Acts 24 (BOTLNT)

1 Erile morago ga malatsi a le matlhano Ananiase Moperesiti yo Mogolo a goroga le bangwe bagolwane ba Bajuta le mmueledi Teretulo, go tla go bolela molato wa ga Paulo. 2 Mme erile Teretulo a bidiwa, a bolelela kgosana kaga molato wa ga Paulo jaana: “Motlotlegi, rona Bajuta o re neile kagiso le kutlwano ebile o ngotlile kgethololo thata mo go rona. 3 Mme ka se, re go leboga thata. 4 Mme gore ke se ka ka tlhola ke go lapisa, ntheetsa ka bopelo-namagadi fela ka bokhutshwane fa ke bua ditlhogo tsa tsheko ya rona kgatlhanong le monna yo. 5 Gonne re mmonye gore ke motho yo o letshwenyo, monna yo ka nako tsotlhe o tlhotlheletsang Bajuta mo tikologong yotlhe ya lefatshe go tsogologela mmuso wa Roma. Ke Moeteledipele wa lekoko le le bidiwang Banasaretha. 6 Mme gape o ne a leka go senya Tempele fa re mo tshwara. Re ka bo re mo neile se tota se mo tshwanetseng, 7 mme Lisiase, molaodi wa mophato, o ne a tla go mo tsaya ka kgopholo mo go rona, 8 a batla gore a sekisiwe ka molao wa Roma. O ka nna wa utlwa boammaaruri jwa go mo tshwaa phoso ga rona ka go mo tlhotlhomisa.” 9 Mme Bajuta ba bangwe botlhe ba dumalana gore sengwe le sengwe se Teretulo o se buileng ke boammaaruri. 10 Mme jaanong e ne e le nako ya ga Paulo gore a bue. Kgosana ya mo gwetlha ka seatla gore a eme a bue. Paulo a simolola a re, “Ke a itse rra, gore ga o bolo go nna moatlhodi wa ditsheko tsa Sejuta fa ke bua boiphemelo jwa me, 11 o ka lemoga ka bonako gore ke malatsi a le lesome le bobedi ke sena go goroga kwa Jerusalema go tla go obama mo Tempeleng, 12 mme gape o tlaa lemoga gore ga ke ise ke tsose khuduego mo tlung ya thuto kgotsa mo mebileng ya motse; 13 mme banna ba tota ga ba ka ke ba supa dilo tse ba di ntshwaelang phoso. 14 “Mme selo sengwe fela se ke se dumelang ke gore ke dumela mo polokong, e ba e bitsang lekoko la tumelo ya bakgelogi, ke sala morago mokgwa oo wa go direla Modimo wa borraetshomogolo; ke dumela thata mo molaong wa Sejuta le sengwe le sengwe se se kwadilweng mo dibukeng tsa seporofeto; 15 mme ke a dumela, fela jaaka banna ba, gore go tlaa nna le tsogo ya basiami le baleofi. 16 Mme ka ntlha ya se, ke leka ka bojotlhe gore ka metlha yotlhe ke nne le pelo e e senang sekgopi fa pele ga Modimo le batho. 17 “Morago ga dingwaga tse dintsinyana tse di fetileng, ke ne ka boela kwa Jerusalema ka madi go thusa Bajuta, le go ntshetsa Modimo setlhabelo. 18 Balatofatsi ba me ba ne ba mpona mo Tempeleng fa ke ntsha dimpho tsa me. Ke ne ke ipeotse tlhogo jaaka go batlwa ke melao ya bone mme go ne go se na bontsi bope fa go nna, le fa e le khuduego! Mme Bajuta bangwe ba ba neng ba tswa Asia ba ne ba le teng, 19 (ba ba neng ba tshwanetse ba ka bo ba le fano fa, fa e le gore ba na le sengwe kgatlhanong le nna), 20 mme bona! Botsa banna ba gone fa gore ke ofe molato o lekgotla la bone le o bonyeng mo go nna, 21 fa e se go bua selo se le sengwe fela se ke neng ke sa tshwanela go se bua fa ke re, ‘Ke fano fa pele ga lekgotla go iphemela ka ntlha ya go dumela gore baswi ba tlaa tsoga gape!’ ” 22 Mme Felise, yo o neng a itse gore Bakeresete ba ne ba ise ba ke ba tsamaye ba tsosa khuduego, a bolelela Bajuta gore ba iketle ba emele go goroga ga ga Lusia molaodi wa mophato, mme ke gone o tlaa atlholang kgang. 23 Mme a laola gore Paulo a tsenngwe mo kgolegelong, a bo a laela batlhokomedi gore ba mo tshware sentle le gore ba seka ba itsa ditsala dipe tsa gagwe go mo etela kgotsa go mo tlisetsa dimpho go dira gore a nametsege fa a ntse a le mo kgolegelong. 24 Erile morago ga malatsi a se kae Felise a tla le Durusila, mosadi wa gagwe wa Mojuta. A romela gore Paulo a ye go bidiwa, ba reetsa jaaka a ba bolelela kaga tumelo mo go Keresete Jesu. 25 Mme erile a sa ntse a buisanya nabo kaga tshiamo le boikgapo le katlholo e e tlang, Felise a boifa thata. Mme a mo raya a re, “Tsamaya jaanong, mme fa ke na le nako e e siameng, ke tlaa go bitsa gape.” 26 Mme gape o ne a gopola gore Paulo o tlaa mo reka ka madi, jalo, he, o ne a mmitsa kgapetsakgapetsa go buisanya nae. 27 Dingwaga tse pedi tsa fela ba ntse ba buisanya; mme Porokio Feseto a tsaya maemo a ga Felise. Mme ka gore Felise o ne a batla go itumedisa Bajuta, o ne a tlogela Paulo mo kgolegelong.

In Other Versions

Acts 24 in the ANGEFD

Acts 24 in the ANTPNG2D

Acts 24 in the AS21

Acts 24 in the BAGH

Acts 24 in the BBPNG

Acts 24 in the BBT1E

Acts 24 in the BDS

Acts 24 in the BEV

Acts 24 in the BHAD

Acts 24 in the BIB

Acts 24 in the BLPT

Acts 24 in the BNT

Acts 24 in the BNTABOOT

Acts 24 in the BNTLV

Acts 24 in the BOATCB

Acts 24 in the BOATCB2

Acts 24 in the BOBCV

Acts 24 in the BOCNT

Acts 24 in the BOECS

Acts 24 in the BOGWICC

Acts 24 in the BOHCB

Acts 24 in the BOHCV

Acts 24 in the BOHLNT

Acts 24 in the BOHNTLTAL

Acts 24 in the BOICB

Acts 24 in the BOILNTAP

Acts 24 in the BOITCV

Acts 24 in the BOKCV

Acts 24 in the BOKCV2

Acts 24 in the BOKHWOG

Acts 24 in the BOKSSV

Acts 24 in the BOLCB

Acts 24 in the BOLCB2

Acts 24 in the BOMCV

Acts 24 in the BONAV

Acts 24 in the BONCB

Acts 24 in the BONLT

Acts 24 in the BONUT2

Acts 24 in the BOPLNT

Acts 24 in the BOSCB

Acts 24 in the BOSNC

Acts 24 in the BOVCB

Acts 24 in the BOYCB

Acts 24 in the BPBB

Acts 24 in the BPH

Acts 24 in the BSB

Acts 24 in the CCB

Acts 24 in the CUV

Acts 24 in the CUVS

Acts 24 in the DBT

Acts 24 in the DGDNT

Acts 24 in the DHNT

Acts 24 in the DNT

Acts 24 in the ELBE

Acts 24 in the EMTV

Acts 24 in the ESV

Acts 24 in the FBV

Acts 24 in the FEB

Acts 24 in the GGMNT

Acts 24 in the GNT

Acts 24 in the HARY

Acts 24 in the HNT

Acts 24 in the IRVA

Acts 24 in the IRVB

Acts 24 in the IRVG

Acts 24 in the IRVH

Acts 24 in the IRVK

Acts 24 in the IRVM

Acts 24 in the IRVM2

Acts 24 in the IRVO

Acts 24 in the IRVP

Acts 24 in the IRVT

Acts 24 in the IRVT2

Acts 24 in the IRVU

Acts 24 in the ISVN

Acts 24 in the JSNT

Acts 24 in the KAPI

Acts 24 in the KBT1ETNIK

Acts 24 in the KBV

Acts 24 in the KJV

Acts 24 in the KNFD

Acts 24 in the LBA

Acts 24 in the LBLA

Acts 24 in the LNT

Acts 24 in the LSV

Acts 24 in the MAAL

Acts 24 in the MBV

Acts 24 in the MBV2

Acts 24 in the MHNT

Acts 24 in the MKNFD

Acts 24 in the MNG

Acts 24 in the MNT

Acts 24 in the MNT2

Acts 24 in the MRS1T

Acts 24 in the NAA

Acts 24 in the NASB

Acts 24 in the NBLA

Acts 24 in the NBS

Acts 24 in the NBVTP

Acts 24 in the NET2

Acts 24 in the NIV11

Acts 24 in the NNT

Acts 24 in the NNT2

Acts 24 in the NNT3

Acts 24 in the PDDPT

Acts 24 in the PFNT

Acts 24 in the RMNT

Acts 24 in the SBIAS

Acts 24 in the SBIBS

Acts 24 in the SBIBS2

Acts 24 in the SBICS

Acts 24 in the SBIDS

Acts 24 in the SBIGS

Acts 24 in the SBIHS

Acts 24 in the SBIIS

Acts 24 in the SBIIS2

Acts 24 in the SBIIS3

Acts 24 in the SBIKS

Acts 24 in the SBIKS2

Acts 24 in the SBIMS

Acts 24 in the SBIOS

Acts 24 in the SBIPS

Acts 24 in the SBISS

Acts 24 in the SBITS

Acts 24 in the SBITS2

Acts 24 in the SBITS3

Acts 24 in the SBITS4

Acts 24 in the SBIUS

Acts 24 in the SBIVS

Acts 24 in the SBT

Acts 24 in the SBT1E

Acts 24 in the SCHL

Acts 24 in the SNT

Acts 24 in the SUSU

Acts 24 in the SUSU2

Acts 24 in the SYNO

Acts 24 in the TBIAOTANT

Acts 24 in the TBT1E

Acts 24 in the TBT1E2

Acts 24 in the TFTIP

Acts 24 in the TFTU

Acts 24 in the TGNTATF3T

Acts 24 in the THAI

Acts 24 in the TNFD

Acts 24 in the TNT

Acts 24 in the TNTIK

Acts 24 in the TNTIL

Acts 24 in the TNTIN

Acts 24 in the TNTIP

Acts 24 in the TNTIZ

Acts 24 in the TOMA

Acts 24 in the TTENT

Acts 24 in the UBG

Acts 24 in the UGV

Acts 24 in the UGV2

Acts 24 in the UGV3

Acts 24 in the VBL

Acts 24 in the VDCC

Acts 24 in the YALU

Acts 24 in the YAPE

Acts 24 in the YBVTP

Acts 24 in the ZBP