Acts 18 (BOTLNT)

1 Morago ga mo Paulo a tswa mo Athena a ya kwa Korintha. 2 2-3 Mme koo a feta a tlwaelana le Mojuta yo o bidiwang Akwila, yo o tsaletsweng kwa Ponto, yo o neng a sa tswa go goroga a tswa kwa Itale le mosadi wa gagwe Peresila. Ba ne ba kobilwe mo Itale ka ntlha ya taolo ya ga Kalaodio Kaesarea ya gore Bajuta botlhe ba lelekwe mo Roma, Paulo o ne a nna nabo a ba a dira le bone, gonne e ne e le badiri ba megope (ditante) fela jaaka ene. 4 Sabata mongwe le mongwe Paulo o ne a fetolana le batho mo tlung ya thuto, a leka go tlhalosetsa Bajuta le Bagerika. 5 Mme erile Silase le Timotheo ba sena go goroga ba tswa kwa Masedonia, Paulo a dirisa nako ya gagwe yotlhe a rera ebile a bolelela Bajuta gore Jesu ke Mesia. 6 Mme erile fa Bajuta ba mo ganetsa ba kgala se a se buang, ba tlhapatsa Jesu, Paulo a tlhotlhora lorole mo seaparong sa gagwe a re, “A madi a lona a nne mo ditlhogong tsa lona, nna ga ke na molato, go tloga gompieno ke tlaa rerela Badichaba.” 7 Morago ga moo o ne a nna le Tito Jeseto, Modichaba yo o neng a obamela Modimo a nna gaufi le ntlo ya thuto. 8 Mme le fa go ntse jalo, Kerisepo, moeteledipele wa senagoge, le botlhe ba ntlo ya gagwe ba ne ba dumela mo Moreneng mme ba kolobediwa le Bakorintha ba le bantsi ba ba mo utlwileng ba dumela ba bo ba kolobediwa. 9 Bosigo bongwe Morena o ne a bua le Paulo ka ponatshegelo a re, “O seka wa boifa! Bua! Se didimale! 10 Gonne ke na le wena mme ga go na ope yo o ka go utlwisang botlhoko. Batho ba le bantsi mo motseng o ke ba me.” 11 Mme Paulo a nna moo ngwaga e e lateleng le sephatlo, a ruta boammaaruri jwa Modimo. 12 Mme erile Galeo a nna molaodi wa Akaia, Bajuta ba tsogologela Paulo mme ba mo isa fa pele ga molaodi gore a sekisiwe. 13 Ba ne ba re, “Paulo o molato wa go raya batho a re ba obamele Modimo ka mekgwa e e leng gore e kgatlhanong le molao wa Ba-Roma.” 14 Mme erile fela jaaka Paulo a simolola go ikarabela, Galeo a retologela kwa go ba ba pegang Paulo molato a re, “Reetsang, lona Bajuta ke lona, fa mo e ka bo e ne e le molato wa borukhutlhi, ke ne ke tlaa tlamega go lo reetsa, 15 mme e re ka e le dipotso fela tse di mabapi le mafoko a lo a ipopetseng, le melao ya lona ya Sejuta ya boeleele, lo tlaa nna lo ipona. Ga ke na kgatlhego mo kgannyeng eo ebile ga ke e ame.” 16 Hong a ba ntshetsa kwa ntle ga ntlo ya tshekelo. 17 Mme batho ba tshwara Sosethenese, moeteledipele yo mosha wa tempele, mme ba mo iteela kwa ntle ga ntlo ya tshekelo! Mme Galeo ene o ne a sena sepe. 18 Mme Paulo o ne a nna mo motseng malatsi a le mantsinyana morago ga moo a sadisa Bakeresete sentle, a bo a tshwara mokoro a leba kwa Siria a tsamaya le Peresila le Akwila. Mme kwa Kenkerea Paulo o ne a ipeola ka ngwao ya Sejuta, ka gonne o ne a ikanne. 19 Erile fa a goroga kwa boemelong jwa mekoro jwa Efeso, a ba tlogela mo mokorong a ya kwa tempeleng go buisanya le Bajuta. 20 Mme ba ne ba mo kopa go nna malatsi a se kae, mme a bona a sena nako epe e o ka e senyang nabo. 21 Mme a re, “Ke tshwanetse ka bo ke le kwa Jerusalema ka malatsi a boikhutso.” Mme o ne a solofetsa go boela kwa Efeso fa Modimo o mo letla; mme jalo a tswelela le loeto gape. 22 Lefelo le le latelang le go neng ga engwa mo go lone e ne e le Kaesarea kwa o neng a etela phuthego [ya Jerusalema] go tswa foo a ya kwa Antioka. 23 Morago ga sebaka koo, a tsamaya mo Galatia le mo Feregia a etela badumedi botlhe, a ba kgothatsa ebile a ba thusa go re ba gole mo Moreneng. 24 Mme ka nako eo Mojuta mongwe yo o neng a bidiwa Apolose, moruti le moreri wa Baebele yo o tumileng, e ne e le gone fela a gorogang mo Efeso a tswa kwa Alekesanderia mo Egepeto. 25 25-26 Erile fa a sa ntse a le mo Egepeto, mongwe o ne a mmoleletse ka ga Johane wa Mokolobetsi le se Johane o se buileng ka ga Jesu, mme moo e ne e le gone fela mo a go itseng. O ne a ise a ke a utlwe polelo yotlhe! Jalo o ne a rera ka bopelokgale le ka botlhaga mo tlung ya thuto a re, “Mesia o e tla! Ipaakanyetseng go mo amogela!” Peresila le Akwila ba ne ba le teng mme ba mo utlwa, mme e ne e le thero e e nonofileng. Morago ga moo ba kopana nae mme ba mo tlhalosetsa se se diragaletseng Jesu go tloga ka nako ya ga Johane, le gore mo gotlhe go raya eng! 27 Mme Apolose o ne a kile a akanya go ya Gerika, badumedi le bone ba mo kgothatsa go dira jalo. Ba ne ba kwalela bakaulengwe ba bone koo, ba ba raya ba re ba mo amogele. Mme erile fa a goroga kwa Gerika, a dirisiwa ke Modimo go nonotsha Phuthego, 28 gonne o ne a ganetsa Bajuta mo pepeneneng a supa ka dikwalo gore Jesu ka boammaaruri ke Mesia.

In Other Versions

Acts 18 in the ANGEFD

Acts 18 in the ANTPNG2D

Acts 18 in the AS21

Acts 18 in the BAGH

Acts 18 in the BBPNG

Acts 18 in the BBT1E

Acts 18 in the BDS

Acts 18 in the BEV

Acts 18 in the BHAD

Acts 18 in the BIB

Acts 18 in the BLPT

Acts 18 in the BNT

Acts 18 in the BNTABOOT

Acts 18 in the BNTLV

Acts 18 in the BOATCB

Acts 18 in the BOATCB2

Acts 18 in the BOBCV

Acts 18 in the BOCNT

Acts 18 in the BOECS

Acts 18 in the BOGWICC

Acts 18 in the BOHCB

Acts 18 in the BOHCV

Acts 18 in the BOHLNT

Acts 18 in the BOHNTLTAL

Acts 18 in the BOICB

Acts 18 in the BOILNTAP

Acts 18 in the BOITCV

Acts 18 in the BOKCV

Acts 18 in the BOKCV2

Acts 18 in the BOKHWOG

Acts 18 in the BOKSSV

Acts 18 in the BOLCB

Acts 18 in the BOLCB2

Acts 18 in the BOMCV

Acts 18 in the BONAV

Acts 18 in the BONCB

Acts 18 in the BONLT

Acts 18 in the BONUT2

Acts 18 in the BOPLNT

Acts 18 in the BOSCB

Acts 18 in the BOSNC

Acts 18 in the BOVCB

Acts 18 in the BOYCB

Acts 18 in the BPBB

Acts 18 in the BPH

Acts 18 in the BSB

Acts 18 in the CCB

Acts 18 in the CUV

Acts 18 in the CUVS

Acts 18 in the DBT

Acts 18 in the DGDNT

Acts 18 in the DHNT

Acts 18 in the DNT

Acts 18 in the ELBE

Acts 18 in the EMTV

Acts 18 in the ESV

Acts 18 in the FBV

Acts 18 in the FEB

Acts 18 in the GGMNT

Acts 18 in the GNT

Acts 18 in the HARY

Acts 18 in the HNT

Acts 18 in the IRVA

Acts 18 in the IRVB

Acts 18 in the IRVG

Acts 18 in the IRVH

Acts 18 in the IRVK

Acts 18 in the IRVM

Acts 18 in the IRVM2

Acts 18 in the IRVO

Acts 18 in the IRVP

Acts 18 in the IRVT

Acts 18 in the IRVT2

Acts 18 in the IRVU

Acts 18 in the ISVN

Acts 18 in the JSNT

Acts 18 in the KAPI

Acts 18 in the KBT1ETNIK

Acts 18 in the KBV

Acts 18 in the KJV

Acts 18 in the KNFD

Acts 18 in the LBA

Acts 18 in the LBLA

Acts 18 in the LNT

Acts 18 in the LSV

Acts 18 in the MAAL

Acts 18 in the MBV

Acts 18 in the MBV2

Acts 18 in the MHNT

Acts 18 in the MKNFD

Acts 18 in the MNG

Acts 18 in the MNT

Acts 18 in the MNT2

Acts 18 in the MRS1T

Acts 18 in the NAA

Acts 18 in the NASB

Acts 18 in the NBLA

Acts 18 in the NBS

Acts 18 in the NBVTP

Acts 18 in the NET2

Acts 18 in the NIV11

Acts 18 in the NNT

Acts 18 in the NNT2

Acts 18 in the NNT3

Acts 18 in the PDDPT

Acts 18 in the PFNT

Acts 18 in the RMNT

Acts 18 in the SBIAS

Acts 18 in the SBIBS

Acts 18 in the SBIBS2

Acts 18 in the SBICS

Acts 18 in the SBIDS

Acts 18 in the SBIGS

Acts 18 in the SBIHS

Acts 18 in the SBIIS

Acts 18 in the SBIIS2

Acts 18 in the SBIIS3

Acts 18 in the SBIKS

Acts 18 in the SBIKS2

Acts 18 in the SBIMS

Acts 18 in the SBIOS

Acts 18 in the SBIPS

Acts 18 in the SBISS

Acts 18 in the SBITS

Acts 18 in the SBITS2

Acts 18 in the SBITS3

Acts 18 in the SBITS4

Acts 18 in the SBIUS

Acts 18 in the SBIVS

Acts 18 in the SBT

Acts 18 in the SBT1E

Acts 18 in the SCHL

Acts 18 in the SNT

Acts 18 in the SUSU

Acts 18 in the SUSU2

Acts 18 in the SYNO

Acts 18 in the TBIAOTANT

Acts 18 in the TBT1E

Acts 18 in the TBT1E2

Acts 18 in the TFTIP

Acts 18 in the TFTU

Acts 18 in the TGNTATF3T

Acts 18 in the THAI

Acts 18 in the TNFD

Acts 18 in the TNT

Acts 18 in the TNTIK

Acts 18 in the TNTIL

Acts 18 in the TNTIN

Acts 18 in the TNTIP

Acts 18 in the TNTIZ

Acts 18 in the TOMA

Acts 18 in the TTENT

Acts 18 in the UBG

Acts 18 in the UGV

Acts 18 in the UGV2

Acts 18 in the UGV3

Acts 18 in the VBL

Acts 18 in the VDCC

Acts 18 in the YALU

Acts 18 in the YAPE

Acts 18 in the YBVTP

Acts 18 in the ZBP