Acts 14 in the BLPT

Acts 14 in the BNT

Acts 14 in the BNTABOOT

Acts 14 in the BNTLV

Acts 14 in the BOATCB

Acts 14 in the BOATCB2

Acts 14 in the BOBCV

Acts 14 in the BOCNT

Acts 14 in the BOECS

Acts 14 in the BOGWICC

Acts 14 in the BOHCB

Acts 14 in the BOHCV

Acts 14 in the BOHLNT

Acts 14 in the BOHNTLTAL

Acts 14 in the BOICB

Acts 14 in the BOILNTAP

Acts 14 in the BOITCV

Acts 14 in the BOKCV

Acts 14 in the BOKCV2

Acts 14 in the BOKHWOG

Acts 14 in the BOKSSV

Acts 14 in the BOLCB

Acts 14 in the BOLCB2

Acts 14 in the BOMCV

Acts 14 in the BONAV

Acts 14 in the BONCB

Acts 14 in the BONLT

Acts 14 in the BONUT2

Acts 14 in the BOPLNT

Acts 14 in the BOSCB

Acts 14 in the BOSNC

Acts 14 in the BOVCB

Acts 14 in the BOYCB

Acts 14 in the BPBB

Acts 14 in the BPH

Acts 14 in the BSB

Acts 14 in the CCB

Acts 14 in the CUV

Acts 14 in the CUVS

Acts 14 in the DBT

Acts 14 in the DGDNT

Acts 14 in the DHNT

Acts 14 in the DNT

Acts 14 in the ELBE

Acts 14 in the EMTV

Acts 14 in the ESV

Acts 14 in the FBV

Acts 14 in the FEB

Acts 14 in the GGMNT

Acts 14 in the GNT

Acts 14 in the HARY

Acts 14 in the HNT

Acts 14 in the IRVA

Acts 14 in the IRVB

Acts 14 in the IRVG

Acts 14 in the IRVH

Acts 14 in the IRVK

Acts 14 in the IRVM

Acts 14 in the IRVM2

Acts 14 in the IRVO

Acts 14 in the IRVP

Acts 14 in the IRVT

Acts 14 in the IRVT2

Acts 14 in the IRVU

Acts 14 in the ISVN

Acts 14 in the JSNT

Acts 14 in the KAPI

Acts 14 in the KBT1ETNIK

Acts 14 in the KBV

Acts 14 in the KJV

Acts 14 in the KNFD

Acts 14 in the LBA

Acts 14 in the LBLA

Acts 14 in the LNT

Acts 14 in the LSV

Acts 14 in the MAAL

Acts 14 in the MBV

Acts 14 in the MBV2

Acts 14 in the MHNT

Acts 14 in the MKNFD

Acts 14 in the MNG

Acts 14 in the MNT

Acts 14 in the MNT2

Acts 14 in the MRS1T

Acts 14 in the NAA

Acts 14 in the NASB

Acts 14 in the NBLA

Acts 14 in the NBS

Acts 14 in the NBVTP

Acts 14 in the NET2

Acts 14 in the NIV11

Acts 14 in the NNT

Acts 14 in the NNT2

Acts 14 in the NNT3

Acts 14 in the PDDPT

Acts 14 in the PFNT

Acts 14 in the RMNT

Acts 14 in the SBIAS

Acts 14 in the SBIBS

Acts 14 in the SBIBS2

Acts 14 in the SBICS

Acts 14 in the SBIDS

Acts 14 in the SBIGS

Acts 14 in the SBIHS

Acts 14 in the SBIIS

Acts 14 in the SBIIS2

Acts 14 in the SBIIS3

Acts 14 in the SBIKS

Acts 14 in the SBIKS2

Acts 14 in the SBIMS

Acts 14 in the SBIOS

Acts 14 in the SBIPS

Acts 14 in the SBISS

Acts 14 in the SBITS

Acts 14 in the SBITS2

Acts 14 in the SBITS3

Acts 14 in the SBITS4

Acts 14 in the SBIUS

Acts 14 in the SBIVS

Acts 14 in the SBT

Acts 14 in the SBT1E

Acts 14 in the SCHL

Acts 14 in the SNT

Acts 14 in the SUSU

Acts 14 in the SUSU2

Acts 14 in the SYNO

Acts 14 in the TBIAOTANT

Acts 14 in the TBT1E

Acts 14 in the TBT1E2

Acts 14 in the TFTIP

Acts 14 in the TFTU

Acts 14 in the TGNTATF3T

Acts 14 in the THAI

Acts 14 in the TNFD

Acts 14 in the TNT

Acts 14 in the TNTIK

Acts 14 in the TNTIL

Acts 14 in the TNTIN

Acts 14 in the TNTIP

Acts 14 in the TNTIZ

Acts 14 in the TOMA

Acts 14 in the TTENT

Acts 14 in the UBG

Acts 14 in the UGV

Acts 14 in the UGV2

Acts 14 in the UGV3

Acts 14 in the VBL

Acts 14 in the VDCC

Acts 14 in the YALU

Acts 14 in the YAPE

Acts 14 in the YBVTP

Acts 14 in the ZBP