Ephesians 4 (BOTLNT)

1 Ke a lo kopa, nna yo ke leng legolegwa mo kgolegelong ka ntlha ya go direla Morena, gore lo tshele lo bo lo sepele ka fa tseleng e e tshwanetseng ba ba tlhophetsweng masego a mantle jaaka one a. 2 Nnang boikokobetso le bonolo. Nnang pelotelele yo mongwe mo go yo mongwe, lo leke go iphapaanya ka lorato le diphoso tse lo ka di diralanang. 3 Lekang ka malatsi otlhe go gogwa ke Mowa O O Boitshepo, gore lo tle lo nne ka kagiso yo mongwe mo go yo mongwe. 4 Rotlhe ditokololo tsa mmele o le mongwe fela, re na le Mowa o o tshwanang, bile rotlhe re bileditswe tsholofelo e e tshwanang e e galalelang. 5 Morena wa rona o mongwe fela, tumelo e nngwe fela, kolobetso e nngwe fela, 6 gape rotlhe re na le Modimo o le mongwe fela le Rara yo o re okameng rotlhe ebile a le mo go rona rotlhe, a bile a tshela mo tokololong nngwe le nngwe ya rona. 7 Le fa go ntse jalo, Keresete o neile mongwe le mongwe wa rona dinonofo tsa botlhokwa, sengwe le sengwe se a batlang gore re nne naso se tswa mo polokelong ya gagwe e e tletseng dimpho. 8 Mopesalema o re bolelela kaga sone se, gonne a re erile fa Keresete a boela kwa legodimong a tletse boitumelo jwa phenyo morago ga tsogo ya gagwe mo baswing le go fenya Satane, o ne a naya batho dimpho tsa kutlwelo botlhoko. 9 Lemogang gore gatwe o ne a boela kwa legodimong. Mo go raya gore o simologile a tswa kwa legodimong, a fologela mo mafelong a a kwa tlase-tlase a lefatshe. 10 Ene yo o fologileng e ntse ke ene yo o tlhatlogetseng gape kwa legodimong, gore sengwe le sengwe se tlale ene gongwe le gongwe, go tswa mo go se se kwa tlase go ya kwa go se se kwa godimo. 11 Bangwe ba rona ba neetswe neo ya botlhokwa go nna baaposetoloi; ba bangwe o ba neile neo ya go rera sentle; ba bangwe ba na le neo ya botlhokwa ya go gapela batho mo go Keresete, ba ba thusa gore ba mo ikanye e le Mmoloki wa bone; mme ba bangwe ba na le neo ya go tlhokomela batho ba Modimo jaaka modisa a tlhokomela dinku tsa gagwe, a ba goga a bile a ba ruta ka ditsela tsa Modimo. 12 Ke eng fa a re naya dineo tsa botlhokwa go dira dilo dingwe botoka? Ke ka ntlha ya gore batho ba Modimo ba tlaa nonotshiwa go mo direla tiro ka botswerere, ba aga phuthego, ebong mmele wa ga Keresete, go nna mo maemong a nonofo le tlhaloganyo e e tletseng, 13 go fitlhelela lwa bofelo rotlhe re dumela ka go tshwana kaga poloko ya rona le kaga Mmoloki wa rona, Morwa Modimo, rotlhe re bo re gola ka botlalo mo Moreneng, ee, go fitlhelela re le mo selekanyong sa go tlala Keresete mo go senang pelaelo. 14 Mme ga re kitla re tlhola re nna bana, re nna re fetola megopolo ya rona kaga se re se dumelang fela ka gore mongwe o re boleletse sengwe se se pharologanyo, kgotsa a re akeditse ka botlhale a dirile gore maaka a utlwale jaaka boammaaruri. 15 15-16 Mo boemong jwa go fetola megopolo ya rona mo go se re se dumelang, re tlaa sala morago boammaaruri ka lorato ka dinako tsotlhe, re bua boammaaruri, re dira ka boammaaruri, re tshela ka boammaaruri, mo tseleng nngwe le nngwe re nna jaaka Keresete yo o leng Tlhogo ya mmele wa gagwe, ebong phuthego. Ka fa ketelellong ya pele ya gagwe mmele otlhe o kitlanye sentle, mme tokololo nngwe le nngwe mo tirong ya yone ya botlhokwa e thusa ditokololo tse dingwe gore mmele otlhe o itekanele o gole o bo a tlale lorato. 17 17-18 Mmang ke bue jaana, ka go bua jalo ke buelela Morena: se tlholeng lo tshela jaaka ba ba sa bolokwang ba tshela, gonne ba foufaditswe ebile ga ba sa tlhole ba itse se e leng boammaaruri. Dipelo tsa bone tse di tswetsweng di tletse ka lefifi; ba kgakala thata le botshelo jwa Modimo gonne ba o tswaletse megopolo ya bone, mme ga ba kake ba tlhaloganya ditsela tsa one. 19 Ga ba sa tlhole ba kgathala kaga tshiamo le bosula ebile ba ineetse mo ditseleng tse di makgapha. Ga ba tlogele sepe, ba dirisiwa ke megopolo ya bone e e bosula le dikeletso tsa bosutlha. 20 Mme ga se ka fa Keresete a lo rutileng ka teng! 21 Fa e le gore tota lo utlwile lentswe la gagwe ebile lo ithutile mo go ene boammaaruri kaga gagwe, 22 ke gone latlhang tlholego ya lona e kgologolo e e bosula, popego ya lona ya bogologolo e e neng e le mopati wa lona mo ditseleng tsa lona tse di bosula, e e bodileng go ya goileng, e tletse dikeletso le tsietso. 23 Jaanong mekgwa le megopolo ya lona e tshwanetse go bo e fetogile botoka gangwe le gape. 24 Ee, o tshwanetse go bo o le motho yo mosha yo o pharologanyo, o itshephile ebile o le molemo. Ikapese ka tlholego e ncha e. 25 Khutlisang go akelana; buang boammaaruri, gonne mongwe le mongwe wa rona ke tokololo ya yo mongwe mme fa re akelana re ikutlwisa botlhoko. 26 Fa o kgopisegile, se dire sebe ka go boloka kutlo botlhoko ya gago mo pelong. Se letle gore letsatsi le phirime o santse o kgopisegile gore o lebale ka bonako; 27 gonne fa o tenegile o neela diabolo maitsetsepelo a magolo. 28 Fa mongwe a utswa a a go bakele, a simolole go dirisa mabogo ao a gagwe mo tirong ya boikanyego, gore a tle a abele ba bangwe ba ba tlhokang. 29 Se bue matlhapa. Bua fela se se molemo ebile se na le thuso mo go ba o buang nabo, le se se tlaa ba segofatsang. 30 Se futsafatseng Mowa O O Boitshepo ka tsela e lo tshelang ka yone. Gakologelwang, ke one o o supang kaga lona mo letsatsing leo fa poloko go tswa mo sebeng e tlaa bong e feletse. 31 Khutlisang go nna bohula, pelo e e maswe le go nna bogale. Go omana, mafoko a kgakalo le kilano di se ka tsa nna mo matshelong a lona. 32 Mo boemong jwa moo ratanang, nnang pelonomi, lo itshwarelane, fela jaaka Modimo o lo itshwaretse gonne lo ba ga Keresete.

In Other Versions

Ephesians 4 in the ANGEFD

Ephesians 4 in the ANTPNG2D

Ephesians 4 in the AS21

Ephesians 4 in the BAGH

Ephesians 4 in the BBPNG

Ephesians 4 in the BBT1E

Ephesians 4 in the BDS

Ephesians 4 in the BEV

Ephesians 4 in the BHAD

Ephesians 4 in the BIB

Ephesians 4 in the BLPT

Ephesians 4 in the BNT

Ephesians 4 in the BNTABOOT

Ephesians 4 in the BNTLV

Ephesians 4 in the BOATCB

Ephesians 4 in the BOATCB2

Ephesians 4 in the BOBCV

Ephesians 4 in the BOCNT

Ephesians 4 in the BOECS

Ephesians 4 in the BOGWICC

Ephesians 4 in the BOHCB

Ephesians 4 in the BOHCV

Ephesians 4 in the BOHLNT

Ephesians 4 in the BOHNTLTAL

Ephesians 4 in the BOICB

Ephesians 4 in the BOILNTAP

Ephesians 4 in the BOITCV

Ephesians 4 in the BOKCV

Ephesians 4 in the BOKCV2

Ephesians 4 in the BOKHWOG

Ephesians 4 in the BOKSSV

Ephesians 4 in the BOLCB

Ephesians 4 in the BOLCB2

Ephesians 4 in the BOMCV

Ephesians 4 in the BONAV

Ephesians 4 in the BONCB

Ephesians 4 in the BONLT

Ephesians 4 in the BONUT2

Ephesians 4 in the BOPLNT

Ephesians 4 in the BOSCB

Ephesians 4 in the BOSNC

Ephesians 4 in the BOVCB

Ephesians 4 in the BOYCB

Ephesians 4 in the BPBB

Ephesians 4 in the BPH

Ephesians 4 in the BSB

Ephesians 4 in the CCB

Ephesians 4 in the CUV

Ephesians 4 in the CUVS

Ephesians 4 in the DBT

Ephesians 4 in the DGDNT

Ephesians 4 in the DHNT

Ephesians 4 in the DNT

Ephesians 4 in the ELBE

Ephesians 4 in the EMTV

Ephesians 4 in the ESV

Ephesians 4 in the FBV

Ephesians 4 in the FEB

Ephesians 4 in the GGMNT

Ephesians 4 in the GNT

Ephesians 4 in the HARY

Ephesians 4 in the HNT

Ephesians 4 in the IRVA

Ephesians 4 in the IRVB

Ephesians 4 in the IRVG

Ephesians 4 in the IRVH

Ephesians 4 in the IRVK

Ephesians 4 in the IRVM

Ephesians 4 in the IRVM2

Ephesians 4 in the IRVO

Ephesians 4 in the IRVP

Ephesians 4 in the IRVT

Ephesians 4 in the IRVT2

Ephesians 4 in the IRVU

Ephesians 4 in the ISVN

Ephesians 4 in the JSNT

Ephesians 4 in the KAPI

Ephesians 4 in the KBT1ETNIK

Ephesians 4 in the KBV

Ephesians 4 in the KJV

Ephesians 4 in the KNFD

Ephesians 4 in the LBA

Ephesians 4 in the LBLA

Ephesians 4 in the LNT

Ephesians 4 in the LSV

Ephesians 4 in the MAAL

Ephesians 4 in the MBV

Ephesians 4 in the MBV2

Ephesians 4 in the MHNT

Ephesians 4 in the MKNFD

Ephesians 4 in the MNG

Ephesians 4 in the MNT

Ephesians 4 in the MNT2

Ephesians 4 in the MRS1T

Ephesians 4 in the NAA

Ephesians 4 in the NASB

Ephesians 4 in the NBLA

Ephesians 4 in the NBS

Ephesians 4 in the NBVTP

Ephesians 4 in the NET2

Ephesians 4 in the NIV11

Ephesians 4 in the NNT

Ephesians 4 in the NNT2

Ephesians 4 in the NNT3

Ephesians 4 in the PDDPT

Ephesians 4 in the PFNT

Ephesians 4 in the RMNT

Ephesians 4 in the SBIAS

Ephesians 4 in the SBIBS

Ephesians 4 in the SBIBS2

Ephesians 4 in the SBICS

Ephesians 4 in the SBIDS

Ephesians 4 in the SBIGS

Ephesians 4 in the SBIHS

Ephesians 4 in the SBIIS

Ephesians 4 in the SBIIS2

Ephesians 4 in the SBIIS3

Ephesians 4 in the SBIKS

Ephesians 4 in the SBIKS2

Ephesians 4 in the SBIMS

Ephesians 4 in the SBIOS

Ephesians 4 in the SBIPS

Ephesians 4 in the SBISS

Ephesians 4 in the SBITS

Ephesians 4 in the SBITS2

Ephesians 4 in the SBITS3

Ephesians 4 in the SBITS4

Ephesians 4 in the SBIUS

Ephesians 4 in the SBIVS

Ephesians 4 in the SBT

Ephesians 4 in the SBT1E

Ephesians 4 in the SCHL

Ephesians 4 in the SNT

Ephesians 4 in the SUSU

Ephesians 4 in the SUSU2

Ephesians 4 in the SYNO

Ephesians 4 in the TBIAOTANT

Ephesians 4 in the TBT1E

Ephesians 4 in the TBT1E2

Ephesians 4 in the TFTIP

Ephesians 4 in the TFTU

Ephesians 4 in the TGNTATF3T

Ephesians 4 in the THAI

Ephesians 4 in the TNFD

Ephesians 4 in the TNT

Ephesians 4 in the TNTIK

Ephesians 4 in the TNTIL

Ephesians 4 in the TNTIN

Ephesians 4 in the TNTIP

Ephesians 4 in the TNTIZ

Ephesians 4 in the TOMA

Ephesians 4 in the TTENT

Ephesians 4 in the UBG

Ephesians 4 in the UGV

Ephesians 4 in the UGV2

Ephesians 4 in the UGV3

Ephesians 4 in the VBL

Ephesians 4 in the VDCC

Ephesians 4 in the YALU

Ephesians 4 in the YAPE

Ephesians 4 in the YBVTP

Ephesians 4 in the ZBP