Acts 5 (BOTLNT)

1 Mme ga bo go le monna a bidiwa Ananiase (le mosadi wa gagwe Safira) ba ba neng ba a rekisa bontlha-bongwe jwa setsha, 2 mme ba tlisa bontlhabongwe fela jwa madi, ba kaya fa e le tlhwatlhwa e e feletseng (mosadi wa gagwe o ne a dumalana tsietso e). 3 Mme Petere a re, “Ananiase, Satane o tladitse pelo ya gago ka maaka fa o bolela gore tlhwatlhwa e ke yone yotlhe, o ne o aketsa Mowa O O Boitshepo. 4 Setsha e ne e le sa gago go se rekisa kgotsa nnyaa, go ya fela ka fa o neng o rata ka teng. Mme morago ga o sena go se rekisa, e ne e le ga gago go bona gore o ntsha bokae. Ke eng fa o ne o dira jaana? Ga oa aketsa rona o akeditse Modimo.” 5 Erile fela fa Ananiase a utlwa mafoko a, a wela fa fatshe a swa! Mongwe le mongwe a tlewa ke poifo e kgolo, 6 mme makau a mo phutha ka letsela a mo tsaya a ya go mo fitlha. 7 Erile morago ga dioura di le tharo mosadi wa gagwe a tla, a sa itse se se diragetseng. 8 Petere a mmotsa are, “A lo rekisitse setsha sa lona ka bokana?” A araba are “Ee, re se rekisitse ka bokalo.” 9 Mme Petere a re, “Ke eng fa wena le monna wa gago lo ka akanya go dira selo se se ntseng jaana, lo leka maano a bosula go leka nonofo ya Mowa wa Modimo go itse se se diragalang? Ka kwa ntle ga kgoro ele go na le makawana a a tswang go boloka monna wa gago, mme le wena ba tlaa tla go go rwala ba ya go go boloka.” 10 Erile gone fela foo a wela fa fatshe, a swa, mme makawana a tsena mo teng, ya re ba mmona gore o sule, ba mo tsaya ba ya go mmoloka go bapa le monna wa gagwe. 11 Mme poifo e kgolo ya tlela phuthego yotlhe le ba bangwe botlhe ba ba utlwileng se se diragetseng. 12 Ka sebaka seo, Baaposetoloi ba ne ba kopane mo lefelong le le bidiwang mathudi a ga Solomone, mme ba dira ditshupo tse di bonalang le dikgakgamatso mo matlhong a batho. 13 Badumedi ba bangwe ba seka ba kgatlhega go kopana le bone, le fa go ntse jalo, ba ne ba ba tlotla thata. 14 Mme badumedi ba oketsega thata mo Moreneng, bontsi jwa banna le basadi. 15 Balwetse ba ntshediwa kwa mebileng ba le mo malaong le mo diphateng gore bogolo moriti wa ga Petere o wele bangwe ba bone fa a feta! 16 Mme bontsi jwa batho jwa tla bo tswa mo tikologong ya Jerusalema, ba tlisa balwetse ba bone le ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe; mme mongwe le mongwe wa bone a fola. 17 Mme Moperesiti yo mogolo le botlhe ba losika le ditsala tsa gagwe mo Basadukaing ba tlala lefufa, 18 mme ba tshwara baaposetoloi, ba ba tsenya mo kgolegelong. 19 Mme moengele wa Morena a tla bosigo, a bula dikgoro tsa kgolegelo a ba ntshetsa kwa ntle. Mme a ba raya a re, 20 “Tsamayang lo ye mo Tempeleng lo rere kaga Botshelo jo!” 21 Mme ba goroga mo Tempeleng e ka ne e le ka nako ya letsatsi le tlhaba mme ka bonako ba simolola go rera! Moragonyana mo mosong oo, Moperesiti yo Mogolo le botlhe ba lekgotla ba tsena mo Tempeleng, ba bitsa Lekgotla le legolo la bagolwane ba Puso, ba romela batho go ya go bitsa baaposetoloi go tla go sekisiwa. 22 Mme erile fa mapodisi a tsena kwa kgolegelong, banna ba bo ba seyo, jalo ba boela kwa Lekgotleng ba bega gore 23 “Dikgoro tsa kgolegelo di ne di tswetswe, mme batlhokomedi ba ne ba eme ka kwa ntle, mme erile fa re bula dikgoro, ga bo go sena ope!” 24 Mme erile fa molaodi wa mapodisi le baperesiti ba bagolwane ba utlwa se, ba akabala, ba hakgametse thata gore go tlaa diragalang le gore mo gotlhe go tlaa felela kae! 25 Mme mongwe a goroga ka mafoko a a reng banna ba ba neng ba le mo kgolegelong ba mo Tempeleng ba rerela batho! 26 26-27 Mme Mogolwane wa mapodisi a tsamaya le mapodisi ba ba tshwara kwa ntle ga mokubukubu, (gonne ba ne ba tshaba batho gore ba tlaa ba bolaya fa ba ka gakalela barutwa) mme ba ba lere fa pele ga Lekgotla. 28 Moperesiti yo Mogolo a bua a re, “A ga re a lo bolelela gore lo seka lwa tlhola lo ruta kaga Jesu yo? Mme mo boemong jwa go khutlisa go rera kaga Jesu lo tladitse Jerusalema ka thuto ya lona mme lo ikaelela go re baya molato ka loso lwa monna yo!” 29 Mme Petere le baaposetoloi ba araba ba re, “Re tshwanetse go obamela Modimo go na le batho. 30 Modimo wa borra-a-rona mogolwagolwane o tsositse Jesu go tla mo botshelong gape morago ga lo sena go mmolaya ka go mo pega mo mokgorong. 31 Mme ka nonofo e kgolo, Modimo wa mo tsholetsa go nna Kgosana le Mmoloki, gore batho ba Iseraele ba tle ba nne le lobaka lwa boikwatlhao le gore dibe tsa bone di itshwarelwe. 32 Mme re basupi ba dilo tse, ga mmogo le Mowa O O Boitshepo, o o neetsweng botlhe ba ba obamelang Modimo.” 33 “Ya re ka ntlha ya go bua jalo, Lekgotla la gakala la ikaelela go ba bolaya.” 34 Mme mongwe wa bone, Mofarasai yo o bidiwang Gamaliele, (moitseanape wa molao wa tumelo a bile a itsege thata mo bathong) a ema a kopa gore baaposetoloi ba ntshediwe kwa ntle fa a sa ntse a bua. 35 Mme a raya banna ba Lekgotla a re, 36 “Motlha mongwe go kile ga bo go le Theudase, yo o neng a ipaya jaaka e ka re ke mongwe yo o kwa godimo. Bangwe ba ka nna makgolo a mane ba ikopanya nae, mme a bolawa, mme botlhe ba ba ineetseng mo go ene ba phatlaladiwa kwa ntle ga kutlwelobotlhoko epe. 37 “Morago ga gagwe, ka nako ya fa go kgethisiwa, ga bo go le Judase wa Galalea. A itatedisa batho bangwe go nna barutwa, mme le ene a swa, mme balatedi ba gagwe ba phatlalala. 38 “Mme jaanong kgakololo ya me ke e, tlogelang banna ba, mme fa se ba se rutang le se ba se dirang e le ga bone fela, ka bofefo se tlaa fedisiwa. 39 Mme fa e le ga Modimo lo tlaa retelelwa ke go ba emisa, e sere kgotsa lona ka bo lona lwa iphitlhela lo tlhabantsha Modimo.” 40 Lekgotla la dumalana le kgakololo ya gagwe, ba bitsa baaposetoloi, ba ba itaya, ba ba bolelela gore ba seka ba tlhola ba bua ka leina la ga Jesu, mme morago ba ba lesa ba tsamaya. 41 Ba tloga fa lekgotleng ba itumeletse gore Modimo o ba supile ba nonofile go tlontlologela leina la one. 42 Mme ka malatsi otlhe mo Tempeleng le mo motsing, ba tswelela go ruta le go rera gore Jesu ke Mesia.

In Other Versions

Acts 5 in the ANGEFD

Acts 5 in the ANTPNG2D

Acts 5 in the AS21

Acts 5 in the BAGH

Acts 5 in the BBPNG

Acts 5 in the BBT1E

Acts 5 in the BDS

Acts 5 in the BEV

Acts 5 in the BHAD

Acts 5 in the BIB

Acts 5 in the BLPT

Acts 5 in the BNT

Acts 5 in the BNTABOOT

Acts 5 in the BNTLV

Acts 5 in the BOATCB

Acts 5 in the BOATCB2

Acts 5 in the BOBCV

Acts 5 in the BOCNT

Acts 5 in the BOECS

Acts 5 in the BOGWICC

Acts 5 in the BOHCB

Acts 5 in the BOHCV

Acts 5 in the BOHLNT

Acts 5 in the BOHNTLTAL

Acts 5 in the BOICB

Acts 5 in the BOILNTAP

Acts 5 in the BOITCV

Acts 5 in the BOKCV

Acts 5 in the BOKCV2

Acts 5 in the BOKHWOG

Acts 5 in the BOKSSV

Acts 5 in the BOLCB

Acts 5 in the BOLCB2

Acts 5 in the BOMCV

Acts 5 in the BONAV

Acts 5 in the BONCB

Acts 5 in the BONLT

Acts 5 in the BONUT2

Acts 5 in the BOPLNT

Acts 5 in the BOSCB

Acts 5 in the BOSNC

Acts 5 in the BOVCB

Acts 5 in the BOYCB

Acts 5 in the BPBB

Acts 5 in the BPH

Acts 5 in the BSB

Acts 5 in the CCB

Acts 5 in the CUV

Acts 5 in the CUVS

Acts 5 in the DBT

Acts 5 in the DGDNT

Acts 5 in the DHNT

Acts 5 in the DNT

Acts 5 in the ELBE

Acts 5 in the EMTV

Acts 5 in the ESV

Acts 5 in the FBV

Acts 5 in the FEB

Acts 5 in the GGMNT

Acts 5 in the GNT

Acts 5 in the HARY

Acts 5 in the HNT

Acts 5 in the IRVA

Acts 5 in the IRVB

Acts 5 in the IRVG

Acts 5 in the IRVH

Acts 5 in the IRVK

Acts 5 in the IRVM

Acts 5 in the IRVM2

Acts 5 in the IRVO

Acts 5 in the IRVP

Acts 5 in the IRVT

Acts 5 in the IRVT2

Acts 5 in the IRVU

Acts 5 in the ISVN

Acts 5 in the JSNT

Acts 5 in the KAPI

Acts 5 in the KBT1ETNIK

Acts 5 in the KBV

Acts 5 in the KJV

Acts 5 in the KNFD

Acts 5 in the LBA

Acts 5 in the LBLA

Acts 5 in the LNT

Acts 5 in the LSV

Acts 5 in the MAAL

Acts 5 in the MBV

Acts 5 in the MBV2

Acts 5 in the MHNT

Acts 5 in the MKNFD

Acts 5 in the MNG

Acts 5 in the MNT

Acts 5 in the MNT2

Acts 5 in the MRS1T

Acts 5 in the NAA

Acts 5 in the NASB

Acts 5 in the NBLA

Acts 5 in the NBS

Acts 5 in the NBVTP

Acts 5 in the NET2

Acts 5 in the NIV11

Acts 5 in the NNT

Acts 5 in the NNT2

Acts 5 in the NNT3

Acts 5 in the PDDPT

Acts 5 in the PFNT

Acts 5 in the RMNT

Acts 5 in the SBIAS

Acts 5 in the SBIBS

Acts 5 in the SBIBS2

Acts 5 in the SBICS

Acts 5 in the SBIDS

Acts 5 in the SBIGS

Acts 5 in the SBIHS

Acts 5 in the SBIIS

Acts 5 in the SBIIS2

Acts 5 in the SBIIS3

Acts 5 in the SBIKS

Acts 5 in the SBIKS2

Acts 5 in the SBIMS

Acts 5 in the SBIOS

Acts 5 in the SBIPS

Acts 5 in the SBISS

Acts 5 in the SBITS

Acts 5 in the SBITS2

Acts 5 in the SBITS3

Acts 5 in the SBITS4

Acts 5 in the SBIUS

Acts 5 in the SBIVS

Acts 5 in the SBT

Acts 5 in the SBT1E

Acts 5 in the SCHL

Acts 5 in the SNT

Acts 5 in the SUSU

Acts 5 in the SUSU2

Acts 5 in the SYNO

Acts 5 in the TBIAOTANT

Acts 5 in the TBT1E

Acts 5 in the TBT1E2

Acts 5 in the TFTIP

Acts 5 in the TFTU

Acts 5 in the TGNTATF3T

Acts 5 in the THAI

Acts 5 in the TNFD

Acts 5 in the TNT

Acts 5 in the TNTIK

Acts 5 in the TNTIL

Acts 5 in the TNTIN

Acts 5 in the TNTIP

Acts 5 in the TNTIZ

Acts 5 in the TOMA

Acts 5 in the TTENT

Acts 5 in the UBG

Acts 5 in the UGV

Acts 5 in the UGV2

Acts 5 in the UGV3

Acts 5 in the VBL

Acts 5 in the VDCC

Acts 5 in the YALU

Acts 5 in the YAPE

Acts 5 in the YBVTP

Acts 5 in the ZBP